LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 11/15 ts. 3
  • Ke Bomang Ba Ba Tsalwang Sesha?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Bomang Ba Ba Tsalwang Sesha?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maikutlo le Tlhaloganyo
  • Go Tsalwa Gape—A ke Tsela ya go Bona Poloko?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Ruta Nikodemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Jesu o Ruta Nikodemo Bosigo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go Tsalwa Sesha go Kaya Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 11/15 ts. 3

Ke Bomang Ba Ba Tsalwang Sesha?

A BATHO botlhe ba ba siameng ba ya kwa legodimong? Batho ba bantsi ba akanya jalo, mme lefa go ntse jalo Jesu Keresete o ne a sa dumele jalo. Jesu o ne a bolela jaana fa a ne a bua le mmusi wa Mojuda ebong Nikodemo yoo a neng a tla kwa go ene ka sephiri bosigo: “Ga goa tlhatlogèla opè kwa legodimoñ.”—Yohane 3:13.

Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bolelela Nikodemo gore go tla tla nako eo batho bangwe ba tla nnang le tshono ya go tsena mo Bogosing jwa legodimo. Jesu o ne a bolela jaana ka bone: “Ha motho a sa tsalwe ke metse le Mōea, ga a kake a tsèna mo bogosiñ yoa Modimo. Se se tsecweñ ke nama e nntse ke nama; me se se tsecweñ ke Mōea e nntse ke mōea. U se gakgamale ka go bo ke gu reile, ka re, Lo na le go tsalwa sesha.” Mme lefa go ntse jalo Nikodemo o ne a ipotsa gore tota motho a ka tsalwa sesha jang.—Yohane 3:1-9.

Gongwe le wena o ipotsa gore Jesu o ne a kaya eng. A mafoko a gagwe a ka tswa a kaya go fetolwa ka tshoganyetso goo ba bantsi ba bolelang gore go ne ga ba diragalela ka nako ya fa ba ne ba tletse moya o o boitshepo wa Modimo?

Maikutlo le Tlhaloganyo

Bangwe ba bolela gore selo se se supang gore a motho o tsetswe sesha, ke fa a utlwa maatla a moya. Lefa go ntse jalo dipelo tsa rona le ditlhaloganyo tsa rona di ka re tsietsa, segolobogolo fa re tseegile maikutlo.—Yeremia 17:9.

William Sargant, yoo a neng a batlisisa kafa maikutlo a amanang le tlhaloganyo ka teng, o umaka gore go botlhokwa “go itisa mo dilong tse di dumelwang ka nako ya fa motho a tseegile maikutlo ka nako eo ditlhaloganyo tsa rona di ka nnang tsa bo di re tsietsa ka yone.” Go ya ka Sargant, sekai sengwe ke sa dithero tsa gore go na le botshelo morago ga loso le tse di tshosang ka gore motho o tla otlhaiwa kwa molelong wa dihele. Ke mang yo a tla se kang a batla go tsalwa sesha gore a ye kwa legodimong fa e le gore selo se le sengwe fela se sengwe se se ka mo diragalelang ke gore a ye go bogisiwa ka bosakhutleng? Sargant o bolela gore fa maikutlo a tshwenyegile ka tsela eo “motho ga a tlhole a akanya sentle, khomputara ya boboko e a tingwa ka lobakanyana, mme o amogela dikakanyo tse disha le go dumela dilo tse disha a sa di sekaseke pele.”—The Mind Possessed.

Ka jalo he, motho a ka kgona go bona jang gore kgang ya go tsalwa sesha e ne ya “dumelwa fela e sa sekasekiwa”? Selo se se botlhale tota ke gore o kaelwe ke seo moya wa Modimo o ileng wa dira gore se kwalwe ke bakwadi ba Bibela. Bakeresete ba kgothalediwa go obamela Modimo ‘ka nonofo ya go akanya’ ebile ba tlhoka go tlhomamisa gore a sengwe le sengwe seo ba se dumelang se boammaaruri.—Baroma 12:1, 2, NW; 1 Bathesalonia 5:21.

Go tsalwa sesha go dira gore motho a bone ditshiamelo tse di botlhokwa go gaisa tse di ka newang batho. Go amana thata le tsela e e gakgamatsang e boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwang ka yone. Le mororo dilo tseno di le boammaaruri, go tsoga dipotso tse di tshwanang le tseno: Ke bomang ba ba tsalwang sesha? Go diragala jang? Batho ba ba ntseng jalo ba ka lebelela go bona eng? Mme a ke bone fela ba ba tlileng go bolokiwa?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Nikodemo o ne a ipotsa gore tota motho a ka tsalwa sesha jang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela