Mmusomogolo O O Kileng Wa Lebalwa O O Neng Wa Swabisa Batshwayadiphoso ba Bibela
“Pelepele hisitori e e malebana le mmusomogolo wa Asiria e ne e le nngwe ya dikarolo tse di thata go tlhaloganngwa go feta dikarolo tsotlhe tsa hisitori ya lefatshe.” “Sotlhe seo se neng se itsewe ka Ninefe wa bogologolo e ne e le fela mafoko fale le fale le boperofeti mo Bibeleng tseo di neng di o umaka le dikakgelo tse di makgaoganyane kaga hisitori ya Asiria tsa ga Diodorus Siculus . . . le ba bangwe.”—Cyclopædia of Biblical Literature, Dibolumu 1 le 3, 1862.
RRAHISITORI wa Mogerika e leng Diodorus Siculus o tshedile dingwaga tse 2 000 tse di fetileng. O ne a bolela gore Ninefe e ne e le motse o o nang le dikhutlo tse nne; matlhakore ao a mane fa a kopantswe a le boleele jwa disetedia di le 480. Seo se bolela gore motse ono o ne o le bogolo jwa dikilometara di le 96 go o dikologa! Bibela le yone e bua se se tshwanang le seno ka go tlhalosa Ninefe e le motse o mogolo thata “o o ka ralalwañ ka loèto loa malatsi a le mararo.”—Jona 3:3.
Batshwayadiphoso ba Bibela ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba ile ba gana go dumela gore motse o o sa itseweng oo wa dinako tsa bogologolo o ne o ka nna bogolo jo bo kalo. E bile gape ba ne ba bolela gore fa e le gore Ninefe e kile ya nna teng, e tshwanetse ya bo e ne e le karolo ya setšhaba sa bogologolo seo se neng sa nna gone pele ga Babelona.
Seno se ne se ganetsana le Genesise kgaolo 10, e e bolelang gore setlogotlogolwana sa ga Noa e leng Nimerode, se ne sa tlhoma puso ya ntlhantlha ya sepolotiki mo tikologong ya Babela, kana Babelona. “A cwa mo lehatshiñ yeuō,” Bibela ya rialo, “a ea Asiria me a aga Ninefe, le Rehobotho-Ira, le Kala, le Resena ha gare ga Ninefe le Kala, (ouō, ko ōna motse o mogolo.)” (Genesise 10:8-12) Ela tlhoko gore lekwalo leno le tlhalosa metse eno e mene e mesha ya Asiria e le “motse [o le mongwe] o mogolo.”
Ka 1843 moithutamarope wa Mofora e leng Paul-Émile Botta, o ne a ribolola marope a ntlo ya segosi e e neng e bonala e le karolo ya motse mongwe wa Asiria. Ka nako ya fa dikgang ka ga thibololo eno di fitlha mo ditsebeng tsa batho, seno se ne sa dira gore go nne le boitumelo jo bogolo. Alan Millard mo bukeng ya gagwe ya Treasures From Bible Times, o tlhalosa gore, “Batho ba ne ba simolola go nna le kgatlhego e e oketsegileng fa go ne go ntshiwa bosupi jwa gore ntlo e ya segosi e ne e le ya ga Saregone, yo e neng e le kgosi ya Asiria e go buiwang ka yone mo go Isaia 20:1, yo go neng go belaelwa gore a ruri o kile a nna teng e le ka ntlha ya go bo a ne a sa itsewe ka tsela epe e sele.”
Go ntse go le jalo, moithutamarope yo mongwe gape e leng Austen Henry Layard, o ne a simolola go epolola marope kwa lefelong le le bidiwang Nimrud le le ka nnang dikilometara di le 42 kwa borwabophirima jwa Khorsabad. Go ne ga lemotshega fa marope ao e ne e le a Kala—mongwe wa metse e mene ya Asiria e e umakilweng mo go Genesise 10:11. Go tswa foo, ka 1849, Layard a epolola namane e tona ya marope a ntlo ya segosi kwa lefelong le le bidiwang Kuyunjik, gareng ga Kala le Khorsabad. Go ne ga lemotshega fa ntlo eo ya segosi e ne e le karolo ya Ninefe. Fa gare ga Khorsabad le Kala go na le marope a mafelo a mangwe gape, go kopanyeletsa le logora lo lo bidiwang Karamles. Layard o ne a bolela gore: “Fa re tsaya dikgora tse di kgolo tse nne tsa Nimrúd [Kala], Koyunjik [Ninefe], Khorsabad, le Karamles, re di tsaya e le dikhutlo tse nne tsa sekwere, re tla fitlhela gore matlhakore a tsone a mane a nyalana kgo le disetedia di le 480 kana [dikilometara tse 96] tsa moitseanape wa thutafatshe, tse di ka tsayang motho mosepele wa malatsi a le mararo a moperofeti [Jona] a buang ka one.”
Ka jalo, go bonala gore Jona o ne a kopanya mafelo ao otlhe a a tsaya e le “motse [o le mongwe] o mogolo,” a bo a o bitsa ka leina le le ileng la umakwa pele mo go Genesise 10:11, e leng Ninefe. Go dirwa fela jalo le gompieno. Ka sekai, go na le pharologano gareng ga toropokgolo ya kwa tshimologong ya Lontone le mafelo a a e dikologileng, ao otlhe fa a kopane a bopang seo ka dinako tse dingwe se bidiwang “Lontone yo Mogolwane.”
Kgosi ya Asiria E E Ikgogomosang
Ntlo ya segosi ya kwa Ninefe e ne e na le diphaposi di feta 70, tse di neng di na le dipota tse di ka tsayang sekgala sa dikilometara tse tharo. Mo dipoteng tseno go ne go na le masalela a digau tsa ditshwantsho tse di betlilweng tse di neng di gopotsa ka diphenyo tse ba ileng ba nna le tsone tsa sesole le dilo tse dingwe tse ba ileng ba atlega mo go tsone. Bontsi jwa tsone di ne di senyegile fela thata. Lefa go ntse jalo, fa a ne a tloga a wetsa loeto lwa gagwe Layard o ne a lemoga phaposi nngwe e e neng e santse e lebega tota, e ise e senyege go le kalo. Mo dipoteng go ne go na le mokgabisa o o neng o tshwantshitse go gapiwa ga motse o o neng o thekeleditswe tota, go na le magolegwa mo go ona ba gwantisiwa fa pele ga kgosi e e fentseng, e e neng e dutse mo setulong sa segosi kwa ntle ga motse oo. Mo godimo ga kgosi eo go na le mokwalo o bomankge ba mekwalo ya Seasiria ba o ranolang jaana: “Senakeribe, kgosi ya lefatshe, kgosi ya Asiria, a dutse mo setulong sa bogosi sa nimedu a sekaseka dilo tse di gapilweng (tse di tserweng) go tswa kwa Lakisha (La-ki-su).”
Gompieno jaana mokgabisa ono le mokwalo oo di ka bonwa kwa British Museum. O dumalana le pego ya hisitori e e begilweng mo Bibeleng mo go 2 Dikgosi 18:13, 14: “E rile ka ñwaga oa leshomè le bonè oa kgosi Hesekia, Senakeribe kgosi ea Asiria a bololèla metse eotlhe ea Yuda e e thekeledicweñ, me a e gapa. Me Hesekia kgosi ea Yuda a roma kwa kgosiñ ea Asiria kwa Lakisha, a re, Ke dihile molato; mpoèla: se u se mpelesañ ke tla se bèlèga. Me kgosi ea Asiria ea laola, gore Hesekia kgosi ea Yuda a lehè ka ditalenta tsa selefera di le makgolo mararo, le ditalenta tsa gouda di le mashomè mararo.”
Mekwalo e mengwe e e ntshang dintlha tse di oketsegileng malebana le go tlhasela Yuda ga ga Senakeribe le dilo tse Hesekia a neng a di ntsha go ithapeletsa ka tsone e ne ya fitlhelwa mo maropeng a Ninefe. Layard o ne a kwala jaana: “Pego e e malebana le selekanyo sa letlotlo la ditalenta tse di mashome a mararo tseo di neng tsa tsewa mo go Hesekia, e fitlhelwa e tshwana mo dipegong tse pedi tse di ikemetseng ka nosi, mme gongwe seno ke sengwe sa dilo tse go fitlhelwang di tshwana ka tsela e e kgatlhisang thata mo go supelweng ga hisitori gotlhe mo go kileng ga kwalwa.” Sir Henry Rawlinson, yo o neng a tsenya letsogo mo go direng gore mokwalo wa Seasiria o tlhaloganyege, o ne a itsise gore mekwalo eo “e ne ya fedisa dipelaelo dipe tse di neng di ka tsosa kgang ya gore [Senakeribe] e ne e le mang mo hisitoring.” Mo godimo ga moo, Layard o botsa potso eno mo bukeng ya gagwe ya Nineveh and Babylon: “Ke mang yo o neng a ka dumela pele ga go ribololwa dilo tseno, gore go ne go ka direga kana go ka kgonega gore ka fa tlase ga mekoa ya mmu le matlakala a a mo lefelong leo Ninefe e neng e agilwe mo go lone go ka fitlhelwa hisitori kaga dintwa gareng ga Hesekia le Senakeribe, e e kwadilweng ke Senakeribe ka boene ka yone nako ya fa di ne di diragala, mme e bile hisitori eo e nyalana le pego ya Bibela le e leng ka dilo tse di potlana fela?”
Gone ke boammaaruri gore, dintlha dingwe tsa pego ya ga Senakeribe ga di dumalane le Bibela. Ka sekai, moithutamarope e leng Alan Millard o akgela jaana: “Ntlha nngwe e e ngokang kgatlhego go gaisa e kwa bofelong [jwa pego ya ga Senakeribe]. Hesekia o ne a romela morongwa wa gagwe le dilo tsotlhe tse a neng a ithapeletsa ka tsone kwa go Senakeribe ‘moragonyana, kwa Ninefe.’ Masole a Asiria ga a ka a di tseela gae ka nako ya phenyo jaaka gale.” Bibela e bolela gore dilo tse a neng a ithapeletsa ka tsone tseo di ne tsa duelwa pele ga fa kgosi ya Asiria e boela kwa Ninefe. (2 Dikgosi 18:15-17) Ke ka ntlha yang fa dipego tseno di sa tshwane? Le gone ke ka ntlha yang fa Senakeribe a ile a se ka a kgona go ipelafatsa kaga go fenya motsemoshate wa Judea e leng Jerusalema ka tsela e e tshwanang le ya fa a ne a sena go gapa motse wa Judea o o neng o thekeleditswe wa Lakisha? Bakwadi ba le bararo ba Bibela ba re neela karabo. Mongwe wa bone yo o boneng tiragalo e ka matlho o ne a kwala jaana: “Moengele oa ga Yehofa, a cwa a ea a gaila batho ba bothousanda ba le lekgolo le ba le mashomè a bohèra mebedi le botlhano mo bothibeleloñ yoa Baasiria; me e rile batho ba coga go le ka maphakèla, bōnañ ba bo ba le ditoto hèla. Yalo Senakeribe kgosi ea Asiria a tloga, a tsamaea a boea, me a aga kwa Ninefe.”—Isaia 37:36, 37; 2 Dikgosi 19:35; 2 Ditihalō 32:21.
Mo bukeng ya gagwe ya Treasures From Bible Times, Millard o konela ka go re: “Ga go na lebaka lepe le le utlwalang la go belaela pego eno . . . Go a utlwala gore Senakeribe o ne a ka se kwale masetlapelo ao gore a tle go balwa ke ba ba neng ba tla mo tlhatlhama, gonne seno se ne se tla mo tlontlolola.” Go na le go dira jalo, Senakeribe o ne a leka go dira gore go lebege jaaka ekete o ne a atlega go fenya Yudea gotlhelele le gore Hesekia o ne a tswelela ka go ineela ka fa tlase ga gagwe a ba a romela dilo tse a neng a ithapeletsa ka tsone kwa Ninefe.
Go Tlhomamisitswe Kwa Asiria E Simologileng Teng
Dilaeborari tse di nang le masome a le diketekete a matlapana a a dirilweng ka letsopa di ne tsa ribololwa kwa Ninefe. Matlapa ano a supa gore Mmusomogolo wa Asiria o simologile kwa borwa kwa Babelona, fela jaaka Genesise 10:11 e bolela. Baithutamarope ba ne ba dirisa tshedimosetso eno go simolola go lebisa maiteko a bone go ela kwa ntlheng ya borwa. Encyclopædia Biblica e tlhalosa jaana: “Dilo tsotlhe tse e leng masalela kwa Asiria di senola gore batho ba teng ba tlholegile kwa Babelona. Puo ya bone le mokgwa wa bone wa go kwala, dibuka tsa bone, bodumedi jwa bone, le saense ya bone, ba di tsere go tswa mo baagisaning ba bone ba ba neng ba nna kwa borwa mme ba bo ba di fetofetola go se kae fela.”
Dilo tse di ileng tsa lemogiwa tse di tshwanang le tse di umakilweng fa godimo di ile tsa pateletsa batshwayadiphoso ba Bibela gore ba sekaseke ditsela tsa bone tsa go leba dilo. Eleruri, fa motho a nna fa fatshe mme a sekaseka Bibela seno se tla mo lemosa gore e kwadilwe ke bakwadi ba ba kelotlhoko le ba ba ikanyegang. Salmon P. Chase, yo e leng moatlhodimogolo wa pele wa Kgotlatshekelokgolo ya United States o ne a bua jaana morago ga go sekaseka Bibela: “E ne e le patlisiso e telele, e e tseneletseng e bile e se matshamekwane: mme ka go dirisa melaometheo e e tshwanang ya bosupi mo kgannyeng eno ya bodumedi fela jaaka fa ke tlhola ke dira ka dipatlisiso tse dingwe fela di sele, ke ile ka tla mo tshwetsong ya gore Bibela ga se buka fela e e tlwaelegileng, gore e tswa go Modimo.”—The Book of Books: An Introduction.
Eleruri, ga se fela gore Bibela ke hisitori e e nang le boammaaruri. Ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, mpho e batho ba e neilweng gore e ba tswele molemo. (2 Timotheo 3:16) Bosupi jwa seno re ka bo lemoga ka go tlhatlhoba thutafatshe ya Bibela. Kgang eno e tla sekasekiwa mo tokololong e e tlang.
[Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]
Fa godimo: Dintlha tse tharo tse di tserweng go tswa mo mokwalong o o mo leboteng
Fa tlase: Setshwantsho se se takilweng sa mokwalo o o mo leboteng sa Asiria seo se bontshang go gapiwa ga Lakisha
[Metswedi ya Ditshwantsho]
(Courtesy of The British Museum)
(From The Bible in the British Museum, published by British Museum Press)
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
Courtesy of the Trustees of The British Museum