LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 9/1 ts. 30-31
  • Tiro ya Monna

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tiro ya Monna
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bontsha Bana ba Gago Gore O a Ba Kgatlhegela
    Tsogang!—2005
  • Dira ka Natla Gore Lelapa la Gago Le Bolokwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Godisetsa Bana mo Kotlhaong ya Modimo
    Tsogang!—2004
  • Malapa a Magolo a Direla Modimo ka Kutlwano
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 9/1 ts. 30-31

Tiro ya Monna

“¡Ropa, zapato, casa, y comida!” Mafoko ano a tswa mo pineng nngwe ya bogologolo ya Se-Spain eo e bolelang dilo di le nne tse dikgolo tseo monna a lebeletsweng gore a tlamele lelapa la gagwe ka tsone: diaparo, ditlhako, bonno, le dijo. Mme banna ba le bantsi ba ba nang le boikarabelo ba leka go sikara morwalo oo ka tsela e e supang fa ba go itumelela.

Lefa go ntse jalo, fa o le monna wa lelapa, a o tlhokomela dilo tse di leng botlhokwa thata tsa semoya tseo di tlhokwang ke lelapa la gago? Kana a o akanya gore go tlhokomela dilo tse di leng malebana le bodumedi mo legaeng ga se tiro ya borre tota, jaaka fa banna ba le bantsi ba akanya? Mo dingwaong tse dingwe tota ebile ga go a lebelelwa gore banna ba dirise nakonyana ba ruta bana ba bone ka Modimo le ka Bibela.

Lefoko la Modimo le neela monna wa ntlo segolobogolo boikarabelo jwa go tsenya go rata Modimo le go anaanela ditekanyetso tsa bomodimo mo malapeng a bone. Ka sekai, mo go Baefesia 6:4, Dikwalo di gakolola banna ba Bakeresete jaana: “Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”

Ba bangwe, lemororo ba tlwaelane le mafoko ano, ba ka nna ba bo ba sa lemoge ka botlalo gore lokwalo lono lo lebile kwa go rre, monna wa ntlo. Ka sekai, batho ba ba buang Se-Spain le Sepotokisi ba ka nna ba bo ba tlhaloganya mafoko a a leng go Baefesia 6:4 gore a bua le borre le bomme. Mo dipuong tse pedi tseno lefoko la “borra bana” le lefoko “batsadi” a a tshwana. Lefa go ntse jalo, mo temaneng 1 ya Baefesia kgaolo 6, moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ka rre le mme ka go dirisa lefoko la Segerika ebong go·neuʹsin, le le tswang go go·neusʹ, leo le bolelang “batsadi.” Mme mo temaneng 4, lefoko la Segerika leo le dirisitsweng e ne e le pa·teʹres, leo le bolelang “borra bana.” Ee, mo go Baefesia 6:4, Paulo o ne a bua ka tlhamalalo le banna mo malapeng.

Gone ke boammaaruri gore, fa e le gore ga go na monna ope mo lelapeng yo o ka di gogang kwa pele, he mosadi o tshwanetse a sikara boikarabelo joo. Ba thusiwa ke Jehofa bomme ba le bantsi ba kgonne go godisa bana ba bone ka katlego mo thutong le mo kotlhaong ya ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, fa monna wa Mokeresete a le teng, o tshwanetse a etelela pele. Fa a itlhokomolosa boikarabelo joo, go nna thata mo lelapeng lotlhe gore le boloke thulaganyo e e molemo ya go ikotla semoyeng. Mme monna yoo o ikarabela mo go Jehofa ka ntlha ya go itlhokomolosa seno.

Tsela eo Modimo o ikutlwang ka yone mo kgannyeng eno e bonala ka ditshwanelego tsa Dikwalo tseo di tlhometsweng balebedi le batlhanka ba bodihedi mo phuthegong ya Bokeresete. Bibela e bua ka tlhamalalo gore motho yo o tlhophilweng gore a sikare boikarabelo jono o tshwanetse a bo a “itse go laola ntlo ea gagwè sentlè, bana ba gagwè ba mo utlwa ka tshisimogō eotlhe; Ka ea re ha motho a sa itse go laola ntlo ea gagwè tōta, o tla babalèla yañ phuthègō ea Modimo?”—1 Timotheo 3:4, 5, 12; Tito 1:6.

Monna wa lelapa o tshwanetse a bo a kgona go itima menate le dilo tse dingwe tse e leng tsa gagwe fela ka namana e le gore a tlhokomele gore bana ba gagwe ba itekanetse sentle semoyeng. Ka dinako tse dingwe a ka nna a tshwanelwa ke gore a fokotse nako ya dilo tse dingwe tse di tlhokang go dirwa e le gore a nne le nako e e lekaneng e a e nnang le bana ba gagwe ka metlha. (Duteronome 6:6, 7) Lefa go ntse jalo, ga a ketla a tlogelela ba bangwe kabelo eno eo a e neilweng ke Modimo. Lorato lo a nang le lone mo baneng ba gagwe le go ba kgatlhegela ga gagwe o tla di supa ka tsela e e fetang fela go ba tlamela fela ka diaparo, ditlhako, ntlo, le dijo.

Ke kgwetlho tota go godisetsa bana mo ‘kwatlhaong le mo taong ya ga Jehofa.’ Ke ka ntlha ya moo boikarabelo jono jo bogolo e leng jwa banna. Fa rre wa Mokeresete a dira tiro ya gagwe sentle, he a ka nna a leba bana ba gagwe bao a ba neilweng ke Modimo jaaka lesego le le tswang kwa go Jehofa. A ka nna a bolela jaana le mopesalema: “Yaka mecwi mo seatleñ sa monna eo o senatla, bana ba bokau ba nntse yalo. Go segō monna eo mokōtlōpō oa gagwè o ba tletseñ.”—Pesalema 127:4, 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela