Ba Tsena mo Bokaulengweng Jo Bo Utlwanang
Ene e le ka August 7, 1993, kwa Setadiamong sa Republican kwa Kiev, Ukraine. Batho ba ba fetang 64 000 bao ba neng ba le teng ba ne ba letetse ka tlhoafalo jaaka motsotso o ntse o atamela. Mme, ka go arabela dipotso tse pedi tse di botlhokwa, ba le dikete ba ne ba goeletsa ba re “Da!” (“Ee!”) Ka go dira jalo, ba ne ba bontsha tumelo ya bone phatlalatsa mme ba ya go tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa mo go lengwe la matangwana a go shapa a marataro a a neng a le mo setadiamong.—Mathaio 28:19.
Ka jalo, mo letsatsing leno la boraro la Kopano ya “Thuto ya Bomodimo” ya ditšhaba tsotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, bareetsi ba ne ba bona tiragalo ya botlhokwa: batho ba le 7 402 ba ne ba kolobediwa mme ba nna karolo ya phuthego ya lefatshe lotlhe e e utlwanang ya Bokeresete, e seng kereke e e kgaoganeng.
Fa o batla go itse mo go oketsegileng kaga kutlwano ya boammaaruri ya Bokeresete, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo go tsebe 2.