LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 10/1 ts. 24-25
  • Go Phatsima Jaaka Masedi mo Lefatsheng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Phatsima Jaaka Masedi mo Lefatsheng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Sekolo sa Babulatsela mo Central African Republic
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 10/1 ts. 24-25

Go Phatsima Jaaka Masedi mo Lefatsheng

MO LEFATSHENG le le bodisitsweng ke boitsholo jo bo matsoketsane le jo bo sokameng, Bakeresete ba boammaaruri lefatshe ka bophara ba tshwanetse go nna metswedi ya lesedi. Ba tshwanetse go nna masedi mo lefatsheng le le lefifi. (Bafilipi 2:15) Ba le diketekete ba iketleeditse go dira seno jaaka babulatsela, kana bareri ba nako e e tletseng. Ba le palo e kgolo ba bone ba diretse ka dingwaga di le dintsi mo tirelong eno mme ba ile ba putsiwa ka go bona batho ba mefuta yotlhe ba dira diphetogo mo matshelong a bone go nna barutwa ba mmatota ba ga Jesu Keresete.—Mathaio 28:19.

Go kgothatsa babulatsela bano go tswelela mo tirelong eno e e tshwaetsweng kobamelo le go tokafatsa botswerere jwa bone jwa go ruta, Basupi ba ga Jehofa ba rulagantse Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela. Ke thuto ya malatsi a a lesome e e thailweng mo Bibeleng e e rulaganyeditsweng go thusa babulatsela mo dikarolong tse tharo: go sepela le Jehofa jaaka balatedi ba ga Jesu Keresete; go tota mo go rateng lesomo lotlhe la bakaulengwe; go phatsima jaaka masedi mo lefatsheng leno.

Sekolo sa Babulatsela mo Central African Republic

Kwa Bangui, motsemogolo wa Central African Republic, baithuti ba le 48 le balayi ba le 2 ba ne ba kopana mmogo ka August 1991. Baithuti bano ba ne ba tshwanetse go amogela ditao le dikakantsho tse di kgonegang tsa tiro ya bone. Ke eng se se neng se kgatlha thata ka setlhopha seno sa Bangui?

Ntlha ke gore, baithuti ba le 21 ba ne ba santse ba tsena sekolo sa boitshediso. Fa ba tsena sekolo, ba ne ba dira gore ba kgone go dira tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha. Ba ne ba dirisa dikgwedi tsa bone tsa boikhutso, mafelobeke a bone a ba neng ba sa dire sepe mo go one, le maitseboa go rera le go ruta.

Batho ba basha bano ba ile ba bona botlhokwa jwa go direla Mmopi wa bone jaanong. (Moreri 12:1; bapisa 1 Bakorintha 7:29.) Se se neng se tlhomologile e ne e le ntlha ya gore ba le 12 ba bone e ne e le ba batsadi ba bone ba sa dumeleng. Kwa gae e ne e le bone fela ba leng mo boammaaruring. Basimane ba babedi ba babotlana, e le barwarraamotho, ba ne ba lelekilwe le rraabone kwa gae ka ntlha ya tumelo ya bone. Banyalani bangwe ba basha mo phuthegong ba ne ba letlelela basimane ba babedi bano go tla go nna le bone mo legaeng la bone.

Go ne go le pharologanyo ka Michée le Sulamithe Kaleb. Ka bobedi ke babulatsela mme gape ba tsena sekolo, mme batsadi ba bone ke Basupi ba ga Jehofa. Ebile tota, rraabone o ne a le moithuti mo setlhopheng sone seo sa baithuti!

Phuthego ya kwa Bangui le yone e ne ya tsaya karolo mo sekolong, fela e le ka tsela e e farologaneng. Ba ne ba dira gore dilo tse di bonalang tse di neng di tlhokwa di nne teng, tse di tshwanang le dijo. Madi, mmogo le dikoko, sukiri, reise, le segwete sa seka phaletšhe di ne tsa ntshiwa e le meneelo go fepa setlhopha sa baithuti.

Ditlhopha tsa baapei di ne tsa rulaganngwa ke diphuthego tse di gaufi go apaya dijo tse di seng methalethale mme di le monate. Ngunza, e leng dijo tse mongwe le mongwe o di ratang, ke selo se se tlwaelegileng mo Central African Republic. E apeiwa jang? Matlhare a segwete sa seka phaletšhe, oli ya palm, dikwii, gareleke e ntsintsi, le dikidi tse dintsi tsa peanut butter, le bopelotelele jwa go e letla gore e butswe sentle. Setlhopha sengwe le sengwe sa baapei se ne se na le tsela e e kgethegileng ya go e apaya. E ne e apeega sentle tota; go ne go sena ope yo o neng a kgona go itshwara gore a seka a e ja.

Ka kwantle ga Bangui go ne go na le ditlhopha tse dingwe tse pedi tsa baithuti tse di neng tsa rutwa, se sengwe se ne se le kwa Bouar mme se sengwe se le kwa Bambari, go dira gore baithuti botlhe botlhe ba nne 68. Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, Central African Republic e ile ya nna le koketsego mo palong ya babulatsela. Ka January 1992 go ne go na le babulatsela ba ka metlha ba le 149 le babulatsela ba ba kgethegileng ba le 17 mmogo le babulatsela ba ba thusang ba le 78. Seno se feletse ka tiro e e oketsegileng mo nageng yotlhe mo go neng ga nna le ditlhora mo baboleding, diura, maeto a go boela, le dithuto tsa Bibela. Fa go na le badiri ba ba oketsegileng, thobo e nna kgolo.—Isaia 60:21, 22; Mathaio 9:37, 38.

Re isa ditebogo tsa rona go Jehofa Modimo ka dipaakanyetso tseno le go phuthego ya gagwe ya selefatshe go bo e ile ya rulaganya dithuto tseno. Di thusa baithuti le balayi ka go tshwana go phatsima jaaka masedi mo lefatsheng leno le le lefifi.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Baithuti ba le 21 ba Sekolo sa Bobulatsela ba ba santseng ba le kwa sekolong se segolwane

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Basimane bano ba babedi ba ne ba tshwanelwa ke go tloga kwa gae ka ntlha ya boammaaruri

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela