A go Ipusolosetsa go Phoso?
Mo tseleng nngwe e kgolo kwa United States, go ne go na le koloi nngwe e mokgweetsi wa yone a neng a se ka a tswela kwa thoko ga tsela ka bonako go letla e nngwe gore e fete. Mokgweetsi wa koloi ya bobedi o ne a ipusolosetsa ka go thuntsha koloi eno e e neng e mo kgopisa, a bolaya mopagami mongwe yo o senang molato.
Mosetsanyana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome o ne a fenngwa ke yo mongwe yo a neng a bona karolo nngwe mo terameng ya sekolo. O ne a ipusolosetsa ka go bolelela mosimane yo mosetsana yono a neng a ratana le ene gore mosetsanyana yono o ratana le mosimane mongwe kwa sekolong se sengwe. O ne a senya botsalano jwa mosetsanyana yono le mosimane yo a neng a ratana le ene.
BATHO ba bantsi ba bona go siame fela go ipusolosetsa fa ba akanya gore ba diretswe phoso. Ka tsela nngwe ba latela tsela eno: “Se galefe, ipusolosetse.” Gompieno, lorato lwa boagelani le kwa tlase thata, mme moya wa go ipusolosetsa one o a gola.—Mathaio 24:12.
Lefa go ntse jalo, wena o leba go ipusolosetsa jang? Fa e le gore o dumela Bibela, gongwe o dumela gore tota go ipusolosetsa go phoso. Mme ereka re tshela mo lefatsheng le le senang bomodimo, o ka nna wa ikutlwa gore go itshwarela eleng selo se se farologaneng thata le go ipusolosetsa, gantsi ga go molemo go go dira. O ne o tla dira eng fa o tsiediwa kana o utswediwa? A o ikutlwa o batla go ipusolosetsa fa mongwe a go itlhokomolosa kana a bua maswe ka wena mo bathong ba bangwe? A o rata go ipusolosetsa kana a o a itshwarela?
Boikutlo jwa go Rata go Ipusolosetsa bo Utlwisa Botlhoko
Legale, dilo tse di kgopisang ga di tshwane. Mme batho ba bantsi bao ba batlang go ipusolosetsa ga se bao ba ileng ba utswediwa kana ba bediwa ke dikebekwa. “Dikgopi” tse di umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno tota di ne di le dinnye, lemororo di ne di lebega di le dikgolo mo dikgopolong tsa batho bao ba neng ba swetsa go ipusolosetsa.
Bibela e bolela gore ga re a tshwanela go nna le boikutlo jwa go ipusolosetsa. Diane 24:29 e gakolola jaana: “U se ka ua re, Ke tla mo dihèla hèla yaka a ntihetse.” Ke ka ntlha yang o sa tshwanela go dira jalo? Selo se segolo ke gore boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka gobatsa maikutlo le mmele thata. Fa o na le kgopolo ya go batla go ipusolosetsa mogopolo wa gago o nna o se mo kagisong ebile ga o kgone go akanya sentle. Tlhokomela pego eno ya dikgang: “Balemi ba babedi bao ba neng ba thuntsha go tswa mo dikoloing tsa bone ba ne ba bolaana kwa lefelong le dikoloi di emisiwang gone, ba ne ba fedisa jalo letlhoo le le nang le dingwaga di le 40 le le simolotseng fa e santse e le bana.” Akanya fela, tsela e banna ba babedi bano ba neng ba akanya ka yone mo matshelong otlhe a bone e ne e sentswe ke moya o o botlhole wa go batla go ipusolosetsa!—Diane 14:29, 30.
Lebaka lengwe gape la go se tlhagolele moya wa go ipusolosetsa ke gore bao ba dirang diphoso—le eleng ba ba dirang diphoso tse di masisi—ba ka fetoga. Ka sekai, moaposetoloi Paulo, ka nako nngwe o ne a “dumèlèla polaō” ya morutwa Setefane le go “ubugèla barutwa ba Morèna pōpō le polaō.” Mme o ne a fetoga. Dingwaga moragonyana moaposetoloi Petere—yo Paulo a neng a kile a bo a batla go mmolaya ka nako nngwe pele ga foo—o ne a mmitsa “Paulo mokauleñwe eo o ratègañ.” (Ditihō 8:1; 9:1; 2 Petere 3:15) Bakeresete ba ne ba ka nna ba leka go ipusolosetsa mo go Paulo, segolobogolo ka nako ya fa a ne a letile, a foufetse, kwa Damaseko. (Ditihō 9:3-15) Abo seo e ka bo e ile ya nna phoso e e masisi jang ne!
Ke gone ka moo Paulo a neng a ka gakolola jaana mo go Baroma 12:20: “Me ha mmaba oa gago a bolailwe ke tlala, u mo hè diyō; ha a le lenyōra, u mo nosè.” Ka ntlha yang? Lebaka ke gore fa re ipusolosetsa mo mmabeng wa rona, re thatafatsa boikutlo jwa gagwe ebile re dira gore letlhoo le le leng fa gare ga rona le nnele ruri. Mme fa re direla motho yo o re kgopisang kana a re utlwisa botlhoko molemo, re ka nna ra nolofatsa boikutlo jwa gagwe mme yo e neng e le mmaba pele yono ya nna tsala.
Go lemoga makoa a rona le gone go re thusa go tlosa botlhoko joo bo gogelang kwa go reng re ipusolosetse. Mopesalema o ne a botsa jaana: “Yehofa, ha u ka bo u nu u lotolotsa maikèpō, go ka bo go èma mañ, Yehofa?” (Pesalema 130:3) Rotlhe re kile ra utlwisa ba bangwe botlhoko kana ra ba kgopisa. A ga re a ka ra itumela fa ba ne ba sa ipusolosetse? A rona he, ga re a tshwanela go ikgapa ka tsela e e tshwanang? Jesu o ne a gakolola jaana: “Ke gōna, cotlhe tse lo ratañ batho ba di lo dihèla, le lona lo ba diheleñ hèla yalo.”—Mathaio 7:12.
Ke boammaaruri gore Bibela ya re: “A lo ko lo ileñ boshula.” (Pesalema 97:10; Amose 5:15) Mme ga e re bolelele gore re ile motho yo o dirang bosula. Ebile tota, Jesu o ne a re laela jaana: “Ratañ baba ba lona, lo rapèlèlè ba ba lo bogisañ.” (Mathaio 5:44) Fa re duela bosula ka bosula, re dira fela jaaka baikepi. Seane sa bogologolo se bolela jaana: “U se ka ua re, Ke tla lehetsa boshula; u lebèlèlè mo go Yehofa, me o tla gu boloka.” (Diane 20:22) A kgopolo e e botlhale ruri! Abo go le botoka thata jang ne go itshupa fa re le bafenyi ka go lwa le teko ya gore re dire dilo jaaka baikepi.—Yohane 16:33; Baroma 12:17, 21.
Ke Mang Yo O Tlileng go Otlhaya?
Gone mme, ditiro tse dingwe di masisi go feta go omana le motho kana go mo utlwisa botlhoko. Go tweng fa e le gore re kile ra tlhaselwa ke dikebekwa? Ka tlholego fela, re ikutlwa gore sengwe se tshwanetse go dirwa gore go tle go siame. Mme ke eng? Mo mafelong a mangwe go tlwaelegile gore batho ba itharabololele dilo ka bobone mme ba ipusolosetse. Mme mafelo a a ntseng jalo gantsi a ile a felela a tletse dintwa tse di maswe. Gompieno, melao ya Modimo le melao ya batho mo makgetlong a mantsi ga e letle batho gore ba ipusolosetse mo dilong tse di phoso tse ba di diretsweng, mme ebile lebaka la seo le molemo. Thubakanyo e e ntseng jalo e tsosa fela thubakanyo e nngwe.
A gone he, motho yo a kileng a tlhaselwa ke dikebekwa o tshwanetse go nna fela mme a itshokele seo? Ga go tlhokege. Fa re tlhaselwa kana dithoto tsa rona di senngwa, go na le balaodi bao re ka yang kwa go bone. O ka nna wa bolelela mapodisi. Fa o le kwa tirong o ka ya kwa mothong yo o tlhokometseng tiro. Fa o le kwa sekolong, o ka nna wa ya go bona mogokgo. Leo ke lengwe la mabaka a go bo ba tlhomilwe—go tlhokomela gore tshiamo e a dirwa. Bibela e re bolelela gore balaodi ba puso ke “modihedi oa Modimo, le mmusholosi mo go eo o dihañ boshula.” (Baroma 13:4) Go batla go dira tshiamo go batla gore puso e dirise thata ya yone, e thibe ba ba tlolang molao le go ba otlhaya.
Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe tshiamo ga e dirwe ka bonako. Mokwadi mongwe yo o lapisitsweng ke botshelo o ne a bolela jaana: “Tshiamo e tshwana le terena e ka metlha e tlang morago ga nako.” Eleruri, ka dinako tse dingwe terena eno ga e ke e tla. Batho ba ba dirang tshiamololo ba ka nna maatla mo balaodi ba sa kgoneng go ba laola. Lefa go le jalo, tsela e e botlhale ke go ikgapa. “Seeleele se tle se bolèle bogale yotlhe yoa shōna: me motho eo o botlhale oa bo kganèla a bo didimatse,” Bibela e bolela jalo.—Diane 29:11.
Ke Mang Yo O Tlileng go Busolosa?
Ka gone, go ithiba gore re se ka ra ipusolosetsa go tla re direla molemo, mme re ka leta fela re ritibetse, re itse gore fa e le gore tshiamo e tshwanetse go dirwa, Modimo o tla dira jalo ka nako e e tshwanetseng. Jehofa o a itse gore badirabosula fa ba sa otlhaiwe ba felela ba dirile boleo. (Moreri 8:11) Ga a kitla a letla baikepi ba ba pelo di thata go gatelela batho goyagoile. Ke gone ka moo moaposetoloi Paulo a re gakololang jaana: “Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna.” (Baroma 12:19) Eleruri, Bibela e bua ka letsatsi le Mmopi a tlileng go ipusolosetsa ka lone. Letsatsi leno la ipusolosetso le tlile go nna lefe? Mme ke bomang ba Modimo o tlileng go ipusolosetsa mo go bone? Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.
[Lebokoso mo go tsebe 4]
Gore o kgone go laola maikutlo a a dirang gore o ipusolosetse, gakologelwa gore
□ Modimo o amegile thata ka tshiamo
□ go nna o ntse o na le boikutlo jwa go batla go ipusolosetsa go kotsi
□ go nna bonolo gantsi go fokotsa mathata a o ka nnang le one le ba bangwe
□ bontsi jwa diphoso tsa rona bo ile jwa itlhokomolosiwa
□ batho ba ba dirang diphoso ba ka fetoga
□ re fenya lefatshe ka go gana go dira go ya ka ditsela tsa lone