LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 8/15 ts. 31
  • A O A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Dira Kgolagano le Aborahame
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Jehofa O ne A Mmitsa “Tsala ya Me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Aborahame—O ne A le Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • “Nitamisang Dipelo Tsa Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 8/15 ts. 31

A O A Gakologelwa?

A o ile wa fitlhela ditlhogo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo di le molemo thata mo go wena? Ka gone he, ke eng fa o sa leke go bona gore o di tshwere go le kana kang ka go ipotsa dipotso tse di latelang:

▫ Re tshwanetse go dira eng fa go diragala gore re akanye ka sengwe sa boitsholo jo bo sa siamang?

Re tshwanetse go fetola se re se akantseng, re tswe re iphokise phefo, kana re bale sengwe kana re dire tiro nngwe fela mo gae. Thapelo le yone ke sengwe se se maatla se se ka re thusang mo boemong jo bo ntseng jalo. (Pesalema 62:8)—4/15, tsebe 17.

▫ Ke ka ntlha yang fa batho ba babotlana ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore ba reetsa mmino ofe?

Mmino o kgona go kgobera maikutlo, go kgatlha, le go tlhotlheletsa. E re ka mmino o montsi o o ratwang thata o na le mafoko a mantsi ka mo go gakgamatsang a a buiwang ka boikaelelo jwa go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo e le a a sa lemogiweng bonolo ebile a bua ka boitsholo jo bo maswe, go bonolo go bona gore direkoto, ditheipi, le didisiki di tshwanetse go tlhophiwa ka kelotlhoko tota.—4/15, ditsebe 20-1.

▫ Ke eng se se kaiwang ke polelwana “go nna gone ga Morena wa rona Jesu Keresete”? (1 Bathesalonia 5:23, NW)

Seno se kaya go nna teng ga Morena Jesu Keresete jaaka Kgosi, fa esale go tloga ka 1914, le fa a sena go newa bogosi kwa legodimong. (Pesalema 110:1, 2)—5/1, tsebe 11.

▫ Ke molemo ofe o o neng wa bonwa fa Jehofa a ne a phepafatsa tempele ya gagwe ya semoya? (Malaki 3:1-4)

Jehofa o ne a batla gore tempele ya gagwe e nne phepa gore fa baobamedi ba bantsi ba ba solofetseng go tla go tshela mo lefatsheng ba ne ba tlisiwa mo go yone, ba e fitlhele e le lefelo le bolaodi jwa gagwe jwa lobopo bo tlotliwang thata mo go lone, koo leina la gagwe jaaka Modimo le tsholwang le le boitshepo, le koo melao ya gagwe e e siameng e ikobelwang teng.—5/1, tsebe 16.

▫ “Dilō cotlhe tse a nañ nacō” tse Keresete Jesu a di nayang motlhanka wa gagwe yo a mo tlhophileng ke eng? (Mathaio 24:45-47)

“Diō cotlhe tse a nañ nacō” di kaya dithoto tsotlhe tsa semoya tse di mo lefatsheng tse di ileng tsa nna tsa ga Keresete fa a ne a newa thata jaaka Kgosi ya selegodimo. Tsone di akaretsa thomo ya go direla Keresete barutwa ka batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe. (Mathaio 28:19, 20)—5/1, tsebe 17.

▫ Bagolwane ba Bakeresete ba itshupa jang gore ba na le ‘dipelo tse di ratang’ fa ba dira tiro ya bodisa go ya kafa Petere a ba kgothatsang ka teng mo go 1 Petere 5:2?

Mogolwane wa Mokeresete yo o tlhokomelang dinku o tla di disa ka pelo e e ratang, go tswa fela mo go ene, a kaelwa ke Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. Go dira ka pelo e e ratang gape go kaya gore modisa wa Mokeresete o ineela gore a laolwe ke Jehofa mme o itshupa gore o tlotla thulaganyo ya puso ya Modimo.—5/15, tsebe 20.

▫ Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re mongwe le mongwe yo o mo salang morago o ne a tshwanetse gore a “iitatolè”? (Mathaio 16:24)

Go ‘iitatola’ go kaya go inaya Jehofa gore o nne wa gagwe. (1 Bakorintha 6:19, 20) Go kaya gore ga o tshelele go iitumedisa, mme o tshelela go itumedisa Modimo. (Baroma 14:8)—6/1, tsebe 9.

▫ Ke eng se se dirang gore motho a itumele?

Go nna le kamano e e molemo le Jehofa le go nna o dira ka natla mo tirong ya gagwe go dira gore motho a tshele a itumetse.—6/1, tsebe 22.

▫ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letla Aberahame go bua le ene a phuthologile fela thata ka boikaelelo jwa Gagwe jwa go senya Sodoma? (Genesise 18:22-32)

Lebaka le lengwe e ne e le ka go bo Aberahame e ne e le tsala ya Modimo. (Yakobe 2:23) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a itse gore Aberahame o ne a utlwile botlhoko. Modimo o ne a itse gore setlogolo sa ga Aberahame ebong Lote se ne se nna mo Sodoma, le gore Aberahame o ne a tshwenyegile gore a Lote o ne a babalesegile. Mabaka ano a ne a dira gore Jehofa a arabe dipotso tsa ga Aberahame kaga boikaelelo jwa Gagwe jwa go senya Sodoma.—6/15, tsebe 16.

▫ A Diphetogo tsa Boporotesetanta tsa lekgolo la bo 16 la dingwaga di ile tsa dira gore go boelwe mo Bokereseteng jwa boammaaruri?

Nnyaa ga di a ka tsa dira jalo! Go na le gore di lere Bokeresete jwa mmatota, Diphetogo di ne tsa lere bontsintsi jwa dikereke tsa semorafe le tse di neng di kgaoganya batho ka mafelo tse di neng tsa itsalanya le dipuso tsa dipolotiki ebile di ne di di tshegetsa fa di lwa.—7/1, ditsebe 10-11.

▫ “Dikhumō kwa legodimoñ” tse Jesu a neng a bua ka tsone mo go Mathaio 6:20 ke eng?

Tseno ke dikhumo tse di sa nyeleleng, go akaretsa go ratwa ke Jehofa le go dira jaaka Mokeresete yo o ikanyegang. Tseno ke dingwe tsa dilo tse Jehofa a sa di lebaleng le ka motlha. (Bahebera 6:10)—7/1, tsebe 32.

▫ Ke dinonofo dife tse Petere a di umakang di le botlhokwa thata mo tumelong ya rona? (2 Petere 1:5-7)

Petere o ne a bolela gore go nna moyamontle, kitso, boikgapo, boitshoko, poifomodimo, lorato lwa bokaulengwe, le lorato di tshwanetse go tsenngwa mo tumelong ya rona.—7/15, tsebe 13.

▫ Pego ya boleo jwa ga Dafide le Bathesheba e tlhagisa batlhanka ba Modimo jang? (2 Samuele 11:2-4)

Le mororo a ne a gololesegile go ka ijesa monate mo lenyalong la gagwe, Dafide o ne a itetla go eletsa go tlhakanela dikobo le mongwe ka tsela e e sa dumelelweng ke molao. Erile fa a bona mosadi yo montle wa ga Uria, o ne a palelwa ke go laola se a neng a se akantse—le se a neng a ka se dira—gore a ijese monate le ene ka tsela e e sa dumelelweng ke molao. Selo se se tshwanang le seo se ka diragalela mongwe wa batlhanka ba Modimo fa a sa ithibe gore a se ka a eletsa dilo tsa ba bangwe. (Yakobe 1:14, 15)—8/1, tsebe 14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela