LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 8/1 ts. 8-13
  • ‘Lesedi le Tlile mo Lefatsheng’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Lesedi le Tlile mo Lefatsheng’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Modimo Ke Lesedi”
  • ‘Ke Nna Lesedi la Lefatshe’
  • ‘Mmueledi Yo Mogolo’ wa Modimo
  • “Tlhogo ya Dilo Tsotlhe”
  • “Bana ba Lesedi”
  • “Ke Lona Lesedi ya Lehatshe”
  • ‘Aparang Diaparo Tsa Phemelo Tsa Lesedi’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Lesedi la Modimo le Leleka Lefifi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Latela Lesedi la Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Bomang Ba Ba Setseng Lesedi la Lefatshe Morago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 8/1 ts. 8-13

‘Lesedi le Tlile mo Lefatsheng’

“Me tshekishō ke e, go re, lesedi le tsile mo lehatshiñ, me batho ba ratile lehihi bogolo go lesedi.”—YOHANE 3:19.

1. Ke ka ntlha yang fa motho mongwe le mongwe a tshwanetse a amega ka katlholo ya Modimo?

BATHO ba le bantsi gompieno ga ba itshwenye go le kalo ka katlholo ya Modimo. Ba bangwe ba tsaya fela gore Modimo o tla ba atlhola ka tsela e e molemo fa ba ya kwa kerekeng ka metlha mme ba sa utlwise baagelani ba bone botlhoko. Mo go ba le bantsi, dithuto tsa Labokeresete tse di kaga molelo wa dihele le pakatori di dirile gore ba se ka ba dumela mo kgopolong yotlhe ya katlholo ya Modimo. Mme lebaka la go bo batho ba le bantsi ba sa kgatlhegele maaka a Labokeresete ga di kake tsa fetola ntlha ya gore motho mongwe le mongwe kwa bokhutlong o tlile go atlholwa ke Modimo. (Baroma 14:12; 2 Timotheo 4:1; Tshenolō 20:13) Ebile go na le dilo tse dintsi tse di tlileng go ikaega ka katlholo eno. Batho ba ba tla atlholwang gore ba siame ba tla bona mpho ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng, mme bao ba atlhotsweng gore ga ba a siama ba tla bona maduo a a feletseng a boleo: loso.—Baroma 6:23.

2. Katlholo ya Modimo e ikaegile ka eng?

2 Ka ntlha ya moo, Bakeresete ba boammaaruri ba amegile thata ka katlholo ya Modimo, ebile ba eletsa go mo itumedisa ka mo go feletseng. Ba ka dira seno jang? Mo go Yohane 3:19, Jesu o re neela selo sa konokono seo re tshwanetseng ra se dira. O bolela jaana: “Me tshekishō ke e, go re, lesedi le tsile mo lehatshiñ, me batho ba ratile lehihi bogolo go lesedi; gonne ditihō tsa bōnè di ne di le boshula.” Ee, katlholo ya Modimo e tla ikaega ka gore a re rata lesedi go na le lefifi.

“Modimo Ke Lesedi”

3. Lefifi ke eng, mme lesedi ke eng?

3 Ka kgopolo ya semoya, lefifi le amana le go tlhoka go itse le go tlhoka tsholofelo goo go leng gone mo pusong ya ga Satane—lemororo Satane gantsi a itira jaaka ekete ke “moengele oa lesedi.” (2 Bakorintha 4:4; 11:14; Baefesia 6:12) Kafa letlhakoreng le lengwe, lesedi le amana le go tlhaloganya le go sedifalelwa goo go tswang kwa go Jehofa Modimo. Paulo o ne a bua ka lesedi leno fa a ne a kwala jaana: “Ka e le Modimo o o rileñ, Lesedi le tla phatsima le cwa mo lehihiñ, ko ōna o o phatsimileñ mo dipeduñ tsa rona, go re naea lesedi ya kicō ea kgalalèlō ea Modimo mo sehatlhogoñ sa ga Yesu Keresete.” (2 Bakorintha 4:6) Lesedi la semoya le amanngwa fela thata le Jehofa Modimo mo eleng gore moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Modimo ke lesedi.”—1 Yohane 1:5; Tshenolō 22:5.

4. (a) Jehofa o dirile jang gore lesedi le nne gone? (b) Re ka bontsha jang gore re rata lesedi?

4 Jehofa o dirile gore re nne le lesedi ka lefoko la gagwe, leo gompieno le kgonwang go bonwa bonolo jaaka lekwalo mo Bibeleng e e Boitshepo. (Pesalema 119:105; 2 Petere 1:19) Ka ntlha ya moo, mopesalema o ne a bontsha kafa tota a ratang lesedi ka gone fa a ne a kwala jaana: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! Ko ōna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe. Mōea oa me o tlhokometse dichupō tsa gago; ke di rata segolo thata.” (Pesalema 119:97, 167) A o rata lesedi fela jaaka fa go ne go bonala mopesalema a ne a dira? A o bala Lefoko la Modimo ka metlha, o tlhatlhanya ka lone, mme o dira ka natla go dira seo le se bolelang? (Pesalema 1:1-3) Fa e le gore go ntse jalo, o batla gore Jehofa a go atlhole o siame.

‘Ke Nna Lesedi la Lefatshe’

5. Lesedi la Modimo le lebisa tlhokomelo kwa go mang?

5 Lesedi le le nayang botshelo le le tswang kwa go Jehofa le lere tlhokomelo mo go Jesu Keresete. Mo ketapeleng ya Lokwalo lwa ga Johane la Efangele, re bala jaana: “Mo go [Jesu] go no go le botshelō; me botshelō yo, e ne e le yōna lesedi ya batho. Me lesedi le phatsima mo lehihiñ; me lehihi le se ka ya amogalana nayeō.” (Yohane 1:4, 5) Eleruri Jesu o amana thatathata le lesedi mo eleng gore o bidiwa “lesedi ya amarure, eboñ lesedi ye le bonesañ motho moñwe le moñwe.” (Yohane 1:9) Jesu ka boene o ne a bolela jaana: “E re ha ke sa nntse ke le mo lehatshiñ, ke be ke le lesedi ya lehatshe.”—Yohane 9:5.

6. Ke eng seo motho o tshwanetseng a se dira gore a atlholwe a siame e le gore a bone botshelo jo bo sa khutleng?

6 Ka ntlha ya moo, bao ba ratang lesedi ba rata Jesu ebile ba na le tumelo mo go ene. Ga go ope yo a neng a ka atlholwa a siame fa e ne e se ka Jesu. Ee, ke fela ka go leba kwa go ene jaaka motho yo Modimo o mo tlhomileng gore re bone poloko e le gore re atlholwe re siame. Jesu o ne a bolela jaana: “Eo o dumèlañ mo go Morwa Modimo o na le botshelō yo bo sa khutleñ; me eo o ganañ go utlwa Morwa Modimo, ga a ketla a bōna botshelō, me bogale yoa Modimo bo nntse mo go èna.” (Yohane 3:36) Lefa go ntse jalo, go bolelang go dumela mo go Jesu?

7. Go dumela mo go Jesu go bolela gore re dumele mo go mang gape?

7 Sa ntlha, Jesu ka boene o ne a bolela jaana: “Eo o dumèlañ mo go nna, ga a dumele mo go nna, ha e se mo go eo o nthomileñ. Me eo o mpōnañ, o bōna eo o nthomileñ. Ke tsile mo lehatshiñ ke le lesedi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go nna a se ka a nna mo lehihiñ.” (Yohane 12:44-46) Bao ba ratang Jesu ebile ba dumela mo go ene gape ba tshwanetse ba nna le lerato le tumelo ya mmatota mo Modimong le Rraagwe Jesu, ebong Jehofa. (Mathaio 22:37; Yohane 20:17) Mongwe le mongwe yo o dirisang leina la ga Jesu mo kobamelong ya gagwe mme a palelwa ke go neela Jehofa tlotlo e e kgolwane ga a bontshe fa a rata lesedi ka mmatota.—Pesalema 22:27; Baroma 14:7, 8; Bafilipi 2:10, 11.

‘Mmueledi Yo Mogolo’ wa Modimo

8. Lesedi la Modimo le ne la lebisa tlhokomelo jang kwa go Jesu tota le eleng pele a tsalwa jaaka motho?

8 Go dumela mo go Jesu gape go bolela gore o amogele seabe sa gagwe ka botlalo mo maikaelelong a ga Jehofa. Botlhokwa jwa seabe seno sa gagwe bo ne jwa tlotlomadiwa fa moengele a ne a bolelela Johane jaana: “Go neela bosupi ka Jesu ke sone seo se tlhotlheletsang perofeso.” (Tshenolō 19:10, NW; Ditihō 10:43; 2 Bakorintha 1:20) Go tloga fela kwa boperofeting jwa ntlha kwa Edena, boperofeti jotlhe jo bo tlhotlheleditsweng ke Modimo bo felela bo amana le Jesu le seabe sa gagwe mo go diragatseng maikaelelo a Modimo. Ka mo go tshwanang, Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Galatia gore kgolagano ya Molao e ne e le “mogōga banyana mo go rona, go re gōgèla kwa go Keresete.” (Bagalatia 3:24) Kgolagano eo ya bogologolo ya Molao e ne e diretswe go baakanyetsa morafe go tla ga ga Jesu jaaka Mesia. Ka jalo tota le eleng le pele a tsalwa jaaka motho, lesedi le le tswang kwa go Jehofa le ne le lebisitse mo go Jesu.

9. Go rata lesedi go ile ga akaretsa eng fa esale ka 33 C.E.?

9 Ka 29 C.E., Jesu o ne a ineela gore a kolobediwe mme o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo, ka go dira jalo a nna Mesia yo o solofeditsweng. Ka 33 C.E. o ne a swa e le motho yo o itekanetseng, o ne a tsosiwa, a tlhatlogela kwa legodimong, mme gone koo o ne a ntsha boleng jwa botshelo jwa gagwe mo boemong jwa maleo a rona. (Bahebera 9:11-14, 24) Tatelano eno ya ditiragalo e ne e tshwaya go fetoga ga tsela eo Modimo o neng o dirisana le batho ka yone. Jesu jaanong e ne e le “Kgōsana ea botshelō,” “mosimolodi oa polokō,” “Mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona.” (Ditihō 3:15; Bahebera 2:10; 12:2; Baroma 3:23, 24) Go tloga ka 33 C.E. go ya pele, batho ba ba ratang lesedi ba ile ba lemoga, ba bo ba amogela gore ga go na “poloka mo go ōpè o sele; le gōna ga go leina lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna,” fa e se ka Jesu.—Ditihō 4:12.

10. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go reetsa mafoko a ga Jesu le go a utlwa?

10 Go dumela mo go Jesu gape go bolela gore motho a mo amogele jaaka “Lehoko” le “Mogakolodi.” (Yohane 1:1; Isaia 9:6) Seo Jesu a se bolelang ka metlha se dira gore boammaaruri jwa Modimo bo bonale. (Yohane 8:28; Tshenolō 1:1, 2) Go mo reetsa go bolela botshelo le loso. Jesu o ne a bolelela Bajuda ba motlha wa gagwe jaana: “Eo o utlwañ lehoko ya me, me a dumèla eo o nthomileñ, o na le botshelō yo bo sa khutleñ, me ga a tle mo tshekishoñ; o dule mo loshuñ, o hetetse mo botsheloñ.” (Yohane 5:24) Mo lekgolong ntlha la dingwaga C.E., bao ba neng ba dira tumalanong le mafoko a ga Jesu ba ne ba gololwa mo lefifing la lefatshe la ga Satane mme ba tla mo botshelong, jaaka fa re ne re ka rialo. Ba ne ba bolelwa ba siame gore ba nne baruaboswa mmogo le ene mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Baefesia 1:1; 2:1, 4-7) Gompieno, go utlwa mafoko a ga Jesu go bulela ba le bantsi tsela ya gore ba bolelwe fa ba siame gore ba falole Hara–Magedona mme ba bone botshelo jo bo itekanetseng jwa batho mo lefatsheng le lesha.—Tshenolō 21:1-4; bapisa Yakobe 2:21, 25.

“Tlhogo ya Dilo Tsotlhe”

11. Ke taolo efe e e kwa godimo eo e neng ya newa Jesu ka 33 C.E.?

11 Fa a sena go tsosiwa, Jesu o ne a senolela balatedi ba gagwe karolo e nngwe ya lesedi. O ne a bolela jaana: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” (Mathaio 28:18) Ka jalo Jesu o ne a tlhatloseditswe kwa boemong jo bo kwa godimodimo mo phuthegong ya ga Jehofa ya lobopo. Paulo o neela dintlha tse di oketsegileng fa a bolela jaana: “[Modimo] o tsositse [Jesu] mo bashwiñ, me oa mo dudisa kaha lecogoñ ya ōna ye legolo mo mannoñ a selegodimo, Kwa godimodimo ga pushō eotlhe, le taolō, le thata, le bogosi, le maina aotlhe a a rèwañ, e señ mo hatshiñ yeno yeosi, e leñ le mo go ye le tlañ: Me oa baea dilō cotlhe mo taoloñ ha tlhatse ga dinaō tsa gagwè, me oa mo neèla phuthègō gore a nnè tlhōgō ea dilō cotlhe, Phuthègō e e leñ mmele oa gagwè.” (Baefesia 1:20-23; Bafilipi 2:9-11) Fa esale ka 33 C.E., go rata lesedi go ile ga akaretsa gore motho a lemoge gore Jesu o mo boemong jo bo kwa godimodimo.

12. Bakeresete ba ba tloditsweng ba amogetse eng ka boitumelo go tloga fela kwa tshimologong, mme ba ile ba bontsha seno jang ka tsela e e mosola?

12 Kwa bokhutlong, batho botlhe ba tla tshwanela go dumela gore Jesu o na le taolo. (Mathaio 24:30; Tshenolō 1:7) Lefa go ntse jalo, batho ba ba ratang lesedi ba ile ba lemoga seno go tloga fela kwa tshimologong. Maloko a a tloditsweng a phuthego ya Bokeresete a amogela Jesu jaaka “tlhōgō ea mmele, eboñ phuthègō.” (Bakolosa 1:18; Baefesia 5:23) Fa ba nna karolo ya mmele oo, ba ‘gololwa mo thateng ya lefifi mme ba tlolagantshetswa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa Modimo.’ (Bakolosa 1:13) Ka ntlha ya moo, ba latela boeteledipele jwa ga Jesu ka tlhagafalo mo karolong nngwe le nngwe ya matshelo a bone, mme mo motlheng wa rona ba rutile ba “dinku di sele” gore le bone ba dire jalo. (Yohane 10:16) Selo sa konokono seo se batlegang gore o atlholwe o siame ke gore o amogele botlhogo jwa ga Jesu.

13. Jesu o ne a simolola leng go dirisa taolo ya Bogosi, mme go ne ga latela eng mo lefatsheng?

13 Fa a ne a tlhatlogela kwa legodimong ka 33 C.E., Jesu ga a ka a dirisa taolo ya gagwe ka botlalo ka nako eo. Lemororo e le Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o ne a letela nako e e siameng ya gore a laole batho botlhe ka botlalo. (Pesalema 110:1; Ditihō 2:33-35) Nako eo e ne ya tla ka 1914 C.E., fa Jesu a ne a tlhomiwa jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ebile e le fa ‘metlha ya bofelo’ jwa lefatshe leno e ne e simolola. (2 Timotheo 3:1) Fa esale ka 1919, go phuthiwa ga ba ba setseng ba batlodiwa go ile ga tswelela go ya go wediwa. Thatathata go tloga ka 1935, Jesu o ntse a tlhaola batho bao ba tla ruang ‘bogosi jo ba bo baakanyeditsweng,’ jaaka “dinku,” le bao ba tla yang “pecoñ e e sa khutleng,” jaaka “dipodi.”—Mathaio 25:31-34, 41, 46.

14. Boidiidi jo bogolo bo bontshitse jang gore bo rata lesedi, mme ba bona eng kwa bofelong?

14 Se se itumedisang ke gore, ba dinku ba itshupile ba le bantsi mo malatsing ano a bofelo. Boidiidi jo bogolo jwa bone joo bo balwang bo le dimilione bo ne jwa bonala mo lefatsheng bo tswa mo ‘morafeng mongwe le mongwe le mo ditsong tsotlhe, mo bathong, le dipuo.’ Batho bano ba sekadinku ba rata lesedi fela jaaka ditsala tsa bone, ebong batlodiwa. Ba “[tlhatswitse] dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana,” mme ba tlhaeletsa ka lentswe le le kwa godimo ba re: “Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” Ka ntlha ya moo, boidiidi jo bogolo bo tla atlholwa bo siame jaaka setlhopha. Maloko a jone a tswa mo “pitlaganoñ e kgolo,” a falola tshenyego ya Hara–Magedona ya bao ba ratang lefifi.—Tshenolō 7:9, 10, 14.

“Bana ba Lesedi”

15. Ditiro tsa rona di bontsha ka tsela efe gore re ineetse mo Kgosing ebong Jesu Keresete?

15 Lefa go ntse jalo, batho ba ba ratang lesedi, e ka tswa e le ba ba tloditsweng kana ba dinku di sele, ba ineela jang tota mo go Jesu jaaka ene yo o tlhomilweng ke Modimo jaaka Kgosi le Moatlhodi? Tsela e nngwe ke ka go leka go nna mofuta wa batho oo Jesu a o amogelang. Fa a ne a santse a le mo lefatsheng, Jesu o ne a bontsha gore o anaanela dinonofo tse di ntseng jaaka go ikanyega mo boammaaruring, go nna le pelo e e feletseng mo go jone, le go bo tlhagafalela, ebile o ne a tlhoma sekao ka dinonofo tseno ka boene. (Mareko 12:28-34, 41-44; Luke 10:17, 21) Fa e le gore re eletsa go atlholwa re siame re tshwanetse ra bontsha dinonofo tse di ntseng jalo.

16. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re apole ditiro tsa lefifi?

16 Go ntse jalo segolobogolo ereka lefifi la lefatshe la ga Satane le ntse le ntshofala jaaka fa bokhutlo bo ntse bo atamela. (Tshenolō 16:10) Ka jalo mafoko ano ao Paulo a neng a a kwalela Baroma a tshwanela eletota: “Bosigo bo setse bo hetile, me bosa bo atametse; me ke gōna, a re latlheñ ditihō tsa lehihi, me re apareñ moichomèlō oa phemèlō oa lesedi. A re sepeleñ ka tshiamō, yaka mo motshegariñ; e señ mo tlhapeloñ, le mo go tagweñ, e señ mo boakeñ le mo bohaweñ, e señ mo kgañyeñ le mo lehuheñ.” (Baroma 13:12, 13) Lemororo botshelo jo bo sa khutleng e le mpho e e tswang kwa Modimong, ditiro tsa rona di tla bontsha gore tumelo ya rona ke ya mmatota go le kana kang le gore re rata lesedi ka mmatota go le go kana kang. (Yakobe 2:26) Ka ntlha ya moo, katlholo eo re e amogelang e ikaegile thatathata ka gore re dira ditiro tse di molemo ka selekanyo sefe le gore re gana ditiro tse di bosula ka selekanyo sefe.

17. Go ‘apara Morena Jesu Keresete’ go bolela eng?

17 Morago ga gore a neele kgakololo ya gagwe mo go Baroma 13:12, 13, moaposetoloi Paulo o konela ka go bolela jaana: “Me lo aparè Morèna Yesu Keresete, me lo se ka lwa etleeletsa nama, go dihatsa dithatō tsa eōna.” (Baroma 13:14) Go ‘apara Morena Jesu Keresete’ go bolela eng? Go bolela gore Bakeresete ba tshwanetse ba latela Jesu tota, ba apare sekao sa gagwe le boikutlo jwa gagwe, jaaka fa re ne re ka rialo, ba leka ka natla go nna jaaka Keresete. “Gonne lo biledicwe gōna mouō:” go ne ga rialo Petere, “gonne Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.”—1 Petere 2:21.

18. Ke diphetogo dife tse dikgolo tseo re ka nnang ra tshwanelwa ke gore re di dire fa e le gore re batla go atlholwa re siame?

18 Gantsi seno se ile sa bolela gore Mokeresete a dire diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. “Gonne lo kile loa ne lo le lehihi,” go ne ga bolela jalo Paulo, “me yanoñ lo lesedi mo Moreneñ: sepelañ yaka bana ba lesedi,—Gonne louñō loa lesedi lo eme mo molemoñ otlhe, le mo tshiamoñ, le mo boamarureñ.” (Baefesia 5:8, 9) Mongwe le mongwe yo o dirang ditiro tsa lefifi ga se motho yo o ratang lesedi ebile ga a kitla a atlholwa a siame kwantle ga fa a fetoga.

“Ke Lona Lesedi ya Lehatshe”

19. Mokeresete a ka bontsha lesedi ka ditsela dife tse di farologaneng?

19 Kwa bokhutlong, go rata lesedi go bolela go bontsha lesedi e le gore ba bangwe ba le bone mme ba gogelwe kwa go lone. “Ke lona lesedi ya lehatshe,” go ne ga bolela jalo Jesu. A bo a oketsa jaana: “A lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletsè Rra eno eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 5:14, 16) Ditiro tse di molemo tsa Mokeresete di akaretsa gore re bontshe molemo le tshiamo le boammaaruri ka mekgwa yotlhe, ka gonne boitshwaro jo bo ntseng jalo jo bo molemo bo neela bosupi jo bo maatla mo boamaaruring. (Bagalatia 6:10; 1 Petere 3:1) Di akaretsa thatathata go bua le ba bangwe ka boammaaruri. Gompieno, seno se bolela go nna le seabe mo tirong e e dirwang lefatshe lotlhe ya go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, . . . mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe.” Gape se bolela gore re nne pelotelele go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang, re ithute Bibela le bone, le gore le bone ba dire ditiro tsa lesedi.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

20. (a) Lesedi le phatsima thata go le kana kang gompieno? (b) Ke masego afe a a humileng ao a ipelelwang ke bao ba utlwang lesedi?

20 Mo motlheng wa rona, ke ka ntlha ya go bo Bakeresete ba ba ikanyegang ba ntse ba rera ka tlhagafalo go bo mafoko a a molemo a ile a utlwiwa mo mafatsheng a a fetang 200, mme lesedi le phatsima go gaisa lefa e le leng pele. Jesu o ne a bolela jaana: “Ke nna lesedi ya lehatshe: eo o ntshalañ moragō ga a ketla a tsamaea mo lehihiñ, me o tla nna le lesedi ya botshelō.” (Yohane 8:12) Abo go itumedisa jang ne go nna le seabe fa tsholofetso eno e diragadiwa! Matshelo a rona a humile thata jaanong ereka re sa tlhole re koafadiwa ke lefifi la lefatshe la ga Satane. Mme dilo tseo re lebeletseng go tloga re di bona di molemo tota jaaka fa re lebeletse pele gore Moatlhodi yo o tlhomilweng ke Jehofa o tla re atlhola re siame. (2 Timotheo 4:8) Abo go tla bo go utlwisa botlhoko jang ne fa, morago ga gore re tle mo leseding, re bo re boela kwa morago mo lefifing mme re atlholwa re le bosula! Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka moo re ka nnang re tiile mo tumelong ka gone.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Katlholo ya Modimo e ikaegile ka eng?

◻ Ke seabe sefe se segolo seo Jesu a nang le sone malebana le maikaelelo a Modimo?

◻ Re bontsha jang gore re ineetse mo go Jesu jaaka yo Jehofa a mo tlhomileng jaaka Kgosi?

◻ Re ka itshupa jang gore re ‘bana ba lesedi’?

◻ Mo lefifing la lefatshe leno, lesedi le phatsima go gaisa le fa e le leng pele jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Kgabagare batho botlhe ba tla tshwanelwa ke gore ba lemoge Jesu o na le taolo

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Re bontsha gore re rata lesedi fa re le bontsha ba bangwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela