Go Batla go Fitlhelela Mokgele O Ke O Tlhomileng Ke Na Le Dingwaga Tse Thataro
JAAKA FA E BOLETSWE KE SANDRA COWAN
Batsadi ba le bantsi ba tlhophela bana ba bone ditiro tse ba tla di dirang mo matshelong a bone, tse di tshwanang le mmino, kana go tantsha, mme ba simolola go ba thapisa ba sa le babotlana tota. Seno ke sone se mmè a se ntiretseng. Go tloga ka nako ya fa ke ne ke na le dibeke di le pedi, ke ne ke isiwa kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete le kwa bodiheding jwa tshimo.
FA KE ne ke na le dingwaga di le nne, Mmè o ne a akanya gore ke ne ke setse ke lekane go rera ke le nosi. Ke gakologelwa sentle kafa ke neng ka dira ka gone lekgetlo la ntlha. Re ne re tsamaile ka sejanaga go ya kwa polasing nngwe e kgolo, mme e ne ya re fa Mmè le ba bangwe ba sala mo sepalangweng, nna ke ne ka fologa ka ya kwa mojakong. Mmè mongwe yo o pelonomi o ne a reetsa fa ke mo abela dibukana di le lesome. O ne a di duela ka setena se segolo sa sesepa. Ke ne ka tshwanelwa ke go se tshwara ka diatla tsa me tsoopedi. Ke ne ka itumela tota!
Ka one ngwaga oo, ka 1943, Sekolo sa Watchtower sa Bibela sa Gileade se ne sa simolola go thapisa badihedi ba babulatsela ba nako e e tletseng se ba thapisetsa go dira tiro ya borongwa. Mmè o ne a nkgothaletsa go dira gore tirelo ya borongwa e nne mokgele wa me mo botshelong. Ntwa ya Lefatshe II e ne e gaketse kwa Yuropa, mme Mmè o ne a tle a mpolelele kaga bana ba Basupi ba kwa Yuropa bao ba neng ba tsewa mo batsading ba bone. O ne a batla gore ke nonofe gore ke kgone go fenya teko lefa e ka nna ya mofuta ope.
Ka selemo sa 1946, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong ya meraferafe kwa Cleveland, Ohio. Le mororo ke ne ke na le dingwaga di le thataro fela, ke ne ke ititeile sehuba gore ke tla diragatsa boineelo jwa me mo go Jehofa. Ka sone setlha seo sa selemo ke ne ka direla jaaka mmulatsela e le la ntlha. Ke gakologelwa moso mongwe ke tsamaisa dimakasine di le 40 ke di tsamaisetsa batho ba ba neng ba ntse fa Borekisetsong kwa San Diego, California. Ke dumela gore seno se bakilwe ke bonyenyane jwa me le go bua thata.
Gantsi re ne re rera gaufi le Beth-Sarim eleng koo tautona yo o neng a lwala wa Mokgatlho wa Watch Tower, Mokaulengwe Rutherford, a neng a nna teng mariga pele a swa ka 1942. Re ne re etela teng ka metlha re bo re ja le badiredi ba nako e e tletseng teng. Maeto a a ntseng jalo a a itumedisang a ne a dira gore ke dire tshwetso ya gore ruri mofuta o wa botshelo ke one o ke neng ke o batla. Go tswa foo ke ne ka dira gore Sekolo sa Gileade le tirelo ya borongwa e nne mokgele wa me mo botshelong.
Ngwaga e e latelang batsadi ba me ba ne ba tlhalana, mme lefa go ntse jalo boemo jo bosha jwa lelapa ga bo a ka jwa koafatsa bomoya jwa rona. Mmè o ne a bula tsela ebile a tshwenyegile thata ka gore a thapise nna le kgaitsadiake. Kolotsana ya rona e re neng re nna mo go yone e ne e tlhola e tletse ka bakaulengwe le bokgaitsedi ba Bakeresete ba etile. Mmè o ne a tlhomamisa gore ke kopane le dialogane tsa Gileade. Baalogi bangwe ba babedi ba ba ntseng jalo e ne e le Lloyd le Melba Barry, bao ba neng ba etile ba le mo tirong ya go potologa ba emetse go tloga ba ya kwa kabelong ya bone kwa nageng e sele kwa Japane. Ba ne ba tsaya nako ba nkgothatsa—mosetsanyana yo o neng a eletsa go nna morongwa—mme seo eleruri se ne se intumedisa.
Fa ke ne ke na le dingwaga di le lesome, Mmè o ne a nyalana le Mosupi yo o molemo yo le ene e neng e le modihedi wa mmulatsela. O ne a ntsaya le kgaitsadiake gore re nne bana ba gagwe a dira jalo eseng mo pampiring fela mme le mo pelong ya gagwe. Go rata Jehofa ga gagwe le go tlhagafalela tirelo ga gagwe ruri go ne ga fetela le mo go rona.
Mmè le Rre ba ne ba dira mmogo go re kaela mo dingwageng tse di boima tsa bolesome. Lelapa la rona e ne e le lefelo la dilo tsa semoya leo ke le gopolang ka boitumelo. Go ne go le bokete mo go bone gore ba godise bana ba le babedi mme ba na le madi a mannye; go ne go tlhoka go intsha setlhabelo. Mme lefa go ntse jalo Mmè le Rre ba ne ba ikaega ka Jehofa ba bo ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele.
Abo ke gakologelwa kopano ya meraferafe ya kwa New York City ya 1950 sentle jang ne! Rre o ne a adima madi kwa bankeng, mme re ne ra pega batho ba le bararo gore ba re thuse go duelela ditshenyegelo. Nna, Mmè, Rre, le kgaitsadiake, re ne ra nna rotlhe mo setulong se se kwa pele go tloga mo San Diego go ya go fitlha kwa New York, fa ba bangwe bone ba ntse kafa morago. Ereka mothapi wa ga Rre a ne a gana go mo letla go ya boikhutsong lobaka lwa beke, o ne a latlhegelwa ke tiro gore a ye kopanong. Mme lefa go ntse jalo fela jaaka Rre a ne a re tlhomamisetsa, Jehofa o ne a tla re naya tse re di tlhokang, mme O ne a dira fela jalo. Rre o ne a rekisa sepalangwa sa gagwe gore a duele sekoloto sa kwa bankeng, go tswa foo o ne a bona tiro e e botoka. Boitemogelo jono le a mangwe a a tshwanang le jone a ne a nna botlhokwa mo go nna dingwaga moragonyana fa nna le monna wa me re nna le mathata a a boima.
Fa re boa kwa New York, re ne ra etela kwa Kingdom Farm, koo ke neng ka bona Sekolo sa Gileade e le la ntlha. Ke gakologelwa ke eme mo go nngwe ya diphaposi tsa yone tsa borutelo ke ipolelela ke re, ‘Ga ke ise ke digele dingwaga tse 11. Ga nketla ke tla fa. Hara-Magedona e tla tla pele.’ Mme lefa go ntse jalo loeto loo lo ne lwa dira gore ke ititee sehuba go feta gore ke dire Gileade mokgele wa me.
Go Leka go Fitlhelela Mokgele wa Me
Go tloga fa ke ne ke dira mophato wa ntlha, ke ne ke nna ke bula tsela nako le nako fa go na le malatsi a boikhutso a selemo. Go tswa foo, dibeke tse pedi ke sena go aloga mo sekolong se segolwane ka June 1957, ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha.
Pokano ya kwa kopanong ya kgaolo ya batho bao ba kgatlhegelang Gileade eo e neng e tshwaretswe kwa Los Angeles ka 1957 e ne e le botlhokwa mo go nna. Fa ke ne ke ntse ke tsamaya mo tanteng eo ya pokano, ke ne ka kopana le Bill, mokaulengwe yo mosha yo ke neng ke sale ke mo itse go tloga fa ke ne ke na le dingwaga di le thataro. Mo ngwageng e e fetileng, o ne a ntse a seyo a direla kwa go neng go na le tlhokego e kgolo gone kwa Louisiana. Re ne ra gakgamala go lemoga kafa nna le ene re neng re kgatlhegela tirelo ya borongwa thata ka gone. Dikgwedi tse thataro moragonyana re ne ra dira tshwetso ya gore re tshwaraganele tiro. Re ne ra kwalela Mokgatlho re kopa kabelo mme e ne ya re kgwedi pele ga lenyalo la rona, re ne ra amogela kabelo ya kwa Romney, kwa West Virginia.
Re ne ra fudugela koo fa re ne re ya kopanong kwa New York ka 1958. Fa re le kwa kopanong eo, re ne ra nna gone kwa pokanong ya bao ba kgatlhegelang go ya Gileade. Go ne ga tla makgolokgolo a batho. Fa re bona boidiidi jwa batho, re ne ra ikutlwa re sena tsholofelo e e kalo ya go bilediwa kwa Gileade. Lefa go ntse jalo, re ne ra isa lokwalokopo lwa ntlha, lemororo re ne re nyalane ka lobaka lwa dibeke di le 11 fela. Re ne ra isa lokwalokopo lwa bobedi ngwaga e e latelang fa re le kwa kopanong ya kgaolo kwa Philadelphia.
Nna le Bill re ne ra ithuta go ikaega ka thuso ya ga Jehofa mo maemong a a bokete fa re ne re le kwa Romney. Romney e ne e le toropo e e nang le baagi ba ka nna 2 000. Go ne go sa kgonege go ka bona tiro. Re ne re nna mo kolotsaneng e e itiretsweng mo gae ya dimetara tse tlhano eo e diretsweng seemo sa loapi sa California. Re ne re sena metsi mo gae, re sena sethuthafatsi, lefa e le setsidifatsi. Go ne go a tle go nne tsididi mo ntlong mo e leng gore re ne re tshwanelwa ke go thuba dikgapetlana tsa metsi mo kgamelong gore re bone metsi. Bakaulengwe ba ne ba re thusa thata kafa ba neng ba ka kgona ka gone, ba re fa dijo tseo ba neng ba di tsomile. Re ne re ja kgama, phologotswana nngwe e go tweng raccoon, le setlhora. Go ne ga direga ka makgetlo a le mmalwa gore re bone ekete re tla tlhola ka tlala, mme e bo e re re fitlha kwa gae morago ga tirelo, re bo re fitlhela diapole kana tšhise fa pele ga mojako wa rona.
Re ne ra sokola ka dikgwedi tse robong gangwe le gape re tshela fela ka nxanxa. Labofelo, re ne ra swetsa ka go re re fudugele kwa Baltimore, kwa Maryland, koo Bill a neng a ka bona tiro gone. Fa re bolelela bakaulengwe kaga tshwetso ya rona, ba ne ba lela le rona ra lela. Ka jalo re ne ra bona gore re itshoke lobakanyana.
Morago fela ga foo Mosupi mongwe yo o neng a okametse lebentlele lengwe kwa Westernport, kwa Maryland, e e leng sekgala sa dikilometara tse 60, o ne a fa Bill tiro e e seng ya letsatsi lotlhe. Ka kgwedi yone eo mongwe wa batho bao re ithutang le bone Bibela o ne a re fa ntlonyana e ntle e e nang le dilwana tsa ntlo le setofo se segolo sa magala. Ke gone ke ileng ka simolola ga rata lokwalo lwa Malaki 3:10. Jehofa o ne a re goromeleditse masego go feta kafa re neng re solofetse ka gone.
Ra Ba Ra Ya Gileade!
Lengwe la malatsi a a kgatlhang thata mo botshelong jwa rona e ne e le letsatsi leo re neng ra amogela taletso ya go ya Gileade ka lone, ka November 1959. Re ne ra lalediwa kwa setlhopheng sa bo 35, e le sone sa bofelo go tshwarelwa kwa Kingdom Farm. Fa ke ne ke ema ka dinao mo ntlwaneng ya borutelo eo ke neng ka e etela ke santse ke le ngwana, ke ne ka itumela ka tsela e mafoko a ka se keng a e tlhalose ka botlalo.
Gileade e ne e le lefelo le le nonneng la semoya mo sekakeng. E ne ekete re tshela mo lefatsheng le lesha ka lobaka lwa dikgwedi di le tlhano. Ga se gantsi mo botshelong re emelang selo dingwagangwaga re bo re tla go fitlhela gore se molemo go gaisa jaaka re ne re lebeletse. Mme go ne ga nna fela jalo ka Gileade.
Re ne ra abelwa go dira kwa India, mme lefa go ntse jalo e ne ya re moragonyana ra se ka ra dumelelwa go nna le di-visa. Ka jalo, e ne ya re re sena go leta lobaka lwa ngwaga kwa New York City, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa re neela kabelo e nngwe gape kwa Morocco, kwa Afrika Bokone.
Barongwa kwa Morocco
Re ne ra nna dingwaga tse 24 ka boipelo kwa Morocco, re simolotse go rata batho ba teng fela fa re sena go fitlha gone. Re ne ra ithuta Sefora le Se-Spain, dipuo tseo di neng tsa re thusa fa re buisana le batho ba merafe e mentsi eo e nnang koo. Bontsi jwa bao ba neng ba amogela molaetsa wa Bogosi e ne le bajaki.
Mosadi mongwe yo ke neng ke ithuta nae Bibela e ne e le sebini sa mmino wa flamenco wa Se-Spain yo a neng a hirilwe mo khabareteng nngwe kwa Casablanca. Fa a sena go ithuta melaometheo ya Bibela, o ne a tlogela mong wa khabarete yo a neng a nna le ene a bo a boela kwa Spain. Fa a tsena koo o ne a rerela botlhe ba lelapa la gaabo, mme bangwe ba bone ba ne ba amogela boammaaruri jwa Bibela jo a neng a bo ba bolelela. Moragonyana o ne a boela kwa Casablanca, koo a neng a nna a ntse a ikanyega mo Modimong go fitlha a swa ka 1990.
Mo dingwageng tsa ntlha di sekae tseo re di ntseng kwa Morocco palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya oketsega. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa go nna bokete gore batswakwa ba bone ditetla tsa go dira le tsa boagedi, Basupi ba ne ba fuduga ka bontsi go ya kwa Yuropa. Bangwe ba batho bao re neng re ithuta le bone jaanong ba kwa New Zealand, Canada, United States, Bulgaria, Russia, le Fora, mme bangwe ba bone ba mo tirelong ya nako e e tletseng.
Ka tshoganetso fela, ka April 1973 tiro ya rona kwa Morocco e ne ya thibelwa. Abo seo se ne se utlwisa botlhoko jang ne! Mo maitseboeng a Labone, re ne re le bantsi re itumetse kwa Holong ya Bogosi, re bua go fitlha dipone di timiwa go re itsise gore e ne e le nako ya go ya malapeng. Le go itse re ne re sa itse gore re ne re se kitla re tlhola re bona dipone tseo di phatsimela bokaulengwe jo bo botsalano jalo jwa Bokeresete gape. Fa go santse go thibetswe, dipokano tsa rona le dikopano tsa potologo di ne di tshwarwa ka ditlhopha tse dinnye mo malapeng a batho. Basupi ba ne ba tshwanelwa ke go ya kwa Fora kana kwa Spain gore ba nne gone mo dikopanong tsa kgaolo.
Fa re ntse re fokotsega ka palo, Basupi ba palo e potlana bao ba neng ba setse kwa Morocco ba ne ba kitlana go feta. Ka jalo fa Mokgatlho wa Watch Tower o ne o dira tshwetso ya gore lekala le tswalwe o bo o re abela go ya go direla go sele, rotlhe re ne ra rothisa dikeledi.
Go Ya kwa Afrika Bogare
Kabelo ya rona e ntšha e ne e le Repaboliki ya Afrika Bogare. Abo e ne e le phetogo e kgolo jang ne go tswa kwa Afrika Bokone! Ereka Morocco e ne e na le tlimate e e batlileng e tshwana le ya California, jaanong re ne re iphitlhela re le mo nageng e e mogote, e e bongola ya boboatsatsi.
Go ne go na le mathata a mangwe ao re neng ra lebana le one. Ka sekai, jaanong ke ne ke tshwanetse go laola poifo ya me ya go tshaba ditshedi tse di gagabang. Go ne ga direga ka makgetlo a le mararo gore ke welwe ke ntseane mo tlhogong fa ke tswa ka mojako. Ka dinako tse dingwe, peba e ne e ka rotoga fela fa pele ga rona ke ntse ke tshwere thuto ya Bibela! Le mororo ke ne ke batla go le botsa phokoje, ke ne ka ithuta go itshwara, ke sa tlose matlho a me mo go Rre Peba ke ntse ke tsholeditse maoto a me le kgetsi ya me ya dibuka go fitlha a tsamaya. Ke ne ka lemoga gore o ka kgona go tlwaela sengwe le sengwe fa fela o sa ineele.
Fa re sena go nna koo dikgwedi tse thataro, go ne ga dirwa kitsiso mo seromamoweng gore tiro ya rona e ne e thibetswe. Ka jalo Diholo tsa rona tsa Bogosi di ne tsa tswalwa, mme barongwa ba ne ba kopiwa gore ba tsamaye. Go ne ga kgona go sala rona fela le banyalani ba bangwe mo lekaleng ka dingwaga tse dingwe di le tharo. Go tswa foo mo mosong mongwe wa Sontaga re le mo Thutong ya rona ya Tora ya Tebelo, mapodisi a ne a tla a tshotse ditlhobolo a re isa kwa ntlongkgolo ya mapodisi. Ba ne ba golola basadi le bana, mme ba tshwara bakaulengwe ba le 23, go akaretsa le monna wa me, Bill. Morago ga malatsi a le marataro ba ne ba mo golola gore a ye gae a ye go phutha dilwana; malatsi a le mararo morago ga foo, puso e ne ya laola gore re tswe mo nageng eo mme re ne ra tsamaya ka May 1989. Le gone re ile ra tswa mo boemafofaneng ka dikeledi, bakaulengwe ba rona ba ba lorato ba tlile go re tsamaisa sentle.
Kgabagare, Re Ya Sierra Leone
Gone jaanong re abetswe go direla kwa Sierra Leone, Afrika Bophirima, naga e ntle, e e fa lotshitshing lo lontle lwa motlhaba o mosweu. Batho ba teng ba botsalano tota, mme tirelo ya tshimo e monate. Mo ntlong nngwe le nngwe re lalediwa go nna fa fatshe, gantsi re nna kafa tlase ga moriti wa setlhare sa menku kana sa kokonata. Batho ba rata go bua kaga Modimo le gore ba nne le sekaelo sa bone sa Bibela gore ba lebelele mo go yone.
Nna le Bill re dira kwa Legaeng la Bethele la Freetown. Ke direla jaaka yo o amogelang baeng le megala gape ke dira ka dipeeletso le diakhaonto tsa diphuthego. Morago ga go direla ka dingwaga di le 16 mo dinageng tseo tiro ya rona e thibetsweng mo go tsone, go monate go nna mo nageng eo mo go yone tiro e sa thibelwang ebile e atlega.
Ke ne ka digela dingwaga tse 30 mo tirelong ya borongwa ka June 1991. Eleruri, Mmè o ne a ntlhomela mokgele o o molemo! Fa a kabo a santse a tshela, ke ne ke ka rata go mo raya gape ke re, “Ke a leboga, Mmè!” Se se itumedisang ke gore ke santse ke kgona go re: “Ke a leboga, Ntate!”
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Kopano ya kwa New York, 1958
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
35th class—July, 1960
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Bill le Sandra Cowan, 1991