LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/1 ts. 32
  • Nako ya Thobo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako ya Thobo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/1 ts. 32

Nako ya Thobo!

KE KA ntlha yang fa ditiragalo tse di fetileng tsa “Bokeresete” di ile tsa se ka tsa itshupa e le tsa bokeresete jaana? Batho ba le bantsi ba ba akanyang ba botsa potso eno, mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a e araba mo setshwantshong dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. O ne a bua ka “motho eo o kileñ a yala peo e e molemō mo tshimoñ ea gagwè.” Morago ga moo, “mmaba oa gagwè a tla a yala mohoka le ōna mo mabeleñ.” Fa peo e tlhoga balemi ba ne ba bona mofero mme ba batla go o kumula. Mme monna yono o ne a re: “Lesañ, lo mmè go golè mmōgō go ea thoboñ.” Ka nako ya thobo, mabele a ne a tla tlhaolwa mo moferong.—Mathaio 13:24-30.

Fa Jesu a tlhalosa setshwantsho seno o ne a bolela gore ke ene yo a neng a jala “peo e e molemō”—Bakeresete ba boammaaruri. Mmaba e ne e le Satane, yo o neng a feta a jala “mohero”—Bakeresete ba maaka ba ba neng ba sutlhelela mo phuthegong. Jesu o ne a tlogela Bakeresete ba maaka le ba boammaaruri ba ntse ba le mmogo—mme e le go fitlha ka nako ya thobo fela. Ka nako eo, ba ne ba tla kgaoganngwa.—Mathaio 24:36-44.

Ke gone ka moo re sa gakgamaleng fa re utlwa gore mekgatlho ya “Bakeresete” go ralala makgolo a dingwaga e ile ya tlontlolola Modimo ka go amogela dithuto tsa seheitane, go rotloetsa go tlhoka boitshwaro, go tshegetsa dintwa tsa go gapa naga, le go otlhaya baikeodi ka tsela e e setlhogo. Seno se re bontsha peo e e bosula e Satane a ileng a e jala. Lefa go ntse jalo, fa re bala ka batho ba ba neng ba bona go le molemo go latlhelwa mo kgolegelong kana go swa go na le go roba melaometheo ya Bibela, re lemoga gore peo e e molemo e ne e sa nyelela gotlhelele.

Jesu o ile a bolela gore thobo ke “bokhutlō yoa lehatshe.” E re ka re tshela mo nakong ya bokhutlo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo, eno e tshwanetse ya bo e le nako ya thobo! Ka jalo, go tshwanetse ga bo go tlhaotswe Bakeresete ba boammaaruri mo go ba maaka. Gompieno go tshwanetse ga bo go na le setlhopha sa batho ba ba tshwanelang tlhaloso ya ga Jesu kaga Bakeresete ba boammaaruri, e se batho fela ba ba phatlaletseng—ba ikobela Bogosi jwa Modimo e bile ba rera mafoko a a Molemo ka ga jone, ba buelela boitshwaro jo bo siameng jo bo tshegediwang ke Bibela, ba gana dithuto tsa seheitane mme ba tshegetsa boammaaruri jwa Bibela, e le batho ba ba dirang gore leina la Modimo le itsege e bile ba se karolo ya lefatshe.—Mathaio 6:33; 24:14; Yohane 3:20; 8:32; 17:6, 16.

Ruri batho ba ba ntseng jalo ba teng! A o eletsa go direla Modimo ka tsela e a e amogelang? Fa go ntse jalo, batla batho bano mme o direle Modimo le bone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela