Dira Gore O Boloke Lelapa la Gago Gore le Tsene mo Lefatsheng Le Lesha la Modimo
“Wèna, Yehofa u tla ba boloka, u tla ba dibèla mo losikeñ lo ka bosakhutleñ.”—PESALEMA 12:7.
1, 2. (a) Malapa a mangwe a tswelela jang mo mathateng a metlha eno ya bofelo? (b) Malapa a Bakeresete a ka dira jang gore a tle a falole?
“GOMPIENO pelo ya me e tletse boitumelo!” go ne ga tlhaeletsa jalo mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang John. Ke eng se se neng se mo itumedisitse jaana? “Morwaake yo o dingwaga di 14 le morwadiake wa dingwaga tse 12 ba ne ba kolobediwa,” o anela jalo. Mme lefa go ntse jalo boitumelo joo ga bo a ka jwa felela foo. “Morwaake yo o dingwaga di 17 le morwadiake wa dingwaga tse 16 ba ntse ba bula tsela mo ngwageng o o fetileng,” o oketsa jalo.
2 Malapa a mantsi mo gare ga rona a nna le matswela a a tshwanang a a molemo fa a ntse a dirisa melaometheo ya Bibela. Lefa go ntse jalo, a mangwe a na le mathata. “Re na le bana ba batlhano,” go kwala jalo banyalani bangwe ba Bakeresete, “mme go ntse go nnela thata kwa pele go dirisana le bone. Ngwana yo mongwe wa rona o setse a re tswile diatleng o ile le tsamaiso e kgologolo eno. Bana ba rona ba ba mo dingwageng tsa bolesome go lebega Satane a ba tlhasela gone jaanong.” Go na le banyalani bangwe ba ba nang le mathata a a masisi mo manyalong a bone, ka dinako dingwe ba a kgaogana kana ba a tlhalana. Lefa go ntse jalo, malapa a a tlhagolelang gore a nne le dinonofo tsa Bokeresete a ka nna a falola “sepitla se segolo” mme a bolokega a tsena mo lefatsheng le lesha le le tlang la Modimo. (Mathaio 24:21; 2 Petere 3:13) Jalo, he, ke eng se o ka se dirang go tlhomamisa gore lelapa la gago le tla bolokega?
Go Tokafatsa Tsela Eo le Buisanang ka Yone
3, 4. (a) Puisano e botlhokwa jang mo botshelong jwa lelapa, mme ke ka ntlha yang fa ka metlha go nna le mathata mabapi le yone? (b) Ke ka ntlha yang fa banna ba tshwanetse go leka thata go nna bareetsi ba ba molemo?
3 Puisano e e molemo ke madi a a tshedisang lelapa le le itekanetseng; fa e seyo, go tshwenyega mo mogopolong le mo maikutlong go a oketsega. “Kwa go senañ kgakololō gōna, maikaèlèlō a tla a tlhaèle,” go bolela jalo Diane 15:22. Go a kgatlha go bo mogakolodi mongwe a bega jaana: “Ngongorego e ke e utlwang thata mo basading ba ba nyetsweng ba ke ba gakololang ke ‘Ga a mpuise,’ le ‘Ga a ntheetse.’ Mme fa ke gakolola banna ba bone ka ngongorego eno, le nna ga ba ntheetse.”
4 Ke eng seo se dirang gore go se ka ga buisanwa? Selo se segolo ke gore, banna le basadi ga ba tshwane, ebile gantsi ba na le mekgwa e e sa tshwaneng ya go buisana. Setlhogo sengwe se ne sa bolela gore monna “o bua fela ka tlhamalalo ebile o latelela dintlha thata” fa a tlotla, fa “[mosadi] a tlhoka motho yo a ka mo reetsang a ipaya mo maemong a gagwe go feta dilo tsotlhe.” Fa e le gore seno se go tsosetsa mathata mo lenyalong la gago, dira gore o tokafatse maemo. Monna wa Mokeresete a ka nna a tlhoka go dira ka natla tota gore a tokafatse kafa a reetsang ka teng. “A motho moñwe le moñwe,” go bolela jalo Jakobe, “a nnè bonakō go utlwa, le bonya go bua.” (Yakobe 1:19) Ithute go ithiba gore o se ka wa nna yo o ntshang ditaolo fela, yo o kgothatsang, kana yo o buang dilo tse dintsi o ruta ka nako ya fa mosadi wa gago a batla fela gore o nne “pelotlhomogi.” (1 Petere 3:8) “Eo o rèkègèlañ mahoko a gagwè o na le kicō,” go bolela jalo Diane 17:27.
5. Banna ba ba nyetseng ba ka tokafatsa tsela eo ba bolelang se ba se akanyang le kafa ba ikutlwang ka teng ka ditsela dife tse dingwe?
5 Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le “motlha oa go bua,” ebile o ka nna wa tswa o tlhoka go ithuta go tlhalosa se o se akanyang le kafa o ikutlwang ka teng. (Moreri 3:7) Ka sekai, a o akgola mosadi wa gago ka metlha fa a kgonne go dira sengwe? (Diane 31:28) A o supa o lebogela tiro e e bokete e a e dirang go go thusa le go tlhokomela legae? (Bapisa Bakolosa 3:15.) Kana gongwe o tlhoka go tokafatsa mo go boleleng “loratō loa gago” ka mafoko. (Sehela sa Dihela 1:2) Go ka nna ga lebega e le selo se o sa se kgoneng kwa tshimologong, mme lefa go ntse jalo se ka thusa thata go dira gore mosadi wa gago a ikutlwe a tlhomamisega gore o a mo rata.
6. Basadi ba ka dira eng go tokafatsa puisano mo lelapeng?
6 Go tweng ka basadi ba Bakeresete ba ba nyetsweng? Mosadi mongwe o ne tsopolwa a bolela gore monna wa gagwe o a itse gore o a mo anaanela, ka jalo ga a tlhoke gore a mmolelele. Lefa go ntse jalo, banna le bone ba itumela fa ba bontshiwa gore ba a anaanelwa, fa ba akgolwa, kana ba bakiwa. (Diane 12:8) A o tshwanela go oketsa kafa o dirang ka teng mo kgannyeng eno? Kafa letlhakoreng le lengwe gongwe o tlhoka go ela tlhoko thata kafa o reetsang ka teng. Fa monna wa gago a fitlhela go le bokete go tlotla ka tshosologo le wena ka mathata a gagwe, dilo tse di mmoifisang, kana tse di mo tshwenyang, a o ile wa ithuta kafa o ka dirisang botlhale le bopelonomi ka gone go mo dira gore a bue le wena fela a sa boife?
7. Ke eng se se ka dirang gore go nne le dintwa mo lenyalong, mme di ka thibelwa jang?
7 Legale, le eleng banyalani bao ka tlwaelo ba tshedisanang sentle, ka dinako tse dingwe ba nna ba sa buisane. Tsela e motho a ikutlwang ka yone e ka mo sira gore a se ka a leba dilo kafa di tshwanetseng go lejwa ka gone, kana puisano fela e e ritibetseng e ka fetoga ka bonako fela ya nna kgang e go omanwang botlhoko mo go yone. (Diane 15:1) “Re tle re kgocwe rotlhe”; lefa go ntse jalo, go buisana ka bogale mo lenyalong ga go reye gore jaanong go fedile ka lone. (Yakobe 3:2) Mme lefa go ntse jalo, “komañ, le go kgala” ga di a tshwanela ebile di senya botsalano bope fela. (Baefesia 4:31) Fa go direga gore le buisane ka mafoko a a utlwisang botlhoko dirang gore kagiso e nne teng ka bonako. (Mathaio 5:23, 24) Dintwa di ka thibelwa fa lotlhe lo dirisa mafoko ano a ga Paulo a a mo go Baefesia 4:26: “A letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale.” Ee, buang ka mathata a lona fa a santse a le mannye ebile a ka rarabologa; lo se ka lwa leta go fitlha maikutlo a lona a dira gore lo dire sengwe. Go bua ka mathata a lona ka metsotso e sekae letsatsi le letsatsi go ka thusa thata go dira gore lo nne lo ntse lo buisana ebile go ka thibela gore yo mongwe a se ka a tlhaloganya yo mongwe.
“Mo Taoñ ea Morèna”
8. Ke ka ntlha yang fa basha bangwe ba ka nna ba tlogela boammaaruri?
8 Go lebega batsadi ba bangwe ba kgotsofalela go letla bana ba bone ba gola ba sa ba kaele go le kalo. Bana ba ya kwa dipokanong ebile ba bangwe ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo, mme lefa go ntse jalo ba sa dira gore ba nne le kamano le Modimo. Fa nako e ntse e tsamaya “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō” di ka dira gore bontsi jwa basha ba ba ntseng jalo ba katogele kgakala le boammaaruri. (1 Yohane 2:16) Abo go tlile go nna botlhoko jang mo batsading fa ba falola Hara–Magedona mme lefa go ntse jalo ba tlogela bana ba bone kwa morago ba sule ka ntlha ya go bo ba se kile ba ba tlhokomela mo nakong e fetileng!
9, 10. (a) Go godisetsa bana mo “koatlhaoñ le mo taoñ ea Morena” go akaretsa eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go letla bana go bolela kafa ba ikutlwang ka teng ba gololesegile?
9 Ke gone ka moo Paulo a neng a kwala jaana: “Borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) O tshwanetse gore wena ka bowena o bo o itse melao ya ga Jehofa sentle gore o kgone go dira jalo. O tshwanetse wa tlhoma sekao se se tshwanetseng fa go tla mo dilong tse di jaaka go tlhopha boitlosobodutu, thuto ya gago ka namana, tsela e o yang dipokanong ka yone, le tirelo ya tshimo. Mafoko a ga Paulo gape a kaya gore motsadi o tshwanetse (1) go nna setswerere tota mo go eleng bana ba gagwe tlhoko le gore (2) a nne a ntse a buisana le bone. Ke gone fela o ka itseng gore ba tlhoka ‘tao’ fa kae.
10 Basha ka tlholego ba lwela go bona kgololesego ka selekanyo se se rileng. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse wa ntsha matlho dinameng go bona fa tsela e ba buang ka yone, ba aparang ka yone le go ikgabisa ka yone, le e ba tlhophang ditsala ka yone e supa fa ba tlhotlhelediwa ke lefatshe. Rre yo o botlhale o ne a bolela jaana jaaka go kwadilwe mo go Diane 23:26: “Morwaaka, nnaea pelo ea gago.” A bana ba gago ba ikutlwa ba gololesegile go go bolelela se ba se akanyang le kafa ba ikutlwang ka teng? Fa bana ba sa boife gore ba tla kgalwa le go bonwa molato fela ka bonako, ba ka nna ba tlwaela go bolela kafa ba ikutlwang ka teng tota kaga dilo tse di tshwanang le metshameko ya morago ga dithuto tsa sekolo, go itlosa bodutu le motho wa bong bo sele, thutego e e kwa godimo, kana boammaaruri jwa Bibela ka bojone.
11, 12. (a) Dinako tsa dijo di ka dirisiwa jang go dira gore go nne le puisano mo lelapeng? (b) Ke matswela afe a motsadi a ka a bonang fa a ganelela mo go lekeng go dira gore a nne le puisano le bana ba gagwe?
11 Go tlwaelegile mo dinageng tse dintsi gore malapa a je mmogo. Ka gone dijo tsa maitseboa di ka naya maloko a lelapa tshono e e molemo tota ya go tlotla ka dilo tse di agang. Gantsi mo lelapeng dijo di jewa go lebilwe thelebishene kana go dirwa sengwe se sele. Lefa go ntse jalo, bana ba gago ba nna kwa sekolong ebile ba reetsa mekgwa ya lefatshe ya go akanya ka diura tse dintsintsi. Nako ya dijo ke paka e e molemo ya go buisana le bana ba gago. “Re dirisa nako ya dijo go bua ka dilo tse di diragetseng motshegare,” go bolela jalo motsadi mongwe. Lefa go ntse jalo, dinako tsa dijo ga di a tshwanela go nna dipaka tsa go kgalema ka tsela e e tshwenyang maikutlo kana go botsolotsa ka tsela e e ntseng jalo. Boloka dipaka tseo di ritibetse ebile di itumedisa!
12 Go dira gore bana ba gago ba buisane le wena ba phuthologile go a gwetlha ebile go batla gore o nne pelotelele thata. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya o ka bona matswela a a itumedisang. “Morwaarona wa dingwaga tse 14 o ne a tshwenyegile tota mo maikutlong ebile a sa itumedisiwe ke sepe fela,” go gakologelwa jalo mmè mongwe yo a neng a amegile thata. “O simolotse go bua a gololesegile, ka go bo re ne ra rapela le go nna re mo gwetlha gore a bue!”
Thuto E E Agang ya Lelapa
13. Ke ka ntlha yang fa go katisa ngwana a santse a le monnye go le botlhokwa jaana, mme go dirwa jang?
13 ‘Tao’ gape e akaretsa thuto e e tlhamaletseng ya Lefoko la Modimo. Fela jaaka go ne ga diragala ka Timotheo, katiso e e ntseng jalo e tshwanetse ya simolola “mo bonyaneñ.” (2 Timotheo 3:15) Go katisa bana ba santse ba le bannye go dira gore ba nonofe fa e le gore tumelo ya bone e ka lekwa mo dingwageng tsa fa ba santse ba le kwa sekolong—go ketekwa ga malatsi a botsalo, meletlo ya boratanaga, kana malatsi a boikhutso a bodumedi. Fa bana ba sa baakanyediwa diteko tse di ntseng jalo, tumelo ya ngwana e ka nna ya senyega. Ka jalo dirisa dikgatiso tse Mokgatlho wa Watch Tower o di rulaganyeditseng bana ba bannye, jaaka buka ya Go Reetsa Morutisi yo Mogolo le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.a
14. Ke eng se se ka dirwang gore thuto ya lelapa e nne e ntse e tshwarwa ka metlha, mme ke eng se o ileng wa se dira gore thuto ya lelapa la gago e tshwarwe ka metlha?
14 Sengwe gape se se batlang go tlhokomelwa ke thuto ya lelapa, eo e ka nnang ya tshwarwa sewelo kana e sa kgatlhe, e le e go sa tsenngweng maikutlo mo go yone e lapisa batsadi le bana. O ka tokafatsa dilo jang? Sa ntlha, o tshwanetse wa ‘reka nako’ ya go ithuta, o se ka wa letla metshameko ya thelebishene kana dilo dingwe tse di ka dirwang go e kgoreletsa. (Baefesia 5:15-17, NW) “Re ne re na le bothata jwa go tshwara thuto ya rona ya lelapa ka metlha,” go ne ga bolela jalo tlhogo nngwe ya lelapa. “Re ne ra leka dinako tse di farologaneng go bona gore a di a tshwanela go fitlha fa kgabagare re bona nako ya fa go le maitseboa thata e re siametse. Jaanong thuto ya rona ya lelapa e tshwarwa ka metlha.”
15. O ka rulaganya thuto ya lelapa la gago jang gore e akaretse dilo tse di tlhokwang ke lelapa la gago?
15 Mo godimo ga moo, akanyetsa gape le dilo tse di rileng tseo lelapa la gago le di tlhokang. Malapa a mantsi a itumelela go baakanyetsa thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo mmogo. Lefa go ntse jalo, nako le nako, lelapa la gago le ka nna le dikgang dingwe tse di kgethegileng tse go tlhokegang gore go tlotliwe ka tsone, go akaretsa le mathata a kwa sekolong. Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo le ditlhogo tse di tswang go Tora ya Tebelo le Tsogang! di ka thusa. “Fa re lemoga gore basimane ba rona ba na le mekgwa mengwe e e batlang gore re e ba kgalemelele,” go bolela jalo rre mongwe, “re sekaseka kgaolo e e buang ka seo mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang.” Mosadi wa gagwe o oketsa jaana: “Re leka go fetofetoga le maemo. Fa e le gore re ne re rulagantse go ithuta sengwe, mme go tlhokega gore re ithute sengwe se sele, re fetola dilo go ya kafa go tlhokegang ka teng.”
16. (a) O ka tlhomamisega jang gore bana ba gago ba tlhaloganya se ba se ithutang? (b) Ke eng seo se tshwanetseng go tilwa ka metlha fa go tshwerwe thuto ya lelapa?
16 O ka tlhomamisa jang gore ruri bana ba gago ba tlhaloganya seo ba se ithutang? Morutisi yo Mogolo, Jesu, o ne a botsa dipotso tse di batlang motho a ntsha kgopolo ya gagwe tse di jaaka, “U gopola yañ?” (Mathaio 17:25) Leka go batlisisa gore bana ba gago ba akanya eng ka go dira se se tshwanang. Kgothaletsa ngwana mongwe le mongwe go araba ka mafoko a gagwe. Gone mme fa e ka re ba go bulela mafatlha wa bo o tlolela kwa godimo o galefa kana o gakgamala, ba ka nna ba se ka ba tlhola ba go bolelela sepe gape. Ka jalo nna fela o ritibetse. Tila go fetola thuto ya lelapa paka ya kotlhao. E tshwanetse ya itumelelwa, ya aga. “Fa ke lemoga gore ngwana yo mongwe wa me o na le bothata,” go bolela jalo rre mongwe, “ke bo rarabolola ka nako e nngwe.” “Fa ngwana a kgalengwa kana a gakololwa a le nosi kwa thoko,” go oketsa jalo mmè mongwe, “ngwana ga a tlalelwe ebile o kgona go bua ka kgololesego go na le fa a gakololwa fa go tshwerwe thuto ya lelapa.”
17. Ke eng se se ka dirwang go dira gore thuto ya lelapa e nne e e kgatlhang, mme ke eng se o boneng se dira mo lelapeng la gago?
17 Go dira gore bana ba nne le seabe mo thutong ya lelapa go ka gwetlha tota, segolobogolo fa bana bao ba fetana ka dingwaga. Bana ba bannye ba ka nna ba rata go tshwaratshwara dilo, ba sa nne ba ritibetse, kana ba sa kgone go reetsa ka lobaka lo loleele. O ka dira eng? Leka go dira gore boemo bo nne bo ritibetse fa go ithutiwa. Fa e le gore bana ba gago ga ba kgone go reetsa ka lobaka lo loleele, leka go khutshwafatsa dipaka tseno mme lefa go ntse jalo di dire kgapetsakgapetsa. Go nna matlhagatlhaga le gone go a thusa. “Eo o busañ a a go dihè ka tlhōahalō.” (Baroma 12:8) Dira gore mongwe le mongwe a nne le seabe. Bana ba bannye ba ka nna ba kgona go akgela ka ditshwantsho kana dikarabo tse di motlhofo. Ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ka nna ba kopiwa go dira patlisiso kana ba supa kafa tshedimosetso e e ithutiwang e ka dirisiwang ka teng.
18. Batsadi ba ka ruta Lefoko la Modimo nako le nako jang, mme go ka felela ka eng?
18 Lefa go ntse jalo, o se ka wa dira gore kaelo eno ya semoya e dirwe ka ura e le nngwe fela ka beke. Ruta bana ba gago Lefoko la Modimo ka dipaka tsotlhe. (Duteronome 6:7) Iphe nako ya go ba reetsa. Ba kgothatse le go ba gomotsa fa go tlhokega. (Bapisa 1 Bathesalonia 2:11.) Nna pelotlhomogi o bo o nne kutlwelobotlhoko. (Pesalema 103:13; Malaki 3:17) Fa o dira jalo ‘moya wa gago o tla ja monate’ ka ntlha ya bana ba gago ebile o tla ba tshegetsa gore ba bolokege ba tsene mo lefatsheng le lesha la Modimo.—Diane 29:17.
“Motlha oa go Tshèga”
19, 20. (a) Boitlosobodutu bo thusa jang mo botshelong jwa lelapa? (b) Batsadi ba ka rulaganyetsa lelapa la bone go itlosa bodutu ka ditsela dife?
19 Go na le “motlha oa go tshèga . . . , motlha oa go bina.” (Moreri 3:4) Lefoko la Sehebera le le dirisetswang go “tshèga” gape le ka ranolwa ka dipolelwana tse di jaaka go “nyakalèga,” go “tshamèka,” kana go “diha ditshamekō.” (2 Samuele 6:21; Yobe 41:5; Baatlhodi 16:25; Ekesodo 32:6; Genesise 26:8) Go tshameka go ka solegela molemo tota, ebile go botlhokwa thata mo baneng le mo basheng. Mo metlheng ya Bibela batsadi ba ne ba rulaganyetsa malapa a bone gore a itlose bodutu le go itshidila mmele. (Bapisa Luke 15:25.) A le wena o dira jalo?
20 “Re dirisa diparaka tsa botlhe,” go bolela jalo monna mongwe yo o nyetseng wa Mokeresete. “Re laletsa bakaulengwe bangwe ba babotlana mme re tshameka kgwele re bo re dira pikiniki. Ba a tshameka ba bo ba itumelela bokopano jo bo molemo tota.” Motsadi mongwe o oketsa jaana: “Re rulaganya dilo go di dira le basimane ba rona. Re ya go thuma, re tshameka kgwele, re a eta ka malatsi a boikhutso. Mme lefa go ntse jalo ga re feteletse fa re itlosa bodutu. Ke gatelela gore go botlhokwa gore re se ka ra feteletsa dilo.” Go itshidila mmele ka tsela e e solegelang molemo, jaaka mo dikokoanong tse di tshwanetseng kana ka go tseela maeto kwa diphologolong le kwa dimusiamong, go ka thusa thata go thibela bana gore ba se ka ba gogelwa ke ditsela tsa lefatshe tsa go ikgotsofatsa.
21. Batsadi ba ka thibela jang gore bana ba bone ba ikutlwe ba tlhaela sengwe gonne ba sa keteke malatsi a boikutso a lefatshe?
21 Go botlhokwa gape gore bana ba gago ba se ka ba utlwa ba tlhaela sengwe gonne ba sa keteke malatsi a botsalo kana malatsi a boikhutso a eseng a Bokeresete. Fa wena o ka rulaganya dilo, ba ka kgona go nna ba lebile pele go nna le dipaka tse di itumedisang ngwaga otlhe. Aitsane, motsadi yo o molemo ga a tlhoke go supa lorato lwa gagwe ka dilo tse di bonalang ka seipato sa gore ke letsatsi la boikhutso. Fela jaaka Rraagwe wa selegodimo, o ‘itse go naya bana ba gagwe dineo tse di molemo’—nako le nako fela fa a ikutlwa go dira jalo.—Mathaio 7:11.
Go Dira Gore Lelapa la Gagwe le Bone Isagwe E E Sa Khutleng
22, 23. (a) Ke eng seo malapa a a boifang Modimo a ka tlhomamisegang ka sone jaaka sepitla se segolo se ntse se atamela? (b) Malapa a ka dira eng fa a batla go bolokelwa go tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo?
22 Mopesalema o ne a rapela jaana: “Wèna, Yehofa u tla ba boloka, u tla ba dibèla mo losikeñ lo ka bosakhutleñ.” (Pesalema 12:7) Kgatelelo ya ga Satane yone e tla oketsega—segolobogolo kgatlhanong le malapa a Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, a ka kgona go emelana le tlhaselo e e ntseng e oketsega. Malapa—go akaretsa le lelapa la gago a ka nna le tsholofelo ya go falola sepitla se segolo ka thuso ya ga Jehofa le fa banna, basadi, le bana ba iketleeditse tota ebile ba dira ka natla.
23 Borra le bomma, dirang gore malapa a lona a nne le kagiso le kutlwano ka go dira ditiro tse Modimo o di lo neileng ka botlalo. Batsadi, tswelelang lo tlhomela bana ba lona sekao se se siameng, lo reka nako ya gore lo ba katise le go ba otlhaya ereka ba tlhoka seo thata. Buang le bone. Ba reetseng. Matshelo a bone a mo kotsing! Bana, reetsang lo bo lo ikobele batsadi ba lona. Jehofa a ka lo thusa mme lwa kgona go atlega mme lwa kgona go iponela isagwe e e senang bokhutlo mo lefatsheng le lesha le le tlang la Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Di teng gape e le mo dikhaseteng ka dipuo dingwe.
A O A Gakologelwa?
◻ Banna le basadi ba ka tokafatsa tsela e ba buisanang ka yone jang?
◻ Batsadi ba ka godisetsa bana ba bone mo “koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna” jang? (Baefesia 6:4)
◻ O ka dira thuto ya lelapa go nna e e agang le e kgatlhang thata ka ditsela dife tse dingwe?
◻ Ke eng seo batsadi ba ka se dirang go rulaganyetsa malapa a bone go itshidila mmele le go itlosa bodutu?
[Lebokoso mo go tsebe 16]
Mmino—O Tlhotlheletsa ka Tsela e e Nonofileng Tota
Mokwadi mongwe wa buka e e bolelang kaga go godisa bana o bolela jaana: “Fa ke ne nka ema fa pele ga bareetsi . . . mme ka bua ka tsela e e feteletseng ke buelela go nwa, go dirisa cocaine, pot, kana diokobatsi dipe fela tse di dirang gore tlhaloganyo e se ka ya dira sentle, ba ne ba tla nteba ba itshwere molomo ba gakgametse, . . . [Lefa go ntse jalo] gantsi batsadi ba naya bana ba bone madi a go reka direkoto le dikhasete tseo di buelelang dilo tseno.” (Raising Positive Kids in a Negative World), e e kwadilweng ke Zig Ziglar. Ka sekai, kwa United States fela, basha ba bantsi ba opela mafoko a a ipoapoeletsang a dipina tse di buang ka tlhakanelodikobo. A o thusa bana ba gago gore ba tlhophe fa go tla mo mminong gore ba se ka ba wela mo diraing tse di ntseng jalo tsa bodimona?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Dinako tsa dijo e ka nna dipaka tse di itumedisang tota tse di dirang gore lelapa le kitlane le bo le buisane