Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Mokeresete o tshwanetse go dira maiteko a a gagametseng a a kana kang a go gana go tshelwa madi fa kgotlatshekelo e laetse jalo kana e ntshitse taolo eo?
Maemo a farologana fela thata, ka jalo ga go kake ga bewa molao o o tla kgonang go a akaretsa otlhe. Bakeresete ba a itsiwe gore ba ‘ntshetsa Kaesare dilo tse e leng tsa ga Kaesare’ ka tlotlo, ba ikobela melao ya dipuso tsa lefatshe. Lefa go le jalo, ba lemoga gore boikarabelo jwa bone jo bogolo ke go ntshetsa “Modimo tse e leñ tsa Modimo,” ba sa tlole molao wa gagwe.—Mareko 12:17.
Baroma 13:1-7 e tlhalosa kafa Bakeresete ba tshwanetseng go dirisana ka gone le “babusi ba bagolo” ba dipuso. Dipuso tse di ntseng jalo di na le thata ya go tlhoma melao kana go ntsha ditaolo, gantsi e le gore baagi ba solegelwe molemo. Mme babusi ‘ba tshotse tšhaka’ go dira gore melao ya bone e ikobelwe le go ‘supa bogale jwa bone mo go bao ba dirang se se bosula.’ Bakeresete ba batla go ikobela melao le ditshwetso tsa dikgotlatshekelo ka go bo ba ikobela babusi ba bagolo, mme boikobo jono ga se jo bo feletseng gotlhelele. Fa Mokeresete a kopiwa go ineela mo sengweng seo se tla mo tlodisang molao o o kwa godimo wa Modimo, molao wa bomodimo o tla pele; o tsaya boemo jwa ntlha.
Mengwe ya melao ya segompieno eo totatota e leng molemo e ka nna ya dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang go gatelela Mokeresete gore a tshelwe madi. Mo kgannyeng eo Bakeresete ba tshwanetse go tsaya boemo jo bo tshwanang fela le joo moaposetoloi Petere a neng a bo tsaya: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.
Jehofa o ne a laela Baiseraele jaana: “Ha e se go re, u itisè, u se ka ua ya madi: gonne madi ke botshelō; u se ka ua ya botshelō bo pataganye le nama.” (Duteronome 12:23) Thanolo nngwe ya Sejuda ya Bibela ya 1917 e balega jaana: “O nitame tota mo go se jeng madi.” Mme Isaac Leeser o ne a kwala temana eo jaana: “O nonofe tota gore o se ka wa ja madi.” A seo se utlwala jaaka ekete batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go iketla fela kana ba tlhokomologe go ikobela molao ono?
Bakeresete ba ile ba iketleetsa tota go ikobela Modimo ka mabaka a a molemo, fa puso e ne e laela ka go sele. Perofesa Robert L. Wilken o kwala jaana: “Bakeresete ba ne ba sa gane fela go tsena mo tirelong ya bosole ya [Roma] mme ba ne ba sa amogele ditiro dipe tsa bookamedi kana boikarabelo bope jwa go laola metse.” (The Christians as the Romans Saw Them) Go gana go dira jalo go ne go raya gore ba ne ba tla lejwa jaaka ba ba robang melao kana ba atlholelwa go tsenngwa mo lebaleng la metshameko la Baroma.
Bakeresete le bone gompieno ba tshwanetse go nitama, ba ititeye dihuba tota gore ga ba kitla ba tlola molao ope wa bomodimo, le eleng lefa seo se ka dira gore ba nne le mathata le babusi. Molao o mogolo thata mo lobopong—molao wa Modimo—o laela Bakeresete gore ba ithibe mo go diriseng madi, fela jaaka ba laelwa go tila kgokafalo (boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo). Bibela e bitsa dilo tse ba thibetsweng mo go tsone tseno “dilō tse di chwanetseñ.” (Ditihō 15:19-21, 28, 29) Molao o o ntseng jalo wa bomodimo ga o a tshwanela go tsewa motlhofo, jaaka sengwe se se ikobelwang fela fa motho a kgona kana fa go sena mathata ape. Molao wa Modimo o tshwanetse go ikobelwa!
He re kgona go lemoga gore ke ka ntlha yang fa mosha wa Mokeresete yo o umakilweng mo go tsebe 17 a ne a bolelela kgotlatshekelo gore “o ne a leba go tshelwa madi e le go tlhasela mmele wa gagwe mme a go bapisa le go betelelwa.” A go na le mosadi ope wa Mokeresete, yo monnye kana yo o godileng, yo a ka ineelang fela a sa kgaratlhe gore a betelelwe, le eleng lefa go ne go na le tetla ya semolao ya gore kgokafalo ya go tlhaselwa ka tlhakanelodikobo e dirwe?
Ka tsela e e tshwanang, ngwana yono wa dingwaga tse 12 yo o tsopotsweng mo go yone tsebe eo o ne a bolela ka papamalo fela gore ‘o tla lwa kgatlhanong le madi ape a kgotlatshekelo e ka laelang gore a a tshelwe ka maatla otlhe a a ka a kgonang, gore o ne a tla goa le go kgaratlha, o tla kgomola nnale o o tsenyang madi mo letsogong la gagwe le gore o tla leka go thuba kgetse ya madi e e fa godimo ga bolao jwa gagwe.’ O ne a ititeile sehuba gore o tla obamela molao wa Modimo.
Jesu o ne a tswa mo lefelong lengwe fa boidiidi jwa batho bo ne bo batla go mo dira kgosi. Ka tsela e e tshwanang, fa go ne go ka lebega ekete kgotlatshekelo e tla ntsha tetla ya gore a tshelwe madi, Mokeresete a ka nna a tlhopha go tila gore a se nne teng gore molao wa Modimo o se ka wa tlolwa. (Mathaio 10:16; Yohane 6:15) Lefa go le jalo, Mokeresete o tshwanetse go batla kalafi e nngwe mo boemong jwa eo ka botlhale, ka gone a dira maiteko tota a gore a boloke botshelo jwa gagwe le gore a kgone go itekanela gape ka botlalo.
Fa e le gore Mokeresete o ne a dira maiteko a a gagametseng tota a go tila go tlola molao wa Modimo ka madi, balaodi ba ka nna ba mo leba jaaka yo o tlolang molao kana a tshwanela go otlhaiwa. Fa e le gore e ka re kgabagare a newa kotlhao, Mokeresete a ka leba seo jaaka go bogela tshiamo. (Bapisa 1 Petere 2:18-20.) Mme mo mabakeng a mantsi, Bakeresete ba ile ba tila go tshelwa madi mme ba ile ba kgona go fola ka ntlha ya kalafi e e matsetseleko, ka jalo ga se ka ga nna le mathata ape a semolao. Mme se se botlhokwa go gaisa, ba ile ba boloka bothokgami jwa bone go Modimo Moneibotshelo le Moatlhodi.