‘O Thata Go Fenngwa Bogolo Go Motse O O Thata’
“FA DILO di ka tswelela pele di tsamaya ka tsela e di tsamayang ka yone gone jaanong, mo e ka nnang 40% ya bana ba U.S. ba tla bona manyalo a batsadi ba bone a thubega ba ise ba tshware dingwaga tse 18.” (Science, June 7, 1991) A palo e e tshosang ruri! Ke ka ntlha yang fa seno se direga?
Moatlhodi wa kgotla ya mathata a malapa le ya diwili ebong Edward M. Ginsburg o ne a bolela kafa a lebang kgang eno ka gone fa a ne a botsolodiwa ke The Boston Globe. O ne a re: “Re setšhaba se se pelotshetlha. Re a ‘ipatlela.’ Re botsa jaana, ‘Se tla ntsholegela molemo ka eng gone jaanong?’ Re batla go ikgotsofatsa ka bofefo.”
Bopelotshetlha jo bo ntseng jalo jo bo senang tlhaloganyo bo baka mathata le dikgotlhang mo lenyalong. Moatlhodi Ginsburg o bolela gore kgabagare fa banyalani ba goroga kwa kgotleng ba ile go tlhalana, monna le mosadi ba batla go tlhokwa molato. Ba batla gore mongwe a ba bolelele gore bone ga ba molato mme molekane wa bone ke ene a leng molato. Ba batla gore mongwe a re: “O fentse ntwa.”
Mafoko a gagwe a re gopotsa seane seno se se tlhotlheleditsweng: “Ñwana oa rra motho ha a kgopilwe o ba a le thata go heñwa bogolo go motse o o thata.” (Diane 18:19) Ee, fa mathata a tsoga mo lenyalong, matlhakore a a lwang a ka tatalala a ba a gagamatsa thamo. Gantsi, ba nna tlhogoethata ba gane go ineela, fela jaaka “motse o o thata” o dikaganyeditswe ke masole.
A dilo di tshwanetse go nna jaana? Nnyaa, go ka dirwa ka tsela nngwe e sele. Manyalo a ka nonofa a bo a itshoka fa matlhakore oomabedi, go tswa fela kwa tshimologong, a utlwa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Lo nnè pelonomi moñwe mo go eo moñwe, le pelonamagadi, lo ichwarèlanè, hèla yaka Modimo le ōna o ichwaretse lona mo go Keresete.” (Baefesia 4:32) A go bonolo go tlhagolela dinonofo tse di ntseng jalo? E seng ka dinako tsotlhe. Mme go tlhala gone go bonolo go le kana kang? Lenyalo le le thubegileng le lere botlhoko jo bo kana kang jwa maikutlo le jwa mathata a madi? Re ka reng ka bana, ba gantsi ba sa lebaleng matlhotlhapelo a tlhalo ya batsadi ba bone go fitlha ba setse ba le bagolo?
Go botoka thata gore balekane ka bobedi ba leke go tshegetsa lenyalo go na le go nna tlhogoethata mongwe mo go yo mongwe, jaaka “motse o o thata.” Kgakololo eno e Paulo a e neetseng Bakeresete e dira thata mo banyalaning: “Lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:14.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck