‘Go Sego Botlhe Bao ba Nnang ba Lebeletse mo go Jehofa’
JAAKA FA E BOLETSWE KE DOMENICK PICCONE
Batsadi ba me ba ne ba fuduga go tswa kwa Italy go ya kwa United States fa dingwaga tsa bo 1920 di santse di simolola mme kgabagare ba nna kwa South Philadelphia, eo ka nako eo e neng e itsiwe e le Little Italy. Ka 1927 ba ne ba kopanela le Diithuti tsa Bibela, tse moragonyana di neng tsa itsiwe jaaka Basupi ba ga Jehofa.
KE NE ka tsholwa ka 1929 mme ka ntlha ya moo ke ne ke itse boammaaruri jwa Bibela ke santse ke le mmotlana. Ke santse ke gakologelwa gore Basupi ba ne ba kopanela fa gae pele ga ba ya go rera kwa ditoropong tsa Roma Katoliki kwa dikarolong tsa moepo wa malatlha tsa Pennsylvania, koo bakaulengwe ba neng ba tshwarwa gone gantsi. Ke ne ka kolobediwa ka 1941 kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa St. Louis, Missouri. Morago ga moo dilo di ne tsa simolola go se tsamae sentle.
Ke ne ka simolola go tlwaelana le mofuta o o sa siamang wa basha ba ba neng ba nna gaufi le fa gae mme ka simolola go goga le go betšha mo marakanelong a mebila. Ka lesego, batsadi ba me ba ne ba bona gore ke ne ke tswa mo diatleng tsa bone mme ba swetsa ka gore ba fudugele kwa lefelong le lengwe la motse oo. Ke ne ke sa itumelele seo, ka gonne ke ne ke tlile go latlhegelwa ke ditsala tsotlhe tsa me tsa kwa seterateng. Lefa go ntse jalo, gompieno fa ke akanya sesha ka seno ke utlwa ke leboga rre thata. O ne a dira gore a latlhegelwe ke madi tota gore a ntlose mo lefelong leo. Lemororo mo nakong e e fetileng a ne a ka kgona go tsamaya ka dinao go ya kwa tirong, jaanong o ne a tshwanelwa ke gore a tsamae ka terena sekgala se seleele thata. Mme go fuduga gono go ne ga dira gore ke boele gape mo tikologong ya bolegodimo.
Peo ya Borongwa E A Jalwa
Mo e ka nnang ngwaga mongwe le mongwe, re ne re ya kwa South Lansing, New York, go ya go nna gone kwa go alosiweng ga Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. Fa ke ne ke bona barongwa ba ne ba romelwa kwa lefatsheng lotlhe seno se ne se jala keletso ya go direla jaaka morongwa mo pelong ya me. Ka jalo, morago ga gore ke falole dithuto tsa me mo sekolong se segolo, ke ne ka ikwadisa jaaka modihedi wa mmulatsela wa ka metlha, go tloga ka May 1947.
Mmulatsela yo mongwe yo o neng a le mmotlana mo phuthegong ya rona e ne e le Elsa Schwarz, mme o ne a tlhagafetse thata mo tirong ya go rera. Batsadi ba gagwe ka metlha ba ne ba mo kgothaletsa gore a nne morongwa, ka jalo o ka nna wa bona fela gore go ne ga felela kae. Re ne ra nyalana ka 1951. Fa re ntse re bereka mmogo jaaka babulatsela kwa Pennsylvania, re ne ra dira kopo ya gore re tsene sekolo sa borongwa sa Gileade. Ka 1953 re ne ra lalediwa kwa setlhopheng sa bo 23 sa Gileade. Morago ga dikgwedi di le tlhano re ntse re ithuta le go ipaakanya kwa Gileade, re ne ra aloga kwa kopanong kwa Toronto, Canada, mme re ne ra amogela kabelo ya rona—go direla kwa Spain!
Mathata kwa Spain
Fa re ntse re ipaakanyetsa go tsamaya go ya kwa kabelong ya rona ya borongwa ka 1955, nna le Elsa re ne re na le dipotso di le dintsi. Spain! E ntse jang fela? Morafe oo o ne o le kafa tlase ga puso ya mmusaesi wa Bokatoliki Generalissimo Francisco Franco, mme tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne e thibetswe gone. Re ne re tlile go dira jang kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo?
Re ne ra bolelelwa ke bakaulengwe ba ba kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho kwa Brooklyn gore Frederick Franz, yo ka nako eo e neng e le motlatsa mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, le Alvaro Berecochea, yo e neng e le morongwa go tswa kwa Argentina, ba ne ba tshwerwe, bone mmogo le bakaulengwe ba bangwe ba le bantsi. Go ne ga rulaganyetswa kopano ya sephiri mo sekgweng gaufi le Barcelona. Lefa go ntse jalo, mapodisi a ne a utlwa ka kopano eno ya kafa sephiring mme ba ne ba tshwara ba le bantsi ba ba ba neng ba le gone.a
Re ne ra bolelelwa gore gongwe ga go kitla go nna le motho yo o neng a ka kgona go ya go re kgatlhantsha fa re goroga kwa Barcelona. Re ne ra laelwa jaana: “Batlang hotele, mme lo bo lo itsitse Mokgatlho kwa New York aterese ya hotele eo.” Re ne ra nna ra gakologelwa mafoko a ga Isaia: “Go segō botlhe ba ba . . . letañ [Jehofa]. Le ditsèbè tsa gago di tla utlwa lehoko sehularoñ sa gago, le re, Tsela ke e, tsamaeañ mo go eōna.” (Isaia 30:18, 21) Re ne re tla tshwanelwa fela ke gore re lebelele mo go Jehofa mme re ye fela kwa phuthego ya gagwe e re kaelang go ya gone.
Re ne ra sadisa batsadi ba rona sentle le ditsala tsa rona ba ba neng ba tla New York go tla go re tsamaisa sentle, mme ka bonako fela sekepe sa rona, Saturnia, se ne sa lelesela jalo mo Nokeng ya Hudson se ya kwa Lewatleng la Atlantic. E ne e le lekgetlo la bofelo ke ne ke bona rre. Dingwaga di le pedi morago ga moo, fa ke ne ke tsamaile jalo, o ne a tlhokafala morago ga go lwala lobaka lo loleele thata.
E ne ya re kgabagare ra fitlha kwa re neng re abetswe gone, kwa motseng wa boemelakepe wa Barcelona. E ne e le letsatsi le le neng le le bodutu, pula e na, mme e ne ya re fa re ntse re le moo, re ne ra bona go “phatsima” ga difatlhego tse di itumetseng. Alvaro Berecochea, mmogo le bangwe ba bakaulengwe ba Spain, ba ne ba ile go re kgatlhantsha gone. Re ne re itumetse tota go itse gore bakaulengwe ba rona ba ne ba golotswe.
Jaanong re ne re tshwanetse ra ithuta Se-Spain. Ka nako eo barongwa ba ne ba tshwanetse ba ithuta dipuo ka tsela e e thata—ba sena dibuka tsa thuto le batho ba ba ba rutang. Ka nako eo go ne go sena dithuto dipe tsa puo. Re ne re tshwanetse ra fitlhelela diura tse di batlegang tsa tiro ya go rera mme ka nako e e tshwanang re ithute puo—re ntse re bereka, jaaka fa re ne re ka rialo.
Go Rera Kafa Tlase ga Bobusaesi jwa Katoliki
Phuthego ya ga Jehofa e ne e santse e sa tswa go simolola ka nako eo kwa Spain. Ka 1955 go ne go na le tlhora ya baboledi ba le 366 mo nageng ya batho ba le dimilione di le 28. Go ne go na le diphuthego di le lesome fela ka nako eo mo nageng eno yotlhe. A go ne go tla nna go ntse go ntse jalo goyagoile? Erile fela fa nna le mosadi wa me re ne re simolola go rera ka ntlo le ntlo, re ne ra lemoga gore Spain e ne e tshwana le paradaise mo go bao ba bolelang mafoko a a molemo. Ee, batho ba ne ba bolailwe ke tlala ya boammaaruri.
Mme tiro ya go rera e ne e dirwa jang, ka gonne ba ne ba thibetswe? Ka tlwaelo, re ne re sa etele ntlo nngwe le nngwe mo mmileng, ebile re ne re sa tsene mo dikamoreng tsotlhe mo kagong. Barcelona e na le dikago di le dintsi tse di hirisiwang tse di nang le matlhatlaganyane a le matlhano le tse di nang le a le marataro, mme re ne re laelwa gore re simolole kwa godimo mme re bereke jalo go ya kwa tlase. Gongwe re ne re ka etela kamore e le nngwe fela mo boalong bongwe le bongwe kana gongwe re tlole maalo a mangwe. Tsela eno ya go bereka e ne e dira gore go se ka ga nna bonolo mo mapodising gore ba re tshware fa gongwe mong wa ntlo yo o leng kgatlhanong a ne a ka ya go bolelela mapodisi ka rona.
Dipokano tsa phuthego di ne di tshwarelwa kwa magaeng a bakaulengwe, diphuthego di dirilwe ke ditlhopha tsa thuto ya buka di le tharo go ya go di le nne. Seno se ne se dira gore motlhanka wa phuthego a kgone go etela nngwe le nngwe ya ditlhopha tseno tsa thuto ya buka gangwe ka kgwedi. Motshwari mongwe le mongwe wa thuto ya buka o ne a tshwanetse a tshwara dipokano tsotlhe, tse di neng di tshwarwa mo masigong a le mabedi a a farologaneng a beke mo ditlhopheng tse dinnye tsa batho ba le 10 go ya go ba le 20.
Re ne ra tshwanelwa ke gore re ithute tsela e ntšha ya botshelo. Ka nako eo go ne go sena dithulaganyo dipe tsa magae a barongwa kwa Spain. Fa go kgonegang gone, re ne re dula le bakaulengwe kwa magaeng a bone. Go ithuta go apaya ka pitsanyana e nnye e e nang le magala kafa tlase e ne e le selo se se gwetlhang tota mo go Elsa! Kgabagare re ne ra kgona go reka setofo se sennye sa parafene, mme e ne e le kgatelopele ya mmatota.
Go Bogisiwa le go Lelekwa
Morago ga nakonyana re ne ra utlwa gore batho ba simololwa go bogisiwa kwa Andalusia, koo mmulatsela yo o kgethegileng a neng a tshwarwa gone. Sebe sa phiri ke gore, o ne a na le bukana e e neng e na le maina le diaterese tsa bakaulengwe mo dikarolong tsotlhe tsa naga. Re ne ra tswelela re utlwa dipego tsa gore bakaulengwe ba rona ba ne ba tshwarwa mo toropong nngwe le nngwe. Batlhankela bano ba ba tlhaselang ba ne ba ntse ba tla ba atamela Barcelona. Kwa bokhutlong, pogiso e ne ya fitlha le kwa Barcelona.
Dikgwedi di le mmalwa pelenyana ga moo, mapodisi a ne a ntsaya a nkisa kwa ntlongkgolo ya bone go ya go mpotsolotsa gone. Morago ga diura di se kae ke ne ka gololwa, mme ke ne ka akanya gore go ne go setse go fedile. Mme Moemedi mongwe wa Moamerika o ne a ikgolaganya le nna mme a mpolelela gore fa ke sa batle go tlhabisiwa ditlhong ke go lelekwa ke puso, ke tshwanetse ka tswa mo nageng eno ka bonna. Moragonyana fela, mapodisi a ne a re itsise gore re na le malatsi a le lesome fela gore re bo re tswile. Ka gonne re ne re sena nako ya go kwalela Mokgatlho wa Watch Tower, re tshwanetse ra dirang? Go ne ga bonala maemo a ne a batla gore re ye kwa tshimong e e neng e le fa gaufi ya borongwa kwa ntle ga Spain—kwa Portugal, kwa bophirima.
Kabelo E Nngwe Gape, Puo E Nngwe Gape
Fa re fitlha kwa Lisbon, Portugal, ka July 1957, re ne ra abelwa jaaka barongwa go ya kwa Porto, motse o o neng o le botokanyana kwa bokone jwa Lisbon. O ne o tsewa jaaka motse wa bobedi o mogolo mo nageng eo mme e ne e le karolo e e neng e itsege ka bojalwa jo bo neng bo dirwa kwa Portugal. Phuthego e e neng e le gone koo e ne e tshwarela dipokano tsa yone kwa boalong jo bo kwa tlase mo kagong nngwe e e neng e le kwa tlase mo toropong eo. Tiro ya go rera e ne e thibetswe le kwa Portugal, ka gonne naga eo e ne e le kafa tlase ga bobusaesi jwa ga Salazar. Lefa go ntse jalo, maemo a gone a ne a farologane gotlhelele le a a kwa Spain. Dipokano di ne di tshwarelwa mo magaeng a bakaulengwe, mme go ne go kopanela ditlhopha tsa batho ba le 40 go ya go 60. Go ne go sena sepe se se bontshang gore matlo ano e ne e le mafelo ao Basupi ba ga Jehofa ba neng ba kopanela mo go one. Lemororo ke ne ke sa bue Sepotokisi, ke ne ka tlhophiwa gore ke nne motlhanka wa phuthego. Gape, re ne ra ithuta puo e ntšha ka tsela e e boima.
Mo e ka nnang sebaka sa ngwaga moragonyana, re ne ra abelwa kwa Lisbon. Gone, e le lekgetlho la ntlha, re ne re na le lefelo le eleng la rona le re nnang mo go lone, lefelo le le hirisiwang le le kwa godimonyana ga motse wa Lisbon. Re ne re abetswe go tlhokomela potologo eo—Repaboliki yotlhe ya Portugal. Fa re ne re fitlha kwa Portugal, go ne go na le baboledi ba le 305 fela le diphutego di le tlhano.
Nako ya Mathata E A Simolola
Mo go nngwe ya dimmapa tse di neng di bontsha Portugal le dinaga tse dingwe tse di leng kafa tlase ga yone, go ne go na le polelo e e reng: “Letsatsi ga le ko le bo le phirima mo mafelong a a busiwang ke Portugal.” Go ne go ntse jalo, ereka Portugal e ne e na le dikolone mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, tseo di le pedi tsa tse dikgolo go gaisa e neng e le Mozambique le Angola kwa Afrika. Ka 1961 go ne ga lebega ekete go na le mathata ao a neng a tlhagoga mo dinageng tseno tse e neng e le dikolone, mme Portugal e ne ya bona go tlhokega go oketsa mephato ya yone ya sesole.
Jaanong, bakaulengwe ba ba santseng ba le babotlana ba ne ba tla dira eng fa ba ne ba patelediwa gore ba tsenele tirelo ya sesole? Ba bangwe ba bone ba ne ba kgona go tlogelwa ka ntlha ya go bo ba ne ba sa itekanela sentle mo mmeleng, mme ba le bantsi ba ne ba tsaya boemo jo bo tlhomameng jwa boitlhaodi jwa Bokeresete. Ka bonako fela pogiso e ne ya simolola ka maatla. Lekala le ne la amogela dipego tsa gore babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba tshwarwa mme ba ne ba itewa mo go botlhoko ke mapodisi a sephiri, a P.I.D.E. (Polícia Internacional e Defesa do Estado) a neng a itsiwe ka bosetlhogo. Bangwe ba rona barongwa re ne ra bilediwa kwa ntlongkgolo ya mapodise gore re ye go botsolodiwa gone. Go tswa foo, banyalani ba le bararo ba ne ba newa malatsi a le 30 gore ba tswe mo nageng. Rotlhe re ne ra dira boikuelo mo pusong gore e fetole tshwetso ya yone ka rona.
Banyalani ba barongwa ba ne ba bilediwa ka bongwe ka bongwe kwa ntlongkgolo ya mapodisi gore ba ye go botsolodiwa ke mokaedi wa P.I.D.E. Lekgetlo la ntlha, motlhanka wa lekala, ebong Eric Britten, le mosadi wa gagwe, ebong Christina, ba ne ba botsolodiwa. Mme morago ga moo, Eric Beveridge le mosadi wa gagwe, Hazel, mme lwa bofelo nna le Elsa re ne ra botsolodiwa. Moeteledipele wa mapodisi o ne a re latofatsa ka tatofatso ya maaka ya gore re dirisiwa ke Makomonisi go nyatsa lefatshe la Bophirima ka thuto ya rona ya boitlhaodi. Boikuelo jwa rona ga bo a ka jwa thusa sepe.
Abo go ne go utlwisa botlhoko jang ne go tlogela bakaulengwe le bokgaitsedi ba le 1 200 bao ba neng ba le mo nakong e e boima ka ntlha ya puso e e makgwakgwa ya mmusaesi yo o neng a sa akanyetse! Fa ba ga Beveridge ba ne ba ya kwa Spain le ba ga Britten ba ne ba boela kwa Ennyelane, rona re ne re tla abelwa kae gape? Kwa nageng ya Bamoselema ya Morocco!
Go Rera kwa Nageng ya Bamoselema ya Morocco
Gape, re ne re ntse re lebeletse kwa go Jehofa. Kabelo e ntšha, tlwaelo e ntšha, le dipuo tse disha! Dipuo tsa Se-Arabia, Sefora le Se-Spain e ne e le dipuo tse dikgolo tsa Bogosi jwa Morocco, koo go neng go na le Basupi ba le 234 le diphuthego di le robedi. Bodumedi jo bogolo mo nageng eo e ne e le Boiselamo, mme go rera mafoko a a molemo mo Bamoselamong e ne e le selo se se seng kafa molaong. Ka jalo re ne re rera fela thata mo bathong ba ba tswang kwa Yuropa bao eseng Bamoselema.
E ne ya re fela fa barongwa ba ne ba simolola fa dingwaga tsa bo 1950 di ela bokhutlong, go ne ga bonwa koketsego e kgolo. Mme puso ya Morocco e ne ya simolola go gatelela batho ba Bayuropa, mme go ne go na le batho ba le bantsi ba ba tswang kwa dinageng di sele bao ba neng ba fuduga ba tswa moo, go akaretsa le bakaulengwe ba le bantsi.
Ka jaana re bona batho ba eseng Bamoselema ba ngotlega ka palo, re ne ra iphitlhela re patelesega go batla ditsela tse di botlhale tsa go bua le Bamoselema, mme seno se ne sa dira gore batho ba ngongorege kwa mapodising. Fa ba ntse ba ngongorega jalo kwa Tangier le kwa metseng e mengwe, kwa bokhutlong re ne ra bolelelwa gore re ne re saletswe fela ke malatsi a le 30 gore re tswe mo nageng. Ka May 1969, nna le Elsa re ne ra lelekwa gape mo kabelong e nngwe.
A E Ne E Le Kabelo ya Nako E Khutswane?
Re ne ra bolelelwa gore re boele kwa Brooklyn, mme ke ne ka lalediwa gore ke nne gone kwa pokanong e e neng ya tshwarwa le batlhanka ba makala mo selemong seo. Fa re le koo, ke ne ka itsisiwe gore kabelo ya rona e ntšha e ne e tla nna kwa El Salvador, kwa Amerika Bogare, le gore ke ne ke tshwanetse ka ya go direla gone jaaka motlhanka wa lekala. Ke ne ka bolelelwa gore gongwe go ne go tla tsaya dingwaga di le tlhano, bogolo jwa dingwaga tseo barongwa ba neng ba letleletswe go di nna mo nageng eo, ereka tiro ya rona e ne e sa letlelelwa semolao gone.
El Salvador—a kabelo ruri! Go ne go na le baboledi ba le 1 290, go akaretsa le palogare ya babulatsela ba le 114 ba ba neng ba bega kgwedi nngwe le nngwe. Batho bao ba ne ba boifa Modimo, ba rata Bibela, ebile ba rata go amogela baeng. Mo e ka nnang mo ntlong nngwe le nngwe, ba ne ba re kopa gore re tsene mme re bue le bone. Mo nakong e khutshwane fela, re ne re na le dithuto tsa Bibela tse dintsi tse re neng re ka kgona go di tlhokomela.
Fa re ntse re bona kafa go neng go na le koketsego ka gone le kafa go neng go na le tlhokafalo e kgolo ka gone, re ne ra utlwa botlhoko gore re ne re tlile go tshwanelwa ke gore re tlogele kabelo eno morago fela ga dingwaga di le tlhano. Ka jalo go ne ga swediwa ka gore re leke go dira gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa e amogelwe semmuso. Re ne ra isa dipampiri tsa rona kwa pusong ka December 1971, mme ka April 26, 1972, re ne ra itumelela go bala mo lokwalodikgannyeng lwa puso, eleng Diario Oficial, gore kopo ya rona e amogetswe. Barongwa ba ne ba se kitla ba tlhola ba tshwanelwa ke gore ba tswe morago ga dingwaga di le tlhano mme ba ne ba ka batla tetla ya go nnela ruri mo nageng eo.
Diteko le Masego
Mo dingwageng tseno tsotlhe mo dikabelong tsa rona tse di farologaneng, re ile ra dira ditsala di le dintsi mme ra bona loungo lwa bodihedi jwa rona. Elsa o ne a nna le boitemogelo jo bo molemo thata kwa San Salvador le morutabana wa kwa sekolong le monna wa gagwe wa lesole. Nngwe ya ditsala tsa morutabana yono le ene o ne a kgatlhegela boammaaruri. Kwa tshimologong monna wa gagwe o ne a sa bontshe a kgatlhegela Bibela; lefa go ntse jalo, re ne ra mo etela fa a ne a le kwa kokelong, mme o ne a le botsalano fela. Morago ga moo o ne a ithuta Bibela, a tlogela tiro ya gagwe ya bosole, mme a simolola go rera le rona.
Mo godimo ga moo, lekgarejana lengwe le ne la tsena kwa Holong ya Bogosi mme la botsa Elsa gore a o ne a ithuta le motho yono yo e neng e le lesole pele. Re ne ra utlwa gore e ne e le nyatsi ya gagwe! Le ene o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Kwa kopanong ya kgaolo, monna yo o neng a le lesole pele, mosadi wa gagwe, tsala ya mosadi wa gagwe, le yo e neng e le nyatsi ya gagwe pele ba ne ba kolobediwa!
Koketsego kwa El Salvador
Ka ntlha ya koketsego e kgolo, go ne ga agiwa Diholo di le dintsi tsa Bogosi, mme naga eno jaanong e na le Basupi ba ba tlhagafetseng ba ba fetang ba le 18 000. Lefa go ntse jalo, kgatelo pele eno e ne e sa direge kwantle ga diteko le dithaelo. Ka dingwaga di le lesome, bakaulengwe ba ne ba tshwanelwa ke gore ba dire thato ya ga Jehofa mo gare ga dintwa tsa morafe. Mme ba ne ba ntse ba boloka boitlhaodi jwa bone mme ba nna ba ntse ba ikanyega mo Bogosing jwa ga Jehofa.
Ka bobedi jwa rona, nna le Elsa re ne re le mo tirelong ya nako e e tletseng ka dingwaga di le 85. Re ne ra bona gore fa re nna re lebeletse mo go Jehofa mme re reeditse ‘lefoko kafa morago le re “Tsela ke e, tsamayang mo go yona,”’ ga re swabisiwe. Eleruri re ipeletse botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo duelang jaaka batlhanka ba ga Jehofa ba nako e e tletseng.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona 1978 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 177-9.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Kopano mo sekgweng kwa Spain, ka 1956
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Re ne re tlwaetse go rera mo bathong bao eseng Bamoselema ba ba kwa Morocco
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Lekala kwa El Salvador, kabelo e re leng mo go yone gone jaanong