Dipotso tse di Tswang go Babadi
Modimo o ne a tlhagisa Kaine a re ‘boleo bo ne bo ipobile fa mojakong bo mo eletsa,’ a bua jaaka e kete o bua kaga sebatana se batla go tlhasela phologolo nngwe. (Genesise 4:7, NW) Ke ka ntlha yang fa go ne go ka dirisiwa mafoko a a ntseng jalo fa e le gore pele ga Morwalela, diphologolo di ne di ja merogo fela?
Mo dibukeng tse di kwadilweng ke Moshe, go na le ditemana di le mmalwa tse di bolelang dintlha dingwe kana ditiragalo tsa hisitori tse di ka lebegang di sa tshwanelane le dilo tsa nako e di neng di direga ka yone.
Ka sekai, pego e e mo go Genesise 2:10-14 e tlhalosa naga e e neng e dikologile tshimo ya Edena. Moshe o ne a kwala gore noka nngwe e ne e le “e e pōtañ lehatshe ya Asiria kaha botlhabatsatsi.” Mme lefa go ntse jalo naga ya Asiria e teeletswe ka Aseshure, morwa Sheme yo o tshotsweng morago ga Morwalela. (Genesise 10:8-11, 22; Esekiele 27:23; Mika 5:6) Go phepafetse gore mo pegong eno ya gagwe e e boammaaruri, e e tlhotlheleditsweng, Moshe o ne a dirisa lefoko “Asiria” e le fela go lebisa kwa lefelong le le neng le itsiwe ke batho ba ba neng ba tla bala pego ya gagwe.
Ela tlhoko sekai se sengwe se se mo dikgaolong tse di kwa tshimologong tsa Genesise. Fa Adame le Efa ba sena go leofa ba bo ba kobiwa mo tshimong, Jehofa o ne a ba thibela gore ba se ka ba boa. Jang? Genesise 3:24 e re: “A lèlèkèla motho kwa ntlè; ka kwa ntlheñ ea botlhabatsatsi ga tshimo ea Edena a baea Dicheruba, le kgabo ea chaka e e menogèlañ ntlheñ cotlhe, go thiba tsela e e eañ setlhariñ sa botshelō.” Ela tlhoko, “kgabo ea chaka.” A Modimo ke ene a tlhamileng ditšhaka?
Ga re a tshwanela go konela ka go re Mmopi wa rona yo o lorato e ne e le ene wa ntlha go dira tse re di bitsang ditšhaka. Adame le Efa ba ne ba bona sengwe se se phatsimang se menogela kafa le kafa fa pele ga baengele. Totatota e ne e le eng? Ka nako ya fa Moshe a ne a kwala buka ya Genesise, ditšhaka di ne di itsege thata e bile di dirisiwa mo dintweng. (Genesise 31:26; 34:26; 48:22; Ekesodo 5:21; 17:13) Ka jalo, mafoko a ga Moshe a a reng “kgabo ea chaka” a ne a dira gore batho ba ba neng ba tla bala se a se kwadileng ba kgone go bona ka matlho a mogopolo ka selekanyo se se rileng gore go ne go na le eng kwa botsenong jwa Edena. Tshedimosetso e e neng e itsiwe mo motlheng wa ga Moshe e ne ya thusa gore dilo tse di ntseng jalo di kgone go tlhaloganngwa. Mme mafoko a Moshe a neng a a dirisa a tshwanetse a bo a ne a le boammaaruri, ka gonne Jehofa o ne a letlelela gore a tsenngwe mo Bibeleng.—2 Timotheo 3:16.
Jaanong re ka reng ka Genesise 4:7? Mo temaneng eo Modimo o ne a tlhagisa Kaine jaana: “A e ka re ha u diha sentlè a ga u ketla u cholwa? Me ha u sa dihe sentlè, boleo bo ipobile ha moyakoñ: [e bile bo a go eletsa; a mme wena o tla kgona go bo laola?, NW].” Jaaka fa go umakilwe, mafoko ano go lebega a tshwantsha ka sebatana se se tshwerweng ke tlala se bobile gore se tle se tlolele phologolo nngwe se e garolake.
Lefa go ntse jalo, bosupi jo bo mo Bibeleng bo bontsha gore Adame le Efa ba ne ba le mo kagisong le diphologolo tsotlhe. Dingwe tsa dibopiwa tseno di ka nna tsa bo di ne di itumelela thata go nna gaufi le batho, e bile di solegelwa molemo ke go tshela le bone. Tse dingwe e ne e le dibatana, diphologolo tse ka tlholego di neng di rata go nna kgakala le batho. (Genesise 1:25, 30; 2:19) Lefa go ntse jalo, Bibela ga e kaye gore go na le dingwe tsa diphologolo tseno tse di neng di ja diphologolo tse dingwe kana batho. Kwa tshimologong, Modimo o ne a bolela ka tlhamalalo gore diphologolo mmogo le batho ba ne ba tla ja merogo. (Genesise 1:29, 30; 7:14-16) Seno ga se a ka sa fetoga go fitlha morago ga Morwalela, jaaka Genesise 9:2-5 e bontsha.
Jaanong re ka reng ka tlhagiso e Modimo a neng a tlhagisa Kaine ka yone, jaaka re e bala mo go Genesise 4:7? Kwantle ga pelaelo setshwantsho sa sebatana se se bogale se bobile se tloga se tlolela phologolo nngwe se ne se ka tlhaloganngwa motlhofo fela mo motlheng wa ga Moshe, mme le rona re a se tlhaloganya. Ka jalo, le fano gape, Moshe o ka nna a bo a ne a dirisa mafoko a a tshwanelang babadi ba ba tlwaelaneng le dilo tsa morago ga Morwalela. Mme lefa e le gore Kaine o ne a ise a ko a tsamaye a bone sebopiwa se se ntseng jalo, o ne a ka kgona go tlhaloganya tlhagiso e e neng e tshwantsha keletso e a neng a na le yone ya boleo le sebatana se se tshwerweng ke tlala, se se gagolakang.
Dintlha tsa konokono tse di tshwanetseng go re ama thata ke tseno: Bopelontle jwa Modimo ka go tlhagisa Kaine, mosola wa go amogela kgakololo ka boikokobetso, kafa lefufa le ka senyang motho motlhofo fela ka gone, le kafa re tshwanetseng ra tsaya ditlhagiso tse dingwe tsa Modimo masisi ka gone tse a re di kwaletseng mo Dikwalong.—Ekesodo 18:20; Moreri 12:12; Esekiele 3:17-21; 1 Bakorintha 10:11; Bahebera 12:11; Yakobe 1:14, 15; Yude 7, 11.