Mo Boitshokong jwa Lona Lo Tsenye Poifomodimo
“Mo tumeloñ ea lona lo tsenyè . . . [boitshoko, le mo boitshokong jwa lona, NW] lo tsenyè poihōmodimo.”—2 PETERE 1:5, 6.
1, 2. (a) Go ne ga diragala eng ka Basupi ba ga Jehofa go simolola ka bo1930 kwa dinageng tse di neng di laolwa ke Ba-Nazi, mme ka ntlha yang? (b) Dilo di ne tsa tsamaya jang mo bathong ba ga Jehofa fa ba ntse ba bogisiwa botlhoko jalo?
E NE e le motlha o o botlhoko thata mo hisitoring ya lekgolo leno la bo 20 la dingwaga. Diketekete tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa tshwarwa le go latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso mo dinageng tse di neng di laolwa ke Ba-Nazi go simolola ka bo1930. Ka ntlha yang? Gonne ba ne ba itlhaotse e bile ba gana go galaletsa Hitler. Ba ne ba tshwarwa jang? “Ga go na setlhopha sepe sa magolelwa . . . se se neng sa bogisiwa botlhoko ke masole a SS ka tsela e Baithuti ba Bibela [Basupi ba ga Jehofa] ba neng ba bogisiwa ka yone. E ne e le bosetlhogo jo bo neng bo dirwa ka go ba utlwisa botlhoko mo mmeleng le mo tlhaloganyong, joo go senang puo epe mo lefatsheng e e ka kgonang go bo tlhalosa.”—Karl Wittig, yo a kileng a bo a direla puso ya Jeremane.
2 Go ne ga tsamaya jang ka Basupi? Mo bukeng ya gagwe The Nazi State and the New Religions: Five Case Studies in Non-Conformity, Dr. Christine E. King o ne a bolela jaana: “Puso e ne ya palelwa fela ke Basupi [fa ba bapisiwa le ditlhopha tsa ditumelo tse dingwe].” Ee, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ema ba tlhomame, le mororo ba le makgolokgolo ba bone ba ne ba tshwanela go itshoka go fitlha ba swa.
3. Ke eng se se neng sa thusa Basupi ba ga Jehofa gore ba itshokele diteko tse di masisi?
3 Ke eng se se neng sa thusa Basupi ba ga Jehofa go itshokela diteko tse di ntseng jalo, eseng kwa Jeremane ya Bo-Nazi fela mme le mo lefatsheng lotlhe? Rraabone wa selegodimo o ne a ba thusa gore ba itshoke gonne ba mmoifa jaaka Modimo. “Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ,” moaposetoloi Petere o tlhalosa jalo. (2 Petere 2:9) Kwa pelenyana mo go lone lokwalo loo, Petere o ne a setse a gakolotse Bakeresete jaana: ‘Mo tumelong ea lona lo tsenye . . . boitshoko, mo boitshokong jwa lona lo tsenye poifomodimo.’ (2 Petere 1:5, 6) Ka jalo boitshoko bo amana thata le poifomodimo. E bile tota, re tshwanetse go ‘latela poifomodimo’ le go e supa gore re kgone go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. (1 Timotheo 6:11) Mme gone tota, poifomodimo ke eng?
Se Poifomodimo E Leng Sone
4, 5. Poifomodimo ke eng?
4 Leina la Segerika le le ranolwang jaaka “poifomodimo” (eu·seʹbei·a) le ka ranolwa jaaka le ntse jaaka “go obamela ka tshwanelo.”a (2 Petere 1:6, Kingdom Interlinear) Le kaya go rata Modimo tota ka pelo yotlhe. Go ya ka W. E. Vine, letlhaodi eu·se·besʹ, fa le tsewa fela jaaka le ntse le ka kaya “kobamelo e e siameng,” le kaya “maatla, a a tlhotlhelediwang ke poifomodimo e e boitshepo, a supiwa ka ditiro tse di supang boineelo.”—2 Petere 2:9, Int.
5 Ka gone, lefoko “poifomodimo” le kaya tlotlo kana go boifa Jehofa goo go re tlhotlheletsang go dira dilo tse di mo kgatlhang. Motho o dira seno lefa a lebane le teko e e bokete gonne a rata Modimo ka pelo yotlhe. Ke go ikanyega ka namana mo go Jehofa goo re go supang ka tsela e re tshelang matshelo a rona ka yone. Bakeresete ba boammaaruri ba kgothalediwa gore ba rapelele gore ba “tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe.” (1 Timotheo 2:1, 2) Go ya ka bakwadi ba dibukantswe ebong J. P. Louw le E. A. Nida, “mo dipuong di le mmalwa [eu·seʹbei·a] mo go 1 Tm 2.2 e ka ranolwa sentle jaaka ‘go tshela jaaka Modimo a rata’ kana ‘go tshela kafa Modimo o re laetseng gore re tshele ka teng.’”
6. Boitshoko le poifomodimo di amana jang?
6 Jaanong re kgona go bona sentle kafa boitshoko bo amanang ka teng le poifomodimo. Re ilwa ke lefatshe le le lekang tumelo ya rona ka dinako tsotlhe gonne re tshela jaaka Modimo o batla gore re tshele—ka poifomodimo. (2 Timotheo 3:12) Lefa go ntse jalo, ga go na sepe se se neng se ka re tlhotlheletsa gore re itshoke fa re ne re sa rate Rraarona wa selegodimo. Mo godimo ga moo, Jehofa o a itumela fa re ineetse jalo re tlhoafetse. A o ko o akanye fela gore o ikutlwa jang fa a leba a le kwa magodimong mme a bona ba ba lekang thata go mo itumedisa le mororo ba ganediwa ka ditsela tse dintsi ka ntlha ya go bo ba ineetse mo go ene. Ga go gakgamatse go bo a iketleeditse “go golola badumedi mo thaeloñ”!
7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta go nna le poifomodimo?
7 Lefa go ntse jalo, ga re tsholwe re boifa Modimo, e bile ga re go rue go tswa mo batsading ba rona ba ba boifang Modimo. (Genesise 8:21) Go na le moo, re tshwanetse go ithuta go dira jalo. (1 Timotheo 4:7, 10) Re tshwanetse ra dira gore re tsenye poifomodimo mo boitshokong jwa rona le mo tumelong ya rona. Petere o bolela gore seno se tlhoka “tlhōahalō.” (2 Petere 1:5) Ka gone he, re ka nna le poifomodimo jang?
Re Ka Nna le Poifomodimo Jang?
8. Go ya ka moaposetoloi Petere, ke selo sefe sa botlhokwa se se ka re thusang gore re nne le poifomodimo?
8 Moaposetoloi Petere o ne a umaka selo se segolo se se ka re thusang gore re nne le poifomodimo. O ne a bolela jaana: “Tshegōhaco e nnè le lona, le kagishō e le totahalèlè mo kicoñ ea Modimo le ea ga Yesu Morèna oa rona; Ka go bo thata ea gagwe ea semodimo e re neile dilō cotlhe tse e leñ tsa botshelō le tsa poihōmodimo, ka go itse èna eo o re biditseñ ka kgalalèlō ea gagwè le molemō oa gagwè.” (2 Petere 1:2, 3) Ka jalo, re tshwanetse go nna le kitso e e tletseng kana e e feletseng ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete gore re tle re kgone go tsenya poifomodimo mo tumelong le mo boitshokong jwa rona.
9. Re ka naya sekai sefe go supa gore go itse Modimo le Keresete ka tlhomamo go akaretsa se se fetang go itse gore ke bomang?
9 Go kaya eng go nna le kitso e e tlhomameng ka Modimo le Keresete? Go phepafetse gore go akaretsa se se fetang go itse fela gore ke bomang. Ka sekai: O ka nna wa itse gore moagisani wa gago ke mang e bile o ka nna wa bo o mo dumedisa o mmitsa ka leina la gagwe. Mme a o ne o ka mo adima madi a mantsi? O ka dira jalo fela fa o itse gore ke motho wa mofuta mang. (Bapisa Diane 11:15.) Ka tsela e e tshwanang go itse Jehofa le Jesu ka tlhomamo, kana ka botlalo, go kaya se se fetang fela go dumela gore ba teng le go itse maina a bone. Re tshwanetse go ba itse tota gore re tle re kgone go itshokela diteko le go ineela gore re ka ba swela. (Yohane 17:3) Seno se akaretsa eng?
10. Go itse Jehofa le Jesu ka tlhomamo go akaretsa dilo dife tse pedi, mme ka ntlha yang?
10 Go nna le kitso e e tlhomameng, kana e e tletseng ka Jehofa le Jesu go akaretsa dilo tse pedi: (1) go ba itse jaaka batho—dinonofo tsa bone, maikutlo a bone, le ditsela tse ba dirang dilo ka tsone—le (2) go etsa sekao sa bone. Poifomodimo e akaretsa go ineela mo go Jehofa tota, re dira jalo ka borona fela e bile re go supa ka tsela e re tshelang ka yone. Ka gone, re tshwanetse go itse Jehofa ka namana re bo re itse thato ya gagwe le ditsela tsa gagwe ka botlalo kafa re ka kgonang ka teng, gore re kgone go nna le yone. Eleruri re tshwanetse go dirisa kitso e e ntseng jalo re bo re leke thata go tshwana le Jehofa yoo re dirilweng mo setshwanong sa gagwe, gore re kgone go mo itse. (Genesise 1:26-28; Bakolosa 3:10) E re ka Jesu a ne a etsa Jehofa ka botlalo ka se a neng a se bua le go se dira, go itse Jesu ka tlhomamo go ka thusa thata mo go tlhagoleleng poifomodimo.—Bahebera 1:3.
11. (a) Re ka bona kitso e e tlhomameng ka Modimo le Keresete jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re tlhatlhanye ka se re se balang?
11 Ka gone, re ka bona kitso eo e e tlhomameng ka Modimo le Keresete jang? Ka go ithuta Bibela le dikgatiso tse di thailweng mo Bibeleng ka tlhoafalo.b Lefa go ntse jalo, re tlhoka go ipha nako ya go tlhatlhanya, ke gore, go akanya, go boaboeletsa se re se balang, gore go ithuta ga rona Bibela ka namana go tle go re thuse gore re nne le poifomodimo. (Bapisa Yoshue 1:8.) Ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? Gakologelwa gore poifomodimo ke go rata Modimo, ka mmatota. Mo Dikwalong, gantsi go tlhatlhanya go amanngwa le pelo ya tshwantshetso—motho yo o kafa teng. (Pesalema 19:14; 49:3; Diane 15:28) Fa re akanya se re se balang ka boitumelo, se nwela mo mothong yo o kafa teng, se tlhotlheletsa maikutlo a rona, se ama maikutlo a rona, e bile se tlhotlheletsa tsela e re akanyang ka yone. Ke gone fela thuto e ka kgonang go nonotsha kafa re ratang Jehofa ka teng le go re tlhotlheletsa gore re tshele ka tsela e e itumedisang Modimo lefa re lebane le maemo a a gwetlhang kana diteko tse di bokete.
Go Tshela ka Poifomodimo kwa Gae
12. (a) Go ya ka Paulo, Mokeresete a ka supa poifomodimo jang kwa gae? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tlhokomela batsadi ba ba godileng?
12 Re tshwanetse go simolola go tshela ka poifomodimo pele kwa gae. Moaposetoloi Paulo o bolela jaana: “Me ha mosadi moñwe eo motlhōlagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bauō ba ithutè pele go ichupa bopelonomi mo go ba ga bōnè: gonne mo, go lebosèga mo matlhoñ a Modimo.” (1 Timotheo 5:4) Go tlhokomela batsadi ba ba godileng, jaaka Paulo a bolela, go supa poifomodimo. Bakeresete ba boammaaruri ba tlhokomela batsadi ba bone eseng ka gore ba patelesega go dira jalo mme ka gonne ba ba rata. Mo godimo ga moo, ba lemoga gore Jehofa o leba go tlamela lelapa e le selo sa botlhokwa. Ba itse sentle gore go gana go thusa batsadi ba bone fa ba tlhoka go tshwana fela le go ‘latola tumelo ya Bokeresete.’—1 Timotheo 5:8.
13. Ke ka ntlha yang fa go supa poifomodimo kwa gae go ka gwetlha thata, mme motho o kgotsofadiwa ke eng fa a tlhokomela motsadi wa gagwe?
13 Gone tota, ga go motlhofo go tshela ka poifomodimo kwa gae. Maloko a lelapa a ka tswa a nna kgakala. Bana ba ba godileng ba ka tswa ba setse ba na le bana ba bone le malapa a bone e bile ba na le mathata a madi. Mokgwa kana selekanyo se motsadi a tlhokang go tlhokomelwa ka sone se ka nna sa bo se batla maatla e bile se ama tlhaloganyo, le maikutlo a ba ba mo tlhokomelang. Lefa go ntse jalo, motho a ka kgotsofadiwa thata ke go itse gore seo ga se fela ‘go supa tebogo’ mme gape go itumedisa ene Yoo “ditshika cotlhe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ di bidiwañ ka èna.”—Baefesia 3:14, 15.
14, 15. Anela sekai sa bana ba ba neng ba tlhokomela motsadi wa bone ka tsela ya bomodimo.
14 A o ko o akanye ka sekai seno se se amang maikutlo. Ellis le bomorwarraagwe le bokgaitsadie ba batlhano ba lebane le tiro e e bokete ya go tlhokomela rraabo kwa gae. “Rre o ne a swa mofama ka 1986, mme a sala e le segogou fela,” go tlhalosa jalo Ellis. Bana ba barataro bano ba tlamela rraabo ka dilo tse a di tlhokang, ba a mo tlhapisa e bile ba tlhomamisa gore ba mo fetola gore a se ka a tswa dintho ka ntlha ya go robalela ruri ka letlhakore le le lengwe. “Re a mmalela, re bua le ene, re mo tshamekela mmino. Ga re tlhomamise gore a ruri o a itse gore go diragala eng, re mo tshwara jaaka ekete o itse dilo tsotlhe tse di diragalang.”
15 Ke ka ntlha yang fa bana bano ba tlhokomela rraabo ka tsela eno? Ellis o tswelela jaana: “Fa mmè a sena go tlhokafala ka 1964, Rre o ne a re godisa a le nosi. Ka nako eo dingwaga tsa yo mmotlana mo go rona di ne di le 5 mme tsa yo mogolo di le 14. O ne a re thusa tota ka nako eo; jaanong ke rona re dirang jalo.” Go phepafetse gore ga go motlhofo go dira jalo, e bile bana ba kgobega marapo ka dinako tse dingwe. “Lefa go ntse jalo re a itse gore maemo a ga rre ke bothata jo bo tla tlogang bo fela,” go bolela jalo Ellis. “Re lebile pele kwa tsogong ya baswi fa rre a tla bo a itekanetse sentle gape mo mmeleng e bile re tla bong re kopana gape le mmaarona.” (Isaia 33:24; Yohane 5:28, 29) Eleruri, go tlhokomela motsadi jalo ka lorato go tshwanetse ga bo go itumedisa pelo ya Yoo a laelang bana gore ba tlotle batsadi ba bone!c—Baefesia 6:1, 2.
Poifomodimo le Bodihedi
16. Lebaka le legolo la go bo re dira seabe sa rona mo bodiheding ke eng?
16 Fa re dumela taletso ya ga Jesu ya gore re ‘mo sale morago,’ re tlangwa ke taolo ya Modimo ya gore re rere mafoko a a molemo a Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 16:24; 24:14; 28:19, 20) Go phepafetse he gore seabe sa rona mo bodiheding ke tiro e Bakeresete ba tshwanetseng go e dira mo “metlheñ ea bohèlō.” (2 Timotheo 3:1) Lefa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tlhotlhelediwa gore re rere le go ruta fela ka gore re tshwanetse kana re a patelesega. Lebaka le legolo la go dira mo bodiheding le selekanyo se re se dirang e tshwanetse ya nna ka go bo re rata Jehofa thata. Jesu o ne a re: “Molomo o bua se se cwañ mo botlaloñ yoa pelo.” (Mathaio 12:34) Ee, fa re rata Jehofa ka pelo yotlhe, re ikutlwa re tlhotlheletsega go neela ba bangwe bosupi ka ene. Fa re tlhotlhelediwa ke go bo re rata Modimo, bodihedi jwa rona e nna selo se se mosola thata se re supang poifomodimo ya rona ka sone.
17. Re ka kgona go ithuta go leba bodihedi ka tsela e e siameng jang?
17 Re ka kgona go ithuta go nna le kgopolo e e siameng jang ka bodihedi? Akanya thata ka mabaka a mararo a Jehofa a a re nayang a gore re tshwanetse go mo rata. (1) Re rata Jehofa ka ntlha ya se a setseng a se re diretse. Ga go na tsela epe e a neng a ka supa lorato ka yone e e fetang setlhabelo se a se ntshitseng. (Mathaio 20:28; Yohane 15:13) (2) Re rata Jehofa ka ntlha ya se a se re direlang gone jaanong. Re kgona go bua ka kgololesego le Jehofa, yoo a arabang dithapelo tsa rona. (Pesalema 65:2; Bahebera 4:14-16) Re itumelela dilo tse re nang le tsone mo botshelong fa re baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (Mathaio 6:25-33) Re bona dijo tsa semoya ka metlha tse di re thusang go emelana le mathata a re kopanang nao. (Mathaio 24:45) E bile re itumelela go nna karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa Bokeresete jo bo re tlhaolang mo lefatsheng. (1 Petere 2:17) (3) Gape re rata Jehofa ka ntlha ya se a santseng a tla se re direla. Lorato lwa gagwe lo dira gore re “chwarè botshelō yo e leñ botshelō rure”—botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. (1 Timotheo 6:12, 19) Fa re leba dilo tse Jehofa a di re diretseng ka lorato, eleruri dipelo tsa rona di tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re bolelele ba bangwe ka ene le ka boikaelelo jwa gagwe jo bogolo re tlhoafetse! Ga go ne go tlhokega gore ba bangwe ba re bolelele gore re dire eng kana re dire go le kana kang mo bodiheding. Dipelo tsa rona di tla re tlhotlheletsa gore re dire kafa re ka kgonang ka teng.
18, 19. Kgaitsadi mongwe o ne a fenya sekgoreletsi sefe gore a kgone go nna le seabe mo bodiheding?
18 Pelo e e tlhotlhelediwang ke poifomodimo e tla patelesega go bua le mo maemong a a gwetlhang thata. (Bapisa Yeremia 20:9.) Akanya ka Stella, mosadi mongwe yo o ditlhong thata wa Mokeresete. Fa a ne a simolola go ithuta Bibela, o ne a akanya gore, ‘Ga nkitla ke bo ke kgona go tsamaya ka ntlo le ntlo!’ O tlhalosa jaana: “Ke ne ke le motho yo o didimetseng. Ke ne ke sa kgone go simolola motlotlo le ope.” Fa a ntse a tsweletse ka go ithuta, lorato lwa gagwe mo go Jehofa lo ne lwa oketsega, mme o ne a eletsa go bua le ba bangwe ka ene. “Ke gakologelwa ke raya motho yo o neng a nthuta Bibela ke re, ‘Ruri ke batla go bua, lefa go ntse jalo ga ke kgone, e bile seo se a ntshwenya.’ Ga nkitla ke lebala se a neng a se mpolelela: ‘Stella, itumelele fela go bo o batla go bua.’”
19 Ka bonako fela, Stella o ne a iphitlhela a setse a neela moagisani wa gagwe bosupi. Morago o ne a tsaya kgato e ene a neng a re ga a kake a e kgona—o ne a nna le seabe mo bodiheding jwa ntlo le ntlo ka lekgetlo la ntlha. (Ditihō 20:20, 21) O gakologelwa jaana: “Ke ne ke kwadile se ke tlileng go se bua. Mme ke ne ke tshogile mo e leng gore lefa ke ne ke se beile fa pele ga me, ke ne ke sa kgone le go se leba!” Jaanong, go fetile dingwaga di le 35, mme Stella o santse a le ditlhong fela ka tsela ya tlholego. Lefa go ntse jalo o rata bodihedi mme o tswelela a nna le seabe sa botlhokwa mo go jone.
20. Ke sekai sefe se se bontshang gore go bogisiwa kana go tsenngwa mo kgolegelong ga go kake ga tswala melomo ya Basupi ba ba ineetseng ba ga Jehofa?
20 Go bogisiwa le go tsenngwa mo kgolegelong le gone go ka se tswale melomo ya Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng. A o ko o akanye ka sekao sa ga Ernst le Hildegard Seliger ba kwa Jeremane. Botlhe ba ile ba nna dingwaga tse di fetang 40 mo dikampeng tsa pogisetso tsa Ba-Nazi le mo dikgolegelong tsa Bakomonisi ka ntlha ya tumelo ya bone. Le e leng gone mo kgolegelong, ba ne ba nnela go neela magolegwa a mangwe bosupi. Hildegard o gakologelwa jaana: “Badiredi ba kgolegelo ba ne ba nteba ke le kotsi thata, gonne, jaaka modisa mongwe wa mosadi a ne a bolela, ke ne ke bua ka Bibela letsatsi lotlhe. Ka jalo ke ne ka bewa kwa seleng e e ka kwa tlase ga kago.” Fa ba sena go gololwa, Mokaulengwe le Kgaitsadi Seliger ba ne ba dirisa nako ya bone mo bodiheding jwa nako e e tletseng jwa Bokeresete. Botlhe ba ne ba direla ka boikanyegi go fitlha ba swa, Mokaluengwe Seliger o ne a tlhokafala ka 1985 mme mosadi wa gagwe ka 1992.
21. Re tshwanetse ra dira eng gore re kgone go tsenya poifomodimo mo boitshokong jwa rona?
21 Re tla kgona go oketsa kitso ya rona e e tlhomameng ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete fa re dira ka natla go ithuta Lefoko la Modimo le go ipha nako ya go tlhatlhanya ka lone ka boitumelo. Seno le sone se tla dira gore re nne le nonofo eno e e botlhokwa—poifomodimo. Ga go na tsela epe e re ka itshokelang diteko tse di farologaneng tse di re tlelang jaaka Bakeresete ka yone fa re sa boife Modimo. Ka jalo, a re lateleng kgakololo ya ga moaposetoloi Petere, re tswelele ka go ‘tsenya boitshoko mo tumelong ya rona le mo boitshokong jwa rona re tsenye poifomodimo.’—2 Petere 1:5, 6.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a William Barclay o akgela jaana kaga eu·seʹbei·a: “Seb- eleng [kutu] ya lefoko leno ke yone e kayang go tlotla kana go obamela. Eu ke lefoko la Segerika le le kayang se se siameng; ka gone, eusebeia ke kobamelo, go tlotla ka tshwanelo kana go naya ka tshwanelo.”—New Testament Words.
b Bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1993 ditsebe 12-17 go bona kafa o ka ithutang ka teng gore kitso ya gago ya Lefoko la Modimo e nonofe.
c Tora ya Tebelo ya June 1, 1987, ditsebe 13-18 e tlotla ka botlalo mabapi le kafa poifomodimo e ka supiwang ka teng mo batsading ba ba setseng ba godile.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Poifomodimo ke eng?
◻ Boitshoko le poifomodimo di amana
jang?
◻ Ke lebaka lefe le legolo le le ka re thusang gore re nne le poifomodimo?
◻ Mokeresete a ka supa poifomodimo jang kwa gae?
◻ Lebaka le legolo la go bo re dira seabe sa rona mo bodiheding ke lefe?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba le kwa kampeng ya Ba-Nazi ya pogisetso ya Ravensbrück ba ne ba itshoka ba bo ba supa fa ba na le poifomodimo