Go Kolobediwa “Mo Ineñ Ya”
GANTSI go bonwa tshedimosetso e e kgatlhang tota e e dirang gore go tlhaloganngwe Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika fa go sekasekiwa diketekete tsa mekwalo ya bogologolo ya koma e e neng ya bonwa mo metlhabeng ya Egepeto kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga. Jang? Fa re sekaseka tsela eo mafoko mangwe a neng a dirisitswe ka yone, re kgona go tlhaloganya one mafoko ao fa a dirisitswe mo Dikwalong.
Sekai sengwe ke sa fa Jesu a ne a re “mo ineñ ya” ka nako ya fa a ne a laela barutwa ba gagwe jaana pele ga fa a tlhatlogela kwa legodimong: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō.” Jesu o ne a kaya eng?—Mathaio 28:19.
Bakanoki ba ile ba fitlhela gore mo mekwalong mengwe ya selefatshe polelwana “mo ineñ ya,” e dirisiwa fa go duelelwa “molato wa motho mongwe.” Porofesa mongwe wa thutabodumedi ebong Dr. G. Adolf Deissmann o ne a dumela gore fa go akanngwa ka bosupi jo bo bonweng mo mekwalong ya koma, “kgopolo e e tshotsweng ke . . . dipolelwana go kolobediwa mo leineng la Morena, kana go dumela mo leineng la Morwa Modimo, ke gore go kolobediwa kana go dumela go kaya gore o wa Modimo kana wa Morwa Modimo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa ga Deissmann.
Se se kgatlhang ke gore Bajuda ba motlha wa ga Jesu ba ne ba dirisa polelwana e e tshwanang jaaka Theological Dictionary of the New Testament e tlhalosa jaana: “Motho yo o sokologang o ne a rupisiwa . . . ‘mo leineng la motho yo o sokologang,’ gore a amogelwe mo tsamaisong ya Sejuda. Go rupisiwa go ne go dirwa . . . ‘mo leineng la kgolagano,’ gore a amogelwe mo kgolaganong.” Botsalano bo ne bo dirwa jalo mme motho yo e seng Mojuda yono o ne a sokologa mo thateng ya kgolagano.
Ka jalo, fa Mokeresete a kolobediwa a sena go ineela seo se dira gore a nne le kamano e e atamalaneng thata le Jehofa Modimo, le Morwawe Jesu Keresete, le moya o o boitshepo. Motho yo o sokologileng yono o lemoga kafa ba tlileng go laola ka teng tsela e ntšha eno e a tshelang ka yone. Ela tlhoko gore seno se botlhokwa jang mo go ba bararo bano ba ba umakilweng ka maina.
Fa re dumela gore Modimo o na le thata, re atamalana le ene thata ebile re nna le kamano le ene. (Bahebera 12:9; Yakobe 4:7, 8) Re nna batho ba Modimo jaaka batlhanka ba gagwe bao ba rekilweng ka tlhwatlhwa ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. (1 Bakorintha 3:23; 6:20) Moaposetoloi Paulo gape o ne a bolelela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga gore e ne e le ba ga Jesu Keresete, eseng ba batho bape fela bao ba ka tswang ba ba rutile boammaaruri. (1 Bakorintha 1:12, 13; 7:23; bapisa Mathaio 16:24.) Go kolobediwa mo leineng la Morwa go kaya gore motho a dumele ntlha eno ya gore a amogele Jesu jaaka “tsela, le boamarure, le botshelō.”—Yohane 14:6.
Re tlhoka moya o o boitshepo gore re nne le kamano e e siameng le Jehofa le Jesu Keresete. Go kolobediwa mo leineng la moya o o boitshepo go bontsha gore re dumela seabe se moya o se dirang fa Modimo o dirisana le rona. Re batla go latela kafa o re kaelang ka teng, re sa o tlhokomologe kana re dira kgatlhanong le one, re o thibela gore o dire ka rona. (Baefesia 4:30; 1 Bathesalonia 5:19) Lebaka la go bo moya e se motho ga le dire bothata mo go reng o dirisiwa jang kana o kaya eng, fela jaaka fa go ne go twe “mo leineng la kgolagano” go ne go sa lere bothata mo tsamaisong ya Sejuda.
Ka gone, re tlhoka go akanyetsa ka thapelo seo se akarediwang ke kamano e ntšha eno ka nako ya fa re ineela le fa re kolobediwa. Go batla gore re ineele mo go seo e leng go rata ga Modimo, goo go supiwang ke sekao le thekololo e a e ntshitseng ka Jesu Keresete, eo e dirwang ka moya o o boitshepo fa o ntse o kaela batlhanka botlhe ba Modimo gore ba ratane le go utlwana mo lefatsheng lotlhe.