LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 7/15 ts. 2-4
  • Lefatshe Le mo Poifong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le mo Poifong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boifa Nuklea Ga Go Fele
  • Thubakanyo E Rotloetsa Poifo
  • Go Boifa AIDS
  • Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?
    Tsogang!—2004
  • Matshosetsi a Nuklea—A Kgakala le go Fela
    Tsogang!—1999
  • Matshosetsi a Nuklea—A Mme A Setse A Fedile?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Baebele e a Reng ka Ntwa ya Nuklea?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 7/15 ts. 2-4

Lefatshe Le mo Poifong

WORLD TRADE CENTER ya matlhatlaganyane a le 110 ya kwa New York City e ne ya kutumisiwa ke go thunya go gogolo ga bomo e e neng e fitlhilwe mo koloing ka February 26, 1993. Badiri ba le diketekete ba ne ba gaelelwa mo dilifiting tse di neng di gana go fologela kwa tlase kana ba tshwanelwa ke go tshaba ba fologa ka disetepise tse di neng di rile thi! ka mosi. Ba ne ba ikutlwela poifo e jaanong e anameng mo lefatsheng leno le le tletseng thubakanyo.

Batho mo dinageng di le dintsi ba ile ba tsenngwa tsebetsebe ke dibomo, tse di setseng di atile thata mo dinageng tse di tshwanang le Ireland le Lebanon. Ebu, go ne ga thunya di le 13 ka letsatsi le le lengwe fela fela—March 12, 1993—kwa Bombay, India, mme tsa bolaya batho ba ka nna 200! Mmogedi mongwe o ne a re: “Batho ba tsenwe ke letshogo mo Bombay yotlhe.” Go ya ka makasine wa Newsweek, selekanyo se bomo ya koloi “e atileng ka sone fela se dira gore e boifise le go feta.”

Go Boifa Nuklea Ga Go Fele

Go boifiwa gore didirisiwa tse di ntshang maatla a nuklea di ka tlhaselwa motlhofo ka dibomo. Fa mongwe a ne a ka atlega go tlhasela lefelo le le tlhagisang maatla a nuklea seo se ne se ka baka tshenyo e kgolo thata le matshwenyego a a boitshegang. Sengwe se se neng sa supa gore poifo eno ga se ya lefela ke fa monna mongwe a ne a leka go sotlhomela ka koloi ya gagwe mo hekeng ya tshireletso ya seteishane sa nuklea sa Three Mile Island kwa United States.

Batho ba le bantsi ba boifa gore batlhabani ba ditsuolodi le babusi ba ba nyoretsweng go nna le thata ba tla nna le dibetsa tsa nuklea. Ba bangwe ba boifa gore borasaense ba ba itseng ka nuklea ba ba diketekete ba ba sa kgoneng go bona ditiro ba Ba-Soviet ba tla leka go rekisa dikitso tsa bone. Mo godimo ga moo, le mororo tumelano ya START le ditumelano tse dingwe di batla gore go fokodiwe thata dibetsa tse di bogale tsa nuklea, ditumelano tseo di ka se fediwe go dirwa mo dingwageng di le dintsi. Fa go ntse go le jalo, batho ba tla nna ba tshwere dipelo ka matsogo ka ntlha ya go boifa gore bangwe ba ba tseegileng maikutlo ba ka phamogela dibetsa tseno ba di dirisa.

Thubakanyo E Rotloetsa Poifo

Bokebekwa jo bo setlhogo jo bo ntseng bo oketsega gongwe le gongwe bo dira gore batho ba boife ba le mo magaeng a bone le mo mebileng. Go akanyediwa gore go ne ga bolawa Baamerika ba ka tshwara 23 200 ka 1990. Ka sekai, kwa toropokgolong ya Chicago, go gogiwa thata ga crack cocaine go ne ga nna le seabe mo dipolaong tsa batho ba ka nna 700 ka ngwaga o le mongwe fela. Mafelo mangwe a ditoropokgolo dingwe a fetogile mafelo a botlhabanelo a mo go one batho ba ba fetang ka tsela, go akaretsa bana, ba ileng ba bolawa fa batho ba ntse ba thuntshana. Makasine mongwe o bolela jaana: “Thubakanyo e gola ka bofefo thata mo ditoropokgolong tsa bogolo jo bo mo magareng. . . . Ga go na ope yo o sa amegeng fa go dirisiwa ga diokobatsi le go dira bothubaki ga thaka e tshesane go ntse go anama thata mo merafeng e mentsi ya [United States]. Ngwaga le ngwaga legae le le 1 mo go a le 4 a Baamerika a tlhaselwa ke dikebekwa tse di setlhogo kana magodu.”—U.S.News & World Report, October 7, 1991.

Go tshaba go betelelwa go dira gore basadi ba nne boi. Kwa Fora palo ya batho ba ba neng ba betelelwa ba bo ba bega seo e ne ya gola ka 62 lekgolong go tloga ka 1985 go ya go 1990. Mo dingwageng di le thataro kwa Canada, go tlhaselwa ka go betelelwa go ne ga oketsega go menagane gabedi go nna makgetlho a le 27 000. Kwa Jeremane go ne ga begwa gore mo metsotsong mengwe le mengwe e le supa go betelelwa mosadi a le mongwe fela.

Bana le bone ba a boifa. Newsweek e bega gore kwa United States, “bana, le ba ba leng mo mophatong wa bonè le wa botlhano mo dikolong tse dipotlana tota, ba tsamaya ba tshotse dibetsa, mme barutabana le batlhankedi ba dikolo ba simolola go nna mo letshogong.” Seemo se maswe mo eleng gore sephatlo sa dikolo tse dikgolo tse di mo dikgaolong tsa setoropo di na le didirisiwa tse di supang motho yo o fetang fa go tsone a tshotse tshipi, mme basha ba ba ikaeletseng tota ba di tila ka go neeletsa ba bangwe ditlhobolo ka difensetere.

Go Boifa AIDS

Batho ba le bantsi ba ba ntseng ba oketsega ka palo ba tshaba go tsenwa ke AIDS. E setse e tsene batho ba feta 230 000 kwa United States fela. AIDS e setse e le selo sa borataro se se bakang dintsho thata mo bathong ba ba dingwaga tse 15 go ya go tse 24. “Isagwe e a tshosa ka gonne go lebega bolwetsi jo bo santse bo tla anama le go feta,” go bolela jalo Newsweek.

Dintsho tse di bakilweng ke AIDS di ntse di ata thata mo bathong ba ba itshedisang ka ditiro tse di jaaka tsa go tantsha, metshameko, dibaesekopo, mmino, feshene, thelebishene, botaki, le tse dingwe tse di ntseng jalo. Pego nngwe e ne ya bolela gore 60 lekgolong ya dintsho tsa banna ba kwa Paris ba ba dirang tiro ya bokwaladikgang, botaki, le boitlosobodutu ba dingwaga tse 25 go ya go tse 44 di ne di bakwa ke AIDS. WHO (World Health Organization) e bega gore mo lefatsheng lotlhe batho ba ka nna dimilione tse 8 go ya go tse 15 ba na le megare ya HIV. Dr. Michael Merson, yo e leng mokaedi wa WHO, o bolela jaana: “Jaanong go bonala sentle gore palo ya batho ba ba nang le megare ya HIV mo lefatsheng lotlhe e ntse e nnela maswe kwa pele ka bofefo, bogolo jang mo dinageng tse di tlhabologang.”

Gone ke boammaaruri, go na le dilo tse dingwe gape tse di boifiwang jaaka tse di amanang le tikologo mmogo le dilo tse dingwe. Lefa go ntse jalo, dipego tse di setseng di boletswe ka botsone di supa sentle gore lefatshe le mo poifong. A go na le sengwe se se botlhokwa thata ka seno? A re ka lebelela gore re tla tsamaya re nna fela re sa boife?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover photos: Left: Tom Hayley/Sipa Press; Bottom: Malanca/Sipa Press

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Bob Strong/Sipa Press

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela