A Kereke ya Pele E ne E Ruta Gore Modimo ke Tharonngwe?
Karolo 1—A Jesu le Barutwa ba Gagwe Ba ne Ba Ruta Thuto ya Tharonngwe?
A Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba ruta thuto ya Tharonngwe? A baeteledipele ba dikereke ba dingwagakgolo di le mmalwa tse di neng tsa latela ba ne ba e ruta? E simologile kae? Ebile ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itse boammaaruri ka tumelo eno? Go simolola ka Karolo 1 mo tokololong eno, Tora ya Tebelo e tlile go tlotla ka dipotso tseno mo metseletseleng ya ditlhogo. Ditlhogo tse dingwe tsa motseletsele ono di tla latela mo ditokololong tse di latelang.
BAO ba dumelang gore Bibela ke Lefoko la Modimo ba lemoga gore ba na le boikarabelo jwa go ruta ba bangwe ka Mmopi. Ba lemoga gape gore seo ba se rutang ka Modimo se tshwanetse sa nna boammaaruri.
Modimo o ne wa kgalema “bagomotsi” ba ga Jobe go bo ba ile ba se ka ba dira jalo. “Yehofa a raea Elifase oa Motemama, a re, Bocarara yoa me bo gu tuketse, le ditsala tsa gago tse pedi: gonne ga loa bua se se siameñ kaga me, yaka Yobe motlhanka oa me a buile.”—Yobe 42:7.
Fa a ne a tlotla ka tsogo ya baswi moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore re tla “hitlhèlwa re le bashupi ba Modimo ba re akañ hèla” fa re ruta sengwe seo se seng boammaaruri ka ditiro tsa Modimo. (1 Bakorintha 15:15) Ereka go ne go ntse jalo ka thuto ya tsogo ya baswi, abo re tshwanetse go nna kelotlhoko jang ne fa re ruta thuto ya gore Modimo ke mang!
Thuto ya Tharonngwe
Mo e ka nnang dikereke tsotlhe tsa Labokeresete di ruta gore Modimo ke Tharonngwe. The Catholic Encyclopedia e bitsa Tharonngwe “thuto ya konokono ya tumelo ya Bokeresete,” e e tlhalosa jaana:
“Modimo o o tlhogo di tharo o na le Batho Ba Bararo ba ba kopaneng ebong Rara, Morwa, le Moya O O Boitshepo, Batho Ba Bararo bao eleruri ba sa tshwaneng. Ke gone ka moo Tumelo ya Motheo ya ga Athanasius e buang ka mafoko ano: ‘Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo, le Moya O O Boitshepo ke Modimo, mme lefa go le jalo ga se Medimo e meraro, mme ke Modimo o le mongwe.’ . . . Batho bao ke ba bosakhutleng botlhe ebile ba lekana botlhe: botlhe ka go tshwana ga ba a bopiwa ke ope ebile ke bomothatayotlhe.”1
The Baptist Encyclopædia e tlhalosa ka tsela e e tshwanang. E bolela jaana:
“[Jesu] ke . . . Jehofa wa bosakhutleng . . . Moya O O Boitshepo ke Jehofa . . . Morwa le Moya ba lekana sentle fela le Rara. Fa e le Jehofa le bone ke ene.”2
Mafoko A A Kgalang A Baganetsi
Ka 325 C.E., lekgotla lengwe la bobishopo kwa Nicea kwa Asia Minor le ne la tlhama setlhophana sa ditumelo dingwe se se neng se bolela gore Morwa Modimo ke “Modimo tota” fela jaaka Rara e ne e le “Modimo tota.” Bontlhanngwe jwa setlhopha sa ditumelo tseo bo ne bo bolela jaana:
“Mme fa e le ka bao ba bolelang gore, Ka [nako nngwe] fa [Morwa] a ne a ise a nne teng, le gore Pele a tsholwa O ne a seyo, le gore O ne a itlhagela fela, kana bao ba gatelelang gore Morwa Modimo ke motho yo o farologaneng kana o dirilwe ka sengwe se se farologaneng, kana o bopilwe, kana o kgona go fetoga—Kereke ya Katoliki e ba kgala botlhe.”3
Ka gone, mongwe le mongwe yo a neng a dumela gore Morwa Modimo e ne e se wa bosakhutleng jaaka Rara kana gone gore Morwa o ne a bopiwa go ne go bolelwa gore o tlile go nyelediwa ka bosakhutleng. Motho a ka nna a akanya kafa seno se neng se patelela boidiidi jwa batho gore bo dumalane le seno ka teng.
Lekgotla le lengwe gape le ne la kopana ka ngwaga wa 381 C.E. kwa Constantinople mme la bolela gore moya o o boitshepo o tshwanetse go rapelwa le go galalediwa fela jaaka Rara le Morwa. Mme ngwaga moragonyana, ka 382 C.E., go ne ga kopana lekgotla la baruti kwa Constantinople mme la gatelela gore moya o o boitshepo ke Modimo.4 Mo go one ngwaga oo, kwa lekgotleng lengwe kwa Roma, Mopapa Damasus o ne a tla ka dithuto dingwe tseo kereke e neng e tlile go di kgala. Lokwalo lo lo neng lo bidiwa Tome of Damasus, le ne le bolela dilo tse di latelang:
“Fa go na le mongwe yo o ganang gore Rara ke wa bosakhutleng, Morwa ke wa bosakhutleng, le Moya O O Boitshepo ke wa bosakhutleng: ke motenegi.”
“Fa mongwe a gana gore Morwa Modimo ke Modimo tota, fela jaaka Rara e le Modimo tota, a na le maatla otlhe, a itse dilo tsotlhe, ebile a lekana le Rara: ke motenegi.”
“Fa mongwe a gana gore Moya O O Boitshepo . . . ke Modimo tota . . . o na le maatla otlhe ebile o itse dilo tsotlhe, ebile o lekana le Rara: ke motenegi.”
“Fa go na le mongwe yo o ganang gore batho ba bararo, Rara, Morwa le Moya O O Boitshepo, ke batho ba mmatota, ba ba lekanang, ba bosakhutleng, ba ba nang le dilo tsotlhe tse di bonalang le tse di sa bonaleng, le gore ke bomothatayotlhe, . . . ke motenegi.”
“Fa go na le mongwe yo o bolelang gore [Morwa yo a neng a] dirwa nama o ne a ise a nne pele kwa legodimong le Rara fa a ne a le mo lefatsheng: ke motenegi.”
“Fa mongwe, a bolela gore Rara ke Modimo le Morwa ke Modimo le Moya O O Boitshepo ke Modimo, . . . mme a sa bolele gore ke Modimo o le mongwe, . . . ke motenegi.”5
Bakanoki ba Ba-Jesuit ba ba neng ba ranola mafoko a a fetileng go tswa mo Selatining ba ne ba oketsa ka go akgela jaana: “Mopapa St. Celestine I (422-32) go lebega a ne a tsaya lenaane leno jaaka molao; le ka nna la lejwa jaaka le le tlhalosang tumelo.”6 Mme mokanoki Edmund J. Fortman o gatelela gore seo se utlwala se emela “dithuto tse di utlwalang le tse di nonofileng thata tsa tharonngwe.”7
Fa o le leloko la kereke eo e dumelang thuto ya Tharonngwe, a dipolelo tseno di tlhalosa tumelo ya gago? Mme a o ile wa lemoga gore go dumela thuto ya Tharonngwe jaaka e rutiwa ke dikereke go batla gore o dumele gore Jesu o ne a le kwa legodimong fa a ne a le mo lefatsheng? Thuto eno e tshwana fela le seo moruti wa kereke wa lekgolo la bone la dingwaga ebong Athanasius a neng a se bolela mo bukeng ya gagwe On the Incarnation:
“Lefoko [Jesu] o ne a sa kgorelediwe ke mmele wa Gagwe, lefa e le gone go nna teng ga gagwe ka mmele go ne go sa Mo kgoreletse gore a ka nna felo gongwe gape. Fa A ne a tsamaisa mmele wa Gagwe O ne a kaela le lobopo gape ka Kgopolo le maatla a Gagwe. . . . E santse e le Motswedi wa botshelo wa lobopo lotlhe, a le teng mo karolong nngwe le nngwe ya lone, lefa go ntse jalo a le kwantle ga tsotlhe.”8
Seo Se Kaiwang ke Thuto ya Tharonngwe
Bangwe ba ile ba swetsa ka gore thuto ya Tharonngwe e bolela fela gore Jesu ke modimo. Mo go ba bangwe go dumela Tharonngwe go tshwana le go dumela mo go Rara, Morwa, le moya o o boitshepo.
Lefa go ntse jalo, ditlhophana tsa melao ya Labokeresete fa di sekasekiwa sentle di senola kafa dikgopolo tseno di tlhaelang thata ka teng fa di bapisiwa le molawana o o tlhamaletseng. Ditlhaloso tsa semmuso di phepafatsa sentle fela gore thuto ya Tharonngwe ga se kgopolo fela e e motlhofo. Go na le moo, ke setlhopha sa dikgopolo tse di sa amaneng tse di raraaneng tse di kopantsweng mo lobakeng lo loleele lwa nako di bo di tshwaraganngwa.
Go tswa go seo thuto ya Tharonngwe e neng ya lebega e le sone morago ga Council of Constantinople ka 381 C.E., go tswa go Tome of Damasus ya 382 C.E., go tswa go Tumelo ya Motheo ya ga Athanasius tseo di neng tsa latela moragonyana, le go tswa mo dikwalong tse dingwe, re ka kgona go bona ka phepafalo fela gore Labokeresete e kaya eng ka thuto ya Tharonngwe. E akaretsa dikgopolo tse di tlhomameng tse di latelang:
1. Go bolelwa gore go na le batho ba le bararo—Rara, Morwa, le moya o o boitshepo—mo Modimong o o tlhogo di tharo.
2. Mongwe le mongwe wa batho ba bararo bano ba ba farologaneng go bolelwa gore ke wa bosakhutleng, go se ope yo o tlileng pele kana morago ga yo mongwe.
3. Mongwe le mongwe go bolelwa fa e le mothatayotlhe, go sena yo mmotlana mo go yo mongwe.
4. Mongwe le mongwe go bolelwa a na le kitso yotlhe, a itse dilo tsotlhe.
5. Mongwe le mongwe go bolelwa e le Modimo wa boammaaruri.
6. Lefa go ntse jalo, go bolelwa gore ga se Medimo e meraro mme ke Modimo o le mongwe.
Go phepafetse gore thuto ya Tharonngwe ke setlhopha sa dikgopolo tse di raraaneng tse di akaretsang dikarolo tse di fa godimo tse di botlhokwa le tse dingwe gape tse di oketsegileng, jaaka seo se bonwa fa dikarolwana tsa yone di sekasekiwa. Mme fa re tlhokomela fela dikgopolo tse di fa godimo tseno fela, go bonala sentle gore fa go tlosiwa e le nngwe fela, seo se salang ga e tlhole e le Tharonngwe ya Labokeresete. Gore e kgone go felela, dikarolwana tsotlhe di tshwanetse tsa nna teng.
Ereka jaanong re tlhaloganya lereo “Tharonngwe” botoka, re ka botsa jaana: “A Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba e ruta? Fa go ntse jalo, e tshwanetse ya bo e ne e setse e bopilwe e feletse mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng. Mme ereka seo ba neng ba se ruta se fitlhelwa mo Bibeleng, he thuto ya Tharonngwe e tshwanetse ya bo e le thuto ya Bibela kana e se yone. Fa e le gore ke yone, Bibela e tshwanetse go e ruta ka phepafalo.
Ga go utlwale go akanya gore Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba tla ruta batho ka Modimo mme lefa go le jalo ba sa bolele gore Modimo ke mang, segolobogolo fa badumedi ba bangwe ba ne ba tlile go tshwanela go ineela gore ba bolawe ka ntlha ya Modimo. Ka gone, Jesu le barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba tseela go ruta ba bangwe thuto e e botlhokwa eno kwa godimo.
Tlhatlhoba Dikwalo
Mo go Ditihō kgaolo 17 temana ya 11 batho bangwe ba bolelwa gore ba ne ba “tsalegile bogolo” gonne ba ne ba “lotolotsa mo dikwaloñ ka malatsi aotlhe, ha dilō tse di nntse yalo,” dilo tseo di neng di rutiwa ke moaposetoloi Paulo. Ba ne ba kgothalediwa go dirisa Dikwalo go tlhomamisa dithuto le eleng tsa moaposetoloi tota. Le wena o tshwanetse wa dira se se tshwanang.
Gakologelwa gore Dikwalo di ‘tlhotlheleditswe ke Modimo’ ebile di dirisiwa go “shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (2 Timotheo 3:16, 17) Ka jalo dithuto tsa motheo tse di mo Bibeleng di feletse. Fa e le gore thuto ya Tharonngwe e boammaaruri, e tshwanetse ya bo e le teng mo go yone.
Re go laletsa gore o tlhatlhobe Bibela, segolobogolo dibuka tse 27 tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, go iponela ka bowena gore a Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba ruta thuto ya Tharonngwe. Fa o ntse o batla jalo, ipotse jaana:
1. A nka kgona go bona lokwalo lope fela lo lo umakang “Tharonngwe”?
2. A nka bona lokwalo lope fela lo lo bolelang gore Modimo o dirilwe ke batho ba bararo ba ba sa tshwaneng gotlhelele, Rara, Morwa, le moya o o boitshepo, mme ba bararo bano e le Modimo o le mongwe fela?
3. A nka bona lokwalo lope fela lo lo bolelang gore Rara, Morwa, le moya o o boitshepo ba lekana ka ditsela tsotlhe, jaaka mo go tsheleleng ruri, maatla, boemo le botlhale?
Lefa o ka batla thata jang, ga o kitla o fitlhela lefa e le lokwalo lo le longwe fela loo lo dirisang lefoko Tharonngwe, kana gone go bona lepe fela le le bolelang gore Rara, Morwa, le moya o o boitshepo ba lekana ka ditsela tsotlhe, jaaka ka go tshelela ruri, maatla, boemo, le botlhale. Ga go na le fa e le lokwalo lo le longwe lo lo bolelang gore Morwa o lekana le Rara ka ditsela tseo—ebile fa go na le lokwalo lo lo ntseng jalo, ga le kitla le bua ka Tharonngwe mme gantsi ka “batho ba babedi.” Ga go gope koo Bibela e bolelang gore moya o o boitshepo o lekana le Rara.
Seo Bakanoki Ba Bantsi Ba Se Bolelang
Bakanoki ba bantsi, go akaretsa le batho ba ba dumelang Tharonngwe, ba dumela gore thuto ya Tharonngwe jaaka e ntse ga e yo mo Bibeleng. Ka sekai, The Encyclopedia of Religion e bolela jaana:
“Ba ba tlhalosang kana ba ganetsa ditemana mmogo le baruti gompieno ba dumalana gore Bibela ya Sehebera ga e na thuto ya Tharonngwe . . . Lemororo Bibela ya Sehebera e supa Modimo e le rraagwe Baiseraele ebile fa e bua ka Modimo e bua jaaka ekete ke motho e mmitsa Lefoko (davar), Moya [spirit, ka sekgoa] (ruah), Botlhale (hokhmah), Go nna teng ga gagwe (shekhinah) e tla bo e le go tlola boikaelelo le moya wa Tesetamente E Kgologolo go nyalanya dikgopolo tseno le thuto ya morago jaana ya tharonngwe.
“Mo godimo ga moo, ba ba tlhalosang kana ba ganetsa ditemana mmogo le baruti ba dumalana gore Tesetamente E Ntšha le yone ga e na thuto ya Tharonngwe. Modimo Rara ke motswedi wa sone seo e leng (Pantokrator) gape le rraagwe Jesu Keresete; ‘Rara’ ga se leina la motho wa ntlha wa Tharonngwe mme ke lefoko le lengwe le le kayang Modimo. . . .
“Mo Tesetamenteng E Ntšha ga go gope koo go supiwang gore mmele wa Modimo (‘kgopolo ya tharonngwe’) o bopegile ka tsela efe, kana gone gore Tesetamente e Ntšha e na le puo nngwe ya boranyane ya moragonyana ya thuto eno (hupostasis, ousia, substantia, subsistentia, prosōpon, persona). . . . Ga go kake ga ganelwa gore thuto eno ga e kgone go tlhomamisiwa ka bosupi jwa dikwalo di le esi.”9
Mabapi le dintlha tsa hisitori kaga kgang eno, The New Encyclopædia Britannica e bolela jaana:
“Lefoko Tharonngwe lefa e le yone thuto ya yone ga e yo mo Tesetamenteng E Ntšha . . .
“Thuto eno e ne ya nna teng ka bonya ka bonya ka makgolo a le mmalwa a dingwaga le gone ka dilo tse dintsi tse di ganetsanang. . . .
“E ne e le mo lekgolong la bone la dingwaga fa go farologana ga boraro jono le go kopana ga jone go ne go kopanngwa mo thutong e le nngwe ya kereke ya gore ke selo se le sengwe le gore ke batho ba bararo.”10
New Catholic Encyclopedia le yone e bolela ka tsela e e tshwanang jaana kaga koo Tharonngwe e simologileng teng:
“Ba ba tlhalosang le go ganetsa ditemana mmogo le baithutabodumedi ba Bibela, le palo e e golang ya Baroma Katoliki, ba lemoga gore motho ga a tshwanela go bua ka tumelo ya Tharonngwe mo Tesetamenteng E Ntšha a sa tshwanelege sentle. Gape go na le tsela nngwe gape e e atamalaneng le seo mo letlhakoreng la borahisitori ba ba ithutang ka ditumelo le baithutabodumedi ya gore fa motho a bua ka Tharonngwe mme a sa e supa gore o bua ka efe, motho yoo o tlogile kwa lobakeng lwa fa Bokeresete bo simolola mme re ka re o ile kwa karolong ya bofelo ya lekgolo la bone la dingwaga. E ne ya nna fela ka nako eo fa seo se neng se ka bidiwa thuto ya tharonngwe ya gore ‘go na le Modimo o le mongwe mo Bathong ba bararo’ se ne se tsenngwa ka botlalo mo botshelong le mo kakanyong ya Mokeresete. . . .
“Tlhaloso ka boyone ga e supe lobaka lo le longwe lo e simolotseng ka lone; thuto eno e ne e le sengwe se se tlhamilweng ka makgolo a le 3 a dingwaga.”11
A “Gone E A Kaiwa Lefa E Sa Bolelwa ka Tlhamalalo”?
Batho ba ba dumelang Tharonngwe ba ka nna ba bolela gore Bibela “e kaya ka [Tharonngwe] lefa e sa bue ka yone ka tlhamalalo.” Seo ke maiteko fela a go tsenya Bibela mafoko ganong a seo baruti moragonyana ba neng ba dumalana ka gore e tshwanetse go nna thuto ya motheo.
Ipotse jaana: Ke ka ntlha yang fa Bibela e ka “kaya fela e sa bue ka tlhamalalo” ka thuto e e botlhokwa jaana ya gore Modimo ke mang? Bibela e bolela dithuto tse dingwe tsa motheo ka tlhamalalo fela; ke ka ntlha yang fa e sa dire jalo ka eno e e botlhokwa thata jaana? A Mmopi wa lobopo o ne a ka se ka a kwala buka e e neng e bua e phepafetse fela gore ke Tharonngwe fa e le gore go ne go ntse jalo?
Lebaka leo ka lone Bibela e sa ruteng thuto ya Tharonngwe ka phepafalo le motlhofo: Ga se thuto ya Bibela. Fa e le gore Modimo e ne e le Tharonngwe, eleruri o ne a ka bo a e boletse fela ka phepafalo gore Jesu le barutwa ba gagwe ba kgone go e ruta ba bangwe. Mme tshedimosetso e e botlhokwa eo e ka bo e akareditswe mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo. Batho ba ba sa itekanelang ba ka bo ba se kile ba tlogelwa gore ba tshware bothata makgolokgolo a dingwaga moragonyana.
Fa re tlhatlhoba ditemana tseo ba ba dumelang Tharonngwe ba di umakang jaaka bosupi jwa gore Bibela “e kaya [Tharonngwe] lefa e sa bue ka yone ka tlhamalalo” re bona eng? Mme fa e tlhatlhobiwa ka kelotlhoko go senoga gore dikwalo tseo di bolelwang ga di bue ka Tharonngwe e e tlhalosiwang ke Labokeresete. Go na le moo, baithutabodumedi ba leka go patelela dikgopolo tsa bone tse ba di ikakanyeditseng tsa Tharonngwe mo dikwalong. Mme dikgopolo tseo ga di fitlhelwe mo ditemaneng tsa dikwalo tseo. Ebile tota, dikgopolo tseo tsa Tharonngwe di ganana le bosupi jo bo phepafetseng jwa Bibela ka boyone.
Sekai sa ditemana tse di ntseng jalo se bonwa mo go Mathaio 28:19, 20. Koo Rara, le Morwa, le moya o o boitshepo ba umakiwang botlhe. Ba bangwe ba bolela gore seo se kaya gore ke Tharonngwe. Mme a o ko o ipalele ditemana tseo ka bowena. A go na le sepe fela se se mo ditemaneng tseo se se bolelang gore ba bararo bao ke Modimo o le mongwe wa batho ba ba lekanang ka go tshelela ruri, maatla, maemo, le botlhale? Nnyaa, ga go sepe. Go tshwana fela ka ditemana tse dingwe tseo di umakang boraro jono bo le mmogo.
Fa e le ka bao ba bonang ekete Mathaio 28:19, 20 e kaya Tharonngwe mme e sa bue ka yone ka tlhamalalo fa e dirisa lefoko “ineñ” le le mo bongweng e le dirisetsa Rara, Morwa, le moya o o boitshepo, tsweetswee a ba bapise go dirisiwa ga lefoko “leina,” mo bongweng le dirisediwa Aberahame le Isake mo go Genesise 48:16.—King James Version; New World Translation of the Holy Scriptures.
Batho ba ba dumelang Tharonngwe gape ba umaka Yohane 1:1 go ya kafa dithanolo tse dingwe di e ranotseng ka teng, koo “Lehoko” le bolelwang gore le na le “Modimo” le gore ke “Modimo.” Mme dithanolo tse dingwe tsa Bibela di bolela gore Lefoko e ne e le “wa sebopego sa modimo” kana e le wa “bomodimo,” seo se kaya gore totatota e ne e se Modimo mme fela gore o ne a na le maatla. Mo godimo ga moo, temana eo ya Bibela e bolela gore “Lehoko” yoo o ne a “na le” Modimo. Mme mafoko ao a mo supa ka tsela e e utlwalang gore ga a kake a bo e le one Modimo oo. Go sa kgathalesege gore go swediwa eng ka “Lehoko,” selo sa botlhokwa ke gore go buiwa fela ka batho ba babedi mo go Yohane 1:1, eseng ba bararo. Gangwe le gape, ditemana tsotlhe tse di dirisiwang go leka go tshegetsa thuto ya Tharonngwe di palelwa go dira jalo fa di sekasekiwa ka kelotlhoko.a
Ntlha e nngwe e e tshwanetseng go tlhokomelwa ke eno: Fa e le gore Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba ruta thuto ya Tharonngwe, gone eleruri baruti ba ba neng ba tla morago fela ga bone ba tshwanetse ba bo le bone ba ile ba e ruta. Mme a banna bao, bao gompieno ba bidiwang Borara ba Baaposetoloi, ba ruta thuto ya Tharonngwe? Potso eno e tla arabiwa go Karolo 2 ya motseletsele ono mo tokololong e e tla latelang ya Tora ya Tebelo.
Ditshupiso
1. The Catholic Encyclopedia, 1912, Bolumo XV, tsebe 47.
2. The Baptist Encyclopædia, e e kwadilweng ke William Cathcart, 1883, ditsebe 1168-9.
3. A Short History of Christian Doctrine, e e kwadilweng ke Bernhard Lohse, tokololo ya 1980, tsebe 53.
4. Ibid., ditsebe 64-5.
5. The Church Teaches, eo e ranotsweng ya bo ya kwalwa ke John F. Clarkson, S.J., John H. Edwards, S.J., William J. Kelly, S.J., le John J. Welch, S.J., 1955, ditsebe 125-7.
6. Ibid., tsebe 125.
7. The Triune God, e e kwadilweng ke Edmund J. Fortman, tokololo ya 1982, tsebe 126.
8. On the Incarnation, eo e ranotsweng ke Penelope Lawson, tokololo ya 1981, ditsebe 27-8.
9. The Encyclopedia of Religion, Mircea Eliade, mokwadimogolo, 1987, Bolumo 15, tsebe 54.
10. The New Encyclopædia Britannica, Tokololo ya bo 15, 1985, Bolumo 11, Micropædia, tsebe 928.
11. New Catholic Encyclopedia, 1967, Bolumo XIV, tsebe 295.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e tletseng ya ditemana tsa dikwalo tse di ntseng jalo, bona boroutšhara jwa A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Church at Tagnon, France