A Saense E Ka Kgona go Bontsha Gore Dikgakgamatso Ga Di Ise Di Ko Di Diragale?
A dikgakgamatso tse di mo Bibeleng di kile tsa direga tota? Go na le batho ba le bantsi, go akaretsa le borrasaense ba le mmalwa le baeteledipele ba bodumedi, bao ba arabang ka gore nnyaa. Ba akanya gore go dumela mo dikgakgamatsong ke dilo tsa nako ele ya tumelabotlhodi le gore saense ya segompieno e bontsha gore ga go kgonege gore di bo di ile tsa direga. Ka ntlha ya moo, lekwalo le le latelang le le kwadilweng mo go The Times ya London ebile le saenilwe ke borasaense ba le mmalwa le a kgatlhisa. Le bolela jaana:
“Ga go utlwale go dirisa saense go bontsha gore dikgakgamatso ga di ise di direge. Go dumela gore dikgakgamatso ga di ka ke tsa direga ke selo sa tumelo fela jaaka fa go dumela gore di ka direga go ntse. . . . Dikgakgamatso ke ditiragalo tse di iseng di ko di direge pele ga moo. Go sa kgathalesege seo mekgwa ya morago jaana ya matlhale e se akantshang kana gore dilo tse di senolwang ke mogopolo di akantsha eng, go botlhokwa go tlhomamisa gore saense (e e theilweng jaaka fa e theilwe mo dilong tse di neng tsa bonwa tse di neng tsa direga pele ga moo) ga e amane ka gope le kgang eno. ‘Melawana’ ya yone e akaretsa fela se re se boneng. Tumelo e theilwe fela mo dilong tse dingwe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Eleruri, ga go na tsela epe eo saense ya bosheng e ka kgonang go ganetsa dipego tsa dikgakgamatso tse di kwadilweng mo Bibeleng ka yone.