Go Leba ka Kwa ga “Kagiso le Polokesego” tse di Dirilweng ke Motho
Boammaaruri ke gore, batho ga ba kake ba lere kagiso ya mmatota, eo e tla nnelang ruri. Ke ka ntlha yang ba ka se ka ba dira jalo? Ka gonne batho ga se bone tota ba ba senyang kagiso, lemororo ba na le seabe mo molatong ono ka hisitori ya bone e e nang le tshololo ya madi. Motho wa mmatota yo o senyang kagiso o maatla thata go feta motho. Ga se ope fela fa e se Satane Diabolo, yo o tlhalosiwang mo Bibeleng jaaka “motsietsi oa lehatshe yeotlhe.”—Tshenolō 12:9.
BIBELA e bolela jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula [Satane].” (1 Yohane 5:19) Ka ntlha ya moo, go bona kagiso ya boammaaruri le polokesego eo e nnelang ruri go tshwanetse ga akaretsa gore go tlosiwe Satane mo lefatsheng ene mmogo le tsamaiso eno ya lefatshe eo a e dirileng le eo go phepafetseng sentle gore o a e laola. (Bapisa Isaia 48:22; Baroma 16:20.) Batho ga ba kake ba dira seno.
Ka jalo he, kagiso le polokesego di ka bonwa jang? Ka maatla a Motho yo o maatla thata go gaisa Satane. Modimo Mothatayotlhe o tlhomile nako eo ka yone a tlileng go fedisa ditiro tsotlhe tsa ga Satane mo sethong. Fa nako eo e fitlha, “tshenyègō ea choganeco” e tla wela lefatshe leno leo le namaletseng kafa tlase ga thata ya ga Satane. (1 Bathesalonia 5:3-7) Bosupi jotlhe jo bo leng gone bo dira gore re swetse ka gore seno se tla direga go ise go ye kae.
Kagiso le Polokesego Jaanong!
Lefa go ntse jalo, go tweng ka lobaka lwa jaanong? Go a kgonega go bona selekanyo se se rileng sa kagiso ya boammaaruri le polokesego tota le eleng le gompieno. Jang? Eseng jaaka baeteledipele ba bantsi ba bodumedi ba lekile ka go nna le seabe mo dipolotiking tsa lefatshe leno, mme, go na le moo, ka go latela melao ya Modimo le kgakololo ya gagwe.
A go dira jalo go lere kagiso tota? Ee, go a e lere. Ka sekai, Basupi ba ga Jehofa ba go lekile mme ba fitlhela gore eleruri go a kgonega go ipelela kagiso ya boammaaruri le selekanyo se se rileng sa polokesego. Go latela melao ya Modimo jaaka fa go senotswe mo Bibeleng go dirile gore ba kgone go kopana jaaka mokgatlho wa meraferafe ka kagiso ya boammaauri, go sa kgathalesege lotso lwa bone, morafe, kana puo.—Pesalema 133:1.
Ereka ba utlwa molao wa Modimo, ‘ba thutse ditšhaka tsa bone magale a megoma ebile ga ba tlhole ba ithuta tlhabano gope’ ka tsela ya tshwantshetso. (Isaia 2:2-4) Ba ikutlwa ba bolokesegile mo loratong lwa Modimo ebile ba na le tsholofelo ya gore bakaulengwe ba bone ba semoya ba amegile ka bone. (Baroma 8:28, 35-39; Bafilipi 4:7) Fa e le gore o belaela fa seno se ntse jalo, re go laletsa gore o ba etele kwa go nngwe ya Diholo tsa bone tsa Bogosi mme o iponele ka bowena.
Kagiso le Polokesego ya Lefatshe Lotlhe
Lefa go ntse jalo, seno ga se gone go diragadiwa ga bofelo ga tsholofetso ya Bibela ka kagiso ya boammaaruri le polokesego. Legoka! Ke ponelopele fela ya ka moo lefatshe leno le tlileng go nna ka gone fa motho mongwe le mongwe a latela melao ya Modimo. Go ise go ye kae ponelopele eo e tlile go fetoga go nna selo sa mmatota.
Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “E tle e re ba nntse ba re [ba ba sa direleng Modimo], Kagishō le thagamō [ba akanya gore kgabagare ba lerile kagiso le polokesego ka tsela e e leng ya bone fela], hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle.” (1 Bathesalonia 5:3) Modimo o tla bo a bona gore Satane o tsieditse batho go lekane. Jaanong e tla bo e le nako ya go mo tlosa mo lefatsheng, ene mmogo le tsamaiso e e maswe thata eno ya lefatshe e e leng mo maatleng a gagwe. Ka nako eo go tla bo go diragadiwa boperofeti jono jwa ga Daniele: “Me e tla re mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmushō oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.
A Modimo o tla bo a sa dire sentle fa a dira jalo? Ga go jalo tota. Tshenyego ya tshoganetso e tla tlela bao ba tshwanelwang ke yone go ya ka katlholo ya Modimo, ditekanyetso tsa Modimo. A o ikanya Mmopi gore o tla dira tshwetso e e siameng mo kgannyeng eno? Eleruri re ka tlogela gotlhe mo diatleng tsa gagwe! Diphelelo tsa katlholo ya gagwe e tla nna dife? Seane sengwe se bolela jaana: “Gonne bathōkgami ba tla aga mo lehatshiñ, le baitekanedi ba tla sala ba nntse rure mo go yeōna. Me baikepi ba tla kgaolwa ba tlosiwa mo lehatshiñ.” (Diane 2:21, 22) A go tla nna le motho ope yo o tla utlwang botlhoko ka gonne moikepi a nyeleditswe?
Fa batho ba ba senyang kagiso ba tlositswe mo lefatsheng batho mo lefatsheng lotlhe ba tla nna le kagiso ya boammaaruri le polokesego kafa tlase ga puso e e molemo ya Bogosi jwa Modimo. “Ga di ketla di utlwisa botlhoko leha e le go senya mo thabeñ eotlhe ea me e e boitshèpō: gonne lehatshe le tla bo le tletse kicō ea go itse Yehofa, yaka metse a khurumeditse lewatlè.” (Isaia 11:9) A o dumela selo seno se Bibela e se solofetsang? A o na le tsholofelo ya gore dilo tseno di tla direga mo nakong e e sa fediseng pelo? Fa e le gore o na le dipelaelo dingwe, re go kgothaletsa gore o sekaseke ntlha eno go ya kwa pele. Totatota, tsela ya Modimo ke yone fela tsela eo motho a ka fitlhelelang ka yone mokgele o a o eletsang wa kagiso ya boammaaruri le polokesego ya mmatota.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8]
Batho ba ga Jehofa ba ipelela kagiso ya boammaaruri le selekanyo se se rileng se se molemo sa polokesego gompieno