Pego ya Baboledi ba Bogosi
Batho Ba Ba Batlang Boammaaruri Ba Tsaya Kgato Fa Ba Neelwa Bosupi jo Eseng jwa ka Tlwaelo
BIBELA e re bolelela gore batho ba sekadinku ba tla reetsa lentswe la Modisa yo o Molemo. (Yohane 10:27) Seno se ile sa direga mo dinageng tse dintsi, go akaretsa le Boritane.
◻ Ka sekai, ka 1988, pele fela ga Keresemose, Pamela, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a araba mogala mo ofising koo a neng a dira teng a bo a bua le morekisi mongwe yo a neng a berekela khampani yone eo kwa karolong e nngwe ya Ennyelane. Fa a fetsa go bua, monna yoo o ne a botsa jaana: “A o setse o ipaakanyeditse Keresemose?” Pamela o ne a bolela jaana: “Nnyaa!” “Eseng gore nako e setse e ile?” yo a neng a leditse o a botsa. “Ga ke keteke Keresemose,” Pamela o ne a araba jalo. Monna o ne a bolela gore ga go a tlwaelega a bo a botsa gore ke ka ntlha yang. Pamela o ne a mmolelela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a bo a tswelela ka go tlhalosa gore ga go gope fa Bibela e laelang gore go ketekiwe botsalo jwa ga Jesu gone, le gore kwantle ga seo, Jesu ga a tsholwa ka December 25. Mo godimo ga moo, Keresemose e simolotse e le mokete wa baheitane. Motho yo a neng a leditse mogala yono o ne a bolela gore dilo tsotlhe tseo di ne di utlwala di kgatlha tota.
Dikgwedi di le tharo morago ga foo, Pamela o ne a araba mogala, mme motho yo a neng a leditse o ne a bolela jaana: “A o santse o gakologelwa o bua le nna pele ga Keresemose mme o mpolelela gore o ne o sa keteke Keresemose? Ebu, ke bone boammaaruri!” E ne e le ene monna yole, mme o ne a tlhalosa gore dibeke tse pedi morago ga Keresemose go ne ga tla Basupi ba babedi kwa ntlong ya gagwe. O ne a ba laletsa go tsena, mme go ne ga simololwa thuto ya Bibela. O ne a bolela gore o ne a dirile botswelelopele ka bonako mo dithutong tsa gagwe. O ne a setse a boleletse mosadi yo a neng a nna nae fela ba sa nyalana gore tsela ya bone ya botshelo e ne e sa itumedise Jehofa, ka jalo ba ne ba kgaogana, mme jaanong ba ne ba ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi botlhe.
Ba ne ba nna baboledi ba ba sa kolobediwang kwa bokhutlong jwa ngwaga, mme ba ne ba nyalana kwa tshimologong ya 1990. Morago ba ne ba kolobediwa mmogo. A matswela a a molemo ruri a a bonweng ka bosupi jo bokhutshwane jo eseng jwa ka tlwaelo jo bo neng jwa dirwa ka mogala!
◻ Jehofa o ne a segofatsa kgaitsadi yo mongwe yo a neng a naya bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo kwa Ennyelane. Fa monna wa diinshorense a tla kwa ntlung ya gagwe, kgaitsadi mongwe o ne a mmotsa gore a o batla go nna a itekanetse sentle mo mmeleng, a itumetse ebile a tshelela ruri. O ne a dumela mme a mmotsa gore ke mofuta ofe wa inshorense o a buang ka one. Fa a ntse a bontshiwa go tswa mo Bibeleng gore Modimo o solofeditse botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise, o ne a tsaya sekaelo sa buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise a bo a bala buka eo ka bosigo bo le bongwe. Fa a etela kgaitsadi yono gape, o ne a mmolelela gore tshedimosetso ya gagwe e ne e le molemo thata—fela ke gore ga a na tumelo e e lekaneng go e dumela. Kgaitsadi o ne a mmolelela gore o tlhoka thuto ya Bibela le go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Go ne ga rulaganyediwa thuto ya Bibela, mme o ne a simolola go ya kwa dipokanong. O ne a kolobediwa mo setlheng sa selemo sa ngwaga one oo. Ngwaga fela morago ga foo, o ne a nyala morwadia kgaitsadi yo a neng a mo neela bosupi pele. “Ka jalo,” kgaitsadi o a bolela, “ke bone mokaulengwe le mokgwenyana ka bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo!”
Go boammaaruri gore batho ba ba batlang boammaaruri ba tla tsaya kgato fa ba utlwa boammaaruri jwa Bibela ka bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo. Fela jaaka Jesu a ne a bolela, dinku di reetsa lentswe la gagwe.