LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 10/1 ts. 2-23
  • ‘A Ke Tshwanetse go Kolobediwa?’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘A Ke Tshwanetse go Kolobediwa?’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Se Akarediwang mo Kolobetsong
  • Ke Mang Yo O Tshwanetseng go Kolobediwa?
  • ‘Ke Santse Ke Le Mmotlana’
  • ‘Ke Tsofetse Thata’
  • ‘A Jaanong A Lo Bolokang’
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • A o Siametse go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Basha—A lo Siametse go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Kolobetso e Botlhokwa Thata
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 10/1 ts. 2-23

‘A Ke Tshwanetse go Kolobediwa?’

MO DITSHWETSONG tsotlhe tse re tlhokwang go di dira mo botshelong, gongwe ga go na e e botlhokwa thata go gaisa eno: ‘A ke tshwanetse go kolobediwa?’ Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ke ka gonne tshwetso ya rona malebana le potso eno e amana ka tlhamalalo eseng fela le tsela ya rona ya botshelo jaanong mme gape le go tshela sentle ga rona ka bosafeleng.

A o lebane le tshwetso eno? Gongwe o ntse o ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa ka nako e e rileng. Kana batsadi ba gago ba ka tswa ba ntse ba go ruta Dikwalo go tswa bonyaneng. Jaanong o fitlhile mo ntlheng eo o tshwanetseng go dira tshwetso kaga se o tshwanetseng go se dira. Gore o kgone go dira tshwetso e e siameng, o tla tlhoka go tlhaloganya gore ke eng se se akarediwang mo kolobetsong le gore ke mang yo o tshwanetseng go kolobediwa.

Se Se Akarediwang mo Kolobetsong

Ka tsela nngwe jaaka go ntse ka mokete wa lenyalo, kolobetso ke modiro o o tlhomamisang kamano. Mo ntlheng ya mokete wa lenyalo, monna le mosadi ba ba o ketekang ba bo ba setse ba tlhagoletse kamano e ba atamalaneng mo go yone. Modiro wa mokete wa lenyalo o itsise phatlalatsa fela se se setseng se dumalanywe kwa bothokong, eleng, gore jaanong ka bobedi ba tshwaragana ka lenyalo. Gape o bulela ditshiamelo tse di tla ipelelwang ke bobedi jono le go tlisa maikarabelo a ba tshwanetseng go a tshelela jaaka fa ba tla bo ba nna mmogo.

Seemo ke se se tshwanang ka kolobetso. Jaaka re ithuta Bibela, re ithuta ka dilo tse di lorato tse Jehofa a re diretseng tsone. O re neile eseng fela botshelo jwa rona le sengwe le sengwe se re se tlhokang go bo tshegetsa mme gape le Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi go bulela batho ba ba boleo tsela ya go nna le kamano le Ene le go bona botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng la paradaise. Fa re akanya ka seno sotlhe, a ga go re dire gore re tseye kgato?

Ke eng se re ka se dirang? Morwa Modimo, Jesu Keresete, o re bolelela jaana: “Ha motho leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè, me a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.” (Mathaio 16:24) Ee, re ka nna barutwa ba ga Jesu Keresete, re latela sekao sa gagwe sa go direla dikgatlhego tsa ga Rraagwe, Jehofa. Lefa go ntse jalo, go dira jalo go tlhoka gore re ‘iitatole,’ ke gore, ka go ithaopa re fetsa ka gore re baya thato ya Modimo kwa pele ga ya rona; seno se akaretsa go neela botshelo jwa rona go dira thato ya gagwe. Gore re itsise tshwetso eno ya boithaopo le ya kwa bothokong, go dirwa modiro mongwe wa phatlalatsa. Kolobetso ya metsi ke one modiro oo go bontsha phatlalatsa boineelo jwa rona go Modimo.

Ke Mang Yo O Tshwanetseng go Kolobediwa?

Jesu Keresete o ne a laya balatedi ba gagwe gore ‘ba tsamaye ba dira barutwa ba batho ba merafe yotlhe, ba ba kolobetsa mo leineng la ga Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, ba ba ruta go tlhokomela dilo tsotlhe tse a di ba laoletseng.’ (Mathaio 28:19, 20) Ka phepafalo, ba ba tshwanetseng go kolobediwa ba tlhokwa go bo ba godile mo mogopolong le mo pelong. Ka thuto ya bone ya namana ya Lefoko la Modimo, ba lemogile gore go tlhokega gore ‘ba ikotlhae ba bo ba sokologe’ mo tseleng ya bone ya pele ya botshelo. (Ditihō 3:19) Go tswa foo, ba bone go tlhokega gore ba simolole go dira tiro ya boefangele e e neng e dirwa ke Jesu Keresete, ba nna barutwa ba gagwe. Sotlhe seno se diragetse pele ga kgato ya kolobetso.

A o fitlhile mo seemong seno mo kgolong ya gago ya semoya? A o eletsa go direla Modimo? Fa go ntse jalo, akanyetsa ka thapelo polelo ya Bibela ya moopahadiwa wa Moithopia, jaaka e kwadilwe mo go Ditihō kgaolo 8. Fa monna yono 1a ne a tlhalosediwa boperofeti kaga Jesu Mesia, o ne a hukutsa mogopolo wa gagwe le pelo go tswa foo a bo a botsa ka go re: “Ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?” Go lebega go ne go sena sepe se se neng se mo kgoreletsa; ka jalo o ne a kolobediwa.—Ditihō 8:26-28.

Gompieno batho ba le bantsi ba botsa potso e e tshwanang: “Ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?” Phelelo e nnile gore batho ba le 300 945 ba ba neng ba sa tswa go ineela ba kolobediwe ka 1991. Seno se ne sa ipedisa batho botlhe ba ga Jehofa fela thata, mme bagolwane mo diphuthegong ba itumelela go thusa batho ba bangwe ba ba dipelo di siameng go gatela pele le go fitlhelela ditshwanelego tsa go kolobediwa.

Lefa go ntse jalo, e ka nna ya bo e le gore bagolwane mo phuthegong ya ga eno ba akantsha gore o name o iketlile. Kana, fa o le mosha, batsadi ba gago ba ka nna ba go kaela gore o eme pele. O tla dirang jaanong? O seka wa kgobega marapo. Gakologelwa gore go simolola go nna le kamano ya namana le Mogodimodimo ke kgang e e masisi fela thata. O tshwanetse wa fitlhelela wa ba wa tshegetsa ditekanyetso tse di kwa godimo. Jalo reetsa dikakantsho tse di neelwang o bo o di dirise ka pelo yotlhe. Fa o sa tlhaloganye ka botlalo mabaka a a filweng, o seka wa tlhabiwa ke ditlhong, mme botsa dipotso go fitlhela o tlhaloganya gore tota o tshwanetse wa ipaakanya jang.

Mo letlhakoreng le lengwe, batho bangwe ba ka nna ba okaoka go tsaya kgato e kgolo eno, jaaka ba e bitsa. A o mongwe wa bone? Legale, go ka nna ga bo go na le mabaka a a tlhomameng a go bo o ka busetsa boineelo le kolobetso kwa morago. Mme fa o tshwanelega mme o santse o ikgogona dinao, go molemo go ipotsa ka go re: “Ke kgorelediwa eñ gore ke se kolobediwe?” Sekaseka seemo sa gago ka thapelo mme o bone gore a tota go ka tswa go na le lebaka le le utlwalang la gore o bo o busetsa kwa morago go arabela taletsong ya ga Jehofa ya go tsena mo kamanong ya namana le ene.

‘Ke Santse Ke Le Mmotlana’

Fa o le motho yo mmotlana, o ka nna wa bo o akanya ka go re, ‘Ke santse ke le mmotlana.’ Ke boammaaruri gore fa fela batho ba babotlana ba nna ba le kutlo ba bile ba reetsa batsadi ba bone ba Bakeresete ba bile ba dirisa Dikwalo ka mo ba ka kgonang ka gone, ba ka tshepa gore Jehofa o ba leba ba “itshepile.” Ebile tota, Bibela e re bolelela gore go amogelwa ke Modimo ga batsadi ba ba tshiamo go fetela go bana ba ba santseng ba tlhokomela ke batsadi bao. (1 Bakorintha 7:14) Lefa go ntse jalo, ga go na gope fa go kwadilweng gone mo Bibeleng gore nako eno ya go tlhokomelwa e fela leng. Ka jalo, go botlhokwa gore basha ba Bakeresete ba akanyetse ka masisi potso e e reng: ‘A ke tshwanetse go kolobediwa?’

Bibela e kgothaletsa basha go ‘gakologelwa Mmopi wa bone o Mogolo mo malatsing a bokau jwa bone.’ (Moreri 12:1) Malebana le seno, re na le sekao sa ga Samuele yo mosha, yo “[o neng] a dihèla ha pele ga Yehofa, a le ñwanyana.” Gape go na le sekao sa ga Timotheo, yo go tswa bonyaneng a neng a isa pelong boammaaruri jo mmaagwe le mmaagwemogolo ba neng ba bo mo ruta.—1 Samuele 2:18; 2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.

Ka mo go tshwanang gompieno, basha ba le bantsi ba ile ba neela matshelo a bone go direla Jehofa. Akifusa, ngwana wa dingwaga tse 15, o ne a bolela gore karolo nngwe ya Pokano ya Tirelo e ne ya mo thusa gore a itirele tshwetso ya gore a kolobediwe. Ayumi o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le some. O ne a batla go direla Jehofa ka gonne tota o ne a mo rata. Jaanong o na le dingwaga di le 13 mme o sa tswa go itumelela boitemogelo jwa go bona moithuti wa gagwe wa Bibela, yo le ene a simolotseng go rata Jehofa, a kolobediwa a na le dingwaga di le 12. Morwarragwe Ayumi yo mmotlana le ene o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le some. “Bangwe ba ne ba re ke mmotlana thata,” o gakologelwa jalo, “mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a itse gore ke ne ke ikutlwa jang. Ke ne ke ititeile sehuba gore ke ne ke tla kolobediwa fela fa ke sena go neela botshelo jwa me go mo direla ka gotlhe mo ke neng ke na le gone.”

Sekao sa batsadi le sone ke ntlha e nngwe, jaaka go ka bonwa go tswa mo boitemogelong jwa kgaitsadi mongwe yo mmotlana. Rraagwe o ne a thibela mmaagwe go ithuta Bibela le ene le kgaitsadie le morwadiarraagwe. O ne a tle a ba betse a bo a tshube dibuka tsa bone. Mme ka ntlha ya boitshoko le tumelo tsa ga mmaagwe, bana ba ne ba kgona go bona botlhokwa jwa go direla Jehofa Modimo. Mosetsanyana yono o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 13, mme monnawe wa mosimane le wa mosetsana ba ne ba latela sekao sa gagwe.

‘Ke Tsofetse Thata’

Mopesalema o ne a re: “Banna bagolo le banyana . . . ba bakè leina ya ga Yehofa.” (Pesalema 148:12, 13) Ee, batho ba ba godileng le bone ba tshwanetse go lemoga gore ba tlhoka go ema mo letlhakoreng la ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba ba tsofetseng ba na le go tila go dira diphetogo. Ba ikutlwa gore o ka se rute ntša e e tsofetseng maano a masha. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore Aberahame yo o ikanyegang o ne a na le dingwaga di le 75 fa Jehofa a ne a mo raya a re: “Tloga mo lehatshiñ ya ga eno, le mo ditsaleñ tsa gago, me u eè kwa lehatshiñ ye ke tla le gu bontshañ.” (Ditihō 7:3; Genesise 12:1, 4) Moshe o ne a na le dingwaga di le 80 fa Jehofa a ne a mo roma ka go re: “U ntshè batho ba me . . . mo Egepeto.” (Ekesodo 3:10) Banna bano le ba bangwe botlhe ba ne ba thomame mo tseleng ya bone ya botshelo fa Jehofa a ne a ba kopa gore ba bontshe lorato lwa bone le boineelo go ene. Ba ne ba seka ba okaoka go arabela pitsong ya ga Jehofa.

Go tweng ka gompieno? Shizumu o ne a ntse a le Mobuda ka dingwaga tse 78 fa a ne a simolola go ithuta Bibela. Balelapa la gagwe ba ne ba mo ganetsa, ba bile ba sa mo letlelele go ithuta mo legaeng la gagwe. Morago ga ngwaga fela, o ne a bona go tlhokega gore a ineele go Jehofa, mme o ne a kolobediwa. Ke ka ntlha yang fa a ne a dira phetogo? O ne a re: “Ke nnile ka tsiediwa ke bodumedi jwa maaka ka dingwaga di le dintsi, mme ke ne ke batla go tswelela ke amogela boammaaruri go tswa go Jehofa ka bosakhutleng.”

‘A Jaanong A Lo Bolokang’

Nako e a fela. Matshelo, go akaretsa le jwa gago, a mo kotsing. O tshwanetse go akanyetsa ka potlako kgang ya go ineela go Jehofa o bo o bontshe seo ka go kolobediwa mo metsing. Moaposetoloi Petere o ne a gatelela seno ka go re: “A le aōna a bolokañ lona gompieno . . . eboñ kolobeco.” Mo godimo ga moo o ne a tlhalosa gore kolobetso “[ga se] go tlosiwa ga leshwè ya nama” (motho o tla bo a setse a dirile jalo pele ga a tshwanelega go kolobediwa) “ha e se potsishō ea segakolodi se se siameng.”—1 Petere 3:21.

Ereka morutwa yo o kolobeditsweng a a bo a fitlheletse ditlhokafalo tsa ga Jehofa, o simolola go nna le segakolodi se se molemo. Ka go tswelela a dira bojotlhe jwa gagwe mo go direleng Jehofa, o ipelela kagiso ya mogopolo le kgotsofalo. (Yakobe 1:25) Mo godimo ga tsotlhe, o ka kgona go lebelela masego a a sa feleng a a tswang kwa go Jehofa mo tsamaisong e ntšha e e tlang ka tshepo. Ekete seo e ka nna seabe sa gago jaaka o arabela potsong e e reng: ‘A ke tshwanetse go kolobediwa?’

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Samuele o ne a direla fa pele ga ga Jehofa e santse e le mosimanyana

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Moshe o ne a na le dingwaga di le 80 fa a ne a romiwa ke Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Gompieno basha le bagolo bao ba kolobediwang ba ka lebelela masego a a sa feleng mo tsamaisong ya Modimo e nts̀ha

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela