Kganetsano Kaga Loso Lwa Ga Jesu
KA LETSATSI la Tlolaganyo ya 33 C.E., go ne ga bolawa batho ba le bararo. Banna ba le bararo bao ba neng ba atlhotswe ba ne ba isiwa kwa lefelong leo le neng le le kwa ntle ga dithako tsa Jerusalema mme ba ne ba bolawa ka e nngwe ya ditsela tseo di neng di tshosa thata le tseo di neng di tlhabisa ditlhong: ba bapolwa mo dikoteng tse di tlhamaletseng tsa logong. Go bolaya batho ka tsela e e ntseng jalo e ne e le selo se se tlwaelegileng mo dinakong tsa Roma, ka jalo go ka nna ga lebelelwa gore ka lobaka lono dipolao tseno tse di diragetseng ka nako ya Tlolaganyo di bo di sa bolo go lebalwa. Lefa go ntse jalo, yo mongwe wa banna bao ba neng ba bolawa botlhoko jalo e ne e le Jesu Keresete. Loso lwa gagwe lo ne lwa tlisa diphetogo le dikganetsano tse dikgolo mo bodumeding.
Go batla jaanong go fetile dingwaga tse di ka nnang dikete di le pedi fa e sale tiragalo eo, ka jalo o ka nna wa batla go e tsaya fela jaaka hisitori fela ya bogologolo. Lefa go ntse jalo, a o etse tlhoko gore kganetsano eo e neng e tsogile ga e ise e rarabololwe?
Jaaka fa o ka tswa o itse, dimilione tsa batho di dumela gore Jesu o ne a ba swela. Ba dumela ka tlhoafalo gore loso lwa ga Keresete ke sone selo se segolo seo se dirang gore ba rekololwe le gore ba itshwarelwe maleo a bone, gore go dumela mo losong lwa gagwe go dira gore re bolokwe. Lefa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore setlhogo sengwe se se leng go Anglican Theological Review se bega gore tumelo eno eo e tsewang jaaka e e botlhokwatlhokwa e “mo bothateng.” Mme “bothata” jono bo tswa mo baeteledipeleng ba bodumedi.
Anglican Theological Review e bega jaana: “Thuto ya motheo e e malebana le tetlanyo mo kgopolong ya Bokeresete e mo bothateng ka gonne motheo wa yone o o leng mo Bibeleng o a belaelwa, tsela eo e bolelwang ka yone e tletse ka megopolo eo e sa tseyeng lobaka lo loleele [eo e tsayang lobaka lo lokhutshwane fela] . . . , le tsela eo e bolelwang ka yone mo semoyeng sa ba le bantsi e fetogile go nna selo seo se amanang le maikutlo a motho ka namana le seo motho a itshiamisang ka sone kwantle ga gore a ganediwe.” Eleruri, baruti ba Porotesetanta le ba Katoliki ba ile ba palelwa ke go fitlhelela tshwetso epe fela eo ba dumalanang mo go yone malebana le gore loso lwa ga Jesu Keresete lo bolelang, fa e le gore le na le sengwe seo le se bolelang.
O ka nna wa ikutlwa gore seno ke go ganetsana fela go go leng mo gare ga bomankge ba se bakae ba bodumedi, gore ga e amane le botshelo jwa gago. Mme a o ke o akanye ka seno: Fa e le gore loso lwa ga Jesu lo a amana tota le boemo jwa gago fa pele ga Modimo le ditebelelo tsa gago tsa go nnela ruri (e ka tswa e le kwa legodimong kana golo gongwe go sele), he go raya gore kganetsano eno e batla gore o ke o e sekaseke.
Ke ka ntlhayang fa baruti ba santse ba ganetsana ka kgang eno? Ka sekai, a o ke o akanye ka Kereke ya Roma Katoliki. E na le thuto eo e tlhalositsweng sentle kaga moya o o sa sweng le kaga Tharonngwe. Lefa go ntse jalo, kereke eno ga e kgone go dira tshwetso e e utlwalang sentle malebana le thekololo ka loso lwa ga Keresete. New Catholic Encyclopedia e dumalana jaana: “Go ile ga tlhagisiwa dipolelo di le dintsi le tse di farologaneng e le go tlhalosa ka moo motho a gololwang ka gone go tswa mo bosuleng jwa boleo mme a busediwa mo mautlwelobotlhokong . . . Mme ga go na epe ya dipolelo tseno eo e ileng ya atlega ka gope. . . . Thutabomodimo e e malebana le Thekololo mo dikarolong dingwe ga e fitlhelelwe mme e tswelela e ntse e le bothata mo thutabomodimong.”
Ka jalo he, ga go a tshwanela go go gakgamatsa gore mo gare ga dimilione tsa batho bao ba bolelang ka tlhoafalo ba re ‘Jesu o re swetse,’ ke basekae fela bao ba ka neng ba tlhaloganya gore tota seo se bolelang. Jaaka fa Anglican Theological Review e bolela: “Fa a gateletswe . . . Mokeresete yo o dumelang gantsi ga a kgone go tsopola gore thuto eno e tswa kae mo Bibeleng, kana go tlhalosa gore e dira jang.” Ereka ba rwadisitswe morwalo o o boima wa thuto eo ba ka sekang ba kgona go e tlhaloganya kana ba ka se ka ba kgona go e tlhalosa, baobamedi kwa dikerekeng ga ba kgone go bona ka moo loso lwa ga Keresete le amanang ka gone le matshelo a bone.
Lebaka la go bo Labodumedi le sa kgone go tlhalosa ka phepafalo thuto ya motheo e e kaga thekololo gape le ile la dira gore maiteko a gagwe a se ka a kgona go gapa Bajuda, Bahindu, Babuda le ba bangwe ka molaetsa wa Bokeresete. Lemororo bontsi jwa batho bano ba rata bontsi jwa dithuto tsa ga Jesu ebile ba di tlotla, tlhakatlhakano eo eleng gone malebana le loso lwa ga Keresete le seo lo se bolelang e santse e le selo seo se thibelang gore ba se ka ba dumela.
A bokao jwa loso lwa ga Keresete ke bosaitseweng fela—selo seo motho a ka se kang a kgona go se tlhaloganya? Kana a go na le tlhaloso e e utlwalang eo e theilweng mo Bibeleng kaga lone? Dipotso tseno di tlhoka gore o di sekaseke, ka gonne Bibela e bolela jaana ka tsela e e gakgamatsang malebana le Keresete: ‘Mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene ga a kitla a senngwa mme o tla bona botshelo jo bo sa khutleng.’—Yohane 3:16.