LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/1 ts. 26-30
  • Go Direla ka Moya wa Potlako

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Direla ka Moya wa Potlako
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapiso ka Nako ya Ntwa
  • Go Simolola Tiro ya Botshelo Jotlhe
  • Mothusi yo o Molemolemo
  • Tirelo ya Borongwa kwa Indonesia
  • Fa Gare ga Menolopuso
  • Go Fenya Kganetso E Nngwe Gape
  • Re Ya Amerika Borwa
  • Jehofa o Itshupile A na Le Nna
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Jehofa o Nthutile go Dira Thato ya Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/1 ts. 26-30

Go Direla ka Moya wa Potlako

JAAKA FA E BOLETSWE KE HANS VAN VUURE

Moso mongwe ka 1962, Paul Kushnir, molebedi wa lekala la Mokgatlho wa Watch Tower la kwa Netherlands, o ne a kopana le nna kwa kgaolong ya boemakepe jwa Rotterdam. O ne a bua jaana a ntse mo tafoleng go lebagana le nna mo khefing e e neng e bonesitswe letobonyana: “A wa tlhaloganya Hans, gore fa wena le mosadi wa gago lo ka tsaya kabelo eno lo tla newa tekete ya go ya fela?”

“EE, MME e bile ke tlhomamisa gore Susie le ene o tla dumela.”

“Go siame, bua le Susie ka gone. Go ka nna molemo thata fa lo ka nkitsise tshwetso ya lona ka bonako.”

Mo mosong o o latelang re ne ra mo araba jaana: “Re tla ya.” Ka jalo, ka December 26, 1962, ke fa re dumedisa balosika le ditsala kwa Boemafofaneng jwa Schiphol jo bo neng bo apesitswe ke segagane jwa kwa Amsterdam, mme ra ya ka sefofane kwa tshimong e e neng e ise e berekiwe ke morongwa ope—Netherlands New Guinea (gone jaanong ke West Irian, Indonesia)—naga ya Ba-Papua.

A re ile ra okaoka go amogela kabelo eno e e gwetlhang? Le eseng. Re ne re neetse matshelo a rona mo go direng thato ya Modimo ka pelo yotlhe mme e bile re ne re tshepa gore o tla re tshegetsa. Fa re sekaseka botshelo jwa rona, re kgona go bona sentle gore tshepo ya rona mo go Jehofa ga e ise e ke e nne ya lefela. Mme pele ga ke go lotlegela kaga ditiragalo tsa kwa Indonesia, mma ke go bolelele ka ga dingwaga tsa rona tsa bonyana.

Thapiso ka Nako ya Ntwa

Ke ne ke le dingwaga di le some fela, fa lelapa la gaetsho le ne le etelwa lantlha ka 1940 ke mosupi yole yo o pelokgale, Arthur Winkler. Batsadi ba me ba ne ba tshosiwa ke go lemoga se Bibela e se buang ka dithuto tsa maaka tsa Labokeresete. E re ka nako eo Jeremane wa Bonasi a ne a gapile Netherlands mme Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa, batsadi ba me ba ne ba lebanwa ke tshwetso ya gore a ba tla ikgolaganya le mokgatlho oo o o neng o thibetswe. Ba ne ba swetsa ka gore ba tla dira jalo.

Morago ga moo, bopelokgale jwa ga mmè le go iketleetsa go lebana le go amogwa kgololesego tota le eleng botshelo jwa gagwe go ne ga nkgatlha thata. Nako nngwe o ne a tsamaya sekgala sa dikilometara tse 11 ka baesekele mme a leta mo lefifing a tshotse kgetsana e tletse ka dipampitshana tsa Bibela. Ka nako e e neng e beetswe letsholo le le kgethegileng gore le simologe, o ne a gata a gatoga baesekele ya gagwe ka bonako jo a neng a ka bo kgona, nako le nako a fata mo kgetsaneng ya gagwe, a gasa dipampitshana mo mebileng. Rabaesekele mongwe yo o neng a mo setse morago kgabagare o ne a mo feta, mme a mo goa jaana a fegelwa: “Mma wee, mma wee, go na le sengwe se se wang mo go wena!” Re ne ra swa ka ditshego fa Mmè a re bolelela kgang eno.

Ke ne ke santse ke le mmotlana thata, mme fela ke ne ke itse se ke neng ke batla go se dira ka botshelo jwa me. Ka nako nngwe mo dipokanong tsa rona mo bogareng jwa 1942, fa motshwari wa thuto a ne a botsa gore, “Ke mang yo o batlang go kolobediwa mo nakong e e tlang?” ke ne ka tsholeletsa letsogo la me kwa godimo. Batsadi ba me ba ne ba tadimana ba lebega ba tshwentswe ke seno, ba na le dipelaelo tsa gore a ke tlhaloganya bokao jwa tshwetso eo. Mme lefa ke ne ke le dingwaga tse 12 fela, ke ne ke tlhaloganya gore go ineela mo Modimong go kaya eng.

Go rera ntlo le ntlo re beilwe mangole ke Banasi go ne go re tlhoka gore re nne kelotlhoko. Gore re tile go tsena mo matlong a batho ba ba neng ba ka re tshwarisa, mo malatsing a batshegetsi ba Banasi ba neng ba manega diphosetara mo difensetereng tsa bone ka one, ke ne ke tsamaya ka baesekele ke kwala diaterese tsa bone. Nako nngwe monna mongwe o ne a mpona mme a nkgoeletsa jaana: “O dira sentle mosimane wa me. Ba kwale—ba kwale botlhe fela!” Ke ne ke tlhoafetse mme fela ke se kelotlhoko go le kalo! Go ya kwa bofelong jwa ntwa ka 1945, re ne ra itumedisiwa ke go solofela go bona kgololesego e e oketsegileng ya go rera.

Go Simolola Tiro ya Botshelo Jotlhe

Ka November 1, 1948, morago ga go fetsa sekolo, ke ne ka amogela kabelo ya me ya ntlha ya tiro ya nako e e tletseng jaaka mmulatsela. Kgwedi moragonyana ga moo, Mokaulengwe Winkler o ne a etela lelapa le ke neng ke nna le lone. O tshwanetse a bo a ne a tlile go ntshekatsheka ka gonne ka bonako fela morago ga moo ke ne ka lalediwa go ya go dira kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho kwa Amsterdam.

Moragonyana ke ne ka kopiwa go etela diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa ke le molebedi wa potologo. Morago ga moo, kwa bofelong jwa 1952, ke ne ka amogela taletso ya go ya tlelaseng ya bo21 ya Sekolo sa Bibela sa Gileade sa Watchtower kwa New York go ya go katisediwa tiro ya borongwa. Ka jalo, go ela kwa bofelong jwa 1952, re ne ra tloga mo Netherlands re le robedi ka sekepe sa Nieuw Amsterdam go leba kwa Amerika.

Go ela kwa bofelong jwa dithuto tseno tsa sekolo, Maxwell Friend, mongwe wa batlhatlheledi ba rona, o ne a re: “Lo tla lebala bontsi jwa dilo tse lo di ithutileng fano, mme fela re solofela gore dilo tseno tse tharo di tla nna di le mo go lona: tumelo, tsholofelo, le lorato.” Selo se sengwe gape se ke santseng ke se gopola sentle ke go dira ga phuthego ya ga Jehofa e na le moya wa go potlaka.

Morago ga moo ke ne ka swaba fela thata. Bontlhanngwe jwa setlhopha sa rona sa Sedatšhe—go akaretsa le nna—se ne sa abelwa go boela gape kwa Netherlands. Le fa ke ne ke swabile, ke ne ke sa tenega. Ke ne ke eletsa fela gore ke se ka ka tloga ka leta dingwaga di le 40 jaaka Moshe wa bogologolo, pele ga ke newa kabelo kwa nageng e e seng ya gaetsho.—Ditihō 7:23-30.

Mothusi yo o Molemolemo

Moragonyana fa Fritz Hartstang, tsala ya me e o neng o ka re ke rre, a utlwa gore ke ipaakanyetsa go nyala, o ne a ntshebetsa jaana: “Ga ke kgone go akanya ka ope yo a mo gaisang yo o neng o ka mo tlhopha.” Rraagwe Susie, e bong Casey Stoovè, e ne e ntse e le motlhabani yo o di gogang kwa pele mo go Tlhabantshaneng le Banasi ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya II. Lefa go ntse jalo, e rile fa a kopana le Basupi ka 1946, o ne a amogela boammaaruri jwa Bibela kwa ntle ga go okaoka. Go ise go ye kae ene le bangwe ba bana ba gagwe ba bararo mo go ba barataro—Susie, Marian le Kenneth—ba ne ba kolobediwa. Ka May 1, 1947, bana bano botlhe ba ne ba simolola bodihedi jwa nako e tletseng e le babulatsela. Ka 1948, Casey o ne a rekisa kgwebo ya gagwe, mme le ene a simolola go bula tsela. Moragonyana o ne a bolela jaana: “Dingwaga tseo e ne e le tse di itumedisang go feta tsotlhe mo botshelong jwa me!”

Ke ne ka itsane le Susie ka 1949 fa a ne a laleditswe go tla go dira kwa ofising ya lekala ya Amsterdam. Lefa go ntse jalo, mo ngwageng o o neng wa latela ene le monnawe, Marian, ba ne ba tloga koo go ya tlelaseng ya bo16 ya Gileade mme ba tsaya sekepe go ya kabelong ya bone ya borongwa—Indonesia. Ka February 1957, morago ga go fetsa dingwaga tse tlhano e le barongwa koo, Susie o ne a boela mo Netherlands go tla go nyalana le nna. Ka nako eo ke ne ke direla jaaka molebedi wa potologo, mme gangwe le gape go ralala dingwaga tsa fa e sale re nyalane, o ile a supa go iketleeletsa go intsha setlhabelo ka ntlha ya tirelo ya Bogosi.

Morago ga lenyalo la rona, re ne ra tswelela ka go etela diphuthego mo dikarolong tse di farologaneng tsa Netherlands. Dingwaga tse Susie a di feditseng mo dikabelong tse di thata tsa tiro ya borongwa di ne di mo katisitse sentle go itshokela maeto a re neng re a tsaya ka baesekele go tswa mo phuthegong e nngwe go ya go e nngwe. Ke ka yone nako eno ya fa re dira tiro ya potologo fa ka 1962 Mokaulengwe Kushnir, a ne a nketela kwa Rotterdam mme a re laletsa go fudugela kwa West Irian, kwa Indonesia.

Tirelo ya Borongwa kwa Indonesia

Re ne ra goroga kwa Manokwari—lefelo le le farologaneng gotlhelele! Go ne go na le medumo e e tshosang ya bosigo mo dikgweng tsa boboatsatsi, go le mogote e bile go le lerole. Mme gape go ne go na le Ba-Papua ba ba neng ba tswa kwa gare ga naga ba ba neng ba sa apare sepe fa e se matsela a ba neng ba ithatha ka one mo mathekeng fela, ba tsamaya ba tshotse melelema ya dithipa, mme ba rata go tsamaya ba re setse morago ba tla ba leka go tshwara matlalo a rona a masweu—go ne go se bonolo go tlwaela dilo tseno tsotlhe.

Morago ga dibeke di sekae fela re sena go goroga, baruti ba ne ba bala lekwalo le le neng le tlhagisa batho kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa go tswa mo dialetareng tsa kereke mme ba naya mongwe le mongwe yo o neng a le teng kopi ya lone. Seteishene sa koo sa radio se ile sa ba sa gasa ka lekwalo leo. Go tswa foo baruti ba koo ba le bararo ba ne ba tla kwa go rona mme ba laela gore re fudugele kwa teng ga naga re ye go rerela batho ba ba neng ba ba bitsa “baheitane.” Moofisiri mongwe wa mapodise wa maemo a a kwa godimo wa Mo-Papua le ene o ne a gatelela gore re tsamaye, mme leloko lengwe la sepodise sa sephiri, le ne la re loma tsebe gore go logwa leano la go re bolaya.

Go ntse go le jalo, ga se batho botlhe ba ba neng ba le kgatlhanong le rona. Mogakolodi wa tsa sepolotiki wa Ba-Papua, Modatšhe yo o neng a tla tloga a ya kwa Netherlands, o ne a re itsise mo dikgosaneng di le mmalwa tsa Ba-Papua. O ne a ba raya a re: “Basupi ba ga Jehofa ba tla tlisa mofuta o o botoka wa bodumedi jwa Bokeresete go na le jo lo ntseng lo bo itse. Ka jalo, lo tshwanetse go ba amogela ka diatla tsoopedi.”

Moragonyana, motlhankedi mongwe wa puso o ne a tla kwa go Susie a le mo mmileng mme a mo sebela jaana: “Re begetswe gore lo simolotse tiro e ntšha mono, mme ka gone, ga re ka ke ra lo letla go nna mono. Lefa go ntse jalo, eeh, . . . fa fela lo ka bo lo na le kereke.” A thuso ruri! Ka bonako fela re ne ra thuba dipota mo ntlong ya rona, ra tlhomaganya dibanka, ra dira setlhomo sa sebui, le go baya lotshwao ka kwa ntle kafa pele lo lo kwadilweng, “Holo ya Bogosi.” Morago ga moo, re ne ra laletsa motlhankedi yoo gore a re etele. O ne a koma ka tlhogo a nyenyanyenya, a ikokota tlhogo ka monwana wa bosupa e kete a re, ‘Lo botlhale, lo botlhale.’

Ka June 26, 1964, ngwaga le sephatlo morago ga re sena go goroga koo, diithuti tsa rona tsa ntlha tse 12 tsa Bibela tsa Ba-Papua di ne tsa kolobediwa. Ka bonako fela morago ga moo, ga latela tse dingwe tse 10, mme palogare ya ba ba neng ba nna teng mo dipokanong tsa rona e ne e le 40. Go ne ga romelwa babulatsela ba le babedi ba kwa Indonesia go tla go re thusa. E ne ya re fa phuthego e sena go nonofa sentle kwa Manokwari, lekala la Mokgatlho la Indonesia le ne la re naya kabelo e nngwe gape ya go rera, ka December 1964.

Pele fela ga re tsamaya, tlhogo ya Lefapha la puso la Dikamano tsa Setšhaba o ne a re tseela kwa thoko mme a re raya a re: “Ke maswabi ka gonne lo a tsamaya. Beke le beke baruti ba ntse ba nkopa gore ke lo leleke ka gonne ba re lo kgetla maungo a bone. Mme ke ne ka ba raya ka re: ‘Nnyaa, ga ba dire jalo, ba nontsha ditlhare tsa lona.’” O ne a oketsa ka go re: “Gongwe le gongwe koo lo tla yang teng, nnang lo ntse lo kgaratlha. Lo tla fenya!”

Fa Gare ga Menolopuso

Bosigo bongwe ka September 1965, fa re ne re bereka mo motsengmoshate, e bong Djakarta, ditsuolodi tsa Makomonisi di ne tsa bolaya baeteledipele ba le bantsi ba masole, tsa tshuba Djakarta ka molemo, mme tsa simolola kgaratlho e e neng ya anama le naga yotlhe e kgabagare e neng ya menola poresidente ya naga, e bong Sukarno. Go ne ga swa batho ba ka nna 400 000!

Nako nngwe re ne re rera mo mmileng o o gaufi le o go neng go hulwa e bile go fisiwa mo go one. Letsatsi le le latelang, re ne ra utlwa gore masole a ne a tla tloga a ripitla kago nngwe e e neng e le gaufi ya Makomonisi. Beng ba matlo ba ne ba bonala ba tshogile fa re ba atamela, mme e ne ya re fa ba utlwa molaetsa wa rona wa Bibela, ba bo ba wela makgwafo mme ba re laletsa go tsena. Ba ne ba ikutlwa ba sireletsegile fa re na le bone. Nako eo e ne ya re ruta rotlhe gore re ikaege ka Jehofa le go nna tekatekano fa re lebanwe ke maemo a a bokete.

Go Fenya Kganetso E Nngwe Gape

Go ya kwa bofelong jwa 1966 re ne ra fudugela kwa Ambon, motse o o mo lenageng mo borwa jwa ditlhaketlhake tsa Molucca. Re ne ra fitlhela batho ba le bantsi mo gare ga baagi ba teng ba ba botsalano ba kgatlhegela dilo tsa semoya. Ka bonako fela phuthego ya rona e potlana e ne ya gola, mme bao ba neng ba nna gone mo dipokanong ba ne ba tshwara lekgolo. Ka jalo, batlhankedi ba dikereke tsa Labokeresete ba ne ba ya kwa Kantorong ya Merero ya tsa Bodumedi go ya go pateletsa molaodi wa yone go re leleka mo Ambon. Lefa go ntse jalo, ba ne ba bona dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower di beilwe gore di bonwe ke mang le mang mo desekeng ya molaodi! Ka ntlha ya go bo ba ne ba sa atlege mo go fetoleng mogopolo wa molaodi, ba ne ba ikgolaganya le batlhankedi ba Lefapha la tsa Bodumedi kwa Djakarta, ba batla gore re lelekwe e seng fela mo Ambon mme gape le mo Indonesia yotlhe.

Go ne go bonala mo lekgetlhong leno e kete ba tla atlega, ka gonne February 1, 1968, e ne ya tlhongwa go nna letsatsi le re neng re tla lelekwa ka lone. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba kwa Djakarta ba ne ba ikgolaganya le motlhankedi yo mogolo wa Momoseleme wa Lefapha la tsa Bodumedi, mme a re thusa go fetola tshwetso eo. Mo godimo ga moo, molaotheo wa gone wa pele o ne wa fetolwa, mme barongwa ba bangwe gape ba ne ba newa tetla ya go tsena koo.

Ka gone, mo dingwageng tse some tse di neng tsa latela, re ne ra bereka tikologo ya dithaba tse di boitshegang, dikgwa, le matšha kwa bokone jwa Sumatra le barongwa go tswa Australia, Austria, Jeremane, Philippines, Sweden, le go tswa United States. Tiro ya go rera e ne ya atlega thata, segolo thata mo morafeng o mogolo wa kgaolo eo wa Ba-Batak.

Lefa go ntse jalo, kgabagare manweenwee a bodumedi a koo a ne a atlega go dira gore tiro ya rona e thibelwe ka December 1976, mme ya re mo ngwageng o o neng wa latela bontsi jwa barongwa ba tswa koo go ya dikabelong tse dingwe kwa dinageng di sele. Kgabagare, ka 1979 le rona re ne ra tshwanelwa ke go tsamaya.

Re Ya Amerika Borwa

Ka nako eo re ne re ka nna dingwaga tse 50, mme re ne re ipotsa gore a re ne re tla kgona go tlwaela naga e nngwe gape. “A re tla amogela kabelo e nngwe gape kana re tla batla bonno re nne felo gongwe?” Susie o ne a botsa jalo.

Ke ne ka araba ka go re: “Mme gone Susie, gongwe le gongwe kwa Jehofa a neng a re laletsa go ya teng o ne a re tlhokomela. Ke mang yo o itseng masego a a oketsegileng a re tla nnang nao mo isagweng?” Ka jalo, re ne ra goroga kwa kabelong ya rona e ntšha, naga ya Amerika Borwa e bong Suriname. Mo dikgweding tse pedi fela re ne re setse re boetse mo tirong ya go potologa gape mme ka bonako fela ra bo re setse re tlwaetse.

Fa re sekaseka dingwaga tsa rona tse di fetang 45 re le mo bodiheding jwa nako e e tletseng, nna le Susie re lemoga botlhokwa jwa tsela e batsadi ba rona ba neng ba re tshegetsa ka yone gore re gatele pele mo tirong ya borongwa. Ka 1969, fa ke ne ke bona batsadi ba me gape morago ga dingwaga tse thataro, rre o ne a ntseela kwa thoko mme a nthaya a re: “Fa go ka direga gore go tlhokafale Mmè pele, ga go tlhokege gore o tle gae. Tswelela ka kabelo ya gago. Ke tla kgona. Mme fa go ka tlhokafala nna pele, o tla tshwanelwa ke go botsa Mmè ka gone.” Mmè le ene o ne a bua fela jalo.

Batsadi ba ga Susie le bone ba ne ba na le maikutlo a a ntseng jalo a e seng a bogagapa. Ka nako nngwe Susie o ne a kgaogane le bone dingwaga di le 17, mme lefa go ntse jalo, ga ba ise ba ko ba mo kwalele lekwalo le le utlwisang botlhoko. Ke boammaaruri gore, fa go ne go diregile gore batsadi ba rona ba se ka ba nna le sepe se se ba thusang, re kabo re ile ra boela gae. Ntlha ke gore, batsadi ba rona ba ne ba tsaya tiro ya borongwa e le botlhokwa ka tsela e e tshwanang, mme ba ile ba direla Jehofa ka one moya wa potlako o ba neng ba o jetse mo dipelong tsa rona go fitlhelela ba swa.—Bapisa 1 Samuele 1:26-28.

Gape re ile ra kgothadiwa ke batho bao ba neng ba re kwalela makwalo ka metlha. Go na le ba sekae ba bone ba ba iseng ba ko ba tlodise lefa e le kgwedi e le nngwe mo dingwageng tse 30 tsa tirelo ya rona ya borongwa ba sa re kwalele! Mme go feta botlhe, re gopola Rre wa rona yo o rategang wa selegodimo, Jehofa, yo o itseng go tlhokomela batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Ka gone, jaaka fa re atamela konelo ya ditiragalo eo re sa bolong go e letela, nna le Susie re eletsa go nna re “tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya [ga Jehofa]” ka go tswelela pele re direla Jehofa ka moya wa potlako.—2 Petere 3:12.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Re nyalane ka 1957

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

A bo go itumedisa jang ne—basha ba le barataro e le babulatsela!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela