LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 4/15 ts. 26-27
  • ‘Letsatsi la Morena’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Letsatsi la Morena’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Jesu Keresete Ke Morena” Jang le Gone Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Letsatsi la Morena le tla Rayang mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Nnang Babadi ba ba Itumetseng ba Buka ya Tshenolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 4/15 ts. 26-27

‘Letsatsi la Morena’

“KA BO ke tsenywe ke Mōea ka letsatsi ya Morèna.” (Tshenolō 1:10) Ga bolela jalo moaposetoloi Johane yo o tsofetseng, yo o tlhalosiwang fa godimo fano, mo kgaolong ya ntlha ya buka ya Bibela ya Tshenolō. Mafoko a gagwe a re thusa go tlhoma monwana mo nakong ya go diragadiwa ga diponatshegelo tse di kgatlhisang fela thata tseo a tswelelang pele a di tlhalosa.

Lefa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba dumalanang le tlhaloso eno ya Tshenolō 1:10. Ka sekai, moranodi wa Bibela wa Mojeremane ebong Jörg Zink o e kwala jaana: “Ke ne ke tletse moya o o boitshepo—e ne e le ka Sontaga.” Lefa go ntse jalo, diphetolelo di le dintsi tsa Bibela di ranola tshetla ya Segerika teiʹ ky·ri·a·keiʹ he·meʹrai jaaka “letsatsi la Morena.” Mme mo ntlhanyaneng e e kwa tlase di le dintsi di bolela gore e lebisitse go Sontaga. A seno se ntse jalo?

Buka ya tshupiso ya Katoliki ya Sejeremane Herders Bibelkommentar, e tlhalosa lebaka la go akanya jalo fa e re: “Fano [mo go Tshenolō 1:10] go lebisitswe eseng go Letsatsi la Katlholo ya Bofelo, leo le lone le bidiwang ‘Letsatsi la Morena’, mme go lebisitswe go letsatsi le le rileng la beke. Bakeresete ba ntlha ba ne ba simolola go tlotla letsatsi la ntlha la beke jaaka letsatsi la ditirelo tsa bone tsa kereke tse dikgolo bogologolo fela mo bogareng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga. (Ditihō 20:7; 1 Bakor. 16:2)” Lefa go ntse jalo, dikwalo tse pedi tse di tsopotsweng ke buka eo ya tshupiso ga di supe lefa e le ka tsela epe gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tsaya letsatsi la ntlha la beke jaaka “letsatsi la ditirelo tsa bone tsa kereke tse dikgolo.”

Temana ya ntlha, eleng Ditihō 20:7, e bolela fela gore Paulo, bapati ba gagwe ba a neng a tsamaya nabo, le Bakeresete ba ba neng ba tswa kwa Teroasa ba ne ba phuthega mmogo mo letsatsing la ntlha la beke go ja dijo. Ereka Paulo a ne a tla tsamaya mo letsatsing le le latelang ebile a ne a tla seke a ba bone gape ka nako e e rileng, o ne a dirisa nako eo go bua le bone ka boleele.

Temana ya bobedi, 1 Bakorintha 16:2, e ne ya kgothaletsa Bakeresete ba kwa Korintha go beela madi kwa thoko “ka letsatsi ya ntlha ya weke” e le gore ba nne le sengwe se ba ka se abelang bao ba tlhokang kwa Judea. Mokanoki Adolf Deissmann o akantsha gore letsatsi leno e ka nna ya bo e ne e le batho ba duelwang ka lone. Lefa e ka tswa e ne e le lefe fela, kakantsho ya ga Paulo e ne e utlwala, ereka madi a ne a ka fela fa gare ga beke.

Ga go na gope mo Bibeleng mo go bolelwang gore Bakeresete ba motlha wa baaposetoloi ba ne ba tsaya letsatsi la ntlha la beke, le jaanong le bidiwang Sontaga, jaaka ekete ke sabata sa Bokeresete, letsatsi le ka mo go kgethegileng le tlhaoletsweng dipokano tsa bone tse di tlwaelegileng tsa kobamelo. Ke morago fela ga loso lwa baaposetoloi go neng ga simololwa gore letsatsi la Sontaga le tsewe ka tsela eno le gore le bidiwe ‘letsatsi la Morena.’ Seno e ne e le karolo ya botenegi joo bo neng jwa bolelelwapele ke Jesu le baaposetoloi ka bobone.—Mathaio 13:36-43; Ditihō 20:29, 30; 1 Yohane 2:18.

Ka jalo he, ‘letsatsi la Morena’ ke eng? Kgang ya Tshenolō 1:10 e lebisa go Jesu jaaka Morena yo letsatsi leno e leng la gagwe. Lefoko la Modimo le tsamaisanya mafoko a a tshwanang le ‘letsatsi la Morena wa rona Keresete Jesu’ le nako ya go atlholwa ga batho le go busediwa ga Paradaise.—1 Bakorintha 1:8; 15:24-26; Bafilipi 1:6, 10; 2:16.

Ka gone, Hans Bruns, mo thanolong ya gagwe e e nang le kakgelo eleng Das Neue Testament (Tesetamente e Ntšha) o opile kgomo lonaka fa a re: “Batho bangwe ba dumela gore [Johane] fano o bua ka Sontaga, mme go lebega thatathata fa a lebisitse go Letsatsi la Morena le le galalelang, seo tota ebileng ditlhaloso tsotlhe tsa gagwe tse di latelang di se tlhalosang.” W. E. Vine a re: “‘Letsatsi la Morena’ . . . ke Letsatsi la go bonala ga Katlholo ya gagwe mo lefatsheng.” Lexikon zur Bibel (Bukantswe ya Bibela) ya ga Fritz Rienecker e bolela gore “letsatsi la Morena” ka phepafalo le lebisitse go “letsatsi la katlholo.”

Kutlwisiso e e siameng ya mafoko a a reng ‘letsatsi la Morena’ e re thusa go tlhaloganya buka yotlhe ya Tshenolō. Mo godimo ga moo, bosupi ke gore letsatsi leo le setse le simolotse. Ka gone, abo go le botlhokwa jang ne gore re ‘utlwe mafoko a boperofeti jwa Tshenolō le go boloka dilo tse di kwadilweng mo go yone’!—Tshenolō 1:3, 19.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Tlhaloso e e phepafetseng ebile e le ya bosheng ya temana nngwe le nngwe e e mo lokwalong lwa Tshenolō e kwadilwe mo bukeng ya “Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse!” Buka eno e e kgatlhisang e e thusang go ithuta Bibela e ka bonwa ka dipuo di le 33

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela