LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 5/15 ts. 8-9
  • Bibela ya Se-Goth—Tiro E E Duleng Diatla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bibela ya Se-Goth—Tiro E E Duleng Diatla
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ulfilas—Morongwa E Bile E Le Moranodi wa Bibela
  • Hisitori ya Bogologolo ya Bibela ya Se-Goth
  • Mekwalo E E Falotseng
  • Go Tsosolosa Tshedimosetso ya Bibela ya Se-Goth
  • Vatican Codex—Ke ka Ntlha Yang Fa e Le Letlotlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Dira Gore Lefoko la Modimo le Itsiwe mo Metlheng ya Bogare Kwa Spain
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Go Bona Letlotlo la Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Mekwalo ya Seatla ya Bogologolo—Re Itse Jang Gore e Kwadilwe Leng?
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 5/15 ts. 8-9

Bibela ya Se-Goth—Tiro E E Duleng Diatla

BA-GOTH e ne e le merafe e e kopaneng ya Bajeremane, bao gongwe ba neng ba tlholega kwa Scandinavia. Mo makgolong a ntlha a dingwaga tsa Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, ba ne ba fudugela kgakala kwa borwa gaufi le Lewatle Le Lentsho le noka ya Danube, go ya fela kwa go neng go na le dikampa tse di kafa ntle ga naga ya Mmuso wa Roma gone.

Buka ya ntlha e e neng ya kwalwa ka puo epe fela ya Se-Germanic e ne e le Bibela ya Se-Goth. Gompieno go na le dikarolwana fela tsa thanolo eno. Lefa go ntse jalo, e santse e le thanolo ya Dikwalo Tse Di Boitshepo e e sa tshwaneng le epe e bile e tsewa e le botlhokwa. Ka ntlha yang?

Ulfilas—Morongwa E Bile E Le Moranodi wa Bibela

Moranodi wa Bibela eno e ne e le Ulfilas, yo kwantle ga moo a neng a itsiwe ka leina la gagwe la Se-Goth e bong Wulfila. Rahisitori mongwe e bong Philostorgius o bolela gore, Ulfilas e ne e le setlogolwana sa batshwarwa ba ba neng ba gapiwa fa go ne go tlhasetswe Ba-Goth ba isiwa kwa Cappadocia, e jaanong e leng karolo ya Turkey e e kwa botlhaba. O tsetswe mo e ka nnang ka 311 C.E., mme a tlhongwa ke Eusebius wa kwa Nicomedia mo e ka nnang dingwaga di le 30 moragonyana a ba a rutiwa go dira jaaka morongwa gareng ga Ba-Goth.

“Gore a tle a rute le go oketsa batho ba a neng a ba sokolola,” go bolela jalo rahisitori Will Durant, “o ne a ranola Bibela yotlhe kwantle ga Dibuka tsa Dikgosi ka bopelotelele, go tswa kwa Segerikeng a e isa kwa puong ya Se-Goth.” (The Age of Faith) Gompieno, mekwalo fela ya Bibela ya Se-Goth e e neng ya se ka ya senngwa ke ya dikarolo tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete, kwantle ga karolwana nngwe ya buka ya ga Nehemia.

Puo ya Se-Goth e ne e sa kwalwe. Ka gone Ulfilas o ne a lebana le kgwetlho ya go ranola e e neng e tlhoka botswerere jo bo kwa godimo. Borahisitori ba baruti ba bogologolo ba ne ba mo akgolela go simolola ditlhaka tse 27 tsa Se-Goth, tse di neng di theilwe thata mo ditlhakeng tsa Segerika le Selatine. Mo godimo ga moo, The New Encyclopædia Britannica e akgela ka gore “o ne a tlhama mafoko a Bokeresete a Se-Germanic, a mangwe a one a santseng a dirisiwa.”

Hisitori ya Bogologolo ya Bibela ya Se-Goth

Ulfilas o ne a fetsa go ranola pele ga 381 C.E. mme a swa dingwaga tse pedi kana tse tharo morago ga moo. Tsela e mekwalo ya gagwe e neng e ratega ka yone e bontshitswe ke The Encyclopedia Americana, e e bolelang gore “ka kakaretso thanolo eno e ne e dirisiwa ke Ba-Goth ba ba neng ba fudugela kwa Spain le kwa Italy.” Eleruri, go bonala go ne ga dirwa dikopi tse dintsi tsa Bibela eno ya Se-Goth fa o leba palo ya dikarolwana tsa yone tse di setseng. Go bonala mekwalo e le mentsi e ne ya kwalelwa mo teng ga di-scriptorium tsa kwa Ravenna le kwa Verona, mo lefelong le Ba-Goth ba neng ba tlhomile bogosi jwa bone mo go lone. Di-scriptorium e ne e le matlwana a a mo mafelong a baitlami koo mekwalo e neng e kwalwa teng le go kopololwa.

Ba-Goth ba ne ba nyelela jaaka morafe mo e ka nnang ka 555 C.E., fa mmusi wa Byzantium e bong Justinian I a sena go fenya Italy gape. Fa ba sena go nyelela, jaaka fa go bolela Tönnes Kleberg, “puo ya Se-Goth le ditso tsa Se-Goth di ne tsa nyelela kwa Italy, ga se ka ga sala lefa e le bonnyenyane jwa yone tota. Mekwalo ya Se-Goth e ne e sa tlhole e kgatlha ka gope. . . . Bontsi jwa yone e ne e kgagotswe e bile e fadilwe go tlosa se se kwadilweng. Go tswa foo ba ne ba dirisa letlalo leo gape le le turang go kwala tshedimosetso e sele.”

Mekwalo E E Falotseng

E mengwe ya mekwalo eno, e ne e sa phimoga thata, ka jalo se se neng se kwadilwe la ntlha se santse se bonala se le lotobo. Bontsi jwa mekwalo eno e e phimotsweng (palimpsests), jaaka e bidiwa, e ne ya bonwa le go tlhaloganngwa. Sengwe se se kgatlhang ke gore, Codex Argenteus e e tumileng thata, e e nang le dibuka tse nnè tsa Efangele ka tatelano ya Mathaio, Yohane, Luke, le Mareko, e ne ya se ka ya senngwa gotlhelele.

Go akanngwa gore codex eno e e molemolemo e simologile kwa matlwaneng a go kwalela le a go kopolola kwa Ravenna mo masimologong a lekgolo la borataro la dingwaga C.E. E bidiwa Codex Argenteus, e e rayang “Buka ya Selefera,” ka gonne e kwadilwe ka inke e e selefera. Ditsebe tsa yone tse di dirilweng ka letlalo di takilwe ka mmala o o bobududu jo bo mokgona, o o bontshang gore gongwe e ka tswa e ne e direlwa mongwe wa segosi. Ditlhaka tsa gauta di kgabisa mela ya ntlha e meraro ya Efangele nngwe le nngwe mmogo le ditlhaka tse di kwa tshimologong ya dikarolo tsa yone tse di farologaneng. Maina a bakwadi ba Efangele le one a kwadilwe ka gauta kwa godimo ga “dikwalo tse di menegileng” tse di bapileng tse di kwa tlase ga kholomo nngwe le nngwe ya lokwalo. Di bontsha tshupiso ya ditemana tse di bapileng mo dikwalong tsa Efangele.

Go Tsosolosa Tshedimosetso ya Bibela ya Se-Goth

Fa morafe wa Ba-Goth o sena go nyelela, Codex Argenteus e e tlhwatlhwakgolo le yone e ne ya nyamela. E ne ya se ka ya tlhola e bonwa go fitlhela e bonwa ke batho mo magareng a lekgolo la bo16 la dingwaga kwa lefelong la baitlami kwa Werden, gaufi le Cologne, kwa Jeremane.

Ka ngwaga wa 1569, go ne ga gatisiwa thanolo ya Se-Goth ya Thapelo ya Morena, seo se neng sa gogela tlhokomelo kwa Bibeleng eo e tserweng mo go yone. Leina le le reng Codex Argenteus le ne la kwalwa la ntlha ka 1597. Fa e tswa kwa Werden mekwalo eno e ne ya tsena mo mongobong wa dibuka wa mmusi kwa Prague. Lefa go ntse jalo, kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Dingwaga Tse Sometharo ka 1648, Ba-Sweden ba ba neng ba fentse ba ne ba tsamaya ka yone mmogo le matlotlo a mangwe. Fa e sale ka 1669 codex eno e ntse e le kwa Uppsala University Library, kwa Sweden.

Kwa tshimologong Codex Argenteus eno e ne e na le ditsebe di le 336, ditsebe di le 187 di kwadilwe ka Se-Uppsala. Tsebe e nngwe—ya bofelo mo Efangeleng ya ga Mareko—e ne ya bonwa ka 1970 kwa Speyer, kwa Jeremane.

Go tloga ka nako ya fa codex eno e ne e bonwa gape, bakanoki ba ne ba simolola go ithuta lokwalo lono gore ba senole bokao jwa puo e e nyeletseng ya Se-Goth. Mokanoki wa Mojeremane e bong Wilhelm Streitberg o ne a dirisa mekwalo yotlhe e e neng e le teng le maiteko a a neng a kile a dirwa go tsosolosa mokwalo ono, mme a tshwaraganya le go gatisa “Die gotische Bibel” (Bibela ya Se-Goth) ka 1908, e na le tshedimosetso ya Segerika le ya Se-Goth mo ditsebeng tse di lebaganeng.

Gompieno, Bibela eno ya Se-Goth e kgatlhegelwa thata ke bakanoki. Lefa go ntse jalo, lebaka la go bo e ne ya kwala le go ratiwa mo metlheng ya bogologolo ya go ranolwa ga Bibela eno, go bontsha gore Ulfilas o ne a eletsa e bile a iketleeleditse go dira gore Lefoko la Modimo le ranolelwe mo puong e e neng e dirisiwa thata ka nako eo. O ne a lemoga sentle gore e ne e le yone fela tsela e Ba-Goth ba neng ba ka solofela go tlhaloganya boammaaruri jwa Bokeresete ka yone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]

Courtesy of the Uppsala University Library, Sweden

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela