LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 3/1 ts. 24-25
  • Etela Naga, O Etele Dinku!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etela Naga, O Etele Dinku!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Tlhokomela Dinku Tsa Gagwe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Kwa re ka Bonang Kgomotso Teng
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • “Ke Tla Batla e e Latlhegileng”
    Boela Kwa go Jehofa (rj)
  • Bohulo jwa Bosheng jwa “Dinku di Sele”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 3/1 ts. 24-25

Ditshwantsho Go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng

Etela Naga, O Etele Dinku!

DIKETEKETE tsa Bakeresete di ile tsa etela Lefatshe Le Le Solofeditsweng, ba akanya gore go bona mafelo ao ditiragalo di diragetseng mo go one go tla ba thusa go tlhaloganya Bibela, go e dira gore e nne mosola go gaisa. Mme go ile ga nna fela jalo.

Lefa o ka tswa o ile wa eta ka mmatota kana ka mogopolo ka go bala dibuka le ditlhogo tse di buang kaga lefatshe leo, o akanya jang kaga go etela dinku? ‘Dinku di amana jang le Lefatshe Le Le Solofeditsweng?’ o ka nna wa ipotsa. Totatota, dinku e ne e le karolo ya botshelo mo metlheng ya Bibela mo eleng gore, ka tsela nngwe, go etela Lefatshe Le Le Solofeditsweng go ne go tla bo go sa felela fa loeto lo sa akaretse dinku.

Ditshwantsho tse o di bonang fano di ka nna karolo ya loeto lwa gago, ereka dinku tse di ka bonwang mo lefelong leo gompieno di tshwana thata le tse di neng di atile mo metlheng ya Bibela.a Megatla ya tsone e e sephara e tletse mafura. (Lefitiko 7:3; 9:19) Boboa jo bo lesuthu gantsi bo nna bosweu. Mme lefa go ntse jalo o gakologelwe gore letsomane le legolo la ga Jakobe le ne le akaretsa “tse di mmala o maragaraga le o dibata, le tse di pirwana.”—Genesise 30:32.

Pego yone eno gape e bontsha gore monna yo o neng a na le letsomane le legolo o ne a lejwa a humile. (Genesise 30:43) Re bala jaana kaga Yobe: “Dithuō tsa gagwè le cōna e ne e le dinku di le bothousanda ba shupa, le dikamela di le bothousanda bararo, le dipholo tsa dikgomo e le tsa boyokwe ba le makgolo a matlhano, le diesela tse di namagadi di le makgolo matlhano . . . me yalo monna eouō a bo a heta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo.” (Yobe 1:3; 42:12) Kana o gopole gore Nabale o ne a na le dinku di le 3 000 le dipodi di le 1 000. O akanya gore o ne a na le maemo afe le tlhotlheletso efe mo motlheng wa ga Dafide? (1 Samuele 25:2) Mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa tota letsomane le legolo le ne le kaya khumo e kgolo?

E ne e le ka gonne dinku di ne di neela modisa kana mong wa tsone dilwana tsa botlhokwa. Boboa ka bojone bo ne bo nna bo tlhoga gape fa dinku di ntse di pomiwa. Diane 31:13, 21, 22 e re thusa go bona kafa mosadi yo o botlhale, wa senatla a neng a ka bo dirisa ka gone go direla ba lelapa diaparo kana go dira diaparo tse di neng di ka rekisiwa. (Yobe 31:20) Boboa e ne e le sengwe sa botlhokwa mo papading. Seno se bontshiwa ke kakgelo ya go re kgosi ya Moaba “o ne a nna modisa wa dinku, mme o ne a duela kgosi ya Iseraele dikwanyana di le bothousanda ba le lekgolo le dinku tse ditonanyana tse di sa beolwang di le bothousanda ba le lekgolo.” (2 Dikgosi 3:4, NW) Ee, e ne e le dinku “tse di sa beolwang”; boboa jwa tsone jo bontsi bo ne bo oketsa tlhwatlhwa ya jone.

Dinku tse ditonanyana, diphelehu, di ne di ka nna le dinaka tse di kgatlhang, jaaka tse o di bonang mo setshwantshong se se kafa mojeng. A seno se go gakolola gore dinaka tsa phelehu di ne di dirisiwa go itsise Jubile? (Lefitiko 25:8-10) Dinaka tse di tshwanang le tseno tse di lolea mo teng di ne di lediwa go tlhaba mokgosi kana go ntsha ditaolo fa go lowa.—Baatlhodi 6:34; 7:18, 19; Yoele 2:1.

Go a utlwala he, gore fa o ne o na le letsomane la dinku, o ne o tla tlhomamisega gore o tla bona dijo tse di siameng ka gonne dinku e ne e le dingwe tsa diphologolo tse di phepa tse Baiseraele ba neng ba ka di ja. (Duteronome 14:4) Nama (ya nku kana ya kwanyana) e ne e ka bedisiwa kana ya besiwa. Nku e e besitsweng e ne e le sejo sa konokono mo Tlolaganyong ya ngwaga le ngwaga. (Ekesodo 12:3-9) Dinku gape di ne di ntsha maši ka metlha. Maši ano a ne a nowa ebile a dirisiwa go dira tšhisi.—1 Samuele 17:17, 18; Yobe 10:10; Isaia 7:21, 22.

Loeto lo ne lo ka se ka lwa fela motho a ise a lemoge kafa dinku di neng di rata modisa wa tsone ka teng. Modisa yo o ikanyegang o ne a tlhokomela dinku tsa gagwe. Jaaka fa Jesu a ne a umaka, di ne di tla lemoga lentswe la modisa wa tsone mme di ne di tla ya kwa go ene fa a di bitsa ka maina. (Yohane 10:3, 4) Fa nngwe e ne e timetse, modisa yo o kelotlhoko o ne a tla e senka. Fa a bona nku e e timetseng, a ka nna a e pega mo magetleng a gagwe a bo a e isa kwa letsomaneng.—Luke 15:4, 5.

Dafide o ne a dirisa boitemogelo jwa gagwe ka namana jaaka modisa fa a ne a itshwantsha le nku e Jehofa e neng e le Modisa wa yone. Dafide o ne a sireleditswe, jaaka dinku di ne di sereleditswe mo diphologolong tse di neng di ka di tlhasela. Dinku di ne di kgona go sala modisa wa tsone yo o di tlhokomelang morago fa a di goga. Fa di ne di gobala, o ne a hapa dintho tsa tsone, gongwe a di tshasa ka mafura a a okobatsang botlhoko. Abo seo se farologana jang ne le ditiro tsa bopelotshetlha tsa baeteledipele ba Iseraele, bao ba tlhalosiwang go Esekiele 34:3-8!

Bibela e bua gantsintsi ka dinku mo dipolelelongpele le mo ditshwantshong. Ka jalo go etela le go itlwaelanya le dinku tsa Lefatshe Le Le Solofeditsweng go ka dira gore o tlhaloganye botoka mafoko a a tshwanang le “lecomanyane,” “Kwana ea Modimo,” le “dinku di sele.”—Luke 12:32; Yohane 1:36; 10:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Setshwantsho se se fa godimo sa dinku mo nageng ya Judea se ka lebelelwa ka kelotlhoko go 1992 Calendar of Jehovah’s Witnesses.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Garo Nalbandian

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela