LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 4/15 ts. 5-7
  • Totatota Kagiso e e Tla Nnelang Ruri e Tla Tla Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Totatota Kagiso e e Tla Nnelang Ruri e Tla Tla Leng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Yoo A Ka Lereng Kagiso
  • Ditiragalo Tse Di Isang kwa Kagisong ya Goyagoile
  • Lotshwao lwa Bofelo
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ke Mang yo o Tla Isang Batho Kwa Kagisong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Batla Kagiso ya Boammaaruri O bo O e Latelele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 4/15 ts. 5-7

Totatota Kagiso e e Tla Nnelang Ruri e Tla Tla Leng?

“NTWA ke sengwe sa dilo tse di diragalang ka metlha mo hisitoring, mme ga e ise e ke e fokotsege fa esale tlhabologo kana puso ya batho ka batho e simologa,” go ne ga kwala jalo Will le Ariel Durant mo bukeng ya bone The Lessons of History. “Kagiso ke maemo a tekatekano a a sa tlhomamang, ao a ka tshegediwang fela ke fa karolo e nngwe e ka dumela fa e fetwa ke e nngwe kana e lekana le yone ka maatla.”

Eleruri, lemororo go dirwa maiteko a a tseneletseng, batho le gompieno ga ba ise ba bone kagiso e e nnelang ruri. Ka ntlha yang? Lebaka ke gore dilo tse di bakang ntwa, medi ya tsone e meletswe kwa teng go feta dintwa tsa dipolotiki, tsa go lwela naga kana tsa loago tse re di bonang. Boorra Durant ba ne ba lemoga jaana: “Dilo tse di dirang gore ntwa e nne gone di tshwana le tseo di dirang gore batho ba gaisane: keletso e e nonofileng ya go bona dilo, go batla go tlhasela ba bangwe, le boikgogomoso; keletso ya go bona dijo, naga, dikuno, lookwane le botswerere.”

Lefa go ntse jalo, Bibela segolobogolo e bontsha gore tota selo se se kwa moding seo se bakang dikgotlhang le ntwa fa gare ga batho le ka selekanyo se segolwane gore ke eng. Re bala jaana: “Ana dintwa di cwa kae, le ditlhabanō di cwa kae mo go lona? a ga di cwe mo, eboñ mo dikgatlhegoñ tse di lwañ mo ditokololoñ tsa lona? Lo tlo lo eletse, me ga lo bone sepè: lo bolaee, lo nne lehuha, me lo retelèlwe ke go bōna sepè: lo tlhabane, lo lwe.”—Yakobe 4:1, 2.

Kgang jaanong e felela e ntse jaana: Gore go nne le kagiso ya mmatota, re tshwanetse go tlosa eseng ditshupo fela tsa—dintwa, go tsogologelana kgatlhanong, go tsaya dipuso ka dikgoka, go lwela gore go nne le diphetogo—mme dilo tse di kwa moding tseo di e bakang—go belaelana, bogagapa, letlhoo, kilano—mo bathong botlhe. Mo boemong jwa tsone go tshwanetse ka metlha ga dirwa dilo tse di dumalanang le dinonofo tse di seng bogagapa jaaka lorato, bopelonomi, go ikanya, le go aba. A go na le motho mongwe yo o tshelang yo a kgonang go fitlhelela dilo tseno? Fa e le gore seno se ikaegile ka batho ba mo lefatsheng ba ba sa itekanelang, ba ba swang, karabo e tla nna nnyaa. Mme go na le mongwe yoo seno mo go ene se seng bokete thata jalo. Yono ke Yoo a nang le karabo ya potso eno: Totatota kagiso e tla tla leng?

Yoo A Ka Lereng Kagiso

Moperofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go bolela jaana dingwaga di le makgolo a le 28 tse di fetileng: “Gonne ñwana re mo tsalecwe, ñwana oa mosimane re mo neilwe; me pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè: me leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō.”—Isaia 9:6, 7.

Motho yo o tla tlisang kagiso e e sa khutleng yono o ne moragonyana a supiwa e se ope fela fa e se Jesu Keresete, “Morwa Mogodimodimo.” (Luke 1:30-33; Mathaio 1:18-23) Mme ke ka ntlha yang fa yono a tlile go atlega fa dikgosana tsotlhe tse dingwe le babusi di paletswe? Sa ntlha, go tshwanetswe ga tlhokomelwa gore “ñwana” yo a neng a solofeditswe yono o ne a sa tle go nna e le lesea le le senang mosola go ya go ile, jaaka bangwe ba akanya. Go na le moo, o ne a tla ‘busa’ jaaka “Kgōsana ea Kagishō,” gore batho ba bone masego a go ya go ile.

Go na le dilo di le dintsi mo pusong ya ga Jesu. Jaaka “Mogakolodi,” yo o tlhaloganyang motho ka selekanyo se se kwa godimo thata ebile a na le nonofo e kgolo, o tla kgona go lemoga dikgang tse di bokete mme a rarabolole mathata a a tlhabang jaaka mmitlwa ao babusi ba lefatshe ba lebaneng le one ebile a ba tshwenya gompieno. (Mathaio 7:28, 29; Mareko 12:13-17; Luke 11:14-20) Morago ga foo, jaaka “Modimo Mothata,” Jesu Keresete yo o tsositsweng yo o tshwanang le Modimo yoo jaanong a tlhomilweng go nna Kgosi ya Bomesia kwa legodimong, o tla lere kagiso ka go dira gape seo a kileng a se dira fa a le mo lefatsheng ka selekanyo se segolo thata—a fodisa ba ba nang le malwetsi a a sa foleng, a naya boidiidi jwa batho dijo le dino, le eleng go laola maemo a bosa. (Mathaio 14:14-21; Mareko 4:36-39; Luke 17:11-14; Yohane 2:1-11) Jaaka “Rara oa Bosakhutleñ,” Jesu o na le maatla a go tsosetsa ba ba suleng mo botshelong le go ba naya botshelo jo bo sa khutleng. Mme ene ka boene o tla tshelela ruri, ka gone a tlhomamisa gore puso ya gagwe le kagiso ga di kitla di khutla.—Mathaio 20:28; Yohane 11:25, 26; Baroma 6:9.

Ereka Jesu Keresete a tla bo a na le dilo tseo, ka phepafalo fela ke ene a tla kgonang go nyeletsa dilo tse di metseng ka medi tse di bakang ntwa le dikgotlhang. Ga a kitla a dira fela tumalano ya kagiso kana thulaganyo fela ya gore merafe e nne mmogo ka kagiso eo e tla senngwang ke ntwa e nngwe e e latelang. Go na le moo, o tla tlosa go sa lekalekaneng gope fela mo dipolotiking, mo dikgaolong, mo loagong le mo itsholelong, a tlisa batho botlhe kafa tlase ga puso e le nngwe, ya Bogosi jwa gagwe jwa Bomesia. O tla tlosa seo gantsi se bakang ntwa—bodumedi jwa maaka, ka go etelela pele batho botlhe a ba isa kwa kobamelong ya Modimo o le mongwe fela wa boammaaruri, Jehofa. Ga go na pelaelo gore Jesu Keresete, Kgosana ya Kagiso, o tla kgona go dira dilo tseno tsotlhe. Potso ke gore, Leng?

Ditiragalo Tse Di Isang kwa Kagisong ya Goyagoile

Fa a sena go tsosiwa le go tlhatlogela kwa legodimong ka 33 C.E., Jesu o ne a tshwanela go leta nako e a e tlhometsweng ya go tsaya kgato. Seno e ne e le ka ntlha ya taolo eno ya ga Jehofa: “Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō. Yehofa o tla ōtlōlōla lore loa thata ea gago go cwa Siona: a go busè wèna mo gare ga baba ba gago.” (Pesalema 110:1, 2; Luke 22:69; Baefesia 1:20; Bahebera 10:12, 13) Seno se diragala leng? E setse e le dingwaga tse di fetang 70 Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba bolela mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe a gore Jesu Keresete o simolotse go busa mo Bogosing jwa Modimo kwa legodimong ka 1914.a

Mme o ka nna wa bolela jaana, ‘Ga go ise go nne le kagiso go tloga ka 1914. Go farologana le seo, maemo a ne a senyegela kwa pele go tloga ka nako eo.’ Ga go na nnete e e fetang eo. Seno se supa tota gore ditiragalo di diragala fela jaaka di boleletswe pele. Bibela e re bolelela gore ka yone nako ya fa ‘Bogosi jwa lefatshe bo ne bo direga bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe ditšhaba di ne tsa tlala bogale.’ (Tshenolō 11:15, 18) Go na le go ineela mo pusong ya ga Jehofa Modimo le Kgosana ya gagwe ya Kagiso, merafe e ne ya tsena mo ntweng jaaka ditsenwa mme ya galefela Bakeresete bao ba neng ba supa kaga Bogosi joo jo bo tlhomilweng jwa Modimo.

Buka ya Tshenolō e senola jaana gape gore ka bonako fela fa Jesu Keresete a sena go amogela maatla a Bogosi, o ne a tsaya kgato go ntsha Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong: “Gompiyeno go tsile poloka, le thata, le bogosi yoa Modimo oa rona, le taolō ea ga Keresete oa ōna gonne mopateletsi oa bakauleñwe ba rona, eo o nntseñ a ba pateletsa motshegare le bosigo, o piriganyedicwe kwa tlhatse.” Go ne ga felela jang? Pego eo e tswelela jaana: “A lo ko lo itumeleñ, lona magodimo, le lona ba lo agileñ mo go aōna. A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:10, 12.

Lotshwao lwa Bofelo

Seno se dira gore re lemoge gore ke ka ntlha yang fa merafe e paletswe ke go lere kagiso lemororo e ile ya dira maiteko a a kalo. Bogale jo bogolo jwa ga Diabolo, joo bo supiwang ke kgalefo ya merafe ka boyone, bo ne jwa dira gore lefatshe le nne le galefile ebile le kgoberegile go feta lefa e le leng mo hisitoring ya motho. Dilo tseno tsotlhe di tla fela leng? Bibela e re naya motlhala jaana: “E tle e re ba nntse ba re, Kagishō le thagamō, hoñ tshenyègō ea choganeco e ba wèle.”—1 Bathesalonia 5:3.

A o lemoga kafa tlhagiso eno e leng botlhokwa ka gone? Ditiragalo tsa lefatshe tse di tshwanang le tseo re buileng ka tsone mo setlhogong se se fetileng di bontsha gore babusi le batho ba bantsi ba bua ka kagiso mme ba leka go e lere go feta lefa e le leng pele. Bangwe ba akanya gore fa Ntwa ya Molomo e khutla, go boifa go nyelediwa ke nuklea e tla bo e le selo sa nako e e fetileng. Ee, merafe e ntse e bua thata ka “kagishō le thagamō.” Mme a boemo jwa lefatshe tota bo tsamaela ntlheng eo? Gakologelwa gore fa Jesu a ne a bua ka bao ba tla tshelang mo metlheng ya bofelo e e neng e tla simolola ka 1914 o ne a re: “Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.” (Mathaio 24:34) Ee, kagiso eleruri e tla tla mo go yone kokomana eno mme eseng e tlisiwa ke merafe. Kagiso e e tlhomameng tota, ya tshiamiso, le tshiamo eo Jehofa Modimo a e solofeditseng e tla tla fela ka puso e e atamelang ya Kgosana ya gagwe ya Kagiso, Jesu Keresete.—Isaia 9:7.

Fa o eletsa go bona letsatsi la fa kagiso eleruri e tla bo e le gone le go e itumelela le bao o ba ratang, he lebelela kwa go Kgosana ya Kagiso mme o nne o gakologetswe mafoko ano a gagwe a a go tlhomamisetsang: “Me lona lebèlèlañ ka metlha eotlhe, me lo rapèlè gore lo kaiwè ha lo chwanetse go halola mo diloñ tse cotlhe tse di tla dihalañ, le go èma ha pele ga Morwa Motho.”—Luke 21:36.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona dintlha kaga tlhatlhamano ya Bibela le boperofeti jo bo diragaditsweng jwa Bibela, bona kgaolo 12 go ya go 14 ya buka “Let Your Kingdom Come,” e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

GO TLHALOSIWA GA KAGISO

Batho ba bantsi gompieno ba akanya gore kagiso ke fa ntwa kana dikgotlhang di seo. Lefa go ntse jalo, seno ke tlhaloso e e sa lekanang ya lefoko leo. Mo metlheng ya Bibela lefoko “kagiso” (Sehebera, sha·lohmʹ) kana polelwana e e reng “A kagishō e nnè nau” e ne e le tsela e e tlwaelegileng ya go dumedisa. (Baatlhodi 19:20; Daniele 10:19; Yohane 20:19, 21, 26) Go phepafetse gore ga e reye fela go sa nneng gone ga ntwa. Ela tlhoko seo buka The Concept of Peace e se bolelang mo ntlheng eno: “Fa lefoko shalom le dirisiwa go kaya kagiso, selo seo batho bao ba neng ba le dirisa kwa tshimologong ba neng ba se akantse e ne e le boemo jwa lefatshe kana jwa mokgatlho wa batho ba ba sa tlhokeng sepe, ba ba utlwanang, go felela, botlalo. . . . Koo go nang le kagiso gone, e tletse le dikarolo tsa yone di fitlhile mo selekanyong se se kwa godimo le sa bofelofelo.” Fa Modimo o lere kagiso, batho ga ba ne ba lesa fela ‘go ithuta ntwa’ mme “moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ka tlhase ga mofiege oa gagwè.”—Mika 4:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kagiso e ne ya bonala tota gore ga e yo go tloga ka Ntwa ya Lefatshe I

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela