A Bakeresete ba Bogologolo Ba Ne Ba Dirisa Leina la Modimo?
LEINA la Modimo le tlhagelela makgetlho a le diketekete mo Dikwalong tsa Sehebera, moo le emelwang ke ditumammogo di le nne יהוה (YHWH, Ditlhaka Tse Nne tsa Sehebera Tse Di Emelang Leina la Modimo [Tetragrammaton]). Dilo tse di bonweng ke baithutamarope di bontsha gore mo Baiseraeleng ba pele ga motlha wa go thopelwa botshwarong kwa Babelona, pele ga 607 B.C.E., leina leno le ne le dirisiwa thata, mme le mo dibukeng tsa Bibela tse di kwadilweng morago ga nako ya botshwarwa tsa Esera, Nehemia, Daniele, le Malaki, le tlhagelela gantsi. Lefa go ntse jalo, fa nako ya go tla ga ga Mesia e ntse e atamela, ka iketlo Bajuda ba ne ba simolola go okaoka go dirisa leina leno, ka ntlha ya tumelo ya bone e e phoso.
A barutwa ba ga Jesu ba ne ba dirisa leina la Modimo (le ka gale le bidiwang “Jehofa” kana “Yahweh” ka Seesemane)? Bosupi bo bontsha gore ba ne ba le dirisa. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba rapele Modimo jaana: “Leina ya gago a le itshepisiwè.” (Mathaio 6:9) Mme kwa bokhutlong jwa bodihedi jwa gagwe mo lefatsheng, ene ka boene o ne a rapela Rraagwe wa selegodimo jaana: “Leina ya gago ke le bontshitse batho ba u ba lomolotseñ mo lehatshiñ ua ba nnaea.” (Johane 17:6) Mo godimo ga moo, mekwalo ya pele ya Septuagint, eleng thanolo ya Segerika ya Dikwalo tsa Sehebera e e neng e dirisiwa ke barutwa ba ga Jesu, e ne e tsentse leina la Modimo e dirisa Tetragrammaton ya Sehebera.
Go tweng ka Dikwalo tsa Efangele le Dikwalo tse dingwe tsotlhe tsa Bokeresete tsa Segerika (“Tesetamente e Ntšha”)? Go ile ga akanngwa gore e re ka leina la Modimo le ne le tlhagelela mo teng ga Septuagint, le ne le tshwanetse la tlhagelela gape le mo dikaelong tsa pele tsa Dikwalo tseno—bogolo, mo Septuagint e neng ya nopolwa gone. Ka gone, leina Jehofa le tlhagelela makgetlho a feta a le 200 mo go New World Translation of the Christian Greek Scriptures. Bangwe ba ile ba tshwaya seno diphoso ba re ga go na mabaka a go dira jalo. Lefa go ntse jalo, go bonala go na le buka nngwe e e tshegetsang New World Translation e go neng go sa lebelelwa gore e ka bo e le yone e e tshegetsang: Talmud ya Babelona.
Karolo ya ntlha ya buka eno ya bodumedi ya Bajuda e na le setlhogo se se reng Shabbath (Sabata) mme e na le melao e mentsintsi fela e e laolang tsela e go tshwanetseng ga itshwarwa ka yone ka Sabata. Mo karolong e nngwe, go tlhalosiwa kgang ya gore a go siame go swatola mekwalo ya Bibela mo molelong ka Sabata, go bo go tlhaga temana e e latelang: “Go ne ga bolelwa jaana mo lekwalong leo: Dibaka tse go sa kwalelwang sepe mo go tsone [gil·yoh·nimʹ] le Dibuka tsa Ba-Minim, re se ke ra di swatola mo molelong. R. Jose o ne a bolela jaana: Mo gare ga beke motho o tshwanetse a ntsha dikarolo tse di nang le Leina la Modimo tse di mo teng ga tsone, a di fitlhe, a bo a fisa gotlhe go go setseng. R. Tarfon o ne a bolela jaana: A go fitlha morwaake go ntlele fa ke sa di fise mmogo le dikarolo tsa tsone tse di nang le Leina la Modimo fa di le mo go nna.”—Thanodi ka Dr. H. Freedman.
Ba-mi·nimʹ e ne e le bomang? Lefoko leno le kaya “batho ba lekoko” mme le ka nna la kaya Basadukae kana Basamaria. Mme go ya ka Dr. Freedman, mo temaneng eno go ka direga thata gore le kaya Bakeresete ba Bajuda. Mme jaanong, gil·yoh·nimʹ e ne e le eng, e go ya ka Dr. Freedman e ranotsweng ka gore ke “dibaka tse go sa kwalelwang sepe mo go tsone”? Le ka nna la bo le bolela dilo tse pedi. E ka nna ya bo e le dibaka tse di fa thoko mo tsebeng ya memeno tse di sa kwalelang sepe kana yone memeno e e sa kwalelang sepe. Kana—fa lefoko leno le dirisiwa ka tsela ya tshotlo—e ka nna ya bo e le mekwalo ya ba-mi·nimʹ, jaaka e kete go tewa gore mekwalo eno e ne e sa thuse sepe mo go neng go ka twe ke memeno e e sa kwalelang sepe. Mo dibukeng tse di tlhalosang mafoko bokao jono jwa bobedi bo tlhalosiwa e le jo bo bolelang “Dibuka tsa Efangele.” Tumalanong le seno, polelo e e tlhagang mo teng ga Talmud pele fela ga karolo e e nopotsweng fa godimo e balega jaana: “Dibuka tsa Ba-Minim di tshwana le dibaka tse go sa kwalelwang sepe mo go tsone [gil·yoh·nimʹ].”
Ka gone, mo bukeng ya Who Was a Jew? e e kwadilweng ke Lawrence H. Schiffman, karolo e e nopotsweng fa godimo ya Talmud e ranotswe ka tsela e e latelang: “(Ka letsatsi la Sabata) ga re swatole Dibuka tsa Efangele le dibuka tsa ba-minim (‘baikeodi’) mo molelong. Go na le moo, di fisetswa mo lefelong la tsone, tsone le di-Tetragrammaton tsa tsone. Rabbi Yose Ha-Gelili o bolela jaana: Mo gare ga beke, motho o tshwanetse a ntsha di-Tetragrammaton mme a di fitlhe a bo a fisa mo go setseng. Rabbi Tarfon o ne a bolela jaana: A go direge gore ke fitlhe bomorwaake! Fa (dibuka tseno) di ne di ka fitlha mo diatleng tsa me, ke ne ke tla di fisa le di-Tetragrammaton tsa tsone.” Dr. Schiffman o tswelela pele go bontsha gore ba-mi·nimʹ fano ke Bakeresete ba Bajuda.
A karolo eno ya Talmud e bua ka Bakeresete ba ntlha ba Bajuda tota? Fa e le gore go ntse jalo, he ke bosupi jo bo maatla tota jwa gore Bakeresete ba ne ba tsenya leina la Modimo, Tetragrammaton, mo Dikwalong tsa bone tsa Efangele le mo mekwalong ya bone. Mme e bile go bonala sentle fela gore Talmud e tlhalosa ka Bakeresete ba Bajuda fano. Mogopolo ono o tshegediwa le ke bakanoki bangwe, mme le mo teng ga Talmud dintlha tse go buiwang ka tsone go bonala di tshegetsa seno go ya pele. Karolo e e latelang morago ga e e nopotsweng fa godimo e e go Shabbath e bolela ka kgang ya ga Gamaliel le moatlhodi mongwe wa Mokeresete e go neng go ntse go umakwa dikarolo dingwe tsa Thero ya mo Thabeng mo go yone.
E ne e le moragonyana fela jaana, fa Bokeresete jwa botenegi bo ne bo fapoga mo dithutong tse di bonolo fela jaana tsa ga Jesu, fa leina la Modimo le ne le kgaotsa go tlhola le dirisiwa ke ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete mme la bo la ntshiwa mo dikoping tsa Septuagint le mo Dikwalong tsa Efangele le mo dibukeng tse dingwe tsa Bibela.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Mo motlheng wa ga Jesu, leina la Modimo le ne le tlhagelela mo teng ga “Septuagint”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Israel Antiquities Authority