LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/15 ts. 24-27
  • Mafoko A A Molemo A Fitlha kwa Metseng ya Magae ya Afrika Borwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mafoko A A Molemo A Fitlha kwa Metseng ya Magae ya Afrika Borwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Sekolo sa “Sontaga” kwa Zululand
  • Kwa Mafelong A A Tletseng Dithole A Bushveld
  • Kgosi E Ntsha Taolo!
  • Go Thusa Batho Ba Bantsi Ba Ba Batlang Boammaaruri ka Boitumelo
  • Maungo A Tiro Eno
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/15 ts. 24-27

Mafoko A A Molemo A Fitlha kwa Metseng ya Magae ya Afrika Borwa

DIGOPA tse di galefileng tsa batho, mapodisi a dikhuduego, gase ya dikeledi. Mo dingwageng tsa bosheng, ditoropo le metsemegolo ya Afrika Borwa di ile tsa tlhaselwa ke dikhuduego tse di ntseng jalo. Le eleng metse e mentle ya magae—koo go nnang 40 lekgolong ya baagi—e ile ya amega mo dikhuduegong tse di maswe tsa dipolotiki. Lefa go ntse jalo, mo go one maemo ano, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tswelela go bolela “Mahoko a a Molemō a kagishō.”—Baefesia 6:15.

Basupi ba ile ba nna ba tswa letsholo la dikgwedi di le tharo la go rerela segolobogolo baagi ba ba nnang mo metseng ya kwa gae ka dingwaga tse dintsi. Ka sekai, ka 1990 baboledi ba Bogosi ba ba fetang 12 000 go tswa mo diphuthegong tse 334 ba ile ba nna le seabe mo letsholong leno. Ka tlholego fela, go na le mathata a mantsi a a tshwanetseng go fenngwa gore go fitlhelelwe baagi bano ba ba gasagasameng mo metseng ya magae ya Afrika e e kafa borwa.

Gareng ga tse dingwe, Basupi ba tshwanelwa ke gore ba fenye bothata jwa dingwao le dipuo tse dintsi tse di farologaneng. Mme ebile di dintsi tota! Ka sekai, go na le balemi ba ba buang Seesemane le Afrikaans, mmogo le Bapedi, Basotho, Batsonga, Batswana, Bavenda, Ba-Xhosa, le Ba-Zulu. Setlhopha sengwe le sengwe se na le ngwao ya sone le puo ya sone tse di sa tshwaneng le tsa se sengwe. Gape di katologane thata ebile ditsela tsa tsone di tletse mangope. Tsotlhe tseno di batla moya wa go intsha setlhabelo le nako le madi a mantsi. Lefa go le jalo, Jehofa o ile a segofatsa maiteko a a neng a dirwa thata. Mma re go bolelele go le gonnye kaga mathata le katlego ya karolo e e tlhomologileng eno ya tiro ya go rera.—Bapisa Malaki 3:10.

Sekolo sa “Sontaga” kwa Zululand

Mo garegare ga Zululand e e nang le tlimate ya sekaboboatsatsi go na le mokgatšha o o boteng tota wa Noka ya Umvoti. Go tswa kwa makgotlhong a yone, motho o kgona go bona setlhopha sa mekgoro e mentsi e e ruletsweng ka bojang ka mokgwa wa Bazulu (matlo a a bapileng le masimo). Baboledi bangwe ba babedi ba Bogosi ka Sontaga nngwe ka 1984 ba ne ba tla mo mokgatšheng ono ka tsela e e itsoketsang e e tletseng lorole. Lefelo leo le mogote ebile le bongola koo ebileng le theilwe leina la go tshameka la Kwa-Sathane (Lefelo la ga Satane)—leo ka phepafalo go bonalang le umaka thuto ya maaka ya molelo wa dihele e e simolotsweng ke Diabolo!

Ba kolobile jalo ke sethitho, bakaulengwe ba ne ba atamela mosadi mongwe yo a bidiwang Doris yoo a neng a tsentse tlelase ya sekolo sa Sontaga. Fa a sena go utlwa molaetsa wa Bogosi, Doris o ne a laletsa Basupi bano go tla go bua le setlhopha sa basha ba ba ka nnang 40. Go ne ga felela jang? Bakaulengwe ba ne ba boa mo bekeng e e latelang ka dikaelo tse 70 tsa kgatiso ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela tse di neng di tlile go dirisiwa mo sekolong sa mo lefelong leo. Mo dibekeng di le mmalwa fela, moya wa sekolo sa Sontaga o ne wa fetoga mme se ne sa nna setlhopha se se ithutang Bibela. Go na le gore ba opele difela tsa kereke, go ne go opelwa dipina tsa Bogosi ka tsela ya Seafrika, ba opela ka mantswe a a farologaneng a a dumalanang sentle a a monate. Go ise go e kae setlhopha seno se ne sa gola sa feta 60. Mokaulengwe mongwe o ne a tlhaeletsa jaana: “Abo go ne go omosa pelo jang ne go fetola sekolo seno sa Sontaga go nna lefelo la kobamelo ya boammaaruri!”

Kwa Mafelong A A Tletseng Dithole A Bushveld

Ereka dikereke tse dintsi di na le seabe mo dikhuduegong tsa dipolotiki, balemi ba bantsi ba basweu ba kelotlhoko thata kana gone go belaela mongwe le mongwe yo o tlang kwa go bone ka molaetsa wa Bibela. Tlhokomela pego eno ya setlhopha sengwe go tswa kwa Gauteng se se neng se tsamaile loeto lwa dikilometara di le 640 go ya go rera mafoko a a molemo kwa karolong nngwe ya Teransefala.

“Re ntse re tsamaela kwa bokone re raletse lefelo la dikgwa ka diura di le nne jaanong. Tsela e tshesane e e tlhamaletseng e ntse e phatsima mo letsatsing la Afrika. Ka bonako fela, tsela ya sekonotere e a fela go bo go latela ya mmu, e tshesane ebile e tletse makhujana a mantsi. Kgabagare tselanyana nngwe e e tletseng motlhaba e re lebisa kwa polasing nngwe.

“‘Dumela, Meneer [Rra],’ re dumedisa jalo molemi yo o nonofileng wa mmele o motona.

“‘Dumelang,’ o araba jalo ka lentswe le le magwata. ‘A nka lo thusa?’

“Fa re sena go ipolela, re tlhalosa lebaka la go bo re etetse koo. O tlhaeletsa jaana a re tsena ganong re ise re fetse go bua: ‘Moruti wa me o ntlhagisitse ka lona! Lo Bakomanisi le Baganetsakeresete. Tswang mo polasing ya me gone jaanong pele ke lo . . . . !’

“Popego ya mmele wa molemi yono e bontsha gore a ka nna a lwa nako le nako. Ereka go sena sepe se re ka se dirang re swetsa gore re tsamaye mme re ‘tlhotlhora lorole mo dinaong tsa rona.’ (Mathaio 10:14) Totatota lorole lwa koo lo lontsi mo re ka dirang fela jalo.

“Kwa polasing e e latelang, re arabiwa ka tsela e e tshwanang. Morago re ne ra lemoga gore megala ya thelefono ya mo lefelong leno e ntse e dirisiwa thata ke moruti yo o nnang fano wa Dutch Reformed, yoo a neng a ntse a tlhagisa ‘letsomane la gagwe’ ka ‘kotsi’ e e tlelang lefelo la bone. Kgabagare re kopana le molemi mongwe yoo, lemororo ene ka boene a sa kgatlhege, a bolelang jaana: ‘Ee, lo ka bua le badiri ba me.’

“Ke sone se re neng re ntse re se batla. Fa thoko ga ditlhare tsa mositlane go na le matlonyana a mmu. Re ikutlwa gore go na le matlho a a re lebileng go tswa mo matlonyaneng ano fa re ntse re baya dibuka fa godimo ga bonete ya koloi ya rona. Tse dingwe ke Dibibela, tse dingwe ke dibuka tsa O Ka Tshelela Ruri Mo Lefatsheng la Paradaise, tse dingwe ke tsa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, le diboroutšhara tse di farologaneng. Mongwe wa basimane ba mo motsaneng oo o a siana go ya go bolelela ba bangwe gore re gorogile. Go ise go e kae segopa sa batho ba ba ka nnang 30 se phuthega go dikologa koloi ya rona go tla go utlwa molaetsa.

“Ba tshamekelwa thero e e gatisitsweng ka Setswana. Abo batho bano ba itumetse jang ne go utlwa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le tsholofetso ya Paradaise ka puo ya bone! Go utlwala modumo wa boitumelo fa ba newa dikgatiso tseno. Go ise go e kae ga re kgone go lepalepana le go tsamaisa dibuka tseno. Monnamogolo mongwe o batla le go reka theipi ya rona. Re utlwa re amega maikutlo tota fa batho bano ba supa fa ba anaanela mafoko a a molemo ka ditsela tse dinnye tseno—monyenyo o o supang ditlhong, ba re ama, le fa ba bua ka bonolo ba re ‘ke a leboga.’

“Ka bonako fela, bana ba dira mola o o etlang o itsoketsa go tla go re opelela pina ya setso ya go re tsamaisa sentle. Ka bonako gape, re lebala tsela e e lorole, e e mangope le go sa amogelwe sentle. Go ne go le monate tota!”

Kgosi E Ntsha Taolo!

Phuthego nngwe go tswa kwa Soweto e ne e abetswe go ya go rera gaufi le toropo e e kafa botlhaba ya Piet Retief. Ngwao ya koo e laola gore moeng o tshwanetse go bolelela pele induna (kgosi) ya lefelo leo se a se tletseng. Bakaulengwe ba ne ba dira fela jalo. Abo ba ne ba gakgamala jang ne fa kgosi e ne e ba amogela e bo e ba naya marobalo mo ntlong ya yone! Mo godimo ga moo, o ne a kwalela baboledi dikgemetswana tsa pampiri a di iteile setempe sa gagwe sa semmuso gore baboledi ba tsamae ba ikitsise ka tsone fa ba ntse ba tsamaya ka ntlo le ntlo. Se ne se bolela jaana: “Bano ke bareri ba Bogosi jwa Modimo. Ba amogeleng, lo ba reetse.”

Batho ba ne ba arabela ka tsela e e gakgamatsang mo Basupi ba neng ba rulaganya gore ba neye puo ya phatlalatsa mo lebaleng la ntlo ya kgosi ka Sontaga thapama. “Holo” e e mo lebaleng eo e ne e tletse ebile e tshologa, mme pokano eo e ne ya bulwa ya bo ya tswalwa ka thapelo. Boitemogelo jo bo tshwanang jwa bangwe ba ba arabelang sentle bo ile jwa itumelelwa mo metseng e mengwe ya magae.

Motho mongwe yo o ntseng jalo ke Nathaniel, kwa motseng wa Pitsedisulejang kwa kgaolong e e leuba tota ya Bophuthatswana. E ne e le motho yo a neng a tlhabolola loago mme o ne a thusa batho ba mo lefelong leo go jala ka tsela e e tla ba ntshetsang maungo a mantsi. Keletso ya gagwe e kgolo e ne e le go fetola naga e e omeletseng eo paradaise. Mme fa a utlwa gore go tla tloga go tla paradaise ya lefatshe lotlhe, sefatlhego sa gagwe se ne sa tlala boitumelo. O ne a kwala temana nngwe le nngwe e mmoledi a neng a e mmontsha. Nathaniel o ne a golaganngwa ka bonako fela le phuthego e e gaufi thata le ene, e e neng e le dikilometara di le 30 go tloga foo.

Go Thusa Batho Ba Bantsi Ba Ba Batlang Boammaaruri ka Boitumelo

“Jehofa o ne a re bontsha gore ga a thibele batho ba ba bolailweng ke tlala semoyeng go ithuta boammaaruri,” go bolela jalo Monika, yoo e leng mmulatsela, kana mmoledi wa nako e e tletseng wa Bogosi. E ne e le mongwe wa setlhopha sa babulatsela seo se neng se rera go tswa mo polasing e nngwe go ya kwa go e nngwe kwa Orange Free State mo karolong e e fa gare ya naga. Babulatsela ba ne ba ikutlwa jang fa ba ntse ba dira ka natla ba isa mafoko a a molemo kwa bathong bano? “Ke mang tota yo a ka bayang tlhwatlhwa ya dilo tse re di itemogetseng?” ba ne ba araba jalo. Eleruri, babulatsela bano ba ne ba duelwa semoyeng ka ntlha ya maiteko a bone.

Go palelwa ke go bala ga go thibele motho yo o bolailweng ke tlala semoyeng go ithuta boammaaruri jwa Dikwalo. Boroutšhara e e nang le ditshwantsho tse dintle ya Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! e amogelwa sentle segolobogolo ke bao ba sa itseng go bala gotlhelele kana ba ba sa itseng go bala sentle. Bannye le bagolo ba kgatlhiwa ke ditshwantsho tsa yone tse dintle tsa Paradaise. Modiri mongwe wa nako e e tletseng yo a thusang ka go gatisiwa ga dibuka tse di ntseng jalo o ne a akgela jaana: “Boroutšhara eno e thusa batho go bona gore Paradaise ke ya mmatota mme e oketsa tsela ya tlholego e ba tlotlang le go boifa Bibela ka yone.”

Ka lebaka lone le leno, buka ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela e itsege thata. Kwa lefelong la morafe mongwe le le kwa thokothoko kwa Lebowa, bokgaitsadi bangwe ba babedi ba rona ba semoya ba ne ba gakgamala go fitlhela monna le mosadi ba ba tsofetseng ba ebileng ba ne ba sa tlhole ba bona sentle ba na le sekaelo sa buka eno ka puo ya Sepedi. Banyalani bano ba ne ba e dirisa jaaka buka ya thuto e ba rutang bana ba lefelo leo ka yone. Ebile tota, buka eo e ne e ithutilwe tota ebile e tshwailwe thata mo ebileng e ne e setse e gagoga. Abo ba ne ba itumela thata jang ne go bona sekaelo se sesha!

Seo ke seabe se segolo seo dikgatiso tsa Bokeresete jwa boammaaruri di se dirang go thusa bao ba bolailweng ke tlala go bona boammaaruri. Se se kgatlhang ke gore Mokgatlho wa Watch Tower o gatisa karolo e kgolo ya dikgatiso ka dipuo tse di buiwang mo karolong e e kwa borwa ya Afrika. Ka 1990 fela, Mokgatlho ono o ne wa gatisa dibuka, diboroutšhara, le dimakasine di le 113 529 gore di tsamaisiwe mo metseng ya kwa magaeng ya Afrika Borwa.

Maungo A Tiro Eno

A maitemogelo a a molemo ano le dibuka tse di tsamaisitsweng tseno di ile tsa ntsha maungo kwa metseng ya magae ya Afrika Borwa? Eleruri di dirile jalo. Fa esale go tloga ka 1989, diphuthego tse nne le ditlhopha tse di kwa thoko di le robong di ile tsa tlhongwa ka ntlha ya go bolelwa ga mafoko a a molemo mo metseng ya magae ya Afrika Borwa. Babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana mmogo le ba ka metlha ba ile ba etelela pele bontsi jwa tiro eno.

A o santse o gakologelwa Doris le sekolo sa gagwe sa Sontaga kwa mokgatšheng o o kwa kgakala kwa Zululand? Gompieno, ke Mosupi yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa. Mo godimo ga moo, go na le setlhopha sa baboledi ba Bogosi ba le robong ba ba ntseng ba dira kgatelopele ya semoya koo. Go na le ba bantsi ba basha ba ba tlang kwa dipokanong tse di tshwarelwang mo legaeng la ga Doris, mme ba le supa bao a ba tshwarelang dithuto tsa Bibela ba ne ba kolobediwa kwa kopanong ya kgaolo e e neng e tshwaretswe kwa Durban ka December 1990.

Maungo a a ntseng jalo a rotloetsa baboledi ba Bogosi ba mo Afrika Borwa ka tsela e e omosang pelo tota. Ba tseela mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo pelong: “Ha re bōna lobaka, a re kè re diheñ molemō.” (Bagalatia 6:10) Ee, batlhanka ba ga Jehofa ba iketleeditse go ya kwa bathong botlhe ba ba dipelo di ikanyegang, go akaretsa le bao ba nnang kwa dinageng tsa magae tse di “kwa sekhutloñ sa lehatshe.”—Ditihō 1:8.

[Dimmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 24]

(For fully formatted text, see publication)

Lebowa

TERANSEFALA

Soweto

Piet Retief

Bophuthatswana

ORANGE FREE STATE

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela