LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/15 ts. 28-31
  • Jesu Keresete E ne E le Moperofeti yo o Tshwanang le Moshe ka Tsela Efe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu Keresete E ne E le Moperofeti yo o Tshwanang le Moshe ka Tsela Efe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tsela E Ba Tshwanang ka Yone Fa Ba Ne Ba Simolola Ditiro tsa Bone
  • Banna Ba Babedi Bano Ba Ne Ba Galaletsa Jehofa
  • Dilo Tse Dingwe Tse Di Botlhokwa Tse Ba Tshwanang ka Tsone
  • Ela Boperofeti Tlhoko
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Go Anaanela Moshe yo Mogolwane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Etsa Tumelo ya ga Moshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/15 ts. 28-31

Jesu Keresete E ne E le Moperofeti yo o Tshwanang le Moshe ka Tsela Efe?

JEHOFA MODIMO ga a ke a bua maaka. (Tito 1:2; Bahebera 6:18) Ka gone, boperofeti jo bo mo Lefokong la gagwe ebong Bibela, bo a ikanyega ebile bo boammaaruri. Bo tlile go diragadiwa eleruri.

Bongwe jwa boperofeti jo bo tlhotlheleditsweng ke Modimo ke jwa ga moperofeti wa Mohebera Moshe jo bo kaga Mesia. Fa a ne a tsopola se Jehofa a se boletseng, Moshe o ne a bolela jaana: “Ke tla ba [Baiseraele] cosetsa moperofeti mo baneñ ba ga rrabō, eo o chwanañ nau [Moshe]; ke tla tsenya mahoko a me mo molomuñ oa gagwè, me u tla bua nabō cotlhe tse ke tla di mo laolèlañ.”—Duteronome 18:17, 18.

Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore boperofeti jono bo ne bo raya Jesu Keresete fa a ne a bolela jaana: “Yehofa Modimo o tla lo cosetsa moperofeti, a cwa bakauleñweñ ba lona, yaka a cositse nna; èna lo tla mo reetsa mo diloñ cotlhe hèla tse o tla di buañ le lona.” (Ditihō 3:22) Ebile tota, Jesu ka boene o ne a kile a bolela jaana: “Gonne ha lo ka bo lo dumetse Moshe, le nna lo ka bo lo ntumetse; gonne o kwadile kaga me.” (Yohane 5:46) Jesu le Moshe ba ne ba tshwana ka ditsela dife?

Tsela E Ba Tshwanang ka Yone Fa Ba Ne Ba Simolola Ditiro tsa Bone

Moshe mmogo le Jesu ba ne ba falola go bolawa ga bana ba basimane. Losea Moshe lo ne lwa fitlhwa mo matlhakeng mo matshitshing a Noka ya Nile mme ka gone la falola go bolawa ga masea a basimanyana a Baiseraele jaaka Faro wa Egepeto a ne a laotse. Fa e ne e le ngwanyana, Jesu o ne a falola gape go bolawa ga bana ba basimane ba dingwaga tse di fitlhang go tse pedi go go neng go dirwa kwa Bethelehema le mo dikgaolong tsa yone. Polao eno e ne e laetswe ke Kgosi Herode yo Mogolo, yoo, fela jaaka Faro, e neng e le mmaba wa Modimo le wa batho ba Gagwe.—Ekesodo 1:22–2:10; Mathaio 2:13-18.

Moshe mmogo le Jesu ba ne ba supa moya o o bonolo, kana wa boikokobetso. Lemororo a ne a godisiwa jaana morwa mo ntlong ya kgosi e e maatla thata ya Egepeto, Moshe o ne a nna “boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” (Dipalō 12:3) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a kile a dira jaaka Mikaele ebong kgosi e e maatla kwa legodimong mme o ne a tla mo lefatsheng a le boikokobetso. (Daniele 10:13; Bafilipi 2:5-8) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a rata batho ebile o ne a kgona go bolela jaana: “Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ; me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō.”—Mathaio 11:29; 14:14.

Moshe mmogo le Jesu ba ne ba tlogela maemo a a kwa godimo le dikhumo tse dintsi gore ba direle Jehofa. Moshe o ne a tlogela khumo le lefelo la maemo a a kwa godimo thata kwa Egepeto gore a direle Jehofa le batho ba Gagwe. (Bahebera 11:24-26) Ka tsela e tshwanang, Jesu o ne a tlogela boemo jo bo kwa godimo jo bo rategang le dikhumo kwa legodimong gore a tle go direla Modimo le batho ba Gagwe mo lefatsheng.—2 Bakorintha 8:9.

Moshe mmogo le Jesu ba ne ba tlodiwa ke Modimo. Moperofeti Moshe o ne a dira jaaka motlodiwa wa ga Jehofa mo morafeng wa Iseraele. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bolela, Moshe o ne a “kaea ha go kgōbèlwa Keresete e le khumō e e molemō go gaisa mahumō a Egepeto.” (Bahebera 11:26; Ekesodo 3:1–4:17) Jesu o ne a nna leng Keresete kana Yo o tloditsweng? Seno se ne sa direga fa a ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo wa Modimo, kana maatla a gagwe a a dirang, fa a sena go kolobediwa. Fa a ne a bua le mosadi wa Mosamaria kwa sedibeng sa ga Jakobe kwa Sikara le fa a ne a bua fa pele ga moperesiti yo mogolo wa Iseraele ka nako ya fa a ne a sekisiwa, Jesu o ne a supa fa e le Mesia, kana Keresete.—Mareko 14:61, 62; Yohane 4:25, 26.

Moshe mmogo le Jesu ba ne ba itima dijo ka malatsi a le 40. Kwa tshimologong ya tiro ya gagwe jaaka mmueledi wa Modimo, Moshe o ne a itima dijo ka malatsi a le 40 fa a ne a le mo thabeng ya Sinai. (Ekesodo 34:28) Jesu o ne a itima dijo ka malatsi a le 40 mo nageng mme morago o ne a ema a nonofile kgatlhanong le thaelo ya ga Satane kwa tshimologong ya tiro ya gagwe jaaka Mesia yo o solofeditsweng.—Mathaio 4:1-11.

Banna Ba Babedi Bano Ba Ne Ba Galaletsa Jehofa

Jehofa o ne dirisa Moshe mmogo le Jesu go galaletsa leina la Gagwe le le boitshepo. Modimo o ne wa bolelela Moshe gore a ye kwa Baiseraeleng ka leina la ga ‘Jehofa Modimo, wa borraabo.’ (Ekesodo 3:13-16) Moshe o ne a emela Modimo fa pele ga Faro, yoo a neng a lesiwa a tshela gore maatla a ga Jehofa a supiwe le leina la Gagwe le bolelwe mo lefatsheng lotlhe. (Ekesodo 9:16) Jesu le ene o ne a tla ka leina la ga Jehofa. Ka sekai, Keresete o ne a bolela jaana: “Ke tsile ka leina ya ga Rrè, me ga lo ntshole.” (Yohane 5:43) Jesu o ne a galaletsa Rraagwe, mme a itsise batho ba Modimo o neng o ba mo neile leina la ga Jehofa, a bo a le itsise mo lefatsheng lotlhe.—Yohane 17:4, 6, 26.

Ka maatla a Modimo, Moshe mmogo le Jesu ba ne ba dira dikgakgamatso tse di neng tsa galaletsa Modimo. Moshe o ne a dira dikgakgamatso go supa tota gore o ne a romilwe ke Jehofa Modimo. (Ekesodo 4:1-31) Mo tirong yotlhe ya gagwe, Moshe, yo Modimo o neng wa mo dirisa go fatola Lewatle le Lehibidu ka bogare, o ne a tswelela a dira dikgakgamatso tse di neng di galaletsa Jehofa. (Ekesodo 5:1–12:36; 14:21-31; 16:11-18; 17:5-7; Pesalema 78:12-54) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a galaletsa Modimo ka go dira dikgakgamatso tse dintsi. Di ne di le dintsi tota mo Jesu a neng a kgona go bolela jaana: “Ntumèlañ ha ke le mo go Rara, le Rara mo go nna: me ha go sa nna yalo, ntumèlañ ka ntlha ea ditihō hèla ka cosi.” (Yohane 14:11) Mo dikgakgamatsong tse a neng a di dira go ne go na le eo a neng a kgalemela setsuatsue gore se didimale mme Lewatle la Galilea le ne la ritibala.—Mareko 4:35-41; Luke 7:18-23.

Dilo Tse Dingwe Tse Di Botlhokwa Tse Ba Tshwanang ka Tsone

Moshe mmogo le Jesu ba ne ba umakiwa mo kgannyeng ya dijo tse di neng tsa tla ka kgakgamatso. Moshe e ne e le moperofeti wa ga Jehofa fa Baiseraele ba ne ba newa dijo ka kgakgamatso. (Ekesodo 16:11-36) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a naya boidiidi jwa batho dijo ka kgakgamatso ka makgetlo a mabedi jaaka a kwadilwe mo Bibeleng.—Mathaio 14:14-21; 15:32-38.

Tiro ya ga Moshe le Jesu e amana le mana a a neng a tswa kwa legodimong. Moshe o ne a eteletse Baiseraele pele fa ba ne ba newa mana a a tswang kwa legodimong. (Ekesodo 16:11-27; Dipalō 11:4-9; Pesalema 78:25) Jesu o ne a ntsha mmele wa gagwe jaaka mana a a tswang kwa legodimong ka tsela e e tshwanang ebile e le botlhokwa thata gore batho ba ba kutlo ba bone botshelo.—Yohane 6:48-51.

Moshe mmogo le Jesu ba ne ba ntsha batho mo botshwarong mme ba ba tsenya mo kgololesegong. Modimo o ne wa dirisia Moshe go etelela Baiseraele pele a ba ntsha mo botshwarong kwa Egepeto mme a ba golola jaaka batho ba Gagwe. (Ekesodo 12:37-42) Ka tsela e e tshwanang, Jesu Keresete o ntse a eteletse balatedi ba gagwe a ba isa mo kgololesegong. Keresete o santse a tla etelela batho ba ba kutlo a ba tsenya mo kgololesegong a ba ntsha mo bokgobeng jwa phuthego ya ga Satane Diabolo, mmogo le mo boleong le mo losong.—1 Bakorintha 15:24-26; Bakolosa 1:13; 1 Yohane 5:19.

Moshe mmogo le Jesu e ne e le batsereganyi ba dikgolagano. Moshe e ne e le motsereganyi wa kgolagano ya Molao, fa gare ga Jehofa Modimo le Baiseraele. (Ekesodo 19:3-9) Jesu ke Motsereganyi wa kgolagano e ntšha fa gare ga Modimo le Iseraele wa semoya.—Yeremia 31:31-34; Luke 22:20; Bahebera 8:6-13.

Moshe mmogo le Jesu Keresete ba ne ba newa thata ya go atlhola. Moshe o ne a dira jaaka moatlhodi le moneimolao wa Baiseraele ba nama. (Ekesodo 18:13; Malaki 4:4) Jesu o dira jaaka Moatlhodi mme o file “Iseraela oa Modimo” wa semoya melao le ditaolo. (Bagalatia 6:16; Yohane 15:10) Keresete ka boene o ne a bolela jaana: “Gonne le gōna Rara ga a atlhole motho opè, me katlholō eotlhe o e neetse Morwa; Gore botlhe ba tlotlè Morwa hèla yaka ba tlotla Rara. Eo o sa tlotleñ Morwa, ga a tlotle Rara eo o mo romileñ.”—Yohane 5:22, 23.

Moshe mmogo le Jesu ba ne ba filwe botlhogo jwa go okamela ntlo ya Modimo. Moshe o ne a ikanyega tota jaaka tlhogo mo ntlong ya Modimo kwa Iseraeleng wa bogologolo. (Dipalō 12:7) Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a dirwa Tlhogo ya ntlo ya barwa ba ga Jehofa ba semoya mme o ile a itshupa fa a ikanyega. Eleruri, Jesu “o na a ikanyèga mo go ōna o o mmeileñ, yaka le èna Moshe a na a nntse mo tluñ eotlhe ea ōna. Gonne èna, o kailwe ha a chwanetse kgalalèlō e e hetañ ea ga Moshe, go etsa yaka eo o agileñ ntlo a tla a bōnè kgalalèlō e e hetañ ea eōna ntlo. . . . Moshe o na a ikanyèga mo tluñ eotlhe ea ōna yaka motlhanka, go nna chupō kaga dilō tse di ne di tloga di bolèlwa; Me Keresete o na a ikanyèga yaka ñwana mo tluñ ea ōna; o rona re leñ ntlo ea ōna, ha re tshegetsa botlhōka poihō yoa rona, le boikganchō yoa cholohèlō ea rona, ka tlhōmamō go ea kwa bokhutloñ.”—Bahebera 3:2-6.

Tsela e Moshe le Jesu ba neng ba swa ka yone e ne e tshwana. Jang? Ebu, Jehofa o ne a tlosa setopo sa ga Moshe, ka gone a thibela batho gore ba se ka ba se leswafatsa kana ba se obamela jaaka modimo wa disetwa. (Duteronome 34:5, 6; Yude 9) Ka tsela e tshwanang Modimo o ne wa tlosa mmele wa ga Jesu, o sa o letle gore o bole mme ka gone o thibela gore ope a se ka a tloga a tlhoka tumelo ka ntlha ya one.—Pesalema 16:10; Ditihō 2:29-31; 1 Bakorintha 15:50.

Ela Boperofeti Tlhoko

Tseno ke dingwe tsa ditsela tseo Jesu Keresete a neng a itshupa fa e le moperofeti yo o tshwanang le Moshe ka tsone. Abo mafoko a Modimo o neng wa a bolela le Moshe kaga go tla ga moperofeti yoo a ne a diragadiwa jang ne!

Ga go na pelaelo ya gore Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso eno ya seperofeti ka go dira gore go nne le moperofeti yo o tshwanang le Moshe. Mafoko a a mo go Duteronome 18:18 a ne a diragadiwa mo botshelong le mo dilong tse di neng tsa diragalela Jesu Keresete. Mme go diragadiwa go go ntseng jalo go naya lebaka la gore re ikanye dikarolo tse dingwe tsa boperofeti tsa Lefoko la Modimo. Ka gone, a ka metlha re eleng tlhoko boperofeti jwa Bibela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela