Madi a ka Boloka Botshelo Jwa Gago Jang?
Go tshela batho madi go ile ga galalediwa tota gore ke tsela e e seng diphatsa, le e bolokang botshelo. Mme Dr. Alan A. Waldman o tlhalosa jaana: “Kgopolo e e neng e ritibetse ya gore madi a ne a sena bodiphatsa bope e ne ya fetoga tota fa go ne go lemogiwa gore AIDS e ka bonwa ka go tshelwa madi.”
Lefa go le jalo AIDS ga se yone kotsi fela. “Dilo tse dingwe di le mmalwa di ile ta oketsa boikutlo jwa gore go na le dikotsi tse dingwe tse di sa itsiweng tse di sa laolweng tse di amanang le go dirisiwa ga madi a a abilweng ke bangwe,” Dr. Waldman o supa jalo. “Jaanong, le dikgang tse di neng di lejwa e le tse di weditsweng—ka sekai, botswerere jwa go tlhotlhomisa dilo tse di tsamaisang hepatitis B—di ile tsa belaelwa.”—Diagnostics & Clinical Testing, July 1989.
Eleruri, madi ke sere se se kotsi tota. A ne a santse a ntse a le botlhokwa mo go bolokeng botshelo. Madi a ka boloka botshelo jwa gago jang? O tla solegelwa molemo tota fa o tlhatlhoba potso eno mo boroutšhareng jwa ditsebe tse 32 Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
Fa o batla go amogela sekaelo sa yone, tsweetswee tlatsa o bo o romela foromonyana e e fa tlase.
Ke rata go amogela boroutšhara jwa ditsebe tse 32 Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? (Kwa ntle ga Repaboliki ya Afrika Borwa, kwalela lekala la Watch Tower le le mo lefelong la lona go bona tshedimosetso. Bona tsebe 2.)