LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/1 ts. 19-21
  • Itiseng mo go Belafaleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itiseng mo go Belafaleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa go Amang Tirisano ya Gago Le Ba Bangwe ka Gone
  • Go Ipelafatsa go Tswa mo Bokoeng
  • “Mme Gone Ke Boammaaruri!”
  • A O Go Dira Gore O Tle O Fitlhelele Sengwe?
  • Mesola ya go Ikokobetsa
  • O se Ka wa Letla Gore Nonofo ya Gago e Nne Bokoa Jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Tlhagolela Boingotlo jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Boingotlo jwa Bokeresete—Tshupo ya Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Go Nna Boingotlo Le fa Re Lebana le Diteko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/1 ts. 19-21

Itiseng mo go Belafaleng

GOMPIENO batho ba le bantsi ba leba go belafala e le sengwe se se molemo. E setse e le mokgwa wa batho gore ba ikgantshe ka maatla a ba nang nao, botswerere jwa bone, le dilo tse ba kgonneng go di fitlhelela. Bangwe ba dumela gore go ikgantsha go botlhokwa gore motho a fitlhelele dilo dingwe. Ba bangwe ba akanya gore go tsholetsa seriti sa motho. Makasine wa Time o akgela jaana: “Nonofo e ntle ya boikokobetso, lefa e sa swa, e setse e simolotse go lebega jaaka e e siilweng ke nako.” Mokwadi Jody Gaylin o akgela jaana: “Ka maswabi, go belafala mo go sa fitlhweng . . . ke selo se se ratwang thata bosheng jaana. Go tlotla le tsala kana mongwe yo o dirisanang le ene go setse go lokwa ka sengwe se sesha: go ikgalaletsa.”

Batho ba ba lejwang e le dikao ke bone ba simolotseng seno. O ka nna wa bo o kile wa utlwa mafoko a mongwe yo e neng e le mmampodi wa mabole: “Ga go a itlela fela gore ke bo ke le motho yo mogolo go gaisa botlhe mo lefatsheng gompieno mo hisitoring.” Mafoko ano a mongwe wa baopedi ba setlhopha sa Beatles le one a itsege thata: “Re itsege go feta le ene Jesu Keresete jaanong.” Fa ba bangwe ba ne ba leba mafoko ano e le a a builweng fela a sena molato, ba bangwe ba ne ba leba batho ba ba a buileng e le batho ba ba tlhomang sekao sa go ikgodisa ba ba tshwanetseng go salwa morago.

Tsela eo go ipelafatsa go anameng ka yone e dira gore go tsoge potso eno: A go siame go belafala ka dilo tse motho a nang le tsone le tse a kgonang go di dira? Gone ke boammaaruri, ke ga tlholego go itumelela se motho a kgonneng go se fitlhelela le gone go bolelela ditsala tse di gaufi le balosika ka sone. Mme lefa go ntse jalo, re ka reng ka batho ba ba tshelang go dumelana le mafoko a a reng, “Fa o na le sengwe, ikgantshe ka sone”? Mo godimo ga moo, re ka reng ka bao, lefa ba sa ipolele ba tlhomamisang ka tsela e e bofitlha gore ba bangwe ba itse dilo tse ba nonofileng go di dira le dilo tse ba di fitlheletseng? A go itshupa go go ntseng jalo go siame, a mme gone go a tlhokega, jaaka bangwe ba bolela?

Kafa go Amang Tirisano ya Gago Le Ba Bangwe ka Gone

Ela tlhoko kafa go ipelafatsa ga batho ba bangwe go go amang ka gone. Ka sekai, o ikutlwa jang ka mafoko a a latelang?

“Dibuka tse ke iseng ke di kwale di botoka go feta tse batho ba bangwe ba setseng ba di kwadile.”—Mokwadi mongwe yo o itsegeng thata.

“Fa nkabo ke ne ke le teng ka nako ya popo, nkabo ke file dikakantsho dingwe tse di mosola gore lobopo lo rulaganngwe ka tsela nngwe e e botoka.”—Kgosi ya metlha ya bogare.

“Ga go na Modimo ka gonne, fa a ka bo a le teng, ke ne nka se dumele gore ga se nna Ene.”—Rafilosofi wa lekgolo la bo19 la dingwaga.

A dikakgelo tsa batho bano di dira gore o ba rate? A o akanya gore o ne o ka rata go nna le bone? Ga go lebege jalo. Ka kakaretso, go belafala—e le ka tlhoafalo kana le eleng ka metlae fela—go dira gore ba bangwe ba ikutlwe ba sa phuthologa, go a ba sera, gongwe e bile go dira gore ba fufege. Go ne ga dira gore mopesalema Asafe a ikutlwe jalo, a bo a bolele jaana: “Ka nna pelotshètlha kaga bōnè [babelafadi, NW].” (Pesalema 73:3) Kwantle ga pelaelo, ga go na ope wa rona yo o batlang go dira gore ditsala tsa rona kana ba re dirisanang le bone ba ikutlwe ba sa itumela! Bakorintha wa ntlha 13:4 e bolela jaana: “Lorato . . . ga lo ko lo ikgantsha.” Lorato lo lo tshwanang le lwa Modimo le go akanyetsa maikutlo a ba bangwe di tla re tlhotlheletsa gore re tile go ikgantsha ka dilo tse re reng re kgona go di dira kana re na natso.

Fa motho a itshwara fa a bua e bile a bua ka boikokobetso, o dira gore ba bangwe ba ba nang le ene ba ikutlwe ba phuthologile e bile ba kgotsofetse ka se ba leng sone. Eno ke nonofo e e di gaisang tsotlhe. Gongwe rapolotiki wa kwa Boritane ebong Lord Chesterfield o ne a akantse seno fa a ne a gakolola morwawe jaana: “Fa o ka kgona, o nne botlhale go feta batho ba bangwe; mme lefa go ntse jalo o se ka wa ba bolelela.”

Batho ga ba a fiwa ka go tshwana. Selo se motho mongwe a kgonang go se dira motlhofo fela o fitlhela yo mongwe a sa kgone go se dira. Lorato lo tla tlhotlheletsa motho gore a nne kutlwelobotlhoko fa a dirisana le ba ba sa fiwang mo dilong tse ene a nang le bokgoni mo go tsone. Gongwe yo mongwe yoo le ene o filwe mo dilong tse dingwe. Moaposetoloi Paulo o ne a re bolelela jaana: “Ke raea moñwe le moñwe mo go lona, ka tshegōhaco e ke e neilweñ, ka re, A se ka a ikgopola bogolo go chwanèlō ea gagwè ea go ikgopola; me a ikgopolè ka tekanō kaha Modimo o abetseñ moñwe le moñwe selekanyō sa tumèlō ka gōna.”—Baroma 12:3.

Go Ipelafatsa go Tswa mo Bokoeng

Lefa bangwe ba ka ikgogona mo bathong ba ba ikgantshang, ba ikutlwa ba se sepe fa ba na le bone, ba bangwe ba itshwara ka tsela e e fapaaneng le eo. Ba swetsa ka go re batho ba ba ipelafatsang ba itshoga seemo. Mokwadi Frank Trippett o tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa motho yo o ikgantshang a ka itiga seriti fa pele ga ba bangwe, ene a re o a se tsholetsa: “Mongwe le mongwe o a itse mo pelong ya gagwe gore gantsi go belafala go supa bokoa bongwe jwa motho yoo jo bo mo utlwisang botlhoko jo ba bangwe ba sa bo itseng.” E re ka batho ba le bantsi ba kgona go bona ka kwa ga lesire le motho yo o belafalang a iphitlhang ka lone, a ga go botlhale gore motho a tile go ikgalaletsa go feta selekanyo?

“Mme Gone Ke Boammaaruri!”

Batho ba bangwe ba leka go buelela go ikgalaletsa ka tsela eo. Ba akanya gore e re ka tota ba filwe mo dintlheng dingwe, go itira e kete ga go a nna jalo e tla bo e le boitimokanyi.

Mme lefa go ntse jalo a ba tshwanetse go ipelafatsa? Gantsi motho o lekanya maemo a gagwe go ya kafa ene a ikutlwang ka teng. Se re ka tswang re se bona mo go rona e le bokgoni jo bo tlhomologileng, ba bangwe ba ka se bona e le se se tlwaelegileng fela. Lone lebaka la gore motho a bo a ikutlwa a tlamega go supa bokgoni jwa gagwe le ka nna la bontsha gore ga a nonofa go le kalo—mo e leng gore ga a kgone go nna fela a sa itshupe. Bibela e bolela kafa motho a sekametseng ka gone mo go itsietseng fa e gakolola jaana: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.”—1 Bakorintha 10:12.

Lefa e le gore gone motho o filwe bokgoni jo bo sa tlwaelegang mo sengweng, a seo se raya gore go siame gore a ipoke? Nnyaa, ka gonne go ipoka go galaletsa batho, mme e le gore bokgoni bongwe le bongwe jo re nang le jone bo tswa kwa Modimong. Ke ene a tshwanetseng go galalediwa. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akgolelwa sengwe se re tshotsweng ka sone? (1 Bakorintha 4:7) Mo godimo ga moo, fela jaaka re na le dilo tse re nonofileng mo go tsone, gape re na le tse re leng bokoa mo go tsone. A go ikanyega go ka batla gore re supe diphoso le makoa a rona? Babelafadi ba sekae fela ba akanya jalo. Kgosi Herode Ageripa I a ka nna a bo a ne a filwe bokgoni jwa go bua tota. Lefa go ntse jalo go tlhoka boikokobetso ga gagwe go ne ga dira gore a swe loso lo lo botlhoko tota. Tiragalo eo e e botlhoko e bontsha kafa Modimo, mmogo le batho ba bangwe ba bantsi, ba sa rateng boikgantsho ka gone.—Ditihō 12:21-23.

Dilo tse motho a kgonang go di dira le dinonofo tsa gagwe gantsi di itsege fela go sa tlhokege gore a di bolele. Fa batho ba bangwe ba lemoga dinonofo tsa mongwe kana dilo tse a kgonneng go di fitlhelela ba bo ba di mo akgolela, go dira gore ba bangwe ba mo itumelele. Diane 27:2 e bolela jaana ka botlhale: “A motho o sele a gu bakè, e señ molomo oa gago; motho oa moeñ, e señ dipounama tsa gago.”

A O Go Dira Gore O Tle O Fitlhelele Sengwe?

Batho bangwe ba akanya gore go ikgodisa ka go itshepa go a tlhokega gore motho a fitlhelele sengwe mo setšhabeng sa gompieno se se tletseng kgaisano. Ba tshwenyega gore fa ba ka se ka ba bua le go supa dilo tse ba nonofileng go di dira, ga di kitla di bonwa, ga di kitla di anaanelwa. Kakgelo eno e e tswang mo makasineng wa Vogue e bontsha se ba tshwenyegileng ka sone: “E re ntswa pele re ne re rutiwa gore boikokobetso ke sengwe se se molemo, jaanong re ithuta gore go sa bue thata go ka go busetsa kwa morago.”

Mo bathong ba ba eletsang go gatela pele go ya ka se se batlwang ke lefatshe leno, go ka nna ga utlwala gore seno se ba tshwenye. Mme lefa go ntse jalo boemo jwa Mokeresete jone bo farologane. O itse gore Modimo o amega ka batho ba ba ikokobeditseng e bile o tlhopha go dirisa dikgono tsa bone go na le tsa ba ba ipegang. Ka jalo, Mokeresete ga a tlhoke go dirisa mekgwa ya boikgodiso. Ke boammaaruri gore motho yo o itshepang mo go feteletseng a ka nna a tseelwa kwa godimo ka nakwana ka go pateletsa dilo kana ka go dira dilo ka boferefere. Lefa go ntse jalo fa nako e ntse e ya o a senoga le go isiwa ka tlase, a bo a tlhabiwe ke ditlhong. Go ntse fela jaaka Jesu Keresete a ne a bolela jaana: “Leha e le mañ eo o tla ikgodisañ, o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlahatsañ o tla godisiwa.”—Mathaio 23:12; Diane 8:13; Luke 9:48.

Mesola ya go Ikokobetsa

Ralph Waldo Emerson o ne a kwala jaana: “Motho mongwe le mongwe yo ke kopanang le ene o mogolo mo go nna ka tsela nngwe. Ka gonne ke ithuta sengwe mo go ene.” Kakgelo ya gagwe e dumelana le kgakololo e e tlhotlheleditsweng ke Modimo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore Bakeresete ba tshwanetse gore ba se “dihe sepè ka go re [ba] ipelahatsa hèla, ha e se go re, ka boikokobeco yoa pelo, moñwe le moñwe a kaeè eo moñwe ha a mo gaisa ka molemō.” (Bafilipi 2:3) Boikutlo jono jwa go ikokobetsa bo dira gore motho a kgone go ithuta mo go ba bangwe.

Ka jalo ela tlhoko gore nonofo ya gago ga e fetoge bokoa jwa gago. O se ka wa dirisa go ipelafatsa go senya dilo tse o kgonang go di dira kana tse o kgonneng go di fitlhelela. Oketsa dinonofo tsa gago tse di molemo ka nonofo ya boikokobetso. Seno ke sone se tota se goletsang motho seriti mo matlhong a batho ba bangwe. Go thusa motho gore a dirisane botoka le batho ba bangwe gape go dira gore a amogelwe ke Jehofa Modimo.—Mika 6:8; 2 Bakorintha 10:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela