Go Buisana le ba Bangwe mo Bodiheding Jwa Bokeresete
“Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa.”—MATHAIO 28:19.
1.Ke thomo efe eo e neetsweng ke Keresete eo e neng e bontsha kafa go tlhokegang ka gone go buisana le batho?
THOMO ya ga Jesu, e e tsopotsweng fa godimo, e re neela kgwetlho ya go buisana le batho mo bodiheding jwa rona fa re tsamaya ka ntlo le ntlo, re boela kwa bathong bao re kopaneng le bone mo nakong e e fetileng, le fa re nna le seabe mo dikarolong tse dingwe tsotlhe tsa go rera ka Bogosi. Mo thomong eo go na le boikarabelo jwa go itsise boammaaruri kaga Jehofa Modimo, Jesu Keresete, le Bogosi jwa Bomesia joo Jesu a busang mo go jone jaanong.—Mathaio 25:31-33.
2. E le gore re buisane le batho ka tsela e e nang le mosola, re tlhoka eng?
2 Re ka kgona jang go buisana le ba bangwe ka tsela e e tla ba tswelang molemo? Sa ntlha, re tshwanetse ra dumela mo go se re buang ka sone. Ka mantswe a mangwe, re tshwanetse ra nna le tumelo e e maatla ya gore Jehofa ke ene fela Modimo o o osi wa boammaaruri, gore eleruri Bibela ke Lefoko la Modimo, le gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo ya batho. Fa re dira jalo, seo re se rutang se tla tswa mo pelong, mme re tla bo re tsaya tsiya kgakololo eo Paulo a neng a e neela Timotheo jaana: “U tlhōahalèlè go ichupa u le molebosègi mo Modimoñ, u le modihi eo o senañ go tlhaywa ke ditlhoñ, u bua lehoko ya boamaruri ka tshiamō.”—2 Timotheo 2:15.
Go Buisana le Ba Bangwe O Sa Dirise Mafoko
3-5. (a) Re ka buisana jang le batho kwantle ga gore re ntshe lefoko? (b) Ke maitemogelo afe ao a bontshang seno?
3 Go buisana le ba bangwe gantsi go akaretsa go dirisa mafoko. Mme tota gone re tlotla le batho tota le eleng pele ga re bua le bone. Jang? Ka tsela eo re itshwarang ka yone le ka tsela eo re aparang ka yone le go ikgabisa ka yone. Dingwaga di sekae tse di fetileng moalogi mongwe wa morongwa wa Sekolo sa Bibela sa Gileade sa Watchtower o ne a tsamaya ka sekepe go ya kwa kabelong ya gagwe ya kwa nageng e sele. Morago ga malatsi a sekae a le mo lewatleng, motho mongwe yo a sa mo itseng o ne a mmotsa gore ke ka ntlha yang fa a farologane jaana le ba bangwe ba ba mo sekepeng. Morongwa yono ka tsela eo a lebegang ka yone fela le tsela eo a itshwarang ka yone mo go ba bangwe, o ne a bolela sengwe se se lemotshegang—eleng gore o ne a na le ditekanyetso tse di farologaneng le gore o ne a kgona go atamelwa. Seno se ne sa neela morongwa tshono e e molemo ya gore a neele bosupi.
4 Gape, kgaitsadi mongwe yo o neng a eme mo mmileng a tsamaisa dibuka tsa Bibela mo bathong ba ba fetang ka tsela o ne a nyenya ka tsela e e botsalano mo mosading yo o neng a tsamaya gaufi le ene. Mosadi yono o ne a simolola go fologa mo ditepiseng go ya kwa seteisheneng se se neng se le kwa tlase. Mme morago ga moo o ne a fetola mogopolo wa gagwe, a boela gape kwa go kgaitsadi yole, mme a kopa thuto ya legae ya Bibela. Ke eng se se neng se mo kgatlhile? Lemororo a ne a sa neelwa dibuka tsa Bibela, o ne a bone monyenyo o o botsalano go tswa mo Mosuping yono yo o dirang tiro ya mmila.
5 Sekai sa boraro: Setlhopha sengwe sa Basupi ba basha se ne se ja mo resetšhurenteng nngwe mme ba ne ba gakgamala fa ba bona motho mongwe yo ba sa mo itseng a atamela tafole ya bone mme a duelela dijo tsa bone. Ke ka ntlha yang fa a ne a dira jalo? O ne a kgatlhilwe ke tsela eo ba itshwarang ka yone. Kwantle ga gore ba bue le motho yo ba sa mo itseng yono, Bakeresete bano ba basha ba ne ba ile ba bontsha gore ke batho ba ba boifang Modimo. Go a bonala he gore, ka tsela eo re itshwarang ka yone, tsela eo re lebegang ka yone, le go nna botsalano, re bua tota le eleng pele re ntsha lefoko.—Bapisa 1 Petere 3:1, 2.
Go Bontshana Mabaka Ke Selo Se Se Botlhokwa mo Puisanong
6. Bontsha kafa go bontshana mabaka le motho go leng botlhokwa ka gone mo go buisaneng le batho.
6 Gore re buisane le batho ka go ba bolelela mafoko a a molemo, re tshwanetse ra bo re ipaakantse, re se ka ra bolelela batho bano, mme re bontshane mabaka le bone. Re bala gangwe le gape gore Paulo o ne a bontshana mabaka le bao a neng a leka go ba neela mafoko a a molemo. (Ditihō 17:2, 17; 18:19) Re ka latela jang sekao sa gagwe? Gone, maemo a lefatshe ao a ntseng a senyegela go ya pele a ka nna a bo a dirile gore batho bangwe ba ipotse gore a Modimo mothatayotlhe yo o lorato yo o kgathalelang setho o gone. Lefa go ntse jalo re ka nna ra ba bontsha gore Modimo o na le nako ya sengwe le sengwe. (Moreri 3:1-8) Ka gone Bagalatia 4:4 e bolela gore fa nako e e leng yone ya Modimo e ne e fitlha, o ne wa romela Morwaawe mo lefatsheng. Seno se diragetse dingwaga di le dikete morago ga gore a solofetse gore o tlile go dira jalo. Ka mo go tshwanang, fa nako ya gagwe e e tshwanetseng e tla, o tla fedisa pogo le boikepo jotlhe. Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le bontsha gore Modimo o na le mabaka a a mo pateletsang gore a letle boikepo gore bo tswelele sebaka se seleele jaana. (Bapisa Ekesodo 9:16.) Go tlotla le motho ka dilo tseno, mme o tshegetsa dintlha tsa gago ka ditshwantsho le bosupi jo bo maatla jwa Dikwalo, go tla thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang gore ba lemoge gore go ntsifala ga boikepo ga go kake ga dirisiwa go bontsha gore Jehofa ga a gone kana gore ga a kgathale.—Baroma 9:14-18.
7, 8. Go bontshana mabaka le motho go ka re thusa jang go buisana le motho wa bodumedi jwa Sejuda?
7 A re re gongwe fa o ya ka ntlo le ntlo, mong wa ntlo o go bolelela jaana: “Ke Mojuda. Ga ke kgatlhege.” O ne o ka tswelela jang? Mokaulengwe mongwe o bolela gore o ne a atlega fa a ne a bolela jaana: ‘Ke dumela gore o tla dumalana le nna gore Moshe e ne e le yo mongwe wa baperofeti ba bagolo bao Modimo o kileng wa ba dirisa. Mme a o ne o itse gore o ne a bolela se se neng se kwadilwe mo go Duteronome 31:29: “Kea itse ha e tla re ke sena go shwa lo tla . . . hapoga tsela e ke e lo laoletseñ; me boshula bo tla lo wèla mo metlheñ ea moragō”? Moshe e ne e le moperofeti wa boammaaruri, ka jalo mafoko a gagwe a ne a tshwanetse a diragala jaaka fa a ne a a buile. A e ka tswa e le gore a ne a diragala jalo fa Modimo o ne a romela Mesia mo Bajudeng ebile ke lone lebaka la go bo Bajuda ba ne ba gana go mo amogela? Go ka nna ga bo go ile ga nna jalo. Mme fa go diregile jalo mme ba dirile phoso, a go na le lebaka lepe fela la gore nna le wena re dire phoso e e tshwanang?’
8 Gape gakologelwa gore Bajuda ba ne ba bogisega thata mo diatleng tsa Labokeresete, bogolo jang mo lekgolong leno la dingwaga, ka jalo o ka nna wa rata go bolelela mong wa ntlo gore ga re a ka ra nna le seabe mo go seo. Ka sekai, o ka nna wa rata go mmolelela jaana: ‘A o ne o itse gore fa Hitler a ne a busa, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gwetlha go gana ga gagwe Bajuda? Gape ba ne ba gana go “Galaletsa Hitler” le go direla mo masoleng a gagwe.’a
9, 10. Go bontshana mabaka le motho go ka dirisiwa jang go thusa motho yo o dumelang mo molelong wa dihele?
9 Fa o leka go buisana le motho yo o dumelang mo molelong wa dihele, o ka nna wa leka go mmontsha gore fa e le gore motho o tshwanetse a boga goyagoile mo diheleng, o tshwanetse a bo a na le moya o o sa sweng. Motho yo o dumelang mo molelong wa dihele o tla dumalana kwantle ga tiego epe. Mme morago ga moo o ka nna wa umaka pego e e malebana le popo ya ga Adame le Efa mme o mmotse ka tsela e e bonolo fela gore a o ile a lemoga felo gope fela koo pego eno e umakang moya o o ntseng jalo o o sa sweng gone. Fa o tswelela o ntse o leka go mmontsha mabaka jalo, o ka nna wa mo tlhokomedisa Genesise 2:7, koo Bibela e re bolelelang gore Adame o ne a nna moya. Mme tlhokomela gore Modimo o ne wa bolela gore boleo jwa ga Adame bo ne bo tla felela ka eng: “U tla ya diyō ka mohuhucō oa sehatlhōgō sa gago, u bo u tle u tsamaee u boèla mo mbuñ; gonne u ntshicwe mo go ōna: gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” (Genesise 3:19) Ka ntlha ya moo, moya Adame o ne wa boela gape mo loroleng.
10 Gape o ka nna wa mmontsha ntlha ya gore ga go na gope mo go Genesise koo Modimo o buang ka pogiso ya goyagoile ya molelo wa dihele teng. Fa Modimo o ne o tlhagisa Adame gore a se ka a ja leungo leo a le thibetseng o ne wa bolela jaana: “Ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Genesise 2:17) Ga go buiwe sepe fela ka molelo wa dihele! Fa e ne e le gore matswela a mmatota a go leofa ga ga Adame e ne e se kitla e nna loso, ‘go boela kwa loroleng,’ mme e ne e tla nna go boga goyagoile, ka tshiamiso yotlhe a Modimo o ne o sa tshwanela gore a bo a ile a tlhalosa seno ka tsela e e utlwalang? Ka ntlha ya moo, go bontshana mabaka le ene ka kelotlhoko le ka tsela e e bonolo go ka nna ga thusa motho yo o pelo e ikanyegang gore a bone kafa tumelo ya gagwe e sa tlhomamang ka gone. Le ka motlha re se ka ra bo ra itlhokomolosa kafa go leng botlhokwa ka gone gore re ikuele mo go bontshaneng mabaka le batho fa re bua le bone ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.—Bapisa 2 Timotheo 2:24-26; 1 Yohane 4:8, 16.
Dinonofo Tse Di Batlegang Gore O Buisane le Ba Bangwe ka Tsela E E Solegelang Molemo
11-13. Ke dinonofo dife tsa Bokeresete tse di ka go thusang go buisana le batho ka tsela e e nang le mosola?
11 Jaanong, ke dinonofo dife tseo re tshwanetseng ra di tlhagolela e le gore re bolelele ba bangwe boammaaruri jwa Bogosi ka tsela e e nang le mosola? Gone, sekao sa ga Jesu se re bolelelang? Mo go Mathaio 11:28-30, re bala mafoko ano a gagwe: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ; me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.” Fano re bona nngwe ya dilo tsa konokono tseo di neng di dira gore Jesu a atlege fa a bua le batho. O ne a le bonolo le boingotlo mo pelong. Batho ba ba dipelo tse di siameng ba ne ba fitlhela gore o a lapolosa. Moaposetoloi Paulo le ene o ne a tlhoma sekao se se molemo ka gonne, jaaka fa a ne a bolelela bagolwane ba kwa Efeso, go tloga fela ka letsatsi la ntlha leo a neng a tla kwa go bone ka lone o ne a direla Morena “ka boikokobeco yotlhe yoa pelo.”—Ditihō 20:19.
12 Fa ka metlha re bontsha go nna bori le go nna boikokobetso, batho ba bangwe ba tla bona gore le rona re a lapolosa, mme go tla nna bonolo gore re buisane le bone. Boikutlo jo bongwe bo sele go bonala bo tla lere sekgoreletsi mo gare ga rona le batho bao re lekang go buisana le bone. Ke boammaaruri gore, “botlhale bo nna le eo o ikgōbalatsañ.”—Diane 11:2.
13 E le gore re bolelele batho bano tshedimosetso eno ka tsela e e nang le mosola gape re tlhoka go nna pelotelele le go nna ba ba dirang dilo ka botlhale. Moaposetoloi Paulo o ne a dira dilo ka botlhale tota fa a ne a neela batlhalefi ba ba neng ba phuthegile fa pele ga gagwe kwa Mars’ Hill bosupi. O ne a bolela mafoko a a molemo ka tsela eo ba neng ba ka kgona go e tlhaloganya. (Ditihō 17:18, 22-31) Fa e le gore re rata go buisana le bareetsi ba rona ka tsela e e atlegileng, re tshwanetse ra utlwa kgakololo e moaposetoloi Paulo a neng a e neela Bakolosa fa a ne a bolela jaana: “A puo ya lona e nne e e molemo le ka motlha e se ka ya nna e e seng monate; lo ithute kafa lo ka buang le motho mongwe le mongwe yo lo kopanang le ene ka tsela e e botoka go gaisa ka gone.” (Bakolosa 4:6, The New English Bible) Puo ya rona e tshwanetse ya nna e e itumedisang ka metlha. Puo e e ntseng jalo e tla bula megopolo ya bao ba re reeditseng, me fa re bua ka tsela ya go se akanyetse seno se tla dira gore ba se ka ba re reetsa.
14. Go simolola motlotlo ka tsela e e ritibetseng, e e bontshang go tlotla go ka re thusa jang gore re buisane le ba bangwe?
14 Re batla go nna batho ba ba ritibetseng ka metlha. Seno se thusa go dira gore bareetsi ba rona ba nne ba phuthologile ka metlha. Go nna re ritibetse go bolela gore re se ka ra tshwenyega thata ka go batla go bua re le rosi. Go na le moo, fa re sa ba kgobakgobetse le fa re botsa dipotso tse di botsalano, re neela bareetsi ba rona tshono ya gore ba itlhalose. Bogolo jang fa re neela bosupi jo eseng jwa ka tlwaelo ke selo se se botlhale go kgothaletsa motho yo mongwe gore a bue. Ka sekai, Mosupi mongwe o kile a iphitlhela a dutse mo sefofaneng fa thoko ga moruti wa Roma Katoliki. Mosupi yono o ne a nna a botsa moruti yono dipotso tse di botlhale ka sebaka sa ura, mme moperesiti yono, fa a araba, o ne a bua thata. Mme ka nako eo ba neng ba kgaogana ka yone, moruti o ne a amogetse dibuka di le mmalwa tsa Bibela. Go simolola dilo ka tsela ya bopelotelele jalo go tla re thusa gore re nne le nonofo e nngwe gape eo re e tlhokang, eleng kutlwelobotlhoko.
15, 16. Go nna le kutlwelobotlhoko go ka re thusa jang go nna batho ba re buisanang le ba bangwe?
15 Go utlwela botlhoko go bolela gore re ipee mo boemong jwa motho yoo. Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga ka botlalo kafa go tlhokegang ka gone go nna le kutlwelobotlhoko, jaaka fa go ka kgona go bonwa go tswa go seo a neng a se kwalela Bakorintha: “Gonne leha ke ne ke se mo taoloñ ea batho bapè, ke ipeile mo botlhankeñ mo go botlhe, gore ke tlè ke gapè bogolo. Mo Bayudeñ ke ne ke nntse yaka Moyuda, gore ke tlè ke gapè Bayuda; mo go ba ba mo molaoñ, yaka ke le mo molaoñ, le morōrō ke se mo molaoñ ka nosi, gore ke tlè ke gapè ba ba mo molaoñ; Mo go ba ba senañ molaō, ke nntse yaka ke sena molaō, ke sa re ke sena molaō mo Modimoñ, me ke le mo molaoñ oa ga Keresete, e le gore ke tlè ke gapè ba ba senañ molaō. Mo go ba ba bokōa ka nna bokōa, gore ke tlè ke gapè ba ba bokōa. Ke nntse ka nna dilō cotlhe mo bathuñ botlhe, e tle e re kgotsa ke bolokè bañwe ka mokgwa moñwe.”—1 Bakorintha 9:19-22.
16 Gore re etse moaposetoloi Paulo mo dintlheng tseno, re tshwanetse ra nna botlhale, re nne batho ba ba lemogang dilo, le ba ba kelotlhoko. Go utlwela botlhoko go tla re thusa gore re bolelele bareetsi ba rona boammaaruri go ya ka tsela eo ba akanyang ka yone le go ya ka tsela eo ba ikutlwang ka yone. Buka ya Go Fetolana ka Dikwalo e thusa thata mo ntlheng eno. Nna le yone ka metlha mo bodiheding jwa gago.
Lorato—Selo Se Se Thusang Thata mo go Buisaneng le Batho
17. Mo dinonofong tsotlhe tsa Bokeresete, ke efe e e leng botlhokwa go gaisa gore re buisane le ba bangwe boammaaruri ka tsela e e nang le mosola, mme e bontshiwa jang?
17 Go nna bori, go nna boingotlo, bopelotelele, le go utlwela ba bangwe botlhoko di botlhokwa gore re kgone go buisana le batho ka tsela e e nang le mosola fa re ba neela tshedimosetso. Lefa go ntse jalo, mo godimo ga tsotlhe lorato lo lo senang bogagapa lo tla re thusa gore re atlege mo go fitlheleleng dipelo tsa ba bangwe. Jesu o ne a tlhomogela batho pelo ka gonne ba ne ba “gasagasame, yaka dinku tse di senañ modisa.” E ne e le lorato se se neng sa tlhotlheletsa Jesu gore a bolele jaana: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa.” (Mathaio 9:36; 11:28) Lebaka la go bo le rona re batla go ba thusa gore ba tle mo tseleng e e isang kwa botshelong ke ka go bo re a ba rata. Molaetsa wa rona ke molaetsa wa lorato, ka jalo a re tsweleleng re ntse re o bolela ka tsela e e lorato. Lorato lono lo iponatsha ka monyenyo o o botsalano, ka bonolo le ka go dira dilo ka lorato, ka boitumelo le ka tsela e e botsalano.
18. Re ka etsa jang Paulo, jaaka fa a ne a etsa Mong wa gagwe?
18 Mo ntlheng eno moaposetoloi Paulo o ne a le moetsi yo o molemo wa Mong wa gagwe ebong Jesu Keresete. Ke ka ntlha yang fa a ne a atlega jaana mo go tlhomeng diphuthego tse di farologaneng? A ke ka ntlha ya matlhagatlhaga a gagwe? Ee. Mme gape ke ka ntlha ya lorato lo a neng a lo bontsha. Tlhokomela kafa a bontshang lorato ka gone mo phuthegong e ntšha ya kwa Thesalonika: “Re ne re le bonōlō mo gare ga lona, yaka ha moamusi a ñomaèla bana ba e leñ ba gagwè: Hèla yalo, ereka re ne re lo tlhōahaletse ka loratō, ra bo re itumèla go lo naea, e señ Mahoko a a Molemō a Modimo a le aosi, me le e leñ meōea ea rona, ka lo no lo setse lo ratwa ke rona thata.” Go etsa Paulo go tla re thusa mo maitekong a rona a go buisana le ba bangwe.—1 Bathesalonia 2:7, 8.
19. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go letla tshimo ya batho ba ba sa arabeleng sentle gore e re kgobe marapo?
19 Fa re dirile se re ka se kgonang go buisana le batho mme re sa bone matswela a re neng re eletsa go a bona, a re tshwanetse ra kgobega marapo? Le eseng. Diithuti tsa Bibela (jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa pele) di ne di tle di re batho ba tshwanetse go nna le dinonofo tse tharo e le gore ba amogele boammaaruri. Ba tshwanetse go nna ba ikanyega, ba le boikokobetso, ebile ba tshwerwe ke tlala ya semoya. Ga re kake ra lebelela batho ba ba sa tlhoafalang, ba ba sa ikanyegeng, gore ba arabele ka tsela e e molemo mo boammaaruring; ebile ga re kake ra lebelela batho ba ba boikgodiso kana ba ba ikgogomosang gore ba utlwe mafoko a a molemo. Mo godimo ga moo, tota le eleng le fa motho a na le selekanyo se se rileng sa go ikanyega le go nna boikokobetso, ga go kake ga direga gore a amogele boammaaruri fa a sa tshwarwa ke tlala semoyeng.
20. Ke ka ntlha yang fa ka metlha go ka bolelwa gore maiteko a rona ga se a lefela fela?
20 Ga go na pelaelo gore batho ba le bantsi bao o kopanang le bone mo tshimong ya lona ba tla bo ba sena se le sengwe kana tse di oketsegileng tsa dinonofo tse tharo tseno. Moperofeti Jeremia o ne a na le bothata jone joo. (Yeremia 1:17-19; bapisa Mathaio 5:3.) Lefa go ntse jalo, maiteko a rona ga se a lefela fela. Ke ka ntlha yang fa e se a lefela fela? Ka gonne re itsise ka leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Ka go rera ga rona le ka go ya fela ga rona kwa go bone, re tlhagisa batho ba ba boikepo. (Esekiele 33:33) Mme le ka motlha o se ka wa ba wa tsamaya wa lebala gore ka maiteko a rona a go bolelela ba bangwe ka boammaaruri, re solegelwa molemo ka borona. (1 Timotheo 4:16) Re boloka tumelo ya rona e nonofile le tsholofelo ya rona ya Bogosi e phatsima. Mo godimo ga moo, re boloka bothokgami jwa rona mme ka go dira jalo re nna le seabe mo go itshepiseng leina la ga Jehofa Modimo, re itumedisa pelo ya gagwe.—Diane 27:11.
21. Go sobokanya dilo re ka reng?
21 Go dira tshobokanyo: Go buisana le ba bangwe ke go fetisetsa tshedimosetso go ba bangwe ka tsela e e molemo thata. Mokgwa wa go buisana le ba bangwe o botlhokwa, ebile go direga tshenyo e ntsi fa go sena puisano. Re bone gore Jehofa Modimo le Jesu Keresete ke batho ba ba di gogang kwa pele mo go buisaneng le ba bangwe le gore Jesu Keresete o ne a tlhoma sengwe se se neng se tla dira gore puisano e nne teng mo motlheng wa rona. Gape re tlhokometse gore ka mokgwa wa rona wa go apara le ka boitshwaro jwa rona re a bua, re neela ba bangwe molaetsa. Re ithutile gore go bontshana mabaka le ba bangwe ke selo se se botlhokwa fa re leka go buisana le batho le gore go buisana le bone ka tsela e e molemo, re tshwanetse ra nna bori le go ikokobetsa, re bontshe go tlhomogela batho pelo, re nne pelotelele, le gore mo godimo ga tsone tsotlhe, re tlhotlhelediwe ke pelo e e tletseng lorato. Fa re tlhagolela dinonofo tseno re bo re latela dikao tsa Bibela, re tla atlega mo go buisaneng le batho jaaka Bakeresete.—Baroma 12:8-11.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gore o bone dintlha tse di oketsegileng malebana le ka moo go ka buisanwang ka gone le batho ba ditumelo tsa Bojuda le ba bangwe, bona Go Fetolana ka Dikwalo ditsebe 21-4.
O Ne O Ka Araba Jang?
◻ Puisano e simolola pele ga lefoko le buiwa ka tsela efe?
◻ Dingwe tsa dikao tsa go buisana le ba bangwe ka go bontshana mabaka le bone ka tsela e e nang le mosola ke dife?
◻ Ke dinonofo dife tse di neng di dira gore Jesu Keresete le Paulo ba kgone go buisana le batho ka tsela e e nang le mosola?
◻ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa re sa bone matswela ka bonako?