LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 1/15 ts. 8-13
  • Batshodi ba Lesedi—Ka Boikaelelo Bofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batshodi ba Lesedi—Ka Boikaelelo Bofe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa ‘Dipone Di Ne Di Tima’ mo Bathong
  • Yo O Ntshitsweng go Nna “Lesedi Ye Le Bonesañ Badichaba”
  • “Ke Lona Lesedi ya Lehatshe”
  • Lesedi le Boammaaruri Tse Di Tswang go Modimo Tse Di Re Gogang
  • Kgalalelo ya ga Jehofa E Setse E Phatsimile
  • Latela Lesedi la Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • ‘Lesedi le Tlile mo Lefatsheng’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Lesedi la Modimo le Leleka Lefifi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ke Bomang Ba Ba Setseng Lesedi la Lefatshe Morago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 1/15 ts. 8-13

Batshodi ba Lesedi—Ka Boikaelelo Bofe?

“Ke gu beile lesedi ya Badichaba.”—DITIHŌ 13:47.

1. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa jang ke taolo e e umakilweng mo go Ditihō 13:47?

“GONNE Morèna o re laotse yalo, a re, Ke gu beile lesedi ya Badichaba, gore u nnè poloka le kwa sekhutloñ sa lehatshe,” moaposetoloi Paulo o ne a bolela jalo. (Ditihō 13:47) Ga a ka a bolela jalo fela mme gape o ne a lemoga bomasisi jwa gone. Morago ga fa a sena go nna Mokeresete, Paulo o ne a dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe go diragatsa taolo eo. (Ditihō 26:14-20) A le rona re neetswe taolo eo? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng fa e le botlhokwa mo metlheng ya rona?

Fa ‘Dipone Di Ne Di Tima’ mo Bathong

2. (a) Jaaka fa lefatshe le ne le setse le ya kwa bofelong, ke eng seo se ileng sa diragala seo se ileng sa ama boemo jwa lone jwa semoya le jwa boitsholo thatathata? (b) Moemedi mongwe wa puso wa kwa Borithane o ne a itshwara jang fa a ne a bona se se neng se diragala ka August 1914?

2 Pele batho ba le bantsi ba ba tshelang gone jaanong ba tsholwa, lefatshe leno le ne le setse le tsene mo motlheng wa bokhutlo. Go nnile le ditiragalo tse dikgolo tseo di neng tsa diragala ka bofefo ka go latelana. Satane Diabolo yo e leng motlhotlheletsi yo mogolo wa lefifi la semoya le la boitsholo o ne a latlhelwa mo lefatsheng. (Baefesia 6:12; Tshenolō 12:7-12) Batho ba ne ba setse ba thabueditswe mo ntweng ya ntlha ya lefatshe. Bogologolo ka August 1914, ka nako ya fa go ne go bonala sentle gore go tla nna le ntwa, Sir Edward Grey, yo e neng e le mokwaledi wa naga ya Borithane wa dikgang tsa dinaga di sele, o ne a eme mo fensetereng ya ofisi ya gagwe kwa Lontone mme a bolela jaana: “Dipone di a tima mo Yuropa yotlhe; re ka se tlhole re di bona di tshubile gape mo nakong ya fa re santse re tshela.”

3. Baeteledipele ba lefatshe ba atlegile go le kana kang fa ba ntse ba leka go phatsimisa isagwe ya batho?

3 Ka 1920 go ile ga tlhomiwa Lekgotla la Kgolagano ya Merafe go dirwa boiteko jwa go tshuba dipone tseo gape. Mme dipone tseo di ne tsa benyabenya ka lesedinyana le lennye. Kwa bofelong jwa ntwa ya bobedi ya lefatshe, baeteledipele ba ile ba leka gape, mme he, ”semo lekgetlong leno ba dirisa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Mo lekgetlong leno gape, dipone tseo ga di a ka tsa bonesa sentle. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya dilo tseo di diragetseng bosheng jaana, baeteledipele ba lefatshe ba ile ba nna ba bua ka “tsamaiso e ntšha ya lefatshe.” Mme ga go ka tsela epe eo go ka bolelwang gore “lefatshe le lesha” lepe fela le ba le dirileng le tlisitse kagiso ya boammaaruri le polokesego. Go na le moo, dintwa tse go dirisiwang dibetsa mo go tsone, dikgogakgogano fa gare ga merafe, bokebekwa, go tlhoka tiro, lehuma, go kgotlelwa ga tikologo, malwetsi, dilo tseno tsotlhe di ntse di tswelela go dira gore batho ba seka ba itumelela botshelo.

4, 5. (a) Ke leng ebile ke jang lefifi le ileng la bipa lelapa la batho? (b) Ke eng se se tlhokegang gore ba tle ba imololwe?

4 Totatota, dipone di ile tsa tima mo bathong lobaka lo loleele pele ga 1914. Seno se ile sa diragala dingwaga tse di ka nnang 6 000 tse di fetileng kwa Edena ka nako ya fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tlhopha go itirela ditshwetso mme ba tlhokomologa go rata ga Modimo. Dilo tse di utlwisang botlhoko tseo di diragaletseng batho fa esale ka nako eo ke dikarolwana fela tsa dilo tseo Bibela e di bitsang ‘thata ya lefifi.’ (Bakolosa 1:13) E ne e le ka go bo a tlhotlheleditswe ke Satane Diabolo go bo motho wa ntlha, Adame, a ile a thabuetsa lefatshe lotlhe mo boleong; mme go tswa mo go Adame boleo le loso di ile tsa fetela mo bathong botlhe. (Genesise 3:1-6; Baroma 5:12) Ka ntlha ya seo batho ba ne ba sa tlhole ba amogelwa ke Jehofa, yo e leng Motswedi wa lesedi le botshelo.—Pesalema 36:9.

5 Tsela e le nngwe fela eo lesedi le ka boang la phatsimela batho ka yone ke fa ba ka amogelwa ke Jehofa Modimo, Mmopi wa batho. Ke gone he, “sebipō se se latlhecweñ mo godimo ga dichaba cotlhe” go hutsiwa ga bone ka ntlha ya boleo, go tla fedisiwang. Seno se tla kgonega jang?—Isaia 25:7.

Yo O Ntshitsweng go Nna “Lesedi Ye Le Bonesañ Badichaba”

6. Ke dilo dife tse di molemo tse re ka di lebelelang tseo Jehofa a dirileng gore re kgone go di bona ka Jesu Keresete?

6 Le eleng pele Adame le Efa ba kobiwa kwa Paradaiseng, Jehofa o ne a bolelela pele ka “losika” lo lo tla gololang ba ba ratang tshiamo. (Genesise 3:15) Morago ga gore motho yo o solofeditsweng wa Losika loo a tsholwe, Jehofa o ne a dira gore Simione yo o neng a setse a tsofetse a mo tlhalose jaaka “lesedi ye le bonesañ Badichaba” kwa tempeleng ya Jerusalema. (Luke 2:29-32) Ka go nna le tumelo mo setlhabelong sa botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng, batho ba ka gololwa mo phutsong e e leng ditlamorago tsa boleo jo ba bo ruileng. (Yohane 3:36) Go dumalana le go rata ga ga Jehofa, jaanong ba ka lebelela go bona botshelo jo bo sa khutleng jo bo itekanetseng ba le karolo ya Bogosi jwa selegodimo kana e le babusiwa ba jone mo lefatsheng la paradaise. Abo e le selo se se itumedisang jang ne se re se baakanyeditsweng!

7. Ke ka ntlha yang fa dilo tse di solofeditsweng tse di mo go Isaia 42:1-4 mmogo le kafa di neng tsa diragadiwa ka teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga go dira gore re nne le tsholofelo?

7 Jesu Keresete ka boene ke tlhomamiso ya gore dilo tse di kgatlhisang tseno tse di lebeletsweng di tla diragadiwa. Malebana le go fodisa ga ga Jesu batho ba ba bogang, moaposetoloi Mathaio o ne a lebisa se se kwadilweng mo go Isaia 42:1-4 mo go ene. Karolo ya lokwalo loo e bolela jaana: “Bōnañ motlhanka oa me, eo ke mo tshegeditseñ; moitshenkedwi oa me eo mōea oa me o natehèlwañ mo go èna: ke beile mōea oa me mo go èna; o tla ntshetsa tshiamishō kwa merahiñ.” A mme seo ga se sone seo batho ba merafe yotlhe ba se tlhokang? Boperofeti joo bo tswelela pele jaana: “Ga a ketla a goa, leha e le go choletsa lencwe ya gagwè, leha e le go le utlwatsa mo mmileñ. Lotlhaka lo lo phitsegileñ ga a ketla a lo rōba, le lodi lo lo kukèlañ ga a ketla a lo tima.” Go dumalana le seno, Jesu ga a ka a tshwara batho ba ba neng ba ntse ba boga ka tsela e e makgwakgwa. O ne a ba utlwela botlhoko, a ba ruta kaga maikaelelo a ga Jehofa, mme a ba fodisa.—Mathaio 12:15-21.

8. Ke ka tsela efe Jehofa a ileng a romela Jesu go nna “kgolagano ea batho” le “lesedi ya Badichaba”?

8 Mmui wa polelelopele eno o itebaganya le Motlhanka wa gagwe, o bua le Jesu, mme o bolela jaana: “Nna Yehofa ke gu biditse mo tshiamoñ, ke tla chwara seatla sa gago, ke gu dibèla; ke tla gu ntsha, gore u nnè kgōlaganō ea batho, u bo u nnè lesedi ya merahe: Go budulola matlhō a a houhetseñ; go ntsha bagolegwi mo moletiñ o o lehihi, le ba ba dutseñ mo lehihiñ go ba ntsha mo tluñ ea kgolegèlō.” (Isaia 42:6, 7) Ee, Jehofa o neetse Jesu Keresete kgolagano, eo e leng tsholofetso e e botlhokwatlhokwa e e tlhomamisegang. Abo seno se kgothatsa jang ne! Jesu eleruri o ne a amega ka batho fa a ne a le mo lefatsheng; o bile a ntshetsa batho botshelo jwa gagwe. Ke ene yo Jehofa a mo neetseng boikarabelo jwa go busa merafe yotlhe. Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a bolela gore ke ene lesedi la merafe. Jesu ka boene o ne a bolela jaana: “Ke nna lesedi ya lehatshe.”—Yohane 8:12.

9. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ile a seka a ineela mo go tokafatseng tsamaiso ya dilo e e neng e le teng ka nako eo?

9 Ke ka ntlha yang fa Jesu e ne e le lesedi la lefatshe? E ne e se ka boikaelelo bope jwa go itshedisa kana jwa go bona dilo tse di bonalang. O ne a gana go leka go tokafatsa tsamaiso ya sepolotiki e e neng e le teng ka nako eo ebile o ne a gana go amogela bogosi go tswa mo go Satane, mmusi wa lefatshe kana go tswa mo bathong. (Luke 4:5-8; Yohane 6:15; 14:30) Jesu o ne a tlhomogela batho ba ba neng ba boga pelo thata mme o ne a ba imolola ka ditsela tseo ba bangwe ba neng ba sa kgone go go dira. Lefa go ntse jalo, o ne a itse gore go imololwa ka bosakhutleng go ne go se kitla go diragala fa batho ba santse ba le mo seemong sa go hutsiwa ke Modimo ka ntlha ya boleo jo ba bo ruileng le go bo ba laolwa ke maatla mangwe a a bosula a a sa bonaleng. Ka go dirisa botlhale jo bo tswang go Modimo, Jesu o ne a tshela botshelo jwa gagwe a dira seo e leng go rata ga Modimo.—Bahebera 10:7.

10. Ke ka ditsela dife ebile e le ka boikaelelo bofe Jesu e neng e le lesedi ja lefatshe?

10 Gone mme, ke ka ditsela dife le ka boikaelelo bofe Jesu e neng e le lesedi la lefatshe? O ne a dirisa botshelo jwa gagwe jotlhe go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. (Luke 4:43; Yohane 18:37) Ka go supa kaga boammaaruri jwa maikaelelo a ga Jehofa, Jesu o ne a itshepisa leina la ga Rraagwe wa selegodimo. (Yohane 17:4, 6) Mo godimo ga moo, jaaka lesedi la lefatshe, Jesu o ne a senola maaka a bodumedi mme ka go dira jalo a thusa bao ba leng mo bokgobeng jwa bodumedi gore ba bone kgololesego ya semoya. O ne a senola Satane jaaka yo o laolang bao ba mo letlang gore a ba dirise mme ene a sa bonale. Jesu gape o ne a tlhalosa ditiro tsa lefifi ka phepafalo. (Mathaio 15:3-9; Yohane 3:19-21; 8:44) O itshupile e le lesedi la lefatshe ka tsela e e tlhomologileng go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jaaka thekololo, ka go dira jalo o ne a bulela bao ba dumelang mo go seno tsela ya gore ba tle ba itshwarelwe dibe, le gore ba nne le kamano le Modimo eo mo go yone a ba amogelang, le gore ba lebelele go bona botshelo jo bo sa khutleng jaaka karolo ya lelapa la lebopo lotlhe la ga Jehofa. (Mathaio 20:28; Yohane 3:16) Mme sa bofelo, Jesu o ne a tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa mme a supa fa Diabolo e le moaki, ka go ineela ka botlalo mo Modimong botshelo jwa gagwe jotlhe mme ka go dira jalo o ne a dira gore batho ba ba ratang tshiamo ba tle ba bone melemo e e sa khutleng. A mme Jesu e ne e le ene fela yo a neng a tshwanetse go nna motshodi wa lesedi?

“Ke Lona Lesedi ya Lehatshe”

11. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba tle ba nne batshodi ba lesedi?

11 Mo go Mathaio 5:14, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ke lona lesedi ya lehatshe.” Ba ne ba tshwanetse go tsamaya mo dikgatong tsa gagwe. Ba ne ba tshwanetse go dira gore ba bangwe ba tle mo go Jehofa yo e leng Motswedi wa lesedi la boammaaruri ba dira jalo ka tsela e ba tshelang ka yone mmogo le ka go rera. Ba ne ba tshwanetse go etsa Jesu ka go itsise leina la ga Jehofa le go tlotlomatsa Bolaodi jwa Gagwe. Le bone ba ne ba tshwanetse go bolela kaga Bogosi jwa Modimo jaaka jo e leng jone tsholofelo e le yosi fela e batho ba nang le yone fela jaaka fa Jesu a ne a dira. Le bone ba ne ba tshwanetse go senola maaka a bodumedi, ditiro tsa lefifi, le yo o bosula yo o ntseng a tlhotlheletsa dilo tseno. Balatedi ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go bolelela batho gongwe le gongwe ka thuso e e lorato e Jehofa a e re neetseng ka Jesu Keresete ya gore re bolokiwe. Abo Bakeresete ba pele ba ile ba dira tiro eo ba e abetseng ka tlhagafalo jang ne, ba simolola pele kwa Jerusalema mme ba ya Judea mme morago ga moo ba fetela kwa Samaria ba dira fela jaaka Jesu a ne a ba laetse!—Ditihō 1:8.

12. (a) Lesedi la semoya le ne le tshwanetse go phatsima ka selekanyo se se kana kang? (b) Moya wa ga Jehofa o ne wa thusa Paulo go tlhaloganya eng kaga Isaia 42:6, mme polelelopele eno e tshwanetse ya ama matshelo a rona jang?

12 Lefa go ntse jalo, go rerwa ga mafoko a a molemo go ne go sa tshwanela go felela kwa karolong eo fela. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba “dihè merahe eotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Ka nako ya fa Saulo wa Tareso a sokololwa, Morena o ne a bontsha ka phepafalo gore Saulo (yo o neng a nna moaposetoloi Paulo) a seka a rerela Bajuda fela mme a rerele le Baditšhaba. (Ditihō 9:15) Ka go thusiwa ke moya o o boitshepo, Paulo o ne lemoga gore seo se akaretsa eng. Ka jalo, o ne a lemoga gore polelelopele e e mo go Isaia 42:6, e e neng ya diragadiwa ka tlhamalalo mo go Jesu Keresete, gape e ne e dira mo go botlhe bao ba dumelang mo go Keresete. Ka jalo, Paulo o ne a bolela jaana mo go Ditihō 13:47 fa a ne a tsopola go tswa mo go Isaia: “Morèna o re laotse yalo, a re, Ke gu beile lesedi ya Badichaba, gore u nnè poloka le kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Go tweng ka wena? A o tsere boikarabelo jwa go nna motshodi wa lesedi jaaka selo se se botlhokwa? Jaaka Jesu le Paulo a botshelo jwa gago bo ikaegile ka go dira go rata ga Modimo?

Lesedi le Boammaaruri Tse Di Tswang go Modimo Tse Di Re Gogang

13. Go dumalana le Pesalema 43:3, ke eng seo re se rapelelang go tswa mo pelong, mme seno se re sireletsa mo go eng?

13 Fa e ne e le gore rona ka maano a rona fela re ne re ka leka go ‘tshuba dipone gape,’ re batla go phatsimisa isagwe ya batho re ne re tla bo re itlhokomolosa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka tsela e e masisi. Lefa go le jalo, go sa kgathalesege gore lefatshe ka kakaretso le dira eng, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go ikaega ka Jehofa jaaka Motswedi wa boammaaruri wa lesedi. Ba rapela fela jaaka fa go begilwe mo go Pesalema 43:3, eo e bolelang jaana: “A u ko u romè lesedi ya gago le boamarure yoa gago; a di nkgōgè: a di ntlisè kwa thabaneñ ea gago e e boitshèpō, le kwa metlaaganeñ ea gago.”

14, 15. (a) Gone jaanong Jehofa o romela lesedi le boammaaruri jwa gagwe ka ditsela dife? (b) Re ka bontsha jang gore lesedi la Modimo le boammaaruri jwa gagwe di a re goga?

14 Jehofa o ne a tswelela pele a araba thapelo eo ya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. O romela lesedi ka go bolela seo boikaelelo jwa gagwe e leng sone, ka go dira gore batlhanka ba gagwe ba bo tlhaloganye, mme morago ga moo a diragatse seo a se boletseng. Fa re rapela Modimo, ga se seomodiro fela, e le gore re lebege re le boitshepo. Re eletsa go tswa pelong gore lesedi le le tswang go Jehofa le re goge, jaaka pesalema eno e bolela. Re amogela boikarabelo jo bo tsamaelanang le go amogela lesedi leo Modimo a le re abelang. Jaaka moaposetoloi Paulo, re tlhaloganya gore go diragadiwa ga Lefoko la ga Jehofa go naya ba ba dumelang mo go lone taolo. Re ikutlwa re le molato fa re sa bolelele batho mafoko a a molemo ao Modimo o a re neetseng e le ka jone boikaelelo joo.—Baroma 1:14, 15.

15 Lesedi le boammaaruri tseo Jehofa a di rometseng mo metlheng eno ya rona di bontsha gore Jesu Keresete o ntse a busa mo setulong sa gagwe sa bogosi sa selegodimo. (Pesalema 2:6-8; Tshenolō 11:15) Jesu o ne a bolelela pele gore ka nako ya fa a boa jaaka kgosi, mafoko a a molemo a Bogosi a tla rerwa mo lefatsheng lotlhe go nna sesupo. (Mathaio 24:3, 14) Tiro eo e ntse e dirwa gone jaanong, mme e dirwa ka selekanyo se se seng kana ka sepe lefatshe ka bophara. Fa e le gore re dira tiro eo selo seo se leng botlhokwa thata mo botshelong jwa rona, he, lesedi la Modimo le boammaaruri jwa gagwe di tla re goga, jaaka fa mopesalema a ne a bolela.

Kgalalelo ya ga Jehofa E Setse E Phatsimile

16, 17. Jehofa o ne a phatsimisa kgalalelo ya gagwe jang mo phuthegong ya gagwe ya sekamosadi ka 1914, mme o ne a e naya taolo efe?

16 Dikwalo di tlhalosa tsela eo lesedi la Modimo le ntseng le anamisiwa ka yone mo bathong gongwe le gongwe, ka tsela e e amang maikutlo. Isaia 60:1-3, e mo go yone go buiwang le “mosadi” wa ga Jehofa kana phuthego ya gagwe ya selegodimo ya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang e bolela jaana: “Coga, [mosadi] u phatsimè; gonne lesedi ya gago le hitlhile, le kgalalèlo ea ga Yehofa e gu tlhabetse, gonne bona, lehihi le tla bipa lehatshe, lehihi ye lenchocho le tla bipa dichaba: me wèna, Yehofa o tla gu tlhabèla, le kgalalèlō ea gagwè e tla bōnala mo go wèna. Me merahe e tla tla lesediñ ya gago, le dikgosi di tla phatsimoñ ea go tlhaba ga gago.”

17 Kgalalelo ya ga Jehofa e ile ya phatsimela phuthego ya gagwe ya sekamosadi ya selegodimo ka ngwaga wa 1914, ka nako ya fa morago ga gore a lete nako e telele a neng a tshola Bogosi jwa Bomesia, jo Jesu Keresete e leng Kgosi ya jone. (Tshenolō 12:1-5) Kgalalelo ya ga Jehofa e ile ya phatsimela puso eo e le eo a e amogelang jaaka e e tshwanetseng lefatshe lotlhe.

18. (a) Ke eng fa lefatshe le bipilwe ke lefifi jaaka fa go boleletswe pele mo go Isaia 60:2? (b) Batho ba ka gololwa jang mo lefifing la lefatshe?

18 Go farologana le seo, lefifi le bipa lefatshe le lefifi le lentshontsho le bipa ditšhaba. Ka ntlha yang? Ke ka go bo merafe e gana puso ya Morwa wa Modimo yo o rategang go na le moo ba batla go busiwa ke batho. Ba akanya gore fa ba tlosa mofuta o mongwe wa puso ba tlhoma o mongwe ba tla kgona go rarabolola mathata a bone. Lefa go ntse jalo, seno ga se ba tlisetse kgololesego eo ba e solofetseng. Ba palelwa ke go bona gore ke mang yo o ntseng a laola merafe a le mo lefelong la semoya. (2 Bakorintha 4:4) Ba gana Motswedi wa lesedi la boammaaruri ka jalo ba mo lefifing. (Baefesia 6:12) Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore merafe e dira eng, batho ka bongwe ba ka gololwa mo lefifing leo ba leng mo go lone. Ka tsela efe? Ka go ikanya Bogosi jwa Modimo ka pelo yotlhe le go ineela kafa tlase ga jone.

19, 20. (a) Ke ka ntlha yang ebile ke jang kgalalelo ya ga Jehofa e ileng ya phatsimela balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dirile batlodiwa ba gagwe batshodi ba lesedi? (c) Jaaka fa go boleletswe pele ke jang “dikgosi” le “merahe” e ileng ya ngokiwa ke lesedi le le tswang go Modimo?

19 Labokeresete ga e ikanye Bogosi jwa Modimo ebile ga e ineele kafa tlase ga jone. Mme balatedi ba ga Jesu Keresete ba ba tloditsweng ka moya bone ba dirile jalo. Ka ntlha ya seo, Jehofa o ile a amogela baemedi ba mosadi wa gagwe ba selegodimo ka go phatsimisa lesedi la gagwe mo go bone, mme le kgalalelo ya gagwe e ile ya bonala mo go bone. (Isaia 60:19-21) Ba itumelela lesedi la semoya leo go senang phetogo epe mo thulaganyong ya lefatshe ya bopolotiki kana ya ekonomi eo e tla le ba amogang. Jehofa o ile a ba golola mo go Babelona O Mogolo. (Tshenolō 18:4) Ba itumelela go amogelwa ke ene ka go bo ba dumela go laolwa ke ene mme ebile ba tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Ba lebeletse go bona dilo tse di molemo mo isagweng, ebile ba itumelela tsholofelo eo a e ba fileng.

20 Mme ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a dirisana le bone ka tsela eno? Jaaka fa ene ka boene ile a bolela mo go Isaia 60:21, e ne e le gore a tle a “galalediwè” gore leina la gagwe le tle le tlotliwe le gore ba bangwe ba tle ba kgone go ka atamela mo go ene jaaka Modimo o le osi wa boammaaruri—mme bone ka bobone ba tle ba solegelwe molemo ka bosakhutleng. Tumalanong le seno, baobamedi bano ba Modimo wa boammaaruri ba ile ba amogela leina la Basupi ba ga Jehofa ka 1931. A “dikgosi” di ile tsa ngokiwa ke lesedi leo ba le phatsimisang ka ntlha ya go neela bosupi ga bone jaaka fa Isaia a ile a bolelela pele? Ee! Mme eseng babusi ba lefatshe ba dipolotiki, go na le moo ke palo ya bao ba setseng bao ba tshwanelang go ka busa le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Tshenolō 1:5, 6; 21:24) Mme go tweng ka “merahe”? A yone e ile ya ngokiwa ke lesedi leno? Eleruri go ntse jalo! Ga go a ngokiwa morafe o o rileng wa sepolotiki, mme boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe bo ile jwa ema mo letlhakoreng la Bogosi jwa Modimo, mme ba ntse ba lebeletse ka tlhagafalo gore ba gololwe gore ba tsene mo lefatsheng le lesha la Modimo. E tla bo e le lefatshe le lesha tota leo mo go lone go tla agang tshiamo.—2 Petere 3:13; Tshenolō 7:9, 10.

21. Re ka bontsha jang gore ga re dirise bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa jwa gore re tlhaloganye se go rata ga gagwe e leng sone ka tsela e e sa tshwanelang?

21 A o mongwe wa boidiidi jo bogolo jo bo ntseng bo oketsega jwa batshodi ba lesedi? Jehofa o dirile gore re tlhaloganye gore go rata ga gagwe ke eng gore rona fela jaaka Jesu, re nne batshodi ba lesedi. A rotlhe re bontshe gore ga re dirise bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo Modimo o re bo bontshitseng ka tsela e e sa tshwanelang re tlhagafale mo tirong e Jehofa a e abetseng batlhanka ba gagwe mo metlheng eno ya rona. (2 Bakorintha 6:1, 2) Ga go na tiro epe e e leng botlhokwa go gaisa eno mo metlheng eno ya rona. Mme ga go na tshiamelo epe e e gaisang e re nang le yone ya go galaletsa Jehofa ka go phatsimisetsa ba bangwe lesedi le le galalelang le le tswang kwa go ene.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Mabaka a konokono a mathata a a utlwisang botlhoko a batho ba leng

mo go one ke afe?

◻ Ke ka ditsela dife Jesu mmogo le balatedi ba gagwe e neng e le “lesedi ya lehatshe”?

◻ Lesedi la ga Jehofa le boammaaruri jwa gagwe di re goga jang?

◻ Jehofa o ile a phatsimisa kgalalelo ya gagwe jang mo phuthegong ya gagwe?

◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dirile batho ba gagwe batshodi ba lesedi?

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Sengwe se se diragetseng kwa Edena se re thusa go tlhaloganya mathata a a seng kana ka sepe ao batho ba leng mo go one gompieno

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Tom Haley/Sipa

Paringaux/Sipa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela