LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 2/1 ts. 30
  • Palamente ya Dikereke tsa Lefatshe—A E Tla AtLega?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Palamente ya Dikereke tsa Lefatshe—A E Tla AtLega?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dingwaga tse di Lekgolo tse di Fetileng
  • Bogosi jwa Modimo—Ke Jone Fela Tsholofelo
  • Madumedi a Rapelela Kagiso Kwa Assisi
    Tsogang!—2002
  • Basupi ba ga Jehofa ba Leba Jang go Kopana ga Madumedi a a Farologaneng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • A Madumedi Otlhe a Obamela Modimo a le Mongwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Kopana ga Ditumelo Tse di Farologaneng—A ke Se Modimo a se Batlang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 2/1 ts. 30

Palamente ya Dikereke tsa Lefatshe—A E Tla AtLega?

MAKGOLOKGOLO a baeteledipele ba dikereke a ne a kokoana kwa Palamenteng ya bobedi ya Dikereke tsa Lefatshe e e neng e tshwaretswe kwa Chicago, Illinois, U.S.A. mo selemong sa 1993. Dikereke tsa Sebuda, Labokeresete, Sehindu, Sejuda, le Seiselamo tsotlhe di ne di le gone. Baloi le baobamedi ba medimogadi le bone ba ne ba le gone. Ba ne ba tlotla ka seabe sa bone mo go fediseng ntwa. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa “pedi-tharong ya dintwa tse dikgolo mo lefatsheng gompieno e tlhotlhelediwa ke dikereke.”

Dingwaga tse di Lekgolo tse di Fetileng

A palamente e ne ya atlega? Tlhokomela se se neng sa diragala makgolo a dingwaga a a fetileng kwa Palamenteng ya ntlha ya Dikereke tsa Lefatshe. Le yone e ne e tshwaretswe kwa Chicago, mo selemong sa 1893, mme dikereke di ka feta 40 di ne di le gone. Lekgotla la Palamente ya Dikereke tsa Lefatshe le dumela gore ba ba neng ba le gone koo ka 1893 “ba ne ba dumela gore e ne e tla nna ya ntlha mo metseletseleng ya meraferafe ya dikokoano tsa tlhakanelotumelo tse di neng di tla tlatseletsa mo go utlwaneng, mo kagisong le mo tswelelopeleng. Ga go a ka ga nna jalo. Bosetlhogo jwa Dikereke le thubakanyo e sale e ntse e le karolo ya dintwa mo dingwageng tse 100 tse di fetileng, mme le jaanong.” Ke ka ntlhayang fa di palelwa? Ka ntlha ya gore megopolo yotlhe ya tlhakanelotumelo ga e amogelwe ke Modimo. Bibela e bolela jaana: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ.”—2 Bakorintha 6:14-17.

Tumalanong le seno, tokololo ya September 1893 ya Zion’s Watch Tower e ne ya gatelela ntlha ya go sa tshegediwe ke Dikwalo ga Palamente ya Dikereke tsa Lefatshe fa e ne e bolela jaana, e se gore e a sotla: “Ba ile ba ribolola diselennere di le dintsi tse di gakgamatsang tsa letsopa go tswa mo matlotleng a Babelona le mo metseng e mengwe ya bogologolo, mme lefa go ntse jalo, go na le tse dingwe tse di iseng di bonwe. . . . Ga ba ise ba ko ba fitlhele dipe tse di buang ka Moshe le Joshua ba biditse ‘Palamente ya Dikereke,’ ya Bamoaba le Baamona le Baedoma . . . Ga ba a ka ba fitlhela gope mo go buiwang ka monnamogolo Samuele yo o pelokgale a rometswe kwa Gatha le kwa Ekerona gore a ye go tla le baemedi ba baperesiti ba ga Dagone go tlhatlogela kwa Shilo le go tla go tshwara kokoano le baperesiti ba ga Jehofa . . . Ga ba a ka ba fitlhela gope mo go tweng Elija o ne a ikgatlha ka lebanta la bogologolo la letlalo mme a dira ‘kokoano’ le baperesiti ba ga Baale le Moleke gore ba tle go bua sebaka sa beke ka melawana ya ditumelo tsa bone tse di farologaneng, ka maikaelelo a go dira gore dikereke di tlotlane.”

Bogosi jwa Modimo—Ke Jone Fela Tsholofelo

Palamente ya Dikereke tsa Lefatshe ga e kake ya atlega. Makwalodikgang le baemedi ba dirisa mafoko a a tshwanang le a a reng “tlhakantshuke,” “tlhakatlhakano,” le “nthagaraga” ba a nyalanya le palamente. Pego nngwe e bolela gore go ne ga bo ga bidiwa le mapodisi tota go tla go didimatsa mekubukubu e mebedi e e neng e bakiwa ke dikgogakgogano tsa sepolotiki. Mo lekwalong la 1952, palamente e ne ya kwala fa nngwe ya maikaelelo a yone e le: “Go tlhoma Palamente ya Dikereke tsa Lefatshe ya leruri e e tla dirisanang mmogo le MERAFE E E KOPANENG mo go fitlheleleng kagiso ya lefatshe le kutlwano gareng ga batho botlhe.” Phapaanong le seno, Jesu o ne a re Bogosi jwa gagwe e ne e se karolo ya lefatshe leno. Bibela e bontsha gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo ka rarabololang mathata a batho.—Daniele 2:44; Yohane 18:36.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela