A O Tla Amogela Moeng?
Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o tla rata go go etela le go go thusa go oketsa kitso ya gago kaga Modimo, Bogosi jwa gagwe, le maikaelelo a gagwe, jaaka go kwadilwe mo Bibeleng. Re tshepa gore tshedimosetso eno e tla go thusa, ka gonne e tla ntsha dikarabo tsa mathata ao rotlhe re lebaneng le one gompieno. Basupi ba ga Jehofa ba fa motho ka bongwe le setlhopha thuto e e tswang mo Bibeleng mahala fela.
Jalo fa e le gore o ka rata gore motho mongwe yo o tshwanelegang a go etele kwa legaeng la gago, kana kwa lefelong lengwe le le go siametseng, re tla rulaganyetsa seo ka boitumelo. O tla thusiwa go bona eseng fela dikarabo tsa dipotso tsa Bibela mme gape le ditharabololo tsa mathata a gompieno ao a ka rarabololwang ka go dirisiwa ga melaometheo ya Bibela. Gore o kgone go direlwa seno, tlatsa tshedimosetso e e batlwang fa tlase fano fela o bo o e posetsa kwa atereseng e e mo pampitshaneng eno.
Ke batla go itse mo go oketsegileng kaga Bibela. Tsweetswee rulaganyetsang gore mongwe a nketele.