Eno ke Nako ya go Batla Jehofa
“Yehofa o na a okomèla bana ba batho a le kwa legodimoñ, gore a tlè a bōnè bo go na le bañwe ba ba tlhaloganyañ, ba batla Modimo.”—PESALEMA 14:2.
1, 2. (a) Batho ba bantsi ba leba Modimo wa boammaaruri, Jehofa, jang? (b) Re itse jang gore Jehofa o itse gore batho ga ba mo kgathalele?
MODIMO wa boammaaruri, Jehofa, gompieno o ganwa ke balatolamodimo, bangwe ba ba reng Modimo ga o itsiwe ebile ga o kake wa itsiwe, baobamedi ba medimo ya disetwa, le dimilione tse dingwe tse di bolelang fa di dumela mo Modimong mme di mo itatola ka ditiro. (Tito 1:16) Batho ba bantsi jaaka motlhalefi wa Mojeremane wa lekgolo la bo 19 la dingwaga Nietzsche ba dumela gore “Modimo o sule.” A Jehofa ga a itse kaga go sa mo kgathaleleng gono ga boeleele? Nnyaa, ka go bo o ne a tlhotlheletsa Dafide go kwala jaana: “Seeleele mo peduñ ea shōna se rile, Ga go na Modimo opè. Ba bodile, ba dihile ditihō tse di mashwè thata; ga go na opè eo o dihañ molemō.”—Pesalema 14:1.
2 Dafide o ne a tswelela jaana: “Yehofa o na a okomèla bana ba batho a le kwa legodimoñ, gore a tlè a bōnè bo go na le bañwe ba ba tlhaloganyañ, ba batla Modimo.” Ee, Morena wa Lobopo o itse kaga bao ba batlang go mo itse le go mo direla. Ka gone, go botlhokwa gore re mmatle ka tlhoafalo jaanong. Seo se tla supa gore a re tla bona botshelo jo bo sa khutleng kana re tla senyediwa ruri.—Pesalema 14:2; Mathaio 25:41, 46; Bahebera 11:6.
3. Ke koketsego efe e e ka nnang ya nna gone mo isagweng?
3 Ka gone, re kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go thusa ba bangwe go batla Jehofa jaanong. Go santse go na le dimilione tsa batho bao ba iseng ba kopane le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kana ba utlwa ‘mafoko a a molemo a bogosi.’ Mme ga re itse gore palo ya “boidiidi yo bogolo” e tla nna kana kang pele ga “sepitla se segolo.” Mme eleruri go bonala go na le ba bangwe bao ba tla batlang Jehofa Modimo mme ba mmone mo isagweng e e fa gaufi pele go nna thari. Potso jaanong ke, Re ka dira eng go thusa boidiidi jwa ba bangwe ba ba oketsegileng gore ba bone Modimo?—Mathaio 24:14; Tshenolō 7:9, 14.
4, 5. Ba bantsi ba bona go le botoka go dira eng fa ba ntse ba batla Modimo?
4 Batho ba bantsi mo lefatsheng gompieno ba a batla, mme ba batla eng? Ke ba sekae fela bao eleruri ba batlang Modimo o o osi wa boammaaruri, Jehofa. Ba bantsi ba batla modimo o o dumalanang le dikeletso tsa bone ka namana le o o ilang dilo tseo ba di ilang. Ke fela jaaka George Gallup, Jr., wa kwa U.S. yoo a kgobokanyang tshedimosetso e e bonweng mo patlisisong a neng a bolela jaana: “Totatota ga o kake wa bona pharologano fa gare ga batho ba ba tsenang kereke le ba ba sa tseneng kereke fa go tla mo go tsietseng, go tila go duela lekgetho, le go lemalela go utswa, seo e le ka gonne bodumedi jo bontsi ke jwa go itlosa bodutu fela.” O oketsa ka gore “bontsi bo itlhamela bodumedi jo bo ba kgatlhang le jo bo ba tsikitlang fela . . . Mongwe o ne a bo bitsa bodumedi jo o duelang fela madi a a beilweng.”
5 Bangwe ba tla bua jaana, “Bodumedi jwa me bo ntshiametse fela sentle.” Gone go ntse jalo, mme tota go tshwanetse ga bodiwa jaana, “A bodumedi jwa me bo siame sentle mo Modimong?” Bontsi, jwa bao ba leng mo go Labokeresete le bao e leng Bahindu ba kgotsofalela go rapela ditshwantsho tsa bone le medimo ya bone ya disetwa. Bontsi jwa bao ba bidiwang Bakeresete ba fitlhela modimo wa Tharonngwe o o senang leina o siame fela mo go bone. Mme dimilione tse di fetang 900 tsa Bamoselema di dumela mo go Allah. Mo letlhakoreng le lengwe, dimilione tsa balatolamodimo di bolela gore ga go na Modimo.
Bao Ba Tlhokang Thuso
6. Bontsi jwa babadi ba Tora ya Tebelo ba ile ba bona eng?
6 Mme go tweng ka bangwe ba rona bao ba balang makasine ono ka metlha? Re ile ra batla Modimo wa boammaaruri mme re o bone. Re ile ra supa fa mafoko ano a a mo go Jakobe 4:8 a le boammaaruri: “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamela.” Re ile ra atamela Modimo ka go kopanela ka botlhaga le phuthego ya Bokeresete, mme re ile ra itemogela ka borona kafa Jehofa a neng a re atamela ka gone.—Yohane 6:44, 65.
7. Re itse jang gore go na le batho ba bantsi ba ba santseng ba kgatlhegela go nna tlhaga mo boammaaruring?
7 Lefa go ntse jalo, re a itse gore go santse go na le ba bantsi bao ba itumelelang go kopanela le batho ba ga Jehofa ka dinako dingwe mme ba ise ba tseye kgato epe ya go atamela Jehofa ka go ineela le go kolobediwa. Re itse seno jang? Go ne ga tla ba ba ka nnang dimilione di le lesome kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu, ka 1990. Mme ke ba ba kae bao ba rerang mafoko a a molemo a Bogosi ka botlhaga? Ke ba ba fetang fela dimilione di le nnè. Seo se raya gore re na le ba ba ka nnang dimilione di le thataro bao ba tlwaelaneng le boammaaruri bao ka dinako dingwe ba itumelelang go kopanela le rona mme ba ise ba simolole go buelela puo e e itshekileng ya boammaaruri ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi. Ga go na pelaelo gore ka dinako dingwe ba bantsi ba buelela Jehofa le puso ya gagwe ya Bogosi. Lefa go ntse jalo, ga ba ise ba itlhaole ka phepafalo gore ke Basupi ba ga Jehofa. Bano le bone re batla go ba thusa.—Sefania 3:9; Mareko 13:10.
8, 9. (a) Jehofa o re kgothaletsa go dira eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go itlhokomolosa kgakololo ya ga Jehofa?
8 Re batla go kgothaletsa batho bano go nna Basupi ba ba itumetseng, ba ba tlhaga ba ga Jehofa mo karolong eno ya makgaolakgang ya tiro e kgolo eo jaanong e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Tsweetswee tlhokomela taletso e e lorato eno ya ga Jehofa e e mo go Diane 1:23: “Shokologañ ka kgalemō ea me: bōnañ, ke tla thèla mōea oa me mo go lona, ke tla lo itsise mahoko a me.” (Bapisa Yohane 4:14.) Abo go kgothatsa jang ne go itse gore Jehofa o tla re amogela fa re tsaya dikgato tse di siameng tsa go itshupa re le batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe le kobamelo ya gagwe! Eleruri, ga re batle go akarediwa le bao ba tlhalosiwang jaana mo go Diane 1:24, 25: “Ereka ke biditse, me loa gana; ke otlolotse lecōgō ya me, me ga se ka ga tlhōkōmèla opè; Lo ntshitse kgakololō ea me eotlhe lehèla, loa ba loa gana kgalemō ea me.”
9 Bao ba ganang kgakololo ya ga Jehofa ya gore ba mmatle a santse a ka bonwa le bao ba sa itlhaganeleleng go dira tshwetso go fitlha fa ba tla bo ba bona sepitla se segolo se simolola ba tla fitlhela gore ba ile ba leta lobaka lo loleele thata. Tsela e e ntseng jalo e tla supa go tlhoka tumelo le go se nne botlhale le go nyatsa boutlwelobotlhoko jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa.—2 Bakorintha 6:1, 2.
10. Ke ka ntlha yang fa go tlhoka kgatlhego le go sa kgathale go le kotsi?
10 Fa re dira setshwantsho sa kafa go leng botlhokwa ka gone gore go tsewe kgato ka bonako, a o ne o tla latela kgakololo e e molemo ya ngaka fela fa jaanong mafatlha a gago oomabedi a tsenwe ke nyumonia? Kana, go na le moo, fa o lemoga ditshupo tsa ntlha fela tsa bolwetsi joo? Jaanong ke ka ntlha yang fa o tsaya lobaka lo loleele go ikgaoganya le lefatshe le le lwalang leno la ga Satane mme wa tsena mo letlhakoreng la ga Jehofa le Basupi ba gagwe? Matswela a go tlhoka kgatlhego, go itlhokomolosa dilo, le go latlhelela a bontshiwa ka phepafalo jaana mo go Diane 1:26-29: “Le nna ke tla tshèga mo motlheñ oa tatlhègō ea lona; ke tla shotla motlhañ poihō ea lona e tlañ; . . . Hoñ ba tla mpitsa, me ga nketla ke araba; ba tla mpatla ka tlhōahalō, me ga ketla ba mpōna: Ereka ba idile kicō, me ba se ka ba itshenkèla go boiha Yehofa.” A re se ka ra fitlhelwa re ‘batla Jehofa’ ka nako ya fa go tla bo go le thari thata!
11. Bao ba batlang go direla Modimo ba ka thusiwa jang?
11 Batho bangwe ba ba balang makasine ono ba ka tswa ba santse ba le mo tseleng ya go batla Modimo wa boammaaruri. Re itumelela go bo lo tswelela ka go batla. Re rapelela gore kitso ya lona ya Bibela e ka lo tlhotlheletsa go tsaya kgato e e siameng go emela boammaaruri lo nonofile. Tlhomamisega gore phuthego nngwe le nngwe ya Basupi ba ga Jehofa e eme fela e iketleeditse go go thusa go batla.—Bafilipi 2:1-4.
Nako ya go Nna Tlhaga le go Tsaya Kgato
12, 13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya kgato mabapi le kobamelo ya boammaaruri?
12 Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore botlhe re tseye kgato ya go itshupa fa re le batho ba ga Jehofa Modimo le kobamelo ya gagwe ya boammaaruri? Lebaka ke go bo ditiragalo tsa lefatshe jaanong di lebile kwa setlhoeng sa tsone. Ditsebe tsa hisitori di phuthololwa ka lobelo lo motho a sa kgoneng go di bala. Eno ga se nako ya go nna maikutlo mabedi kana go nna motlha. Jesu o ne a bolela jaana ka phepafalo: “Eo o sa èmañ le nna o tlhabana le nna; le eo o sa phutheñ le nna oa halatsa.” O ne a bolela gape jaana: “Gonne leha e le mañ eo o tla ntlhabèlwañ ke ditlhoñ, le mahoko a me a a tlhabèlwa ke ditlhoñ, Morwa Motho o tla tlhabisiwa ditlhoñ ke èna, mogañ o tlañ ka kgalalèlō ea gagwè, le ea ga rragwè, le ea baengele ba ba boitshèpō.”—Mathaio 12:30; Luke 9:26.
13 Eno ke nako ya go nna tlhaga le go dira! Re a itse gore ditiragalo tsa lefatshe di lebile ntlheng efe, mme Hara–Magedona e fela kafa. Ka gone, go goelediwa gore go batliwe Jehofa jaanong pele ga ‘letsatsi la bogale’ jwa gagwe, a santse a ka bonwa. Ka nako ya sepitla se segolo go tla bo go le thari thata.—Sefania 2:2, 3; Baroma 13:11, 12; Tshenolō 16:14, 16.
14. Re tshwanetse go batla Modimo ka mabaka afe?
14 Eleruri, batho botlhe ba tshwanetse go batla go amogelwa ke Modimo jaanong. Moaposetoloi Paulo o ne a bua seno sentle jaana mo go Ditihō 17:26-28: “Me [Modimo] o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe, ka o tlhōmamisitse metlha ea bōnè e e laocweñ, le melelwane ea maagō a bōnè; Gore ba batlè Modimo, e tle e re kgotsa ba o apaapè, ba o bōnè, leha o se kgakala le moñwe le moñwe oa rona: Gonne mo go ōna rea tshela, mo go ōna rea tshikinyèga, re leeō ka ōna.” Polelwana eo ya bofelo “mo go ōna rea tshela, mo go ōna rea tshikinyèga, re leeō ka ōna,” e re naya lebaka la go batla Modimo. Re leboga Jehofa ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jwa gagwe jo bo sa tshwanelang, re tshela mo lefelong le le pitlaganeng le le botlhokwa thata mo lefatsheng le lennye leno. A ga re a tshwanela go leboga Morena le Molaodi wa lobopo? Gape a ga re a tshwanela go supa tebogo eo ka go dira sengwe?—Ditihō 4:24.
15. (a) Raditiragalo Arnold Toynbee o ne a ikutlwa gore bodumedi jwa maemo a a kwa godimo bo tshwanetse go nna le boikaelelo bofe? (b) Re tshwanetse go dira eng gore re kgone go galaletsa Modimo?
15 Raditiragalo Arnold Toynbee o kile a kwala jaana: “Boikaelelo jwa boammaaruri jwa bodumedi jwa maemo a a kwa godimo ke go naya meya e mentsi e re ka kgonang go e fitlhelela kgakololo ya semoya le boammaaruri joo e leng mooko wa jone, gore moya mongwe le mongwe wa eno o kgone go fitlhelela boikaelelo jwa Motho. Boikaelelo jwa Motho ka boammaaruri ke go galaletsa Modimo le go o ipelela go ya go ile.” (An Historian’s Approach to Religion, ditsebe 268-9) Gore re kgone go galaletsa Modimo, re tshwanetse go mmatla pele mme re bone kitso e e tlhomameng kaga gagwe le boikaelelo jwa gagwe. Ke gone ka moo, pitso eno ya ga Isaia e tshwanelang: “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka bonwa; mmitseñ a sa nntse a le gauhi. A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolo ea gagwè; a a boèlè kwa go Yehofa, me o tla mo utlwèla botlhoko; le kwa Modimoñ oa rona, gonne o tla ichwarèla ka botlalō.”—Isaia 55:6, 7.
Ke Kgakololo Efe E E Mosola Eo Re Ka E Nayang?
16. (a) Phuthego ya Bokeresete e lebane le kgwetlho efe? (b) Re ka thusa ba bangwe go direla Jehofa ka tsela efe?
16 Dimilione tsa batho ba ba kgatlhegang ba ba iseng ba nne baboledi ba ba tlhaga ke kgwetlho mo go rona rotlhe. Ke eng se re se dirang ka tsela e e bonalang jaaka bagolwane, batlhanka ba bodihedi, babulatsela, le baboledi go thusa ditsala tseo tsa rona go tla mo boammaaruring gore di nne le seabe ka botlhaga mo kobamelong ya boammaaruri le rona? Tsela nngwe e e mosola ya go thusa koo go tlhokegang gone ke go ba etela kwa matlong a bone le go ba tseela kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi gore le bone ba ipelele melemo ya moya wa ga Jehofa ka metlha. Kgakololo ya ga Paulo e a neng a e naya Bahebera, mo go kgaolo 10, temana 24 le 25, e santse e re rotloetsa gompieno fela jaaka e ne e dira ka nako eo: “A re gopolaneñ re tlhotlheletsanyeñ mo loratoñ le mo ditihoñ tse di molemō; Re se ka ra bakèla go phuthèga ga rona, yaka mokgwa oa bañwe, me re laelanè; me bogolo thata ka lo bōna motlha o atamèla.” Re kgothaletsa botlhe bao ba batlang go ikutlwela kafa Jehofa a leng molemo ka gone go kopanela le Basupi ba ga Jehofa ka metlha kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la bone.
17. Re tshwanetse go araba dipotso dife gore re kgone go thusa ba ba ithutang Bibela gore ba tswelele ba ntse ba batla Jehofa?
17 Fa re ithuta Bibela le mongwe yo a tlang dipokanong ka metlha, a re ka mo thusa gore a tshwanele go nna mmoledi wa mafoko a a molemo? (Bona Re Rulaganyeditswe go Swetsa Bodihedi jwa Rona, ditsebe 97-9.) Mme fela fa a sena go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, a re mo laletsa go tsamaya le rona ka metlha mo tirong ya go rera phatlalatsa le kwa dithutong le kwa maetong a rona a go boela? (Bona tokololo ya Tora ya Tebelo ya December 1, 1989, tsebe 31.) Ka mafoko a mangwe, fa ba basha bao ba sena go tshwanelega, a re ba kgothatsa ka go dira gore ba bone ka matlho matswela a a molemo a tiro ya rona ya go rera?—Mathaio 28:19, 20.
Jehofa O Tshwanelwa ke go Batliwa
18. Jehofa o ne a bontsha boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo bathong jang?
18 Setlhabelo sa ga Keresete Jesu sa thekololo se dira gore Jehofa a tlhokomologe maleo a rona a pele le go se re tlhokomologe fa re ikwatlhaya mme re bontsha tumelo. Tlhokomela mafoko ano a ga Dafide: “Ga aa re dihèla kaha maleoñ a rona, leha e le go re duèla kaha maikepoñ a rona. Gonne yaka legodimo le nntse le le kwa godimo, godimo ga lehatshe, boutlwèlō botlhoko yoa gagwè mo go ba ba mmoihañ, bo nntse bogolo yalo. Yaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, le èna o re tloseditse ditlolō tsa rona bokgakala yo bo kalo. Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popegō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.”—Pesalema 103:10-14; Bahebera 10:10, 12-14.
19. Bao ba ka tswang ba ile ba katogela kgakala le boammaaruri ba kgothadiwa jang?
19 Jehofa ruri ke Modimo o o direlang molemo le o o boutlwelobotlhoko. Fa re mo atamela ka boikokobetso le go supa boikwatlhao, o a re itshwarela le go re lebalela. Ga a re hunelele pelo lohuto go ya go ile mme kwa bokhutlong a re bogise ka molelo wa dihele ka bosakhutleng. Nnyaa, go ntse fela jaaka Jehofa a ne a bolela jaana: “Ke Nna, e leñ Nna, eo ke phimolañ ditlolō tsa gago ka ntlha ea me le maleo a gago ga nketla ke a gakologèlwa.” Abo seo se tshwanetse go kgothatsa jang ne botlhe bao ba ka tswang ba ile ba katogela kgakala le boammaaruri mme ba latlhile kamano ya bone le Jehofa! Le bone ba kgothalediwa go batla Jehofa jaanong mme ba boele ba kopanele le batho ba ba bidiwang ka leina la gagwe gape ka botlhaga.—Isaia 43:25.
20, 21. (a) Re bona sekao sefe se se kgothatsang mo go Juda wa bogologolo? (b) Baagi ba Juda ba ne ba tshwanela go dira eng gore Jehofa a ba segofatse?
20 Re na le sekao se se kgothatsang ruri sa ga Kgosi Asa wa Juda wa bogologolo mo go seno. O ne a rutlolola kobamelo ya maaka mo bogosing jwa gagwe, mme masalela a kobamelo ya boheitane a ne a sala. Pego e e mo go 2 Ditihalō 15, ditemana 2 go ya go 4 e re bolelela seo moperofeti Asaria a neng a se bolelela Asa a mo gakolola jaana: “Yehofa o na le lona, ha lo sa nntse lo na le èna; ha lo mmatla o tla bōnwa ke lōna; me ha lo mo latlha, le èna o tla lo latlha. Me yana ba Iseraela e sa le bogologolo ba bo ba nntse ba sena Modimo oa boamarure . . . Me e ne e tle e re mo pitlaganoñ ea bōnè ha ba boèla mo go Yehofa, Modimo oa Iseraela, me ba mmatla, a bōnwe ke bōnè.”
21 Jehofa ga a ka a iphitlhela Kgosi Asa mme ‘o ne a dira gore a mmone.’ Kgosi e ne ya dira eng fa e utlwa molaetsa ono? Ditemana 8 le 12 tsa yone kgaolo eo di araba jaana: “Me e rile Asa a utlwa mahoko auō . . . a itira pelokgale, a tlosa dilō tse di makgapha mo lehatshiñ yeotlhe . . . me a shahatsa sebesho sa ga Yehofa, se se ha pele ga mokatakō oa ga Yehofa. Me ba [Juda ba] tsèna mo kgolaganoñ, ea gore ba batlè Yehofa, Modimo oa borrabō, ka pelo eotlhe ea bōne, le ka mōea otlhe oa bōnè.” Ee, ba ne ba batla Jehofa ka tlhoafalo “ka pelo eotlhe ea bōne, le ka mōea otlhe oa bōnè.” Morafe oo o ne wa bona eng? Temana ya 15 e re bolelela jaana: “Me ba Yuda botlhe ba itumèlèla ikanō euō: gonne ba ne ba ikannè ka pelo eotlhe, me ba mmatla ka keleco eotlhe ea bōnè; me a bōnwa ke bōnè; me Yehofa a ba naea boikhucō tikologoñ.”
22. Ke eng seo se re kgothatsang gore re nne tlhaga jaanong mo tirelong ya ga Jehofa?
22 Jaanong, a seo ga se re rotloetse rotlhe gore re tseye kgato e e siameng mabapi le kobamelo ya ga Jehofa e e itshekileng? Re a itse gore go na le dimilione tse di oketsegileng tse di tla tlang go baka Jehofa. Kwantle ga pelaelo bontsi jwa bano bo dira diphetogo mo matshelong a bone gore bo fitlhelele seo Dikwalo di se tlhokang mo go bone gore ba direle Jehofa. Bangwe ba gatela pele mo go nneng le temogo le tumelo, ba batla Jehofa, mme go ise go e kae ba tla tlhotlheletsega go abela ba bangwe puo e e itshekileng ya boammaaruri kaga Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana go batla Jehofa jaanong fa a santse a kgonwa go bonwa? Gonne lefatshe le lesha leo a le solofeditseng le gaufi!—Isaia 65:17-25; Luke 21:29-33; Baroma 10:13-15.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke bomang bao ba sa kgathaleleng Modimo wa boammaaruri, Jehofa?
◻ Bodumedi gantsi bo ama boitsholo ka selekanyo se se kana kang?
◻ Basupi ba ba tlhaga ba ka oketsega ka selekanyo se se kana kang?
◻ Ke ka ntlha yang fa eno e le nako ya go nna tlhaga le go tsaya kgato?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tshwanetse go batliwa?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Bontsi jwa ditsala tsa Basupi ba ga Jehofa tseo di tlang kwa Segopotsong di ka nna batlhanka ba Modimo
Palo ya ba ba neng ba tlile Segopotsong ka 1990: 9 950 058
Tlhora ya baboledi ya 1990: 4 017 213
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Morafe o ne wa sokologela mo go Jehofa mo motlheng wa ga Kgosi Asa