LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/15 ts. 27-28
  • Molaodi Yo O Pelonomi wa Mephato wa Moroma

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molaodi Yo O Pelonomi wa Mephato wa Moroma
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna Pelokgale Gonne Jehofa o Tla go Thusa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • “Jaanong ke lo Kgothaletsa Gore lo Nne Pelokgale”
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • Rera Bogosi Jwa ga Jehofa ka Bopelokgale!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • “Ga go na ope mo go lona yo o tla swang”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/15 ts. 27-28

Molaodi Yo O Pelonomi wa Mephato wa Moroma

BALAODI ba Baroma ba mephato ba ne ba sa itsege e le batho ba ba pelonomi. Ereka a ne a abetswe go etelela pele setlhopha sa banna ba le lekgolo ba masole a a thatafaditsweng dipelo ke ntwa, molaodi wa mophato o ne a tshwanetse go nna mokaedi yo o gatelelang, yo o otlhayang, ebile, ka dinako tse dingwe e le ene a bolayang. Lefa go ntse jalo, Bibela e re bolela ka molaodi mongwe wa mophato wa Moroma wa setlhopha sa ga Aguseto yoo a neng a bontsha moaposetoloi Paulo bopelotshweu le lorato tsa mmatota. Leina la gagwe e ne e le mang? E ne e le Julio.

Bibela e re itsise monna yono mo go Ditihō kgaolo 27. Moaposetoloi Paulo o ne a kopile gore Kaesare a reetse boikuelo jwa gagwe kwa Roma. Ka gone, Paulo, mmogo le magolegwa a mangwe a le mmalwa, ba ne ba tsenngwa “mo seatleñ sa moñwe, go twe Yulio, e le molaodi oa mophatō o go tweñ oa ga Aguseto.” Ba ne ba tloga kwa Kaesarea, kwa motseng o o fa boemelakepeng o o kafa bokonebophirima jwa Jerusalema oo e neng e le moshate wa masole a Roma. Mokwadi wa ditiragalo Luke o bolela jaana: “Me ea re ka moshō ra tsèna kwa Sidona: me Yulio a dihèla Paulo ka pelonomi, a mo lesa a ea kwa ditsaleñ tsa gagwè, gore di mmabalèlè.”—Ditihō 27:1-3.

Bibela ga e bolele gore ke ka ntlha yang fa Julio a ne a supa bopelonomi jo bo ntseng jalo. A ka tswa a ne a laetswe ke Mmusi Feseto gore a tshware Paulo ka tsela e e ntseng jalo e e kgethegileng. Kana gongwe ereka a ne a itse gore Paulo o tshwaretsweng, Julio a ka nna a tswa a ne a kgatlhiwa ke bopelokgale le boikanyegi jwa ga Paulo. Lefa lebaka e ka tswa e le lefe, go lebega Julio a ne a lemoga gore Paulo e ne e le legolegwa le le kgethegileng.

Lefa go ntse jalo, Julio o ne a se ka a reetsa Paulo fa a ne a mo tlhagisa gore a se ka a tloga kwa Fair Havens. Ka bonako fela sekepe se ne sa tshwarwa ke setsuatsue se e neng ekete se tla se nwetsa mo matshitshing a a motlhaba a Afrika bokone. (Ditihō 27:8-17) Mo setsuatsueng seno, Paulo o ne a ema ka dinao mme a tlhomamisetsa bapagami ba ba tshogileng bao gore ‘ga go kitla go swa ope wa bone, fa e se shepa e le nosi.’ Lefa go ntse jalo, batsamaisi ba sekepe ba ne ba leka go tswa ba sia go iphalotsa. Paulo o ne a raya Julio a re: “Ha batho ba ba sa sale mo shepeñ, ga lo kake loa phela.”—Ditihō 27:21, 22, 30, 31.

Mo lekgetlong leno, Julio o ne a reetsa Paulo, mme batsamaisi ba sekepe ba ne ba thibelwa gore ba se ka ba tswa mo go sone. Fela jaaka Paulo a ne a boleletse pele, sekepe se ne sa itaya motlhaba mme sa thubega. Ereka ba ne ba boifa gore bagolegwa ba tla ngwega, masole a a neng a tsamaya nabo a ne a batla go ba bolaya botlhe. Lefa go ntse jalo, Julio o ne a tsereganya gape mme a thibela banna ba gagwe, mme ka go dira jalo a boloka botshelo jwa ga Paulo.—Ditihō 27:32, 41-44.

Bibela ga e re bolelele gore go ne ga diragala eng ka molaodi yo o pelonomi yono wa mophato kana gone gore a o ne a nna modumedi wa Mokeresete. Bopelonomi bope fela jo a neng a bo supa ke sesupo sa gore segakolodi se Modimo o se fileng batho se a dira. (Baroma 2:14, 15) Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba supa bopelonomi jo bo fetang jo bo supiwang ke batho ebile ba supa bopelonomi jwa bomodimo joo bo nnang teng ka ntlha ya moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22) Eleruri, fa lesole la moheitane le le sa itseng Modimo le ne la kgona go supa bopelonomi jalo, abo batho ba Modimo ba tshwanetse go bo supa ka tsela e kgolwane jang ne!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela