LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 6/1 ts. 3-4
  • Hisitori ya Bibela E Boammaaruri Go Le Kana Kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Hisitori ya Bibela E Boammaaruri Go Le Kana Kang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse Di Supang Go Nna Boammaaruri Ga Yone
  • Loeto Lwa Ga Luke Lwa Mo Lewatleng
  • “Jehofa O ne A ba Naya Maatla a Gore ba Bue ba le Pelokgale”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Sekao Se Se Tlhotlheleditsweng sa Tiro ya Borongwa jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • “Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • “Ngwanake yo o Rategang Le yo O Ikanyegang mo Moreneng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 6/1 ts. 3-4

Hisitori ya Bibela E Boammaaruri Go Le Kana Kang?

“KE BUA boamarure, ga ke ake,” go ne ga rialo mokwadi mongwe wa Bibela fa a ne a kwalela tsala ya gagwe yo o neng a santse a le mosha. (1 Timotheo 2:7) Mafoko a a tshwanang le ano mo dikwalong tsa ga Paulo a ile a leretse batshwayadiphoso ba Bibela kgwetlho.a Go setse go fetile dingwaga di feta 1 900 fa e sale dikwalo tsa ga Paulo di ne di kwalwa. Mo nakong eno yotlhe ga go na motho ope yo o kileng a atlega go supa ntlha e le nngwe fela e e bontshang fa makwalo a gagwe a na le moo a senang boammaaruri gone.

Mokwadi wa Bibela e leng Luke le ene o ne a bua mafoko a a supang gore o ne a tshwenyegile ka gore a kwale dilo tsa boammaruri. O ne a kwala ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu le bodiredi jwa gagwe, tse morago ga tsone go latelang dipego tse di bidiwang Ditihō tsa Baaposetoloi. Luke o ne a kwala jaana: “Ke tlhotlhomisitse rure dilō cotlhe le tsa tshimologō.”—Luke 1:3.

Dilo Tse Di Supang Go Nna Boammaaruri Ga Yone

Batshwayadiphoso ba Bibela ba lekgolo la bo19 la dingwaga ba ne ba supa go belaela go nna boammaaruri ga ditiragalo tse Luke a ileng a di kwala. Mo godimo ga moo, ba ile ba bolela gore hisitori e e fitlhelwang mo go Ditihō e ile ya itlhamelwa mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. Moithutamarope wa Boritane e leng Sir William Mitchell Ramsay e ne e le mongwe wa bao ba neng ba dumela seno. Lefa go le jalo e ne ya re morago ga gore a sekaseke maina le mafelo a Luke a a umakileng o ile a ikwatlhaela seo: “Ka iketlo ke ne ka patelesega go dumela gore kgang eno e na le boammaaruri jo bo kgatlhisang mo dintlheng tse di farologaneng.”

Ka nako ya fa Ramsay a ne a kwala mafoko a a fa godimo, kgang e e malebana le gore Luke o ne a le boammaaruri go le kana kang fa a bega ditiragalo e ne ya sala e ntse e sa rarabologa. E ne e le malebana le metse e e neng e amana thata ya Ikonio, Lusetera, le Derebe. Luke o ne a tlhalosa dilo jaaka ekete Ikonio e ne e farologane thata le Lusetera le Derebe, a tlhalosa metse eno e mebedi ya bofelo e le “[metse] ea Lukaonia.” (Ditihō 14:6) Go ntse go le jalo, jaaka fa mmapa o o mo setlhogong seno o bontsha, Lusetera e ne e le gaufi thata le Ikonio go na le go nna gaufi le Derebe. Borrahisitori bangwe ba bogologolo ba ne ba tlhalosa Ikonio e le karolo ya Lukaonia; ke gone ka moo batshwayadiphoso ba gwetlhang Luke ka go bo a sa o tlhalose jalo.

Mme e ne ya re ka 1910, Ramsay a ribolola sefikantswe mo maropeng a Ikonio, se se neng se supa fa puo e e neng e buiwa kwa motseng oo e ne e le Se-Phrygia mme e seng Selukaonia. Dr. Merrill Unger mo bukeng ya gagwe ya Archaeology and the New Testament, o bolela jaana: “Mekwalo e mengwe e mentsi go tswa kwa Ikonio le mafelo a a e dikologileng e ntsha bosupi jwa gore fa go lejwa morafe wa motse oo o ka tlhalosiwa e le wa Se-Phrygia.” Eleruri Ikonio ya nako ya ga Paulo e ne e na le setso sa Se-Phrygia mme e bile e ne e farologana gotlhelele le “[metse] ea Lukaonia,” koo batho ba neng ba bua “puō ea Selukaonia” gone.—Ditihō 14:6, 11.

Batshwayadiphoso ba Bibela gape ba ne ba le kgatlhanong le gore Luke a bo a ile a dirisa lefoko “politarchs” fa a bua ka balaodi ba motse wa Thesalonia. (Ditihō 17:6, mokwalo o o kwa tlase go NW) Lefoko leno le ne le sa itsege mo dibukeng tsa Segerika. Mme go ne ga fitlhelwa seobo kwa motseng oo wa bogologolo se mo go sone go neng go na le maina a balaodi ba motse ba ba bidiwang “politarchs”—e leng lone lefoko leo Luke a le dirisetseng. W. E. Vine mo bukeng ya Expository Dictionary of Old and New Testament Words o tlhalosa gore: “Re kgona go lemoga ka go dirisiwa ga lefoko leno gore Luke o ne a kwala dilo tsa boammaaruri.”

Loeto Lwa Ga Luke Lwa Mo Lewatleng

Bomankge ba tsa mo lewatleng ba ile ba sekaseka dintlha tsa go thubega ga sekepe go go ileng ga tlhalosiwa mo go Ditihō kgaolo 27. Go ya ka Luke, sekepe se segolo se ene le Paulo ba neng ba tsamaya ka sone se ne sa gaelelwa mo matsubutsubung a diphefo tsa bokonebotlhaba gaufi le setlhaketlhake se se potlana sa Kauda, mme balaolasekepe ba ne ba boifa gore se ne se tla ba phaphailela kwa lotshitshing lo lo kotsi lo lo tletseng moshwawa lwa lobopo lo lo kwa bokone lwa Afrika. (Ditihō 27:14, 17, mokwalo o o kwa tlase go NW) Ka thuso ya balaoladikepe ba ba ditswerere, ba ne ba kgona go laola sekepe go tswa kwa ntlheng ya Afrika ka go tsaya tsela e e lebang kwa bophirima. Matsubutsubu a ne a tswelela fela a sa okobale, mme ya re kgabagare sekepe sa fitlha gaufi le lotshitshi lwa setlhaketlhake sa Malta, morago ga gore se tsamaye sekgala sa dikilometara di ka nna 870. Bomankge ba tsa lewatle ba bolela gore go ka tsaya sekepe se segolo se se kgokgoediwang ke matsubutsubu a diphefo malatsi a le 13 gore se tsamaye sekgala se se kalo. Seno se dumalana le pego ya ga Luke, e e bolelang gore sekepe se ne sa thubega mo letsatsing la bo14. (Ditihō 27:27, 33, 39, 41) Morago ga gore a sekaseke dintlha tsotlhe malebana le loeto lwa ga Luke ka sekepe, James Smith yo e leng motsamaisadikepe o ne a swetsa ka go re: “Kgang eno e anela ditiragalo tsa mmatota, e kwadilwe ke motho yo ruri a neng a le gone fa di diragala . . . Ga go na motho ope yo e seng motsamaisadikepe yo o neng a ka kwala kgang kaga mosepele wa mo lewatleng e bile e dumelana mo dintlheng tsotlhe jaaka eno, kwantle ga fa e le gore o ne a le gone fa di diragala.”

Ka ntlha ya dilo tseno tseo di ileng tsa lemogiwa, baithutabodumedi bangwe ba iketleeletsa go femela Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ka go supa fa e le hisitori e e boammaaruri. Mme lefa go ntse jalo go tweng ka hisitori ya pelepele e e fitlhelwang mo Dikwalong tsa Sehebera? Baruti ba le bantsi ba ineela gore ba tlhotlhelediwe ke matlhajana a segompieno mme ba bolela fa hisitori eo e na le mo e itlhametsweng gone. Lefa go ntse jalo, dintlha dingwe tsa hisitori ya pelepele ya Bibela le tsone di ile tsa supiwa fa di le boammaaruri, e leng selo se se ileng sa swabisa batshwayadiphoso ba le bantsi. Ka sekai, akanya ka kgang ya go ribololwa ga Mmusomogolo o o kileng wa lebalwa wa Asiria.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona gape le Baroma 9:1; 2 Bakorintha 11:31; Bagalatia 1:20.

[Mmapa mo go tsebe 3]

(For fully formatted text, see publication)

FERIGIA

LUKAONIA

KUPERO

Derebe

Lusetera

Ikonio

LEWATLE LA MEDITERRANEAN

CYPRUS

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela