Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Go Ruta Nikodemo
FA A ntse a le mo Tlolaganyong ya 30 C.E., Jesu o dira ditshupo tse di gakgamatsang, kana dikgakgamatso. Ka ntlha ya gone moo, batho ba le bantsi ba dumela mo go ene. Nikodemo, yo o neng a le leloko la Sanhedrin, ebong kgotla-tshekelo e kgolo ya Bajuda, o a kgatlhega mme o batla go ithuta mo go oketsegileng. Jalo o etela Jesu mo lefifing la bosigo, ka gongwe a boifa gore seriti sa gagwe jaaka moeteledipele wa Mojuda se tla senyega fa a ka bonwa.
“Rabi,” o a bolela, “Rea itse ha u le moruti eo o cwañ kwa Modimoñ; ka gonne ga go motho opè eo o ka dihañ dichupō tse u di dihañ, ha Modimo a sena naè.” Fa a araba, Jesu o raya Nikodemo a re e le gore a tle a tsene mo Bogosing jwa Modimo motho o tshwanetse a ‘tsalwa sesha.’
Mme motho o ka tsalwa sesha jang? “A o ka ba a tsèna loa bobedi mo sebopeloñ sa ga mmagwè, me a tsalwa?” Nikodemo o a botsa.
Nnya, ga se seo go tsalwa sesha go se rayang. “Ha motho a sa tsalwe ke metse le Mōea,” Jesu o a tlhalosa, “ga a kake a tsèna mo bogosiñ yoa Modimo.” Fa Jesu a ne a sena go kolobediwa mme moya o o boitshepo o fologela mo go ene, o ne ka gone a tsalwa “ke metse le Mōea.” Ka polelo eo e neng e latela go tswa legodimong, ‘Yoo ke Morwaake yo ke itumelang thata mo go ene,’ Modimo o ne a itsise gore o ne a tsetse Morwa wa semoya yo o neng a na le tebelelo ya go tsena mo Bogosing jwa legodimo. Moragonyana, ka Pentekosete ya 33 C.E., ba bangwe gape ba ba kolobeditsweng ba ne ba amogela moya o o boitshepo mme ka gone ba tsalwa sesha jaaka bana ba semoya ba Modimo.
Mme seabe sa Morwa wa motho yo o kgethegileng wa Modimo se botlhokwatlhokwa. “Me yaka Moshe a kile a tlhatlosa nōga kwa gareganaga,” Jesu o bolelela Nikodemo, “Morwa Motho o na le go tlhatlosiwa hèla yalo: Gore leha e le mañ eo o dumèlañ a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Ee, e ne e re fa Baiseraele bao ba longwa ke dinoga tse di bolayang ba ne ba tshwanela go leba mo nogeng ya kgotlho gore ba falole, jalo setho sotlhe se tlhoka go bontsha tumelo go Morwa Modimo gore se falole mo boemong jwa go swa.
Fa a ne a otlelela seabe se se lorato sa ga Jehofa mo go seno, Jesu go tswa foo o raya Nikodemo a re: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” Ka gone, fano mo Jerusalema dikgwedi tse thataro fela morago ga a sena go simolola bodihedi jwa gagwe, Jesu o go phepafatsa sentle gore ke ene tsela eo Jehofa Modimo a tla bolokang losika lwa motho ka yone. Yohane 2:23–3:21; Mathaio 3:16, 17; Ditihō 2:1-4; Dipalō 21:9.
◆ Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa Nikodemo go eta, mme ke ka ntlha yang fa a ne a tla go le bosigo?
◆ ‘Go tsalwa sesha’ go rayang?
◆ Jesu o ne a tshwantshetsa jang seabe sa gagwe mo polokong ya rona?