LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 4/1 ts. 14-15
  • Makgetlo A Mangwe Gape A Jesu A Itlhagisitseng ka One

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Makgetlo A Mangwe Gape A Jesu A Itlhagisitseng ka One
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Makgetlo A Mangwe Gape A Jesu A Bonetseng ka One
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Tsositswe, o Bonwa ke Batho ba le Bantsi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Mo Phaposing e e Lotletsweng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu o a Tshela!
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 4/1 ts. 14-15

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Makgetlo A Mangwe Gape A Jesu A Itlhagisitseng ka One

BARUTWA ba santse ba utlwile botlhoko thata. Ga ba tlhaloganye gore phupu e e lolea eno e ka tswa e kaya eng, ebile ga ba dumele dipego tsa basadi bano. Ka jalo, moragonyana ka Sontaga, Keleopase le morutwa yo mongwe ba tswa mo Jerusalema ba ya kwa Emao, e e leng bokgakala jwa dikilometara di ka nna 11.

Mo tseleng, fa ba ntse ba tlotla ka ditiragalo tsa malatsi ao, motho mongwe yo ba sa mo itseng o tsamaya le bone. “Dipolèlanō tse, ke dihe, tse lo di bolèlèlanañ ka lo tsamaea?” o a botsa.

Barutwa ba a ema, ba obile difatlhego, mme Keleopase o araba jaana: “A ke wèna wesi u tlhotsetlhotseñ mo Yerusalema u sa itse dilō tse di dihetseñ gōna mo malatsiñ ano?”

“Dilō dihe?” o a botsa.

“Dilō tsa kaga Yesu oa Nasaretha,” ba araba jalo. “Ditlhōgō tsa baperisiti le balaodi ba rona ba mo neetse go sekisediwa loshuñ, me ba bile ba mmapotse. Me re ne re sholohetse ha e tla bo e le èna eo o tla rekololañ Iseraela.”

Keleopase le tsala ya gagwe ba tlhalosa ditiragalo tse di gakgamatsang tsa malatsi ao—baengele ba go begiwang ba bonwe le lebitla lo lo lolea—mme ba bolela fa ba gakgametse gore dilo tseno di ka tswa di kaya eng. Motho yo ba sa mo itseng yono o ba kgalemela jaana: “A batho ba ba senañ tlhaloganyō ke lona, ba lo pelo di bonya go dumèla cotlhe tse baperofeti ba di buileñ! A ga e ne e le chwanèlō gore Keresete a boge dilō tse, le go tsèna mo kgalaleloñ ea gagwè?” Morago ga foo o ba ranolela ditemana tse di buang kaga Keresete go tswa mo dikwalong tse di boitshepo.

Kgabagare ba goroga gaufi le Emao, mme motho yo ba sa mo itseng yono o dira jaaka ekete o tswelela ka loeto. Barutwa ba kopa jaana ka ba batla go utlwa mo go oketsegileng: “Nna le rona; gonne go maitseboea, le letsatsi le ñotlegile thata. Me a tsena a nna nabō.” Ka jalo o a nna a bo a ja nabo. Fa a rapela le go ngathoganya senkgwe a se ba naya, ba lemoga gore eleruri ke Jesu o mo mmeleng wa senama wa motho. Mme o a nyelela.

Jaanong ba tlhaloganya lebaka la go bo motho yo ba sa mo itseng yono a ne a itse go le gontsi jaana! “A dipelo tsa rona, a ga dia ka tsa tuka mo teñ ga rona, ka a nntse a bua le rona mo tseleñ, le ka a re rarabololèla dikwalō?” Ba tloga fela ka bonako mme ba boela gape kwa Jerusalema, koo ba fitlhelang baaposetoloi le bao ba phuthegileng nabo ba le mmogo. Pele Kelaopase le tsala ya gagwe ba bua sepe, ba bangwe ba bega jaana ka boitumelo: “Rure Morèna o cogile, me o bonywe ke Simone.” Morago ba babedi bano ba anela kafa Jesu a neng a itlhagisa le mo go bone ka gone. Seno se dira gore makgetlo a a itlhagisitseng mo barutweng ba ba farologaneng mo letsatsing leo ka one a nne manè.

Lemororo mejako e lotletswe gonne barutwa ba ne ba boifa Bajuda, Jesu o itlhagisa ka bonako gape labotlhano. O ema fa gare ga bone a bo a bolela jaana: “Kagishō e nnè le lona.” Ba tshogile, ka ba ne ba akanya gore ba bone ledimo. Ka jalo, Jesu o bolela jaana a tlhalosa gore ga ba bone pono nngwe: “Lo huduègèlañ? le dikabakanyō di cogèlañ mo dipeduñ tsa lona? Lebañ diatla tsa me, le dinaō tsa me, ha e le nna ka nosi: nkapaapañ, lo bōnè; gonne mōea ga o na nama le marapō yaka lo mpōna ke na le aōna.” Lefa go le jalo, ba santse ba sa batle go dumela gonne go thata go dumela seo ba se bonang.

Go ba thusa go bona tota gore eleruri ke ene Jesu o ba botsa jaana: “A lo na le se se yèwañ hano?” Fa a sena go amogela tlhapinyana e e besitsweng a bo a ja, o simolola go ba ruta, a bolela jaana: “Mahoko a, ke aōna a nkileñ ka a bua le lona, ka ke sa na le lona, ha dilō cotlhe di na le go dihala, eboñ tse di kwadilweng mo molaoñ oa ga Moshe, le mo baperofetiñ, le mo dipesalemeñ, kaga me.”

Fa a tswelela ka seo tota go ka tweng ke thuto ya Bibela, Jesu o ba ruta jaana: “Go kwadilwe yana, ha èna Keresete a tla shwa yalo, me a ba a coga mo bashwiñ ka letsatsi ya boraro; Le gore go rerèlwè merahe eotlhe boikwatlhaō, le boichwarèlō yoa dibe ka leina ya gagwè, go simolola mo Yerusalema. Lona lo bashupi ba dilō tse.”

Ka mabaka mangwe a a rileng Thomase ga a yo mo pokanong eno e e botlhokwa mo maitsiboeng ano a Sontaga. Ka jalo mo malatsing a a latelang, ba bangwe ba mmolelela jaana ka boitumelo: “Rona re bonye Morèna.”

“Ha ke sa bone dinthō tsa dimapō mo diatleñ tsa gagwè, ka tsenya monwana oa me mo dinthoñ tsa dimapō, ka ba ka tsenya seatla sa me mo lotlhakoriñ loa gagwè, ga nketla ke dumèla.”

Go diragala gore malatsi a le robedi moragonyana barutwa ba kokoane gape mo tlung. Ka nako eno ba na le Thomase. Lemororo mejako e lotletswe, Jesu o ema gape fa gare ga bone a bo a bolela jaana: “Kagishō e nnè le lona.” Morago ga foo o retologela kwa go Thomase a bo a mo laela jaana: “Ntshetsa kwano monwana, u bōnè diatla tsa me; ntshetsa kwano seatla, u se tsenye mo lotlhakoriñ lwa me: se nne pelaèlō, me u dumèlè.”

“Morèna oa me, le Modimo oa me,” Thomase o tlhaeletsa jalo.

“U dumetse ka go bo u mponye”? Jesu o a botsa. “Go segō ba ba sa bōnañ, me leha go nntse yalo ba dumetse.” Luke 24:11, 13-48; Yohane 20:19-29.

◆ Motho yo ba sa mo itseng yono o botsa barutwa ba ba mo tseleng e e yang kwa Emao dipotso dife?

◆ Motho yo ba sa mo itseng yono o bolela eng seo se dirang gore dipelo tsa barutwa di tuke mo teng ga bone?

◆ Barutwa ba lemoga jang gore motho yo ba sa mo itseng yono ke Jesu?

◆ Fa Keleopase le tsala ya gagwe ba boela kwa Jerusalema, ba utlwa pego efe e e itumedisang?

◆ Jesu o itlhagisa jang labotlhano mo barutweng ba gagwe, mme go diragala eng mo lekgetlong leno?

◆ Go diragala eng malatsi a le robedi morago ga fa Jesu a sena go itlhagisa labotlhano, mme Thomase kgabagare o tlhatswega pelo jang gore Jesu o a tshela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela