‘Tsebe E Le Nngwe ya Buka E Ka Phatsima mo Lefifing Jaaka Naledi’
GOMPIENO, dithanolo tsa Dikwalo tse di Boitshepo di ka bonwa mo e batlileng e le gongwe le gongwe mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, gantsi ntwa ya Bibela e ile ya nna kgang ya botshelo le loso.
Mo bukeng ya Fifteenth Century Bibles, Wendell Prime o ne a kwala jaana: “Dingwaga di le somamararo morago ga go sena go simololwa tiro ya go gatisa, Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi e ne e dira ka katlego tota kwa Spain. Mo bathong ba ba 342 000 ba ba neng ba otlhaiwa mo nageng eo, ba le 32 000 ba bone ba ne ba fisiwa ba ntse ba tshela. Go nna le Bibela ke gone go ileng ga dira gore ba jewe ka molelo jaaka baswelatumelo. Sedirisiwa seno se se senyang se ne se le maswe fela jalo le kwa Italy, kwa bokone le kwa borwa. Bobishopo ba bagolo, ba thusiwa ke yone Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi, e ne e le melelo e e lailang Dibibela mmogo le babadi ba tsone. Nero o ne a dira gore Bakeresete bangwe ba phatsime jaaka mabone mo lefatsheng ka go ba tshuba ka molelo, ba rokeletswe disaka, ba tshasitswe gotlhe ka boka, a ba dirisa jaaka dikerese gore ba bonese lefelo le a neng a direla mekgwa ya gagwe e e feteletseng mo go lone. Mme mebila ya ditoropokgolo tsa Yuropa yone e ne e tutuma ka melelo e megolo ya Dibibela. Dibibela di ne di sa tshwane le batho ba ba neng ba di bala ba ba neng ba ka sotliwa, ba tseelwa ditsabone, ba bogisiwa, ba segakwa le go tshwarwa jaaka batho ba e seng ba sepe mo setšhabeng. Le yone tsebe e le nngwe fela e e setseng e ka phatsima jaaka naledi mo bontshong jwa lefifi leno.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)
Se se tlhalosiwang ke mokwadi Prime ke se tota se diragetseng ka tsebe ya Bibela e e bontshitsweng fano. Ke tsebe ya kholofono, ke gore, tsebe ya bofelo e e nang le tlhaloso e e bontshang gore buka eno e ranotswe ke mang. Dikarolo tse di bapileng tse di kwa godimo ke ditemana tsa bofelo tsa Apokalipise, kana buka ya Tshenolō.
Malebana le buka eno, The Cambridge History of the Bible e bolela jaana: “Thanolo ya ga Bonifacio Ferrer ya Bibela ya Se-Catalonia e ne ya gatisiwa kwa Valencia, ka 1478; dikopi tsotlhe tsa yone tse di neng di le teng di ne tsa senngwa ke Kgotlatshekelo E E Kgatlhanong le Boikeodi pele ga 1500, mme tsebe e le nngwe fela e santse e le teng mo laeboraring ya Hispanic Society of America.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)
Wendell Prime gape o ne a akgela jaana: “Baruti ba ba neng ba tsenwe ke tsebetsebe ba ne ba bona Dibibela di tshwanetswe fela ke go fisiwa. Fa e ne e se ka go tlhoka Dibibela tse di lekaneng tse di neng di ka fisiwa melelo eno e e boitshepo e ka bo e nnile mentsi fela thata le gone ya tutuma fela thata. Mo mafelong a le mantsi go ne go sena melelo e megolo ya Dibibela e le fela ka gonne babusi ba ne ba phuruphutshitse tota mo eleng gore go ne go sa tlhole go na le Dibibela tse di ka fisiwang.” Lefa go ne ga dirwa maiteko a magolo jalo go fedisa Dibibela tsa batho ba e seng ba maemo, dikopi di le dintsi di ne tsa falola tsa se ka tsa senngwa. Prime o ne a oketsa ka go re: “Dibibela di ne di falotswa ka go tsewa ke bafaladi, kana ka go fitlhwa jaaka majana le ditshipi tse di tlhokegang thata mo metlheng ya matshwenyego le diphatsa.”
Moperofeti wa Modimo ebong Isaia o ne a kwala jaana: “Nama eotlhe ke boyañ . . . Boyañ bo tlo bo omèlèle, sethunya se shwabe; me lehoko ya Modimo lona le tla èma ka bosakhutleñ.” (Isaia 40:6, 8) Mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga, bontsintsi jwa batho ba ba ratang Bibela le baranodi ba bantsi ba ba pelokgale ba ile ba itsenya mo kotsing gantsi ba bo ba boga thata ka ntlha ya Lefoko la Modimo. Lefa go ntse jalo, maiteko a batho fela a ne a ka se ke a tlhomamise gore e a bolokwa. Re leboga Jehofa, Mokwadi wa Bibela, go bo e bolokegile.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
Courtesy of The Hispanic Society of America, New York