LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/15 ts. 23-26
  • Go Bona Dikhumo tsa Mmatota kwa Hong Kong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bona Dikhumo tsa Mmatota kwa Hong Kong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Ba Ne Ba Bona Dikhumo tsa Semoya
  • Go Humela Modimo
  • Go Thusa Ba Bangwe Ba Bantsi go Bona Dikhumo tsa Mmatota
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/15 ts. 23-26

Go Bona Dikhumo tsa Mmatota kwa Hong Kong

HONG KONG ke lefelo leo motho a ka dirang madi a mantsi mo go lone mo nakong e khutshwane—fa dilo tsotlhe di mo tsamaela sentle. Mo dingwageng tse di ka nnang 40 tse di fetileng maemo a kolone eo ya Borithane a ne a tokafala thata go tswa mo boemakepeng jo bo neng bo tsenya lotseno lo lo kwa tlase, go ya mo lefelong le le tsenyang madi a mantsi leo batho ba ka ikaegang ka lone, e seng fela kwa Borwabotlhaba jwa Asia mme gape le mo dikgwebong tsa lefatshe ka bophara.

Dituelo tsa lekgetho tse di kwa tlase di gogela borrakgwebo ba mafatshe a mangwe mme gape seno se dira gore badiri ba ba dinatla ba ba fitlhelwang mo baaging ba ba dimilione tse thataro ba kwa Hong Kong ba tlhagafale mo tirong ya bone. Selo se sengwe gape se se dirang gore e atlege ke gore, lefelo le e leng mo go lone le dira gore e nne jaaka kgoro e e mo gare ga borwa jwa China le kgaolo ya lewatle la Pacific la Asia le mafelo a mangwe a a ka kwantle. Ka ntlha ya dipalangwa tsa segompieno le ditsamaiso tsa ditlhaeletsano le holosaile e e tlhabolotsweng sentle le metseletsele ya dikgwebopotlana, Hong Kong e kgona go dira gore dikgwebo tsa boditšhabatšhaba di bone dilo tse di di tlhokang ka bonako.

Go atlega ga tsa itsholelo go dirile gore Hong Kong e nne nngwe ya dinaga tse kwa go tsone go tshelwang botshelo jwa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng. Lefa go ntse jalo, a go atlega ga dilo tsotlhe tse di bonalang kwa Hong Kong go ile ga tlisetsa baagi ba teng kgotsofalo le boitumelo jwa go ya go ile? Nyaa, mme lefa go ntse jalo, bangwe ba ile ba batla mofuta wa dikhumo tse di botoka thata go na le tseo ba bo ba o bona.

Ba Ne Ba Bona Dikhumo tsa Semoya

Gareng ga batho bao ba boneng dikhumo tsa semoya tse di tlhotlhwakgolo ke Alfred yo o bonetsweng kwa Hong Kong. O ne a atlega mo tirong e le mokaedi wa lekgotla lengwe la boditšhabatšhaba la dikgwebo tse di farologaneng le le neng le na le ntlokgolo kwa Borithane. Fela jaaka batho ba bangwe ba bantsi kwa Hong Kong, mokgele wa gagwe mo botshelong e ne e le go amogela madi a mantsi, go nna le ntlo e e leng ya gagwe, go ja sentle, le go tshela botshelo jo bo monate. Ka ntlha ya maemo a gagwe le madi a a neng a a amogela, go ne ga bonala ekete o fitlheletse dilo tseno tsotlhe. Mme lefa go ntse jalo, a o ne a itumetse? Alfred o bolela jaana ka go hutsafala: “Ke ithutile go tswa mo maitemogelong a me gore madi tota a ka se kgone go dira sengwe le sengwe.” Nako le nako o ne a tlhola a tshwenyegile ka gore a madi a a a bolokileng a ne a tla mo tshedisa lobaka lo lokae fa a ne a ka lathegelwa ke tiro. Fa a ne a senya nako e ntsi mo tirong ya gagwe, go ne ga simologa go nna le mathata mo lelapeng la gagwe. Mosadi wa gagwe e leng Emily, o ne a hutsafala thata fa morwa wa bone a ne a tlhokafala ka tshoganetso. O ne a re: “Ke ne ke batla go itse kwa a ileng teng gore ke tle ke kgone go mo thusa.” Ereka a ne a sa kgone go dira sepe, o ne a sulafala maikutlo thata.

Justina o ne a tlhokafalelwa ke rraagwe fa a ne a sa le monnye. Mme lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go tlhoafala thata mo dithutong tsa gagwe, o ne a kgona go falola dithuto tsa kwa Unibesiting e e neng e tseelwa kwa godimo ya kwa Hong Kong. Seno se ne sa mo dira gore a bone tiro mo pusong. Ka Se-Canton, kgato e e ntseng jalo e bidiwa gum fan woon, mo go rayang sekotlolo sa reise sa gauta—e leng tiro e e ka sekeng ya mo latlhegela le e e mo direlang madi a mantsi. Lefa go ntse jalo, Justina o ne a sa itumela lefa e le go kgotsofala. Gantsi o ne a ipotsa gore boikaelelo jwa botshelo ke bofe le gore go ne go tla diragala eng mo isagweng. Monna wa gagwe e leng Francis, le ene o ne a ikutlwa gore botshelo bo ne bo sena boikaelelo. O ne a ikutlwa fela jaaka tshipinyana e nnye e e seng botlhokwa go le kalo e e mo gare ga motšhini o motonatona, motho yo eseng motho wa sepe, a le mo teng ga modikologo o o sa feleng.

Gape go na le Ricky, yo e leng motsamaisi wa kgwebo nngwe. Lefa gone a ne a dira madi a mantsi, o ne a simolola go leba botshelo ka tsela e nngwe—o ne a iphitlhela a le mo kgaisanong e e setlhogo ya badiri ka ene gape a na le mathata mo lenyalong la gagwe. Madi a ne a sa kgone go mo thusa go rarabolola mathata ano. Mosadi wa gagwe e leng Wendy, o ne a akanya gore, e le gore o tle o nne o babalesegile, o tshwanetse wa nna le tiro ya maemo a a kwa godimo, madi a mantsi, e bile o nna mo gare ga setšhaba se se itsetsepetseng thata mo go tsa polotiki. Mme lefa go ntse jalo, botshelo jwa gagwe jo bo neng bo bonala e kete bo babalesegile bo ne bo tla tsaya lobaka lo lokae? Seno se ne sa mo tshwenya ka gonne lebaka la go bo go na le loso le ne le mo dira gore a ikutlwe gore botshelo jwa gagwe bo ne bo sena bokao ebile bo sena boikaelelo.

David o na le kgang e a ka re bolelelang yone. Thuto ya gagwe ya kwa yunibesiting e ne ya mo thusa go bona tiro e e molemo le go sa tlhobaele ka tsa madi, mme lefa go ntse jalo, ga a ise a ko a kgotsofale. Ka ntlha yang? O ne a tseneletse thata mo thutong ya thutotlhagelelo le ya borramatlhale, mme o ne a dumela gore ga go na botshelo bope morago ga jo re leng mo go jone gone jaanong. David o ne a ikutlwa gore go ne go sena sepe se a neng a ka lebelela pele kwa go sone, mme dikhumo tsotlhe tsa gagwe ga di a ka tsa mo thibela gore a seka a ikutlwa a sena tsholofelo.

Lefa gone go bonala sentle gore mekgwa e batho bano ba godisitsweng ka yone e farologane, ba ne ba na le selo se le sengwe se ba neng ba tshwana ka sone. Botlhe ba ne ba fitlheletse se ba neng ba gopola gore se tla ba tlisetsa botshelo jo bo itumetseng le kgotsofalo. Lefa go ntse jalo, fa ba fitlha mo ba neng ba akanya gore seo ba neng ba se eletsa se tla diragala, ba ne ba fitlhela e le gore matshelo a bone a lolea.

Go Humela Modimo

Boemo jwa ga Alfred, Justina, le ba bangwe ba ba sa tswang go umakwa bo ne bo tshwana fela le jwa monna wa mohumi yo o umakilweng mo setshwantshong sa ga Jesu. O ne a ‘ikhumela, mme a sa humela Modimo.’ (Luke 12:21) Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore, ba ne ba bona sengwe se se botoka—e leng botshelo jo bo tletseng ka dikhumo tsa mmatota. Bao ba eletsang go bona boitumelo jwa boammaaruri le kgotsofalo ba tshwanetse gore ba se ka ba “sholohèla mo bosenañtlhōmamō yoa khumō, ha e se mo Modimoñ hèla, o o re naeañ dilō cotlhe ka letlōtlō, gore re di yè monate.” (1 Timotheo 6:17) Ee, go nna le kitso ka ga Modimo wa boammaaruri, Jehofa, le go baya tsholofelo ya bone mo go ene, go ne ga lere phetogo mo botshelong jwa mongwe le mongwe wa batho bano. A re boneng gore seno sotlhe ba se kgonne jang.

Botshelo jwa ga Alfred le Emily bo ne jwa senyega fa morwa wa bone a ne a tlhokafala ka tsoganetso, mme dilo tsa bone tse di bonalang ga di a ka tsa tlosa kutlobotlhoko e ba neng ba le mo go yone. Ba ne ba ya kwa kerekeng mme lefa go ntse jalo, ba ne ba santse ba ikutlwa ba le lolea e bile ba sa kgotsofala. Morago ga nako, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tla kwa ntlong ya bone mme a ba botsa a re: “Ke eng seo motho a ka se solofelang mo isagweng?” Alfred o ne a araba go ya ka seo a neng a se boleletswe kwa kerekeng kaga legodimo le dihele. Lefa go ntse jalo, o ne a bontshiwa mo Bibeleng gore baswi “ga ba itse sepè” le gore bao Modimo a sa ntseng a ba gopola ba mo mabitleng a a tlwaelegileng a batho, ba emetse tsogo. (Moreri 9:5, 10; Yohane 5:28, 29) Seno se ne se utlwala e bile se na le mabaka mo go Alfred. Jaanong o ne a lemoga gore morwawe o ne a sa bogisiwe golo gongwe mme o ne a robetse mo losong, ka tsholofelo ya gore gongwe o tla boa a kopana gape le balelapa la kwa ga bone ka tsogo. Abo seo se gomotsa ebile se lapolosa jang ne! Fa nako e ntse e tsamaya Alfred le mosadi wa gagwe ba ne ba amogela thuto ya legae ya Bibela mme ba simolola go tsamaya mo tseleng ya go itshwarelela thata mo dikhumong tsa mmatota tseo Bibela e di nayang.

Justina o ne a ikutlwa a sa tseege sentle fa a ne a bona batho ba a neng a dira le bone ba sena moya o montle wa go thusa go tlhokomela batho. Jaaka Mokatoliki yo o neng a ineetse, o ne a ikutlwa a kgobega marapo fa a ne a lemoga gore moruti wa bone o ne a goga motsoko le go ya kwa tantsheng, fela jaaka banna ba bangwe. Moragonyana o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dilo tse dintsi tse a neng a ipotsa tsone go tswa mo Dikwalong. Moruti o ne a sa mo naya sepe fa e se dilo tse a neng a di ikakanyetsa fela, mme Justina o ne a ise a ko a bule Bibela sebaka sa dingwaga di le 16, lefa gone a ne a ya kerekeng ka metlha, mme a nnile modiri mo kerekeng sebaka sa dingwaga di le 10.

Fa Basupi ba ntse ba ithuta Bibela le Justina le monna wa gagwe e leng Francis, monna wa gagwe o ne a kgatlhiwa ke go utlwana ga bone lefatshe ka bophara mo go seo ba neng ba se dumela le seo ba neng ba se dira. Francis o ne a dumela tota gore Modimo o teng. Morago ga go tlhatlhobisa dilo sentle, o ne a lemoga gore Modimo yo o tshelang le wa boammaaruri ke ene fela yo o neng a kgona go dira gore setlhopa seno sa batho sa boditšhabatšhaba se nne le moya oo. Abo banyalani bano ba itumetse jang ne go bo ba ile ba bona dikhumo tsa boammaaruri!

Ricky le Wendy ba ne ba itse gore ba ne ba tshwanelwa ke go dira sengwe fa ba ne ba ipona gore ka bonya ka bonya ba ne ba komediwa ke mathata a bone a a masisi. Ereka bobedi jwa bone ba ne ba kile ba kopana le Basupi ba ga Jehofa mo nakong e e fetileng, mongwe le mongwe wa bone o ne a dira boiteko jwa gore a ba batle gape. Ka ntlha ya go tlhoafala ga bone, Ricky le Wendy ga ba a ka ba bona tharabololo ya mathata a ba neng ba na le one fela mme gape le dikhumo tsa mmatota ka ntlha ya go itsalanya ga bone le ‘Modimo yo o itumetseng’ Jehofa.—1 Timotheo 1:11.

Botshelo jwa ga David le jone bo ne jwa fetoga fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo etela. O ne a dumela gore ba mo etele gape mme fela e le ka maikaelelo a gore a senole diphoso tsa bone. Lefa go ntse jalo, moragonyana, matlho a gagwe a ne a bulega, ka ntlha ya gore o ne a simolola go lemoga gore Bibela e boammaaruri mo dikgannyeng tsa saense, tsa hisitori, le tse dingwe. Seno sotlhe se ne sa thusa David gore a tseye Bibela jaaka buka ya boammaaruri e e neng ya dira gore a nne le boikaelelo tota mo botshelong. Abo e ne e le phetogo e e itumedisang le e nonotshang jang ne mo go ene!

Go Thusa Ba Bangwe Ba Bantsi go Bona Dikhumo tsa Mmatota

Mo gare ga boidiidi jwa batho ba kwa Hong Kong, Alfred, Emily, Justina, Francis le ba bangwe ba bao ba umakilweng fano ke palonyana fela ya bao ba boneng dikhumo tsa mmatota tsa boammaaruri jwa Bibela le go nna le tumelo mo go Jehofa Modimo. Ka 1992 Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang 2 600 ba ne ba senya diura tse di batlileng di tshwara 900 000 ba etela batho ba kwa Hong Kong mme ba tsamaisa dithuto tsa Bibela tsa magae tse di fetang 3 800 le bone. Lefa go ntse jalo, botshelo jwa kwa Hong Kong ga bo a iketla, le batho ba teng ba tshwaregile. Ka jalo, mo godimo ga go rera ka ntlo le ntlo, baboledi ba Bogosi ba atlega thata mo bosuping jwa mmila. Gape ba buisana le batho kwa ba berekang teng ka go etela batho ba ba berekang mo diofising, borramabentlele, borrapolase, le batho fa ba boa kwa go tshwareng ditlhapi kwa Lewatleng la China Borwa.

Tota ke boammaaruri gore go ka twe “thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye” kwa Hong Kong. (Mathaio 9:37) Gone jaanong, fa go bapisiwa palo ya Basupi le ya baagi ba koo ke Mosupi a le 1 mo bathong ba le 2 300. Go bontsha gore ba lemoga kafa tiro ya go roba e potlakileng ka gone, batho ba ba ka nnang 600 mo baboleding ba Bogosi ba le 2 600 koo ke babulatsela, kana bareri ba nako e e tletseng ba mafoko a a molemo. Basupi ba ga Jehofa kwa Hong Kong, fela jaaka ba ba kwa mafelong mangwe a sele, ba lemoga gore “tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa.” (Diane 10:22) Ke gone ka moo ba dirang ka natla go thusa batho ba bangwe ba bantsi mo morafeng o o humileng oo go bona dikhumo tsa mmatota.

[Mmapa mo go tsebe 23]

(For fully formatted text, see publication)

SOUTH CHINA SEA

CHINA

Hong Kong

Dikilomitara

Dimmaele

15

15

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela