LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 4 ts. 7
  • Modimo o Dira Kgolagano le Aborahame

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Dira Kgolagano le Aborahame
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa O ne A Mmitsa “Tsala ya Me”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Aborahame E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • O ka Etsa Tumelo ya ga Aborahame le Sara!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Aborahame le Sara Ba ne Ba Reetsa Modimo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 4 ts. 7
Aborahame o lebile dinaledi

KAROLO 4

Modimo o Dira Kgolagano le Aborahame

Aborahame o bontsha tumelo mo Modimong ka go mo ikobela, Jehofa o mo solofetsa gore o tla mo segofatsa le gore ditlogolwana tsa gagwe di tla ntsifala

GO SETSE go fetile dingwaga di ka nna 350 fa e sa le Morwalela wa motlha wa ga Noa o nna teng. Tlhogo ya lotso e bong Aborahame o ne a nna mo motseng o o humileng thata wa Ure o gompieno o bidiwang Iraq. Aborahame o ne a na le tumelo e e nonofileng thata. Mme jaanong tumelo ya gagwe e ne ya lekwa.

Jehofa o ne a laela Aborahame gore a tloge mo nageng e a tsholetsweng mo go yone mme a fudugele kwa nageng e sele ya Kanana. Aborahame o ne a dira jalo a sa okaoke. O ne a tsaya ba ntlo ya gagwe, mosadi wa gagwe Sara, le setlogolo sa gagwe e bong Lote, mme fa ba sena go tsamaya sekgala se seleele ba ne ba nna mo ditenteng mo Kanana. Mo kgolaganong e Jehofa a neng a e dira le Aborahame, o ne a mo solofetsa gore o tla mo dira setšhaba se segolo, gore malapa otlhe a lefatshe a tla itshegofatsa ka ene, le gore bana ba gagwe ba tla rua naga ya Kanana.

Aborahame le Lote ba ne ba humile ba na le letsomane le legolo la dinku le metlhape ya dikgomo. Aborahame o ne a nna pelotshweu mme a letla Lote gore a tlhophe karolo ya lefatshe e a e batlang. Lote o ne a tlhopha kgaolo e e nang le mmu o o nonneng ya Noka ya Joredane mme a aga gaufi le motse wa Sodoma. Le fa go ntse jalo, batho ba Sodoma ba ne ba se na boitsholo—e le baleofi ba ba feteletseng kgatlhanong le Jehofa.

Moragonyana Jehofa Modimo o ne a tlhomamisetsa Aborahame gore losika lwa gagwe lo tla ntsifala fela jaaka dinaledi tsa legodimo. Aborahame o ne a dumela tsholofetso eo. Le fa go ntse jalo, mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Sara, o ne a sa tshole bana. Fa Aborahame a le dingwaga di le 99, mme Sara ene a atamela di le 90, Modimo o ne a bolelela Aborahame gore ene le Sara ba ne ba tla tshola ngwana wa mosimane. Fela jaaka Modimo a buile, Sara o ne a tshola Isake. Aborahame o ne a nna le bana ba bangwe, mme Mogolodi yo o solofeditsweng kwa Edene o ne a tla tswa mo losikeng lwa ga Isake.

Mo nakong eo, Lote le ba lelapa la gagwe ba ne ba nna mo Sodoma, mme Lote wa mosiami o ne a sa tshwane le baagi ba motse oo ba ba se nang boitsholo. Jehofa o ne a dira tshwetso ya gore o senya Sodoma, mme pele a senya motse oo, o ne a roma baengele gore ba ye go tlhagisa Lote ka katlholo e e tlang. Baengele ba ne ba laela Lote le ba lelapa la gagwe gore ba tshabe mo Sodoma mme ba se ka ba gadima kwa morago. Go tswa foo, Modimo o ne a nesa pula ya molelo le sulefera mo Sodoma le mo motseng o o boikepo o o neng o le gaufi le yone wa Gomora, a senya baagi botlhe ba metse eo. Lote le bomorwadie ba babedi ba ne ba falola. Mosadi wa ga Lote ene o ne a gadima kwa morago, gongwe a akantse ka dilo tse a di tlogetseng. Go tlhoka kutlo ga gagwe go ne ga dira gore a swe.

—E tswa mo go Genesise 11:10–19:38.

  • Ke eng fa Aborahame a ne a fudugela kwa Kanana?

  • Jehofa o ne a dira kgolagano efe le Aborahame?

  • Ke eng fa Jehofa a ile a senya Sodoma le Gomora?

MODIMO WA DIKGOLAGANO

Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, kgolagano e ne e tsewa e le tumalano ya semolao. Jehofa o ne a dira dikgolagano di le dintsi, tse e neng e le ditsholofetso tse di tlhomamisegileng gore a senole kgato ka kgato kafa boikaelelo jwa gagwe malebana le Mogolodi yo o solofeditsweng kwa Edene bo tla diragadiwang ka gone. Kgolagano e e neng ya dirwa le Aborahame e ne e bontsha gore yo o solofeditsweng o tla tswa mo losikeng lwa ga Aborahame. Dikgolagano tse di neng tsa dirwa moragonyana di ne tsa supa gore ke mang Ene yoo, yo o solofeditsweng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela