Thekololo—Thuto ya Motheo e e Latlhegileng ya Labodumedi
THEKOLOLO tumelo ya gore Jesu o ne a swa go rekolola batho ba ba leofileng ke thuto ya konokono mo Bokereseteng jwa boammaaruri. Lefa go ntse jalo, thuto eno ga e bolo go nna e tshwaiwa diphoso le go nyadiwa ke baruti ba Labodumedi.
Ke ka ntlha yang fa go le jalo? A Jesu ka boene ga a bolele jaana mo go Mareko 10:45: “Morwa Motho ga a ka a tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè gore e nnè serèkololō sa batho ba le bantsi”?
Bangwe ba ile ba bolela gore Jesu ga a ise a ko a tsamaye a bue mafoko ao, ba bolela gore morago ga loso lwa gagwe mafoko ano a ne a itshimololelwa a tlhotlhelediwa ke moaposetoloi Paulo. Ba bangwe ba bolela gore “thekololo” fano ke papiso fela kana gore thuto eno ya motheo e tswa mo mainaneng a Segerika! Ka jalo setlhabelo se batla se nyeletse mo dithutong tsa kereke.
Lefa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa ka tshwanelo gore Bakeresete ba pele ba ne ba tlhaloganya loso lwa ga Jesu jang. Paulo o re bolelela jaana mo go 2 Bakorintha 5:14, 15: “Gonne loratō loa ga Keresete loa re patèlèla; ka re sekaseka yana, ra re, moñwe o shwetse botlhe, . . . gore ba ba tshelañ ba se tlhole ba itshèlèla, me ba tshelèlè èna eo o shuleñ a ba a coga ka ntlha ea bōnè.” Abo thuto eno e ne e le e e bonolonolo jang ne—e farologane gotlhelele le go nna selo se se raraaneng jaaka fa e ne e tla dirwa moragonyana ke baruti ba dikereke.
A go a kgonega gore Paulo a bo a itshimololetse thuto eno ya motheo ka boene? Nnyaa, ka gonne o tlhalosa jaana mo go 1 Bakorintha 15:3: “Gonne e rile pele pele ka lo neèla mo le nna ke go amogetseñ, eboñ go re, Keresete o shwetse dibe tsa rona kaha dikwaloñ.” Ka mo go utlwalang sentle, bogologolo pele ga gore Paulo a kwale makwalo a gagwe, Bakeresete ba ne ba setse ba tlhaloganya gore loso lwa ga Jesu e ne e le lwa setlhabelo, e le tlhwatlhwa ya mmatota eo e neng e duelwa go rekolola setho seo se leofileng, e le thekololo. Mo godimo ga moo, jaaka fa Paulo a bontsha, ba ne ba tlhaloganya gore loso lwa ga Keresete le ne le diragatsa “Dikwalo,” ke gore, dipolelelopele tse di ntseng jaaka Pesalema 22 le Isaia 53 mo Dikwalong tsa Sehebera, kana “Tesetamente E Kgologolo.”
Dipotso Tse Di Sa Arabiwang
Fa o tlhopha go itlhatlhobela dintlha tseno ka bowena, o tla lemoga gore dithuto tsa botenegi di ne tsa tsenelela mo Bokereseteng morago kwa gaufi le motlha wa baaposetoloi. (Ditihō 20:29, 30; 2 Timotheo 4:3, 4) Lefa go ntse jalo, go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete go ne ga nna ga tswelela go ntse go le teng, jaaka fa mekwalo ya Borre ba pele ba Kereke e bontsha. Lefa go ntse jalo, fa baruti bangwe ba moragonyana ba ntse ba tlhatlhobisa ka tlhoafalo kaga thuto ya motheo ya thekololo, ba ne ba tlhagisa dipotso dingwe tse di boima, tse di ntseng jaaka ya gore, Thekololo eno e ne e duelwa mang? Le gore ke ka ntlha yang fa tuelo ya go nna jalo e ne e tlhokega?
Ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E., Gregory wa Nyssa le ba bangwe ba ne ba tlhalosa pono ya gore thekololo e ne e duelwa Satane Diabolo! Ba bolela gore Satane o ne a gapile motho, mme o ne a duelwa thekololo e le go golola batho. Lefa go ntse jalo, monna mongwe yo o neng a le gone mo motlheng wa gagwe yo o neng a bidiwa Gregory wa Nazianzus o ne a bona tlhaelo e kgolo fela thata mo kgopolong eno. E ne e bolela gore Modimo o ne o kolota Diabolo—ga go utlwale tota! Lefa go ntse jalo kgopolo ya gore thekololo eno e ne e duelwa Diabolo e ne ya nna ya dumelwa mme ya nna ya koafala ka iketlo ka makgolo a dingwaga.
A thekololo eno e ka tswa e ne e duelwa Modimo ka boone? Gregory wa Nazianzus o ne a akanya gore o ne a bona mathata le mo kgopolong eno. Ereka ‘re ne re se bagolegwa ba [Modimo],’ ke ka ntlha yang fa e ne e le ene a neng a tshwanetse go duelwa thekololo eno? Mo godimo ga moo, ‘a Rre o ne a ka rata gore Morwawe a swe’ ka go batla thekololo? Go bonala dipotso tseno e le dipotso tse di boima tseo go neng go bonala di tsosa dipelaelo ka thekololo ka boyone.
Loso lwa Thekololo
Fa o ntse o batlisisa ka kgang eno seno se ka nna sa go isa kwa masimologong a lekgolo la bo 12 la dingwaga. Anselm, Mobishopo yo Mogolo wa Canterbury, o ne a leka go araba dipotso tseno mo bukeng ya gagwe ya Cur Deus Homo (Lebaka la go bo Modimo O Ne Wa Nna Motho). Buka eno e ne e ruta gore loso lwa ga Keresete lo ne lo direla jaaka selo sa go kgotsofatsa tshiamiso ya Modimo, lefa gone e ne e se jaaka thekololo. Anselm o ne a dumela gore go itshwarela boleo ka thekololo kwantle ga go diragatsa tshiamiso go ne go tla bo go tshwana le fa go ne go tlogetswe boleo jono bo sa siamisiwa. “Mme Modimo ga o ka ke wa tlogela sepe fela ka tshwanelo se sa siamisiwa mo Bogosing jwa Gagwe,” go rialo Anselm. Jaanong he, Modimo o ne wa siamisa mabaka jang?
Ereka a ne a bolela gore ‘boleo bo tlontlolola Modimo,’ Anselm o ne a bolela gore go ne go tla bo go sa lekana gore “go busediwe fela seo se neng sa latlhiwa” ke boleo jwa ga Adame. Ereka Modimo o ne wa tlhapaolwa, thekololo—tota le eleng setlhabelo sa motho yo o itekanetseng—di ne di se kitla di lekana. “Fa go akanngwa ka tlhapaolo eo e nnileng gone,” moruti yono o ne a akanya jalo, “go tshwanetse ga busediwa seo se fetang seo se neng sa latlhiwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Anselm o ne a bolela gore seno se ne se batla gore yo e neng e le “Modimo ebile e le motho” e nne ene a swang!
Go sa kgathalesege gore o tsaya jang dithuto tsa ga Anselm, di ne tsa fenya batho bao ba neng ba le gone mo motlheng wa gagwe ebile e santse e le tsone tseo di nang le tlhotlheletso e kgolo mo motlheng wa rona. Aitsane ka gangwe fela, Anselm o tlhotlheleditse thuto ya Tharonngwe a bo a bolaya thekololo, re ka re segolo mo go Labodumedi! “Kgotsofatso” e ne ya nna lefoko le baruti ba neng ba le amogela segolo, lefoko “thekololo” la nna la nyelela ka iketlo. Lefa go ntse jalo, dikgopolo tsa ga Anselm di ne di theilwe mo e ka nnang mo dikgopolong tsa gagwe fela tseo di seng boammaaruri, eseng mo Bibeleng. Mme e ne ya re fa nako e ntse e tsamaya, bakanoki ba ba tshwanang le Thomas Aquinas ba ne ba simolola go tlosa kgopolo ya ga Anselm ya “kgotsofatso” ka dikakanyo tse dingwe tseo di gaisang tseo eleng tsa bone fela. Mokgwa wa go ikakanyetsa dilo fela e ne ya nna selo se se tlwaelegileng. Dikgopolo tsa thekololo di ne tsa oketsega, mme kgang eno e ne ya nna ya katogela kgakala le Dikwalo mme ya tsenelela kwa teng mo mokgweng wa go ikakanyetsa ga motho fela, mo botlhajaneng jwa gagwe, le mo masaitseweng a bone.
Phetogo le Thekololo
Lefa go ntse jalo, a re ko re tsamaele mo nakong ya rona go le gonnye. Fa sefefo sa Diphetogo tsa Boporotesetanta se ne se tlhagoga ka lekgolo la bo 16 la dingwaga, go ne ga tsoga setlhopha seo se neng sa simolola diphetogo tseno seo se neng se bidiwa Ba-Socinian.a Ba ne ba ganetsa gore loso lwa ga Jesu “lo ne lo re boloka” ka tsela le fa e ka nna efe fela, ba bitsa tumelo eno gore ke “e e tsietsang, e e tletseng diphoso, le e e kotsi thata . . . , eo e ikganetsang mo Dikwalong le mo go seo motho a ikakanyetsang sone fela.” (The Racovian Catechisme) Ereka Modimo o itshwarela fela, go ne go sa tlhokege gore go kgotsofadiwe tshiamiso epe. Ba ne ba bolela gore loso lwa ga Keresete lo ne lo rekolola ka kgopolo ya gore lo ne lwa tlhotlheletsa batho gore ba etse sekao sa gagwe se se itekanetseng.
Ereka ba ne ba tlhasetswe ke dithuto tseno le tse dingwe tseo eseng tsone, Kereke ya Katoliki e ne ya simolola lekgotla le lengwe leo le neng le tla lwantshana le lele, ba epa pitso ya Council of Trent (go tloga ka 1545 go ya go 1563 C.E.). Mme lemororo go ne ga ntshiwa maikutlo mo dikgannyeng di le dintsi tsa dithuto tsa motheo, lekgotla leno le ne le sa utlwale sentle ebile le sa batle go itlama malebana le thekololo. Le ne la bua ka ‘molemo wa ga Jesu Keresete’ mme le ne la dirisa lefoko “kgotsofalo” mme le ne le tila lefoko “thekololo” ka kelotlhoko. Ka ntlha ya moo, kereke eno e ne ya feleletsa e sa batle go itlama ka boemo bope fela jo bo tlhamaletseng jwa Dikwalo. Mokgwa wa go ikakanyetsa dilo fela o ne wa nna wa tswelela pele o le gone.
Lebaka la go bo Baeteledipele ba Bodumedi ba Paletswe
Fa e sale ka Council of Trent, baruti—ba Katoliki le ba Boporotesetanta ka mo go tshwanang—ba ile ba nna le dikgopolo di le dintsintsi kaga thekololo. (Bona lebokose le le mo tsebeng 7.) Lefa go ntse jalo, ga go bonale go dumalana gope malebana le seo loso lwa ga Keresete le se bolelang. Baruti bano ba dumalana fela mo go nyatseng lefoko leno la Dikwalo la “thekololo,” ba tlhopha go le itlhokomolosa, go se le gatelele thata fa ba bua ka lone, kana go le tlhalosa jaaka leo le seng botlhokwa go le kalo. Bokao jwa loso lwa ga Keresete bo tlhalosiwa ka puo eo e sa utlwaleng ya boranyane, ka go sokamisa kakanyo eo e tsietsang ka tsela e e raraaneng, le ka mafoko a a utlwalang a le a a kwa godimo thata, a a ntseng jaaka “tlhotlheletso ya boitsholo” le “go emela kgotsofalo ka mmele.” Go na le gore ba age tumelo mo losong lwa ga Keresete, baruti ba Labodumedi ba dirile gore kota ya gagwe ya tlhokofatso e nne sekgoreletsi seo se tlhakanyang tlhogo.
Ke eng seo se neng se baka gore ba palelwe thatathata jaana? Moruti wa Katoliki ebong Boniface A. Willems a re seno se bakwa ke ntlha ya gore baruti ba “rutilwe ba tlhaotswe ka matsetseleko”—ba tlositswe gotlhelele mo dilong tsa mmatota tseo batho ba di tlhokang.b A ga go diragale gore o dumalane le kgopolo eo? Lefa go ntse jalo, Yeremia 8:9 e tswelela pele jaana, fa e bontsha modi wa mmatota wa bothata: “Bōnañ, ba ganne lehoko ya ga Yehofa; me botlhale go na le yo bo nntseñ yañ mo go bōnè?”
a Lefa go ntse jalo, tlhokomela kgopolo ya ga Willems ka namana mo bokosong e e fa godimo.
Ke boammaaruri gore thuto eno kaga thekololo e ka nna ya tsosa dipotso dingwe tse di thata. (2 Petere 3:16) Mme mo boemong jwa gore baruti bano ba batle mo Dikwalong gore ba bone dikarabo, ba ile ba dirisa botlhale jwa motho le tsela ya gagwe ya go akanya. (1 Bakorintha 1:19, 20; 2:13) Ba lekile go itlhokomolosa dikarolo dingwe le dingwe tsa Bibela tseo di sa dumalaneng le dilo tseo ba di ratang—kana dikgopolo tsa bone. (2 Timotheo 3:16) Ba rutile dithuto tseo di seyong mo Dikwalong, tse di nntseng jaaka thuto ya Tharonngwe. (Yohane 14:28) Ebile selo se segolo seo ba ileng ba palelwa mo go sone ke gore ba dirile gore go gololwa ga motho e nne sone selo se segolo thata, ba itlhokomolosa dikgang tse dikgolo tseo di kopanyeletsang leina la Modimo le Bogosi.—Mathaio 6:9, 10.
Mmueledi wa Thekololo
Jaanong, re kopa gore o ke o sekaseke kgang eno mo dingwageng tsa bofelo tsa bo 1800. Monna yo o neng a boifa Modimo yo o neng a bidiwa Charles Taze Russell o ne a ikgaoganya le thutabomodimo eo e neng e le gone ka nako eo mme a simolola go gatisa lone lokwalopaka lono—eleng Tora ya Tebelo. “Go tloga fela kwa go lwa ntlha,” Russell o gakologelwa jalo, “e ntse e le mmueledi yo mogolo wa Thekololo.”
Tora ya Tebelo e santse e tswelela e dira jalo tota le gompieno. Mo e ka fetang dingwaga di le lekgolo, e ile ya neela mabaka a a utlwalang a Dikwalo a go dumela mo thekololong, ebile e ile ya neela dikarabo tseo di utlwalang, tseo di tswang mo Dikwalong tsa dikgwetlho tseo di tsosiwang ke batshwayadiphoso. Ka jalo jaanong re go kopa gore o ke o tlhokomele ka kelotlhoko seo Bibela e se buang kaga loso lwa ga Jesu le seo lo se bolelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
b Bona “The Socinians—Why Did They Reject the Trinity? [Ba-Socinian—Ke Ka Ntlha Yang Fa Ba Ne Ba Gana Tharonngwe?]” mo lokwalopakeng lwa rona lo lo tsamaisanang le lo lwa Awake! ya November 22, 1988.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
DINGWE TSA DIKGOPOLO TSA THEKOLOLO
◻ KGOPOLO KAGA BOLAODI, KANA KAGA PUSO: Moruti wa Mo-Dutch ebong Hugo Grotius o ne a tlhagisa kgopolo eno ka lekgolo la bo 17 la dingwaga go ganetsa dikgopolo tsa Ba-Socinian. Grotius o ne a leba loso lwa ga Keresete “jaaka mofuta wa tsamaiso ya semolao, eo mo go yone Modimo o diragatsang seabe sa Molaodi kana Mmusi, mme motho a diragatsang sa molatofadiwa.”—Encyclopœdia of Religion and Ethics ya ga Hastings.
◻ KGOPOLO YA TETLANYO E E BOTLHOKWATLHOKWA: Eno e ne ya simololwa ka 1946 ke moruti mongwe wa Porotesetanta ebong Clarence H. Hewitt. O ne a leba tiro ya ga Keresete, eseng jaaka eo e duelang kotlhao nngwe ya semolao, mme jaaka eo e ‘re gololang mo go laolweng ke molao wa boleo le loso ebile e tlhotlheletsa batho gore ba sokologele kwa boutlwelong botlhoko jwa bomodimo, ka go rialo e re tlisa mo boemong jwa go ka itshwarelwa mo pele ga Modimo.’
◻ THEKOLOLO KA KAMANO YA BOKERESETE: Moruti wa Roma Katoliki ebong Boniface A. Willems o bapisa “thekololo” le “go kgaogana le mokgwa wa rona wa go ikakanyetsa fela ka rona mme re tshololele ba bangwe dipelo tsa rona tse di bulegileng.” O oketsa jaana: “Kgopolo ya Mokeresete ya go emela ba bangwe kana go bogela ba bangwe ke gore motho o itse gore o amana ka mo go tlhomameng le lotso le le leofileng lwa batho. . . . Ka jalo Kereke e amana le bao ba iketleeleditseng go tshela ka tirelo e e kgethegileng ba tshelela ba bangwe.”
◻ KGOPOLO YA GORE MOTHO A LE MONGWE A RWALE MELATO YA BOTLHE: Moruti wa Mokatoliki ebong Raymund Schwager o ne a tlhagisa eno ka 1978. O ne a gana kgopolo ya gore Modimo o ne o tla ‘batla gore leitlho le ntshetswe leitlho le lengwe.’ O leba setlhabelo sa ga Keresete jaaka mofuta mongwe wa go iphepafatsa (go itshekisa) go go letlang batho gore ba ipolele dilo tsa bothubaki tseo ba nang le mokgwa wa go di dira tseo ba tsetsweng ka tsone—mme ba di tlose mo go bone.
◻ THEKOLOLO YA LOAGO LE YA BOPOLOTIKI: Moruti wa Baptist ebong Thorwald Lorenzen o ne a kwala jaana ka 1985: “Modimo ga o batle fela boitshwarelo jwa sedumedi mo go bao ba leofang mme gape o batla kgololesego ya bopolotiki mo go bao ba humanegileng le bao ba gateletsweng. . . . Ka jalo loso lwa ga Jesu le senola Modimo yo o amegileng kaga go fodisiwa ga dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa motho.”
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Baruti ba Porotesetanta le ba Katoliki ba ile ba tlhagisa dithuto di le dintsintsi kaga thekololo le go rekololwa, mme lefa go ntse jalo Bibela yone e ruta eng?