LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 8/15 ts. 32
  • A Le Ne La Metsa Jona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Le Ne La Metsa Jona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 8/15 ts. 32

A Le Ne La Metsa Jona?

BIBELA e re bolelela gore Jona, moperofeti wa ga Jehofa wa lekgolo la borobong la dingwaga B.C.E., yoo a neng a sia kwa kabelong ya gagwe, o ne a pagama sekepe. Batsamaisi ba sekepe ba ne ba mo latlhela kwa ntle fa go ne go tsoga sefefo mo loetong lwa bone mo Mediterranean. “Me Yehofa a baakanya leruarua ye legolo gore le tlè go metsa Yona: me Yona o na a le mo mpeñ ea leruarua ka malatsi a le mararo le masigo a le mararo.”—Yona 1:3-17.

Bangwe ba re, ‘Seo ga se kgonege! Ga go na sebopiwa sepe sa lewatle se se ka metsang motho.’ Mme leruarua la sepeme kana shaka e kgolo e tshweu e ka dira jalo. National Geographic (December 1992) e ne ya bolela gore e ka tswa e ne e le—leruarua la shaka. Shaka e kgolo go di feta tsotlhe e e itsiweng e ka gola go nna boleele jwa dimetara di le 20 mme ya nna bokete jwa ditone di le 70.

“Tsela e e sa tlwaelegang e leruarua la shaka le jang ka yone e dumalana le kgang ya ga Jona. Go motlhofo go ikakanya o tsena mo molomong o mogolo wa leruarua la shaka . . . Molomo o o kgonang go buduloga wa leruarua le le iseng le gole thata la shaka o ka tsenya BoJona ba babedi.”

Leruarua la shaka le ja diphologotswana tse dinnye kana dijalo tse dinnye le diphologotswana tse di fetsang go tswa mo maeng, tseo di “fetang fela mo mometsong o mogolo le mogobagoba wa holo o o kgonang go buduluga o e leng molomo wa mpa ya yone.” Lefa go ntse jalo, motho a ka tswa jang mo go one? National Geographic e bolela jaana: “Dishaka ga di na mathata a go ntsha dilo tse dikgolo tse di di belaelang gore a di ka kgona go silega tse di ka tswang di di meditse . . . Shaka e kgona go ntsha dilo tse di mo molomong wa mpa ya yone ka go e tlhanola e bo e di kgoromeletsa kwa ntle ga molomo wa yone. . . . Ka jalo, o ka tla o thelela mo boalong jo bo apesitsweng ke sere se se borekereke, o tla o thedimoga fela mme gone o ithutile sengwe.”

Gompieno maruarua a dishaka ga a tlhole a le teng mo Mediterranean, le mororo a ile a bonwa kwa kgakala kwa bokone kwa New York City. A gone a ne a le teng mo Mediterranean mo motlheng wa ga Jona? A go na le yo o itseng? Bibela ga e bolele ka tlhomamo gore Jehofa o ne a dirisa mofuta ofe wa sebopiwa sa lewatle, lefa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhomamisa gore kgang ya ga Jona e boammaaruri.—Mathaio 12:39, 40.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Norbert Wu/Peter Arnold Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela