LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 4/15 ts. 20-25
  • Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boitshwarelo, Seo Mokeresete a Patelesegang go se Dira
  • Go Boela kwa go Jehofa
  • Thuso E Nngwe ya Kutlwelobotlhoko
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Bontsha Boikanyegi Jwa Bokeresete fa wa Losika a Kgaotswe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Kafa re Tshwanetseng go Dirisana le Motho yo o Kgaotsweng ka Gone
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 4/15 ts. 20-25

Etsa Modimo ka go Nna Kutlwelobotlhoko Gompieno

“A re weleñ yana mo seatleñ sa ga Yehofa; gonne mautlwèlō botlhoko a gagwè a magolo: me a ke se wèle mo seatleñ sa motho.”—2 SAMUELE 24:14.

1. Dafide o ne a ikutlwa jang ka kutlwelobotlhoko ya Modimo, mme ka ntlha yang?

KGOSI DAFIDE o ne a itse go tswa go se a se itemogetseng gore Jehofa o na le kutlwelobotlhoko go gaisa batho. Ereka Dafide a ne a tshepa gore ditsela, kana ditselana tsa Modimo di molemo go gaisa tsotlhe, o ne a eletsa go ithuta ditsela tsa Gagwe le go tsamaya mo boammaaruring jwa Gagwe. (1 Ditihalō 21:13; Pesalema 25:4, 5) A o ikutlwa jaaka Dafide a ne a ikutlwa?

2. Jesu o ne a fa kgakololo efe mo go Mathaio 18:15-17 malebana le go dirisana le boleo jo bo masisi?

2 Bibela e re lemotsha kafa Modimo o akanyang ka gone, le eleng mo dikgannyeng tse di tshwanang le gore ke eng se re tshwanetseng go se dira fa mongwe a re leofela. Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe, bao moragonyana ba neng ba tla nna balebedi ba Bakeresete a re: “Ha oa ga eno a gu leohetse, ea u mo kaèlè molato oa gagwè lo le babedi hèla: e tla re ha a gu utlwile u tla bo u gapile oa ga eno.” Phoso e go buiwang ka yone fano e ne e se fela go tlhaela ga motho mme e ne e le boleo jo bo masisi, jo bo tshwanang le tsietso kana go seba. Jesu o bolela gore fa kgato eno e sa rarabolole kgang le fa go na le basupi bangwe, yo o leofetsweng o tshwanetse go ba tsaya go supa gore phoso eo e dirilwe. A kgato eno ke yone ya bofelo? Nnyaa. “Ha [moleofi] a gana go utlwa bōnè, ea u bolèlèlè phuthègō, me ha a gana go utlwa le eōna phuthègō: mo go wèna u mo kaeè yaka chaba hèla, le mokgethisi.”—Mathaio 18:15-17.

3. Jesu o ne a rayang fa a re modiraphoso yo o sa ikotlhayeng o ne a tshwanetse go nna “yaka chaba hèla, le mokgethisi”?

3 Ereka baaposetoloi bao e ne e le Bajuda, ba ne ba tla tlhaloganya gore go tsaya moleofi “yaka chaba hèla, le mokgethisi” go ne go kaya eng. Bajuda ba ne ba tila go tsalana le batho ba baditšhaba, mme ba ne ba nyatsa Bajuda bao ba neng ba dira tiro ya go tseela Roma lekgetho.a (Yohane 4:9; Ditihō 10:28) Ka gone, Jesu o ne a gakolola barutwa gore fa phuthego e ne e latlha moleofi mongwe, ba ne ba tshwanetse go sa tlhole ba tlhakana nae. Lefa go le jalo, seo se dumalana ka tsela efe le go bo Jesu a ne a nna le bakgethisi ka dinako dingwe?

4. Go ya ka mafoko a gagwe a a mo go Mathaio 18:17, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ka dirisana le bakgethisi le baleofi?

4 Luke 15:1 ya re: “Me yana bakgethisi botlhe le baleohi ba bo ba ne ba mo atamèla go mo utlwa.” Ga se gore mongwe le mongwe wa bakgethisi le mongwe le mongwe wa baleofi o ne a le koo, mme fa go twe “botlhe” go raya gore ba ne ba le bantsi. (Bapisa Luke 4:40.) E ne e le bafe? E ne e le bao ba neng ba batla gore dibe tsa bone di itshwarelwe. Bangwe ba bone e ne e rile go le pele ba rata molaetsa wa ga Johane wa Mokolobetsi wa boikotlhao. (Luke 3:12; 7:29) Ka jalo fa bangwe ba ne ba tla kwa go Jesu, go ba rerela ga gagwe go ne ga seka ga thulana le kgakololo ya gagwe e e mo go Mathaio 18:17. Elatlhoko gore “bakgethisi ba le bantsi le baleohi [ba ne ba utlwa Jesu] me ba mo [sala] moragō.” (Mareko 2:15) Bano e ne e se bao ba neng ba rata go tswelela ka tsela ya bone e e maswe ya botshelo, bao ba neng ba gana thuso nngwe le nngwe. Go na le moo, ba ne ba utlwa molaetsa wa ga Jesu mme dipelo tsa bone tsa tshikinyega. Lefa e le gore ba ne ba santse ba leofa, lemororo ba ne ba ntse ba leka go fetoga, “modisa eo o molemō” o ne a etsa Rraagwe yo o kutlwelobotlhoko ka go ba rerela.—Yohane 10:14.

Boitshwarelo, Seo Mokeresete a Patelesegang go se Dira

5. Mo kgannyeng ya boitshwarelo, boemo jwa Modimo totatota ke bofe?

5 Fa re iketleeletsa go itshwarela ba bangwe, re na le ditlhomamisetso tseno tse di itumedisang: “Ha re ipolèla dibe tsa rona, ōna o boikañō le tshiamō ea go re ichwarèla dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololoñ eotlhe.” “Dilō tse kea di lo kwalèla, gore lo tlè lo se ka loa leoha. Me ha motho moñwe a leoha re na le Mueledi kwa go Rara, eboñ mosiami Yesu Keresete.” (1 Yohane 1:9; 2:1) A go ka kgonega gore motho yo o kgaotsweng a itshwarelwe?

6. Go ka kgonega jang gore motho yo o kgaotsweng a itshwarelwe a bo a busediwe?

6 Ee. Ka nako ya fa motho yo o dirileng boleo joo a sa bo ikotlhaeleng a kgaolwa, bagolwane ba ba emetseng phuthego ba mo tlhalosetsa gore o ka kgona go ikotlhaya a bo a amogele boitshwarelo jwa Modimo. O ka nna a nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi, koo a ka utlwang tao ya Bibela eo e ka mo thusang gore a ikotlhae. (Bapisa 1 Bakorintha 14:23-25.) Fa nako e ntse e tsamaya o ka nna a senka gore a busediwe mo phuthegong e e phepa. Fa jaanong bagolwane ba kopana le ene, ba tla leka go bona gore a o ikotlhaile ebile o latlhile tsela ya gagwe ya boleo. (Mathaio 18:18) Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna a busediwa, tumalanong le sekao se se mo go 2 Bakorintha 2:5-8. Fa e le gore o na le dingwaga di le dintsi a ntse a kgaotswe, o tla tshwanelwa ke go dira boiteko jo bogolo gore a gatele pele. Gape o ka nna a tlhoka thuso e kgolo morago ga moo go nonotsha kitso ya gagwe ya Bibela le kanaanelo e le gore a tle a fetoge Mokeresete yo o nonofileng mo semoyeng.

Go Boela kwa go Jehofa

7, 8. Modimo o ne wa tlhoma sekao sefe malebana le batho ba gagwe ba ba neng ba leleketswe kwa lefatsheng le sele?

7 A mme bagolwane ka bobone e ka nna bone ba tsayang kgato pele go atamela motho yo o kgaotsweng? Ee. Bibela e bontsha gore kutlwelobotlhoko ga e bontshiwe fela ka go sa otlhayeng motho mme gantsi e bontshiwa ka gore go tsewe dikgato tse di siameng. Re na le sekao sa ga Jehofa. Pele ga a lelekela batho ba gagwe ba ba sa ikanyegeng kwa lefatsheng le sele, o ne a bolelela pele ka boperofeti gore ba ne ba ka boela kwa go ene a re: “Gakologèlwa dilō tse, wèna Yakoba; le Iseraela, gonne u motlhanka oa me . . . Ke kaolotse ditlolō tsa gago yaka leru ye le kwenneñ, le dibe tsa gago yaka leru: boèla mo go nna; gonne ke gu rekolotse.”—Isaia 44:21, 22.

8 Go tswa foo, fa ba ntse ba le mo lefatsheng le e seng la bone koo, Jehofa o ne a tsaya dikgato tse dingwe gape, a dira ka tsela e e siameng. O ne a romela baperofeti, baemedi ba gagwe, go ya go kopa Iseraele ‘go mo senka le go mmona.’ (Yeremia 29:1, 10-14)) Mo go Esekiele 34:16, o ne a itshwantshanya le modisa mme batho ba morafe wa Iseraele bone a ba tshwantshanya le dinku. “Ke tla batla tse di timetseñ, ke tla ba ke lere tse di lelekilweñ.” Mo go Yeremia 31:10, Jehofa gape o ne a dirisa setshwantsho sa go nna ga gagwe modisa wa Baiseraele. Nnyaa, o ne a seka a itshwantshanya le modisa yo o mo lesakeng la dinku yo o emetseng nku e e latlhegileng gore e boe; go na le moo, o ne a itshupa gore ke modisa yo o tsomang dinku tse di latlhegileng. Elatlhoko gore le eleng fa batho ka kakaretso ba ne ba sa ikotlhae ebile ba le kwa lefatsheng le ba leleketsweng kwa go lone, ke Modimo yo o neng a simolola go dira maiteko a go batla gore ba boe. Mme tumalanong le Malaki 3:6, Modimo ga o kake wa fetola tsela ya gagwe ya go dira dilo mo thulaganyong ya Bokeresete.

9. Sekao sa Modimo se ne sa latelwa jang mo phuthegong ya Bokeresete?

9 A seno ga se akantshe gore go ka tswa go na le lebaka la go simolola go tsaya dikgato malebana le batho bangwe ba ba kgaotsweng mme e le bao jaanong ba ka tswang ba ikotlhaile? Gakologelwa gore moaposetoloi Paulo o ne a ntsha taolo ya gore motho yo o bosula a tlosiwe mo phuthegong ya Korintha. Moragonyana o ne a kgothatsa phuthego eo gore e tlhomamisetse monna yoo lorato lwa yone ka go bo a ikotlhaile, seo se neng sa dira gore a busediwe mo phuthegong.—1 Bakorintha 5:9-13; 2 Bakorintha 2:5-11.

10. (a) Ke boikutlo bofe joo bo tshwanetseng go tlhotlheletsa maiteko ape fela a a direlwang gore go ikopanngwe le batho bangwe ba ba kgaotsweng? (b) Ke ka ntlha yang fa balosika ba e leng Bakeresete e sa tshwanela go nna bone ba ba simololang go tsaya kgato ya go ikopanya le motho yoo?

10 Saetlopedia e e tsopotsweng pelenyana e ne ya re: ‘Lebaka le legolo la motheo la go kgaolwa ga batho e ne e le go sireletsa ditekanyetso tsa setlhopha: “sebidiso se sennye se bedisa boupe jotlhe” (1 Bakor. 5:6). Boikutlo jono bo phepafetse mo mafokong ka bontsi a Bibela le a ditshetla tse eseng karolo ya Dikwalo, mme motheo wa boikuelo jwa ga Paulo mo go 2 Bakor. 2:7-10 e ne e le go amega ka motho yo o ntseng jalo, le eleng morago ga a sena go lelekwa.’ (Mokwalo o o sekamisitsweng ke wa rona.) Ka gone, ka mo go utlwalang sentle kamego e e ntseng jaana e tshwanetse go bontshiwa ke badisa ba letsomane. (Ditihō 20:28; 1 Petere 5:2) Batho ba e kileng ya bo e le ditsala le balosika ba ka nna ba solofela gore motho yo o kgaotsweng o tla boa; lefa go le jalo ka baka la go tsaya tsia taolo e e mo go 1 Bakorintha 5:11, ga ba kopanele le motho yo o lelekilweng.b Ba tlogelela badisa ba ba tlhomilweng gore e nne bone ba ba tshwanetseng go tsaya kgato go bona gore a motho yo o ntseng jalo o batla go boa.

11, 12. Ke batho ba mofuta ofe ba ba lelekilweng ba le eleng bagolwane ba tla sekeng ba batle go ba bona, mme ke ba mofuta ofe bao ba ka nnang ba ba etela?

11 Go tla bo go sa tshwanela le eleng ka bagolwane go nna bone ba tsayang kgato pele go atamela batho bangwe ba ba lelekilweng, ba ba tshwanang le batenegi, bao ba ‘buang dilo tse di sokameng go itshadisa barutwa morago.’ Bano ke ‘barutisi ba maaka bao ba lekang go simolola makoko a a senyang le go tsietsa phuthego ka mafoko a tsietso.’ (Ditihō 20:30; 2 Petere 2:1, 3) Gape Bibela ga e na motheo ope wa gore go tsomiwe batho ba ba kgaotsweng ba ba bogale kana bao ba tlhagafaletseng go kgothaletsa go dira bosula.—2 Bathesalonia 2:3; 1 Timotheo 4:1; 2 Yohane 9-11; Yude 4, 11.

12 Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba lelekilweng ga ba nna jalo. Motho o ka nna a bo a sa tlhole a dira phoso e e masisi eo a e kgaoletsweng. Yo mongwe o ka nna a bo a ne a ntse a goga motsoko, kana gongwe mo nakong e e fetileng o ka nna a bo a ne a ntse a nwa go feta selekanyo, mme jaanong ga a sa tlhole a leka go gogela ba bangwe mo go direng phoso. Gakologelwa gore le eleng pele ga Baiseraele ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba boela kwa Modimong, o ne a romela baemedi ba gagwe go ba rotloeletsa go boela kwa go ene. Ekane Paulo kana bagolwane ba phuthego ya Korintha e ne ya nna bone ba ba tsayang kgato ya go ya go bona motho yo o neng a kgaotswe yoo, Bibela ga e bolele sepe ka gone. Fa motho yoo a ne a sena go ikotlhaya ebile a sa tlhole a dira boitsholo jo bo sa siamang jo a neng a bo dira, Paulo o ne a laela phuthego gore e mmusetse.

13, 14. (a) Ke eng se se supang gore batho bangwe ba ba lelekilweng ba ka nna ba arabela sentle fa go tsewa dikgato dingwe tsa go ba bontsha kutlwelobotlhoko? (b) Setlhopha sa bagolwane se ka rulaganyetsa jang gore go ikopanngwe le batho ba ba ntseng jalo?

13 Mo metlheng ya bosheng jaana go ile ga nna le makgetlo ao mo go one go neng ga diragala gore mogolwane a kopane le motho yo o kgaotsweng.c Fa go neng go kgonega gone, modisa yoo o ne a tlhalosa ka bokhutshwane dikgato tse motho o tshwanetseng go di tsaya gore a busediwe. Batho bangwe ba ba ntseng jalo ba ne ba ikotlhaya mme ba busediwa. Diphelelo tse di ntseng jalo tse di itumedisang di supa gore go ka nna ga bo go na le batho bangwe ba ba kgaotsweng kana ba ba itomolotseng bao ba ka arabelang fa badisa ba ba atamela ka go ba utlwela botlhoko. Mme bagolwane ba ka dirisana jang le kgang eno? Gongwe mo e ka nnang gangwe fela ka ngwaga setlhopha sa bagolwane se ka sekaseka go bona gore a ga go na batho ba ba ntseng jalo ba ba nnang mo lefelong la bone.d Bagolwane ba tla tlhoma matlho a bone mo go bao ba nang le ngwaga ba ntse ba kgaotswe. Go ya ka maemo, fa go tshwanela, ba tla abela bagolwane ba le babedi (gongwe bao ba tlwaelaneng le seemo seo) go etela motho yo o ntseng jalo. Mme ga go ne go etelwa motho ope yo o supang fa a na le boikutlo jo bo maswe, jo bo diphatsa kana bao ba boletseng gore ga ba tlhoke thuso epe.—Baroma 16:17, 18; 1 Timotheo 1:20; 2 Timotheo 2:16-18.

14 Badisa ba babedi ba ka nna ba leletsa motho yoo mogala go mmotsa gore a ba ka mo etela ka nako e khutshwane, kana ba ka nna ba fapogela teng fela ka nako e e tshwanetseng. Mo loetong loo, ga ba tshwanela gore ba bue ka go gatelela kana le eleng ka moya o o kotlomaneng fela mme ba tshwanetse go mmontsha ka tsela e e omosang pelo le e e kutlwelobotlhoko kafa ba amegileng ka gone ka ene. Go na le go bua gape ka kgang e e fetileng, ba ka nna ba tlotla ka ditemana tsa Bibela tse di tshwanang le Isaia 1:18 le 55:6, 7 le Yakobe 5:20. Fa e le gore motho o kgatlhegela go boela kwa letsomaneng la Modimo, ka bopelonomi ba ka mo tlhalosetsa gore ke dikgato dife tse a tshwanetseng go di tsaya, tse di tshwanang le go bala Bibela le dikgatiso tsa Mokgatlho wa Watch Tower le go nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi.

15. Ke eng se bagolwane ba ba batlang go ikopanya le motho yo o kgaotsweng ba tshwanetseng go nna ba se gopotse?

15 Bagolwane bano ba tla tshwanelwa ke go nna le botlhale le temogo gore ba kgone go atlhola gore a motho o supa boikotlhao le gore a go tla bo go le botlhale gore ba mo etele gape. Legale, ba tshwanetse go gakologelwa gore batho bangwe ba ba kgaotsweng ga ba kitla ba ‘tsosolosediwa boikotlhaong.’ (Bahebera 6:4-6; 2 Petere 2:20-22) Morago ga loeto, banna ba babedi bano ba tla begela Komiti ya Tirelo ya Phuthego ka molomo fela. Yone, morago ga foo, e tla itsise setlhopha sa bagolwane kwa pokanong ya bone e e latelang. Go tsaya kgato la ntlha ga bagolwane ka baka la kutlwelobotlhoko ya bone go tla bo go bontshitse pono eno ya Modimo: “Boèlañ mo go nna me ke tla boèla kwa go lona, go bua Yehofa oa mashomōshomō.”—Malaki 3:7.

Thuso E Nngwe ya Kutlwelobotlhoko

16, 17. Re tshwanetse go leba jang balosika lwa motho yo o kgaotsweng bao eleng Bakeresete?

16 Go tweng ka bangwe ba rona bao re seng balebedi mme ebile re ka se tseye dikgato tse di ntseng jalo malebana le batho ba ba kgaotsweng? Ke eng seo re ka se dirang tumalanong le thulaganyo eno mme ebile re etsa Jehofa?

17 Fa fela motho a kgaotswe kana a itomolotse, re tshwanetse go latela taolo e e reng: “E tle e re ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè.” (1 Bakorintha 5:11) Mme taolo eno ya Bibela ga e ya tshwanela go ama pono ya rona ka maloko a lelapa la Bokeresete ao a nnang le motho yo o kgaotsweng. Bajuda ba bogologolo ba ne ba gakalela bakgethisi fela thata mo ba bileng ba ne ba ila le balelapa la mokgethisi yoo. Jesu ga a ka a dumalana le seo. O ne a bolela gore moleofi yo o ganang thuso o ne a tshwanetse go tsewa “yaka chaba hèla, le mokgethisi”; ga ka a bolela gore maloko a lelapa leo la Bokeresete a tshwanetse go tshwarwa jalo.—Mathaio 18:17.

18, 19. Ditsela dingwe tse re ka bontshang Bokeresete jwa rona go balosika lwa motho yo o lelekilweng bao ba ikanyegang ke dife?

18 Re tshwanetse go tshegetsa maloko a lelapa ao e leng Bakeresete ba ba ikanyegang ka mo go kgethegileng. Ba ka nna ba bo ba setse ba utlwisiwa botlhoko ebile ba kgorelediwa ke go bo mo legaeng la bone ba nna le motho yo o lelekilweng yo tota a ka tswang a ba kgoba marapo mo ditirong tsa bone tsa semoya. O ka nna a seka a rata gore Bakeresete ba etele legae leo; kana fa ba tlile go bona maloko a lelapa leo a a ikanyegang, o ka nna a seka a bontsha maitseo ka go gana go tloga fa baeting bao. Gape o ka nna a kgoreletsa maiteko a balelapa leo a go ya kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete le dikopano. (Bapisa Mathaio 23:13.) Ruri re tshwanetse go bontsha kutlwelobotlhoko mo Bakereseteng ba ba seng lesego ka tsela e e ntseng jalo.—2 Bakorintha 1:3, 4.

19 Tsela e nngwe e re ka bontshang kutlwelobotlhoko e e pepetletsang ka yone ke ka ‘go bua ka go gomotsa’ le go tlotla le batho bao ba ba ikanyegang ba lelapa leo ka tsela e e kgothatsang. (1 Bathesalonia 5:14) Gape go na le ditshono tse di molemo tsa go ema batho bao nokeng pele le morago ga dipokano, fa re le mo tirelong ya tshimo, kana fa re le mmogo ka dinako tse dingwe. Ga go tlhokege gore re umake sepe ka motho yo o kgaotsweng mme re ka tlotla ka dilo di le dintsi tse di agang. (Diane 25:11; Bakolosa 1:2-4) Lefa bagolwane ba tla tswelela ka go disa Bakeresete mo lelapeng leo, go ka nna ga kgonega gore le rona re etele lelapa leo kwantle ga go dirisana le motho yo o lelekilweng. Fa go ka diragala gore motho yo o kgaotsweng e nne ene yo o re amogelang fa re etile kana yo o arabang founo fa re leditse, re ka kopa fela mo go ene mongwe wa losika lwa gagwe wa Mokeresete yo re mmatlang. Ka dinako tse dingwe maloko a mangwe a lelapa leo la Bokeresete a ka nna a dumela go re etela mo lelapeng la rona morago ga fa re sena go ba laletsa. Ntlha ya konokono ke gore: E kane—ba le bannye kana ba le bagolo—ke batlhankakarona, maloko a a rategang a phuthego ya Modimo, ba ba sa tshwanelang go kgaphelwa kwa thoko.—Pesalema 10:14.

20, 21. Re tshwanetse go ikutlwa jang ra ba ra itshwara jang fa motho mongwe a busediwa?

20 Re kgona go bona tsela e nngwe gape ya go bontsha kutlwelobotlhoko fa motho yo o neng a lelekilwe a busediwa. Ditshwantsho tsa ga Jesu di tlotlomatsa boipelo jo bo nnang gone kwa legodimong fa ‘moleofi a le mongwe fela a ikotlhaya.’ (Luke 15:7, 10) Paulo o ne a kwalela Bakorintha malebana le monna yo o neng a kgaotswe a re: “Lo ka mo ichwarèla lo mo gomotsa, e se re kgotsa eo o nntseñ yalo a ba a nyèlèdiwa ke bogolo yoa bohutsana. Ke gōna, kea lo rapèla gore lo mo tlhōmamisetsè go mo rata ga lona.” (2 Bakorintha 2:7, 8) A re diriseng kgakololo eo ka tlhoafalo le ka lorato mo malatsing le mo dibekeng tsa morago ga motho a sena go busediwa.

21 Setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesinyi se bontsha bodiphatsa joo re tshwanetseng go bo tila. Mogolowe sesinyi wa mosimane o ne a seka a itumela fa se ne se boa mme o ne a ngala. Ekete re ka seka ra nna jalo, ra nna ra ila motho ka baka la phoso e e fetileng kana ra tenwa ke go bo motho mongwe a buseditswe. Go na le moo, re tshwanetse go nna le mokgele o o tshwanang le wa ga rre, yo o neng a tshwantshetsa kafa Jehofa a itshwarang ka gone. Rre o ne a itumeletse gore morwa wa gagwe, yo o neng a latlhegile, mme go ne go tshwana jaaka ekete o ne a sule, o ne a bonwe, kana gore o ne a boetse a tshela. (Luke 15:25-32) Tumalanong le seo, re tla buisana le mokaulengwe yo o buseditsweng ka kgololesego mme gape re mo kgothatse. Ee, re tshwanetse go supa gore re bontsha kutlwelobotlhoko, fela jaaka Rraarona wa selegodimo yo o itshwarelang le yo o kutlwelobotlhoko a dira.—Mathaio 5:7.

22. Go etsa Jehofa Modimo ga rona go kopanyeletsa eng?

22 Ga go na pelaelo gore fa re batla go etsa Modimo wa rona, re tshwanetse go bontsha kutlwelobotlhoko tumalanong le ditaolo tsa gagwe le tshiamiso ya gagwe. Mopesalema o mo tlhalosa ka tsela eno: “Yehofa o pelochweu, o tletse [kutlwelobotlhoko]; o bonya go galeha, me o na le [bopelonomi jwa lorato] yo bogolo. Yehofa o molemō mo go cotlhe; me mautlwèlō botlhoko a manana a gagwè a okame ditihō cotlhe tsa gagwè.” (Pesalema 145:8, 9) Abo seo e le sekao sa lorato seo Bakeresete ba tshwanetseng go se etsa jang ne!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Bakgethisi ba ne ba nyadiwa segolobogolo ke Bajuda ba Palesetina ka mabaka a le mantsi: (1) ba ne ba phuthela puso ya batho ba sele e e neng e busa lefatshe la Iseraele madi, ka go dira jalo ba ema nokeng tiro eo ya kgatelelo; (2) ba ne ba itsege ka bosula fela thata, ba huma ka go humanegisa batho ba bangwe ba ga bone, (3) tiro ya bone e ne e dira gore ba amane le Baditšhaba ka metlha, seo se neng se ba leswafatsa go ya ka ngwaokobamelo. Go sa ratiweng ga bakgethisi go fitlhelwa mo T[esetamenteng] e N[tšha] mmogo le mo dibukeng tsa borabi . . . Go ya ka dibuka tseno tsa morago, le eleng balosika lwa bakgethisi le bone ba ne ba tshwanetse go ilwa.”—The International Standard Bible Encyclopedia.

b Fa e le gore mo lelapeng la Mokeresete go na le motho wa losika yo o kgaotsweng, motho yoo o tla nna a nna le seabe mo ditirisanong le mo ditirong tse di tlwaelegileng, tsa malatsi otlhe tsa balelapa leo. Seno se ka nna sa akaretsa go nna gone fa lelapa leo le sekaseka tshedimosetso ya semoya.—Bona Tora ya Tebelo ya November 15, 1988, ditsebe 19-20.

c Bona 1991 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 53-4.

d Fa ekare Mosupi ope fela a ntse a rera ka ntlo le ntlo kana ka tsela epe fela, a utlwalela gore go na le motho mongwe yo o kgaotsweng yo o nnang mo lefelong leo, o tshwanetse go bolelela bagolwane ka seo.

A O Ile wa Ela Dintlha Tseno Tlhoko?

◻ Bajuda ba ne ba tshwara bakgethisi le baleofi jang, mme ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisana le bangwe ba batho ba ba ntseng jalo?

◻ Ke mabaka afe a a mo Dikwalong a a bontshang gore go ka tsewa dikgato tsa go bontsha kutlwelobotlhoko mo bathong ba le bantsi ba ba latlhegileng?

◻ Ditlhopha tsa bagolwane di ka tsaya kgato e e ntseng jalo jang mme ba ya kwa go bomang?

◻ Re tshwanetse go bontsha batho ba ba buseditsweng kutlwelobotlhoko jang le ba malapa a batho ba ba kgaotsweng?

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Motho ope fela yo o kileng a bo a le karolo ya phuthego ya Modimo e e phepa le e e itumetseng mme jaanong a kgaotswe kana a itomolotse ga a tshwanela go nnela ruri mo seemong seo. Go na le moo, motho yo o ntseng jalo o ka ikotlhaya mme ya nna ene wa ntlha go tsaya kgato ya go buisana le bagolwane ba phuthego. Tsela ya go boa e butswe.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Garo Nalbandian

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela