LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 4/15 ts. 10-15
  • Ikanyege mo Modimong “Eo o Bōnañ mo Sephiriñ”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ikanyege mo Modimong “Eo o Bōnañ mo Sephiriñ”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Leba Go Feta Ponalo ya Kafa Ntle
  • Kutlo E Lekwa ka Madi
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Madi—A Botlhokwa Thata Gore O Tshele
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
  • Tsamaya Jaaka yo o Kaelwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Bontsha Tlotlo mo Modimong ka Madi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 4/15 ts. 10-15

Ikanyege mo Modimong “Eo o Bōnañ mo Sephiriñ”

“U rapèlè Rrago eo o mo sephiriñ, me Rrago eo o bōnañ mo sephiriñ o tla gu duèla.”​—MATHAIO 6:6.

1, 2. Go ka tshwantshiwa jang gore dikgang tseo di ka bonalang di le kwa bothokong di ka nna phatlalatseng? (1 Samuele 21:7; 22:9)

DINGWAGA dingwe tse di fetileng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a founela kgaitsadie mo Long Island, mo New York. Lemororo e ne e le wa bodumedi bo sele, o ne a mmolelela ka tsholofetso ya Modimo ya go tlosa boikepo mo lefatsheng le go tsosolosa maemo a paradaise. Fa puisano e fela le kgaitsadie a sena go baya founo o ne a gakgamadiwa ke lentswe le mo raya lere, “a o ke o eme go se kaenyana, ke batla go go botsa potso.”

2 E ne e le mmereki wa founo. O ne a ntse a reeditse, ka go bo ditshipi tsa foune di ne di dumelela seo mo dinakong tseo, lemororo e ne e se botho e bile go le kgatlhanong le molao wa khamphane. Mosupi o ne a itumela ka go bo mafoko a gagwe a ile a tsosa kgatlhego, mme a dira dithulaganyo tsa gore a boele, mme gone o ne a gakgamadiwa ke go bo motlotlo wa gagwe o ne o se wa sephiri Ee, ka dinako tse dingwe ba bangwe ba ka bona le go utlwa seo re se akanyang mo sephiring.​—Moreri 10:20.

3. Ke ka tlhaloganyo efe matshelo a Bakeresete ka metlha yotlhe a leng mo pepeneneng?

3 Seno ga se a tshwanela go lere bothata jo bogolo mo Bakereseteng ba boammaaruri, ba ba lekang thata go ikanyega mo Modimong ka dinako tsotlhe. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Re dihilwe segakgamalèlō sa lehatshe, le sa baengele, le sa batho.” (1 Bakorintha 4:9) O ne a lebisitse mo tlwaelong e e neng e le mo patlelong ya boitloso-bodutu. Pele ga tiragalo ya makgaola kgang Baroma ba ne ba baya pepeneneng ebile ba sa ikatega, botlhe ba ba neng ba tla lwa mme gongwe le go swa. Bakeresete gompieno le bone ba mo pepeneneng fa pele ga ba masika ba ba sa dumelang, babereki-mmogo, baagelani, le balekane ba sekolo. Balebeledi ba ka nna ba nna le mogopolo mongwe kaga Bokeresete ba ikaegile ka seo ba se bonang mo go rona.​—1 Petere 2:12.

4. Motho o ka amiwa jang ke go itse gore ba bangwe ba mo etse tlhoko?

4 Fa re itse gore bangwe ba re etse tlhoko, re ka nna ra ipaakanyetsa paka eo, re na le keletso e e tshwanang le ya ga Paulo: “Re sa kgopise mo go sepè, gore tihèlō ea rona e tle e se ke ea beèwa molato.” (2 Bakorintha 6:3) Kitso ya rona ya gore bangwe ba re etse tlhoko e ka nna ya nonotsha boitlhomo jwa rona jwa go dira se se siameng. Lefa go le jalo, go tweng fa e le gore re lebane le teko ya melao-metheo ya Bokeresete mme re sa lebelelwa ke botlhe?

O Leba Go Feta Ponalo ya Kafa Ntle

5. Matshelo a phatlalatsa le a mo bothokong a baetapele ba Bajuda a ne a fapaana jang?

5 Baetapele ba bantsi ba bodumedi ba Bajuda mo lekgolong lantlha la dingwaga e ne e le batho ba mofuta o sele kafa ntle, mme kafa teng e le ba mofuta o sele. Jesu o ne a tlhagisa jaana mo Therong ya Thabeng: “Lo itisè gore lo se dihe tshiamō ea lona ha pele ga batho, go bōnwa ke bōnè.” (Mathaio 6:1, 2) Baetapele ba bodumedi ba ne ba tshwana le dinwelo tseo di neng di le phepa kafa ntle mme ‘mo teng go bo go tletse tse di tswang patikong le tlhapelong,’ le jaaka “diphupu tse di shweuhadicweñ, tse di bōnalañ di le dintlè ka ha ntlè, me mo teñ di tletse marapō a bashwi, le boitshekologō yotlhe hèla.”​—Mathaio 23:25-28; Bapisa Pesalema 26:4.

6. Ke eng seo Jehofa a kgonang go se ela tlhoko mo go rona?

6 Mafoko ao a tshwanetse go re thusa go lemoga gore Jehofa o kgatlhegela se se fetang se se ka bonwang ke batho ba bangwe. Jesu o ne a gakolola ka go re: “E re ha u rapèla, u tsènè mo ntlwaneñ ea gago e e kwa teñ, me u re u sena go cwala, u rapèlè Rrago eo o mo sephiriñ, me Rrago eo o bōnañ mo sephiriñ o tla gu duèla.” (Mathaio 6:6) Ee, Modimo o ka utlwa dithapelo tsa rona tseo re di rapelang fa re kgaoganye le batho ba bangwe. Ga go sepe seo Modimo a ka se keng a se bone. O kgona go bona motho a santse a bopega mo sebopelong, gongwe a keleka dikarolo tsa dibopa-popego tseo e reng morago di bope mekgwa ya motho. (Pesalema 139:15, 16; Genesise 25:23) O bile gape o ka lemoga ditshekamelo tsa sephiri tsa dipelo tsa rona. (1 Samuele 16:7; 1 Dikgosi 8:39; Yeremia 17:10; Ditihō 1:24) Akanyetsa kafa mabaka ano a ka re amang ka gone.

7. Ke kae moo Mokeresete a ka nang le sebaka sa go tokafatsa?

7 Go nna Bakeresete ba boammaaruri re tshwanetse ra dira ka thata go fenya diphoso tse di masisi le maleo, le eleng fela jaaka go dirile Bakeresete ba pele. (1 Bakorintha 6:9-11; Ditihō 26:20; 1 Petere 4:1-4) Mme gone gotweng ka ga diphoso tseo di ka se itseweng ke batho ba bangwe? Go bo ditlhaelo tseno di sa itsiwe phatlalatsa ga go di dire tse di seng maswe thata. Seno se supiwa ke mafoko a ga Dafide: “Motho eo o pateletsañ oa ga gabō kwa (sephiring, NW), èna ke tla mo senya: eo o matlhō a a pagamèñ a na le pelo ea boikgodishō, ga nketla ke mo leseletsa.” (Pesalema 101:5) Le eleng fa go ne go direlwa mo sephiring, go moreetsi a le mongwe fela, go seba go ne go le phoso. Jalo Dafide o ne a sa mpampetse boleo jono jwa ‘sephiri’.

8. Re itse jang gore go direla phoso mo sephiring ga go falole tlhokomelo ya ga Jehofa?

8 Modira-phoso ebile ga a tshwanela go iphora ka go akanya gore phoso ga ena go lemogiwa ke Modimo, “eo o bōnañ mo sephiriñ.” Tota, Modimo o ile a itshupa gore o kgatlhegela gore batho ba ikanyege le eleng fa ditiro tsa bone di sa itsiwe phatlalatsa. Gakologelwa kgang ya ga Akane. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go senya Jeriko le baagi ba yone, Bakanana ba ba boikepo. Go ne go tshwanetswe ga tlogelwa selefera, gouda, le kopore fela, tseno e le tsa letlotlo la motlaagana wa Modimo. (Yoshue 6:17-19) Lefa go ntse jalo, Akane o ne a ineela mo thaelong mme a tsaya seaparo se se tlhwatlhwa kgolo, selefera le gouda. O ne a di fitlha kafa tlase ga tente ya gagwe, gongwe a ikutlwa gore ga go ope yo o tla itseng. A mme o ne a tsietsa “Eo o bonañ mo sephiriñ”? Nnya. Modimo o ne a dira gore boleo jwa ga Akane bo senoge phatlalatsa, a swa gammogo le bantlo ya gagwe.​—Yoshue 7:1, 16-26.

9. Re tshwanetse go dirang go bona le go ipolokela kamogelo ya Modimo?

9 Ka botlhale, Elehu o ne a tlhalosa jaana ka Jehofa; “Gonne matlhō a ōna a mo ditseleñ tsa motho, me o bōna metsamaō eotlhe ea gagwè. Ga go na lehihi, leha e le moruti oa losho, kwa badihi ba boikèpō ba ka ichubèlañ gōna.” (Yobe 34:21, 22) Fa he, re eletsa go bona le go ipolokela kamogelo ya ga Jehofa Modimo, re tshwanetse ra batla go tshela ka melao-metheo ya gagwe fa re itse gore ba bangwe ba re bona lefa go banala ekete boitshwaro jwa rona bo fitlhegile. Ka metlha yotlhe “Matlhō a ōna a mo ditseleñ tsa motho.”

10. (a) Paulo o ne a tlhoma sekao sefe se sentle ka ga boitshwaro jo bo hitlhegileng? (b) Ke mo dikarolong dife tseo go ka nna gone ga diphoso tse di mo sephiring go tlhokang tlhokomelo ya rona?

10 Mokeresete o ka nna a tsena mo tekong e e fitlhegetseng baobamedi ka ene. Seo se ne sa diragalela Paulo fa a ne a le mo kgolegelong. Bajuda ba ne ba mmone molato wa gore ke “serukhutlhi” le gore ‘o leka go itshepolola tempela.’ (Ditihō 24:1-6) Paulo o ne a supa bosenang molato jwa gagwe fa pele ga moemedi wa mmuso wa Roma Felise, yoo boraditiragalo ba reng o ne a le setlhogo e bile a sena boitsholo. Felise o ne a tswalela Paulo mo kgolegelong “a sholohetse, go re, o tla nèwa madi ke Paulo.” (Ditihō 24:10-21, 26) E re ntswa moaposetoloi a ne a itse kgakololo ya Bibela ka ga go sa neye kana go amogela dimpho go bona katlholo, o ka nna a bo a ile a akanya ka go re go ntsha pipa-molomo e ne e tla nna tsela e e phoso ya gore a gololwe. Ereka pipa-molomo e ne e ka fitlhegela ba bangwe, go ne go ka seka ga tlhokafala gore Paulo a tshwenyege ka gore o tla ba kgopisa. (Ekesodo 23:8; Pesalema 15:1, 5; Diane 17:23) Lefa go le jalo Paulo o ne a seka a akanya jalo. Bontsi jwa batho ba ga Jehofa mo metlheng ya segompieno ba ile ba lebana le diteko tse dingwe, jaaka tse di kopanyeletsang molao wa Modimo ka madi, go ikgobolola, le tiriso e e sa siamang ya tagi. A re akanyetseng kafa diteko tse di ntseng jalo di ka go tlhaselang ka gone kana baratiwa ba gago.

Kutlo E Lekwa ka Madi

11. Motheo wa boemo jwa Mokeresete mo tirisong ya madi ke ofe?

11 Molao wa Modimo ka madi eleruri ga o mosha kana gore ga o a phepafala. Ka rra-rona mogolwagolwane Noa, Jehofa o ne a laela setho sotlhe a re: “Nama e e tlhakanyeñ le botshelō (moya, NW) yoa eōna, bo e leñ madi a eōna, lo se ka loa e ya.” (Genesise 9:4) Boitshepo jwa madi, jo bo emelang botshelo go tswa Modimong, bo ne jwa otlelelwa mo Molaong wa ga Moshe. Madi a ne a ka dirisiwa mo sebesong, mme fa go sa nna jalo a ne a tshwanetswe go ‘tshololelwa fa fatshe jaaka metsi.’ (Lefitiko 17:11-14; Duteronome 12:23-25) A kiletso ya go tshegetsa botshelo ka madi e ne ya tswelela morago ga Molao wa ga Moshe o sena go khutla? Tota. Go seo bangwe ba ka se bitsang lekgotla la ntlha la Bokeresete, baaposetoloi le bagolwane (bao ba neng ba bopa setlhopha se se laolang) ba ne ba digela ka gore Bakeresete ba tshwanetse ba ‘ithiba mo medimong ya disetwa, mo boakeng, mo go tse di betilweng [madi a saletse mo go tsone] le mo mading.’ Go sa dirise madi ka tshwanelo e ne e le phoso e e masisi ya boitsholo fela jaaka tlhakanelo-dikobo e e sa tshwanelang.​—Ditihō 15:20, 21, 28, 29.

12. Bakeresete ba pele ba ne ba tsaya boemo bofe ka madi?

12 Bakeresete ba pele ba ne ba utlwa molao wa Modimo ka ga madi. Lemororo batho ba nako eo ba ne ba nwa madi a ba ba loleng le dibatana jaaka “kalafi” ya leebana, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba sa dire jalo. Lefa e le gone go ka ja dijo tse di nang le madi, le eleng fa go gana ga bone go ne go ka raya gore ba tla swa le bana ba bone. Fa e sale ka nako eo, baithuta-bomodimo ba ba farologanyeng le ba bangwe ba ile ba dumalana gore Bakeresete ba kafa tlase ga molao wa Modimo kgatlhanong le go tshegetsa botshelo ka o amogela madi.

13. (a) Ke ka baka lang fa ka dinako tse dingwe o ka thulana le teko mabapi le madi? (b) Ke lebaka lefe le legolo la gore Bakeresete ba seka ba amogela madi mo sephiring leo re tshwanetseng ra le gakologelwa?

13 Mo metlheng ya bos eng jaana tshelo ya madi e ile ya nna sedirisiwa se segolo sa kalafi. Ka gone Mokeresete a ka nna a lebana le teko eo e e kopanyeletsang Dingaka, baoki, le eleng ba losika ba ka nna ba mo tlhotlheletsa thata go amogela madi. Le gale, batho ba ba tlhaloganyang, ba itse gore tshelo ya madi ka boyone e na le bokotsi jo bogolo. Makasine wa Time (November 5, 1984) o ne wa re “Maamerika a ka nna 100 000 a tsenwa ke hepatitis (thurugo-sebete) ngwaga le ngwaga ka go tshelwa madi,” mme bogolo go tswa “mogareng o o sa itseweng oo o ka lemogiwang fela ka ditiro tsa one.” Time e ne ya bega gape ka malwetsi a a ka fetang 6 500 a (AIDS) “acquired immune deficiency syndrome,” a mangwe e le a a “amanang le tshelo ya madi.” Pego e ne ya re: “Go setse go sule mo e ka nnang halofo ya ba bo ba tlhasetseng, lemororo ba e tla reng kgabagare ba swe e nne selekanyo sa diphesente tse 90 kana go feta.” Le gale, go gana ga Basupi ba ga Jehofa ga goa ikaega mo kgannyeng ya gore madi ke molemo o o sa siamang. Le eleng fa dingaka di ka tlhomamisetsa gore tshelo ya madi e tla nna e e seng diphatsa, Lefoko la Modimo le re laela gore ‘re ithibe mo mading.’​—Ditihō 21:25.

14. Ke teko efe ya “sephiri” e e kopanyeletsang madi eo o ka lebanang nayo?

14 A o ke o akanye fa wena o ne o ka bolelelwa gore o tlhoka tshelo ya madi fela thata. O ne o tla gakologelwa molao wa Modimo ka madi, a ga go jalo? Le boitlhomo jwa gago go utlwa Modimo go sa kgathalesege gore diphelelo tsa gone jaanong e tla nna dife, bo ne bo tla nonotshiwa fa Bakeresete ka wena ba ne ba le gone. (Bapisa Daniele 3:13-18.) Lefa go ntse jalo, gotweng fa e le gore kwa bothokong ngaka kana moatlhodi o ne a ka go gatelela gore o amogele madi, le eleng go go raya a re o mo lese a sikare boikarabelo jwa gone mo Modimong?

15. Dingaka dingwe le basimegi bangwe ba na le pono efe e e phoso ka ga boemo jwa rona ka madi?

15 Dipego go tswa mo mafatsheng a a farologaneng di supa gore ka dinako tse dingwe, dingaka, batsamaise ba dipatela, le baatlhodi ka phoso ba akanya gore Basupi ba ga Jehofa ba gana tshelo ya madi fela mo phatlalatseng mme fa ba le kwa bothokong kana kafa teng ba ikutlwa ka mo go farologaneng. Mo kgannyeng nngwe moatlhodi o ne a itirela phetso ya gore “modi wa bothata ga o mo go se se dumelwang [ke molwetsi] kafa sedumeding, mme mo go ganeng ga gagwe go saena taolelo e e setseng e kwadilwe gale ya go tshelwa madi. Ene o ne a sa gane go amogela kalafi e e neng e kopanyelediwa​—lefa go ntse jalo, o ne a sa rebole gore e dirisiwe.” Phapaanong le seo, go na le gore ba boga motlhofo fela ba gana go saenela ‘taolelo ya madi,’ Basupi ba ga Jehofa ba itsege sentle-ntle jaaka bao ba eletsang thata go saenela dipampiri tse di kafa molaong tseo di gololang badiri ba tsa kalafi mo molatong ope o o ka amanang le go gana madi.a

16. Fa mongwe kwa bothokong a ne a ka go tlhotlheletsa gore o amogele madi, ke eng seo o sa tshwanelang go se lebala?

16 Dingaka le baatlhodi ba ka nna ba leka go go tlhotlheletsa gore o amogele madi ka ntlha ya go bo ba bone batho ba ditumelo tse dingwe ba gana kalafi nngwe mme e re kwa ‘sephiring’ ba e amogele. Basimegi bangwe ba bile ba bo ba iphaka gore ba itse ka mosupi mongwe yo o ileng a dumela go tshelwa madi mo sephiring. Fa ele gore seo se ile sa diragala, se ka nna sa bo se ile sa kopanyeletsa mongwe yo o neng a tlwaelane fela le Basupi ba ga Jehofa. Batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo ba itse sentle gore ga go na boikanyologo jo bo ntseng jalo jo bo ka falolang bo sa elwa tlhoko. Gopola ka boleo jwa ga Dafide mabapi le Betheshebe le Uria. Jehofa o ne a bona gotlhe mme a romela Nathane ka molaetsa o o reng: “Gonne wèna [Dafide] u se dihile mo sephiriñ; me nna ke tla diha selō se ha pele ga ba Iseraela botlhe, le ha pele ga letsatsi.” Jaaka Modimo a ile a tlhalosa, moragonyana Dafide o ne a ikutlwela matswela a a hutsahatsang a boleo jwa gagwe jwa “sephiri.”​—2 Samuele 11:27–12:12; 16:21.

17. (a) Ke jang go amogela tshelo ya madi mo sephiring go ka direlang ba bangwe mathata? (b) Tlhalosa kafa kgaitsadi mongwe a neng a ema a nitame mo kgannyeng ya madi le eleng kwa bothokong, mme phelelo ya seo e nnile eng?

17 Go rata bakaulengwe ba gago ba Bakeresete go tshwanetse gape ga go thusa go ganana le dikgatelelo tsa go dumela mo sephiring go tlola molao wa Modimo wa madi. Jang? Mme kana, fa ngaka kana moatlhodi ba ne ba ka go patika gore o amogele madi, le eleng mo sephiring, o tshwanetse go akanya ka mathata a a oketsegileng a seo se tla a lereng mo Mosuping yo mongwe. Elatlhoko boitemogelo jono:

Kgaitsadi Rodriguez o ne a alafelwa bolwetsi bongwe. Go tswa foo a lwala thata; ngaka ya gagwe e ne ya fodisa go dutlela madi ga ka fa teng ga gagwe mme ya mo gakolola gore a itlhaganelele kwa sepateleng se segolo. Kgaitsadi Rodriguez o ne a bolelela badiri ba ntlwana ya kalafi ya potlako: “Gore lefa go ka diragala jang ga ke kake ka amogela tshelo ya madi.” O ne a tshwarelela mo go seno moragonyana fa dingaka di ne di mo gatelela di mmolelela gore Basupi bangwe ba amogetse madi. Malatsi fa a ntse a feta kgaitsadi yono a tswelela ka go latlhegelwa ke madi le go koafala, labofelo a fudusediwa kwa Lephateng la Kalafi e e Nonofileng. Go tswa foo sepatela sa bitsa moatlhodi wa Kgotla-kgolo ya Ditsheko ya naga eo.

Dikgwedi dingwe moragonyana mo ntlwaneng ya loaro ya sepatela moatlhodi yono o ne a buisana le dingaka di ka feta 150 ka setlhogo seno “Tota, Botshelo ke Jwa ga Mang?” Mme le ene o ne a re, o kile a kopana le batho bao pele ba neng ba ganne madi mme ya re moragonyana ba rebola fa moatlhodi a sena go tla. Mme gotweng ka Kgaitsadi Rodriguez? O ne a anela gore o ne a ile a leka go mo tlhatswa pelo kwa bothokong gore a mo dumelele go ‘sikara boikarabelo’ ka gore a tshelwe madi ka ntlha ya taolelo ya kgotla-tshekelo. O ne a dirang? Moatlhodi o ne a bolelela dingaka tse di neng di phuthegile gore go ya kafa nonofong yotlhe ya gagwe Mrs. Rodriguez o ne a mmolelela gore o ne a ka seke a dumele madi le gore a tloge mo go ene a bo a tswe le mo kamoreng Kgabagare, moatlhodi a tlhalosa gore o ne a sena motheo ope wa go laola gore a tshelwe madi kgatlhanong le dikeletso tsa gagwe.

18. Ke boikemisetso bofe jo re tshwanetseng go bo phepafatsa mo kgannyeng ya madi, ka matswela afe a a ka nnang gone?

18 Seno se supela botlhokwa jwa gore re phepafatse boemo jwa rona gotlhelele ka ga madi gore ga bo ananngme ka sepe. Baaposetoloi ba ne ba tsaya boemo jo bo ntseng jalo jo bo tlhomameng, ba bua ba re: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.” (Ditihō 5:29) Kgang ya ga Kgaitsadi Rodriguez le yone gape e bontsha phelelo eo boikanyologo jwa Mosupi bo ka nnang le yone mo go ba bangwe. Fa a ntse a lwala ebile a le bokoa mo mmeleng, o ne a tshwanelwa ke gore a lebagane le kgatelelo e e oketsegileng fela ka go bo e ne ya re pelenyana mongwe a bo a ka ne a ile a roba molao wa Modimo ka sephiri. Legale, tlolo eo ga e ne e nna sephiri go “Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe.” (Genesise 18:25) Ka boitumelo, Kgaitsadi Rodriguea o ne a se ka a ikanyologa kwa bothokong fela jaaka a dirile le mo phatlalatseng. Mme moragonyana, a setse jaanong a na le botsogo jo bo itekanetseng, o ne a tlhalosetsa kokoano e e tshwanang ya ba tsa-kalafi ka boikemisetso jwa gagwe jo bo sa kgaotseng jwa go ikanyega go Modimo.

19. Ka metlha yotlhe, re tshwanetse ra nna podimatseba ka lebaka lefe?

19 Mme le rona, re tshwanetse ra ikanyega e ka ne ditiro tsa rona ke tsa phatlalatsa kana nnya. O itumelela boikanyego jo bo ntseng jalo mme o tla bo duela; ka tshiamiso o tla arabela ditirong​—tsa phatlalatsa kana mo bothokong—​tsa bao ba sa ikanyegeng mo ditekanyetsong tsa gagwe. (Pesalema 51:6; Yobe 34:24) Ka lorato o baakanyetsa ka kgakololo e e itekanetseng eo e tla re thusang go fenya diphoso tsa sephiri tse re nang natso, jaaka re tla tswelela re go akanyetsa.

[Dintlha tsa kwa tlase]

a Dipatela di le dintsi di dirisa Foromo P-47 REFUSAL TO PERMIT BLOOD TRANSFUSION jaaka go kwadilwe go Medicolegal Forms with Legal Analysis ya American Medical Association.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Modimo o na le kgono efe eo e tshwanetseng ya ama ditiro tsa rona?

◻ Boitemogelo jwa ga Akane bo tshwanetse jwa re ruta thuto efe e e botlhokwa-tlhokwa?

◻ Ke kgobalo efe e e ka nnang gone fa Mokeresete kwa sephiring a roba molao wa Modimo ka madi?

◻ O tshwanetse wa nna le boitlhomo bofe mabapi le pono ya ga Jehofa ka madi?

[Lebokoso mo go tsebe 13]

Molao wa Modimo ka Madi O Tsewa Jaaka O O Santseng O Dira

JOSEPH PRIESTLEY (1733-1804) o itsewe thata jaaka moitseanape yo o neng a lemoga okosijene, mme gape o ne a le moithuta-bomodimo. O ne a kwala a re:

“Kiletso ya go ja madi, e e neng ya neelwa Noa, e bonala e tlama ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe.” Fa e le ka ga maiphako a gore kiletso ya Bokeresete mo mading e ne e le ya nakwana fela, Priestley o ne a oketsa: “Ga go na kakantsho epe, kana kgopodiso ya gore ke ya nakwana, lefa e le kumako epe ya nako eo kiletso e neng e tla khutla ka yone. . . . Fa re phuthulola kiletso eno ya baaposetoloi ka tlwaelo ya Bakeresete ba segologolo, bao go ka se keng ga bo ga akanngwa gore ba ne ba sa tlhaloganye ka mmatota sebopego le bogolo jwa yone, ga go sepe se sele, fa e se go digela ka gore go ne go ikaeletswe gore e nne e e feletseng le go nna e ntse e tswelela.”

Ka 1646 A Bloody Tenet Confuted, or, Blood Forbidden (peleto ya bosheng) e ne ya gatisiwa Mo tsebeng 8 e ne ya digela jaana: “A re tlogeleng mokgwa ono o o setlhogo wa go ja matshelo a diphologolo, jaaka fa o dirisiwa go ralala Enyelane yotlhe, ka diphuting tse dintsho [madi] tse di itshekologileng, jaaka ka gone re tla bo re itshupa fa re le batho ba ba kutlwelo botlhoko, eseng setlhogo; re se ba ba tla fitlhelwang ba sa utlwe Modimo mo ditaolong tse di tlhamaletseng tseo, mme re le bautlwi ba thato ya gagwe, le badiri ba dilo tse di siameng mo matlhong a gagwe, jaaka fa re tla bona kamogelo ya Modimo, . . . mme re sa kgaolwe mo bathong ba garona, le go dira gore sefatlhego sa Modimo se nnele go nna kgatlhanong le rona ka ntlha ya bosula.”

Gaspard Bartholin e ne e le moporofesa wa anatomi wa lekgolo la dingwaga la bo 17 kwa Unibesithing ya Copenhagen. Fa a ne a kwala ka ‘Tiriso e e sa Tshwanelang ya Madi,’ o ne a elatlhoko jaana: ‘Bao ba ganelelang mo tirisong ya madi a motho go ikalafa malwetse ka one ba bonala ba sa a dirise ka tshwanelo ba bile ba leofa mo go masisi. Baji ba batho ba a kgalwa. Ke eng fa re sa ferosiwe sebete ke bao ba leswefatsang memetso ya bone ka madi a batho? Go ntse fela jalo le ka go amogela madi a sele mo losikeng lo lo kgaotsweng, e ka ne e le ka molomo kana ka didirisiwa tsa tshelo ya madi. Basimolodi ba loaro lono ba kgalwa ke molao wa bomodimo, oo ka one go ja madi go ilediwang.’

Revelation Examined with Candour (1745) e ne ya bua ka ditaolo tsa Modimo ka ga madi. E ne ya akantsha jaana: “Taolo e e neng ya neelwa Noa ke Modimo ka boene, ya boelediwa gape go Moshe, le go tiisediwa ke baaposetoloi ba ga Jesu Keresete; e e neng ya neelwa ka bofefo fela morago ga morwalela, jaaka fa go ka twe, lefatshe le sena go simologa sesha; mme e bile e le yone fela e e ileng ya neelwa mo pakeng e kgolo eo, e boelediwa ka masisi a a boitshegang, go batho bao Modimo a neng a ba farologantse mo sethong ka kakaretso, gore ba nne boitshepelo go ene; e boeleditswe ka mafoko a a boifisang a tšhakgalo ya bomodimo, kgatlhanong le Mojuda le moeng yo o neng a ka leka go e tlola; le go tlhomamisiwa ke lekgotla le le masisi le le boitshepo, le eleng lone fela le kileng la kopana mo lefatsheng; le dira tlaseng ga tlhotlheletso e e gaufi-ufi ya Moya wa Modimo! eo e neng ya fetisiwa go tswa kokoanong e e boitshepo go ya dikerekeng di le mmalwa tsa merafe e e mo tikologong, ka diatla tse e neng e se tsa barongwa ba ba botlana. mme eleng tsa bobishopo ba le babedi, le baaposetoloi ba le babedi . . . A motho le fa e ka nna mang, morago ga seno, o ka re o a leka go nyenyefatsa taolo eno? A motho le fa e ka nna mang o ka re ka tlhaloganyo ya gagwe a kaya fa taolo eo, jaaka e neetswe, le go boelediwa, le go tiisediwa ke Modimo ka boene, a re ga e reye sepe e bile ga e botlhokwa?”

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Boitshwaro jwa Mosupi yo mongwe bo ka nolofaletsa kana jwa thatafaletsa yo mongwe gore a ikanyege go Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela